Metsi le Boitekanelo Jwa Gago
MAKASINE wa Health o bolela jaana: “O ka se ikaege ka lenyora gore le go bolelele gore mmele wa gago o tlhoka metsi a a kana kang.” Le fa go ntse jalo, go nwa metsi a mantsi go botlhokwa mo mmeleng le mo maikutlong a rona le e leng mo ponalong ya rona. Mebele ya rona e nna e latlhegelwa ke metsi ka go fufula, go lela le ka motlhapo le fa re hema. Seeledi seno se tshwanetse sa emisediwa. Go tlhokega se se kana kang? Metswedi e mentsi e akantsha gore o nwe mo e ka nnang digalase di le robedi tsa metsi—dilitara di le pedi—letsatsi le letsatsi.
Ka ntlha yang? Metsi a tsamaisa dikotla mo mebeleng ya rona le go tlosa dilo tse di sa tlhokegeng. A a tlhokega go laola themperetšha ya rona le go logetsa malokololo a rona. Health e bolela jaana: “Le e leng le fa o tlhaela metsi a mannye fela go ka go dira gore o lape . . . kana o lwale. Go tlhoka metsi mo mmeleng ke lebaka le le tlodisiwang matlho thata le le bakang letsapa le le tseneletseng.” Makasine ono o akantsha jaana: “O se ke wa tsiediwa ke go bo kofi le tee, le dino tse di botlhoswana tse di nang le khafeine le bojalwa e le diedi; tota ke tsone tse di dirang gore mmele o tlhoke metsi.” Khafeine le bojalwa di dira gore o ntshe motlhapo thata mme seo se baka gore mmele o latlhegelwe ke metsi.
Mo godimo ga moo, “letlalo la gago le tlhoka metsi gore le nne le le borethe le bonolo.” Go thusa mo go seno, o ka nna wa itshasa ditlolo tse di nolofatsang letlalo. Le fa go ntse jalo, ga di oketse bongola. Go na le moo, di dira boalo jo bo sireletsang letlalo jo bo thusang go boloka bongola jo letlalo le setseng le na le jone. Go boloka bongola jono go nna botlhokwa thata fa o ntse o gola, ka gonne fa re ntse re gola letlalo la rona le latlhegelwa ke bokgoni jwa lone jwa go boloka metsi.
Ka maswabi, mo karolong e kgolo ya lefatshe, go tlhokega matsapa a a tseneletseng go bona metsi a a itshekileng, a a phepa. Le fa go ntse jalo, ga se ga lefela. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nwe metsi a mantsi mme o dirise tsela eno e e motlhofo ya go lebega le go ikutlwa o itekanetse!