LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 4/8 ts. 3-6
  • Go Kgetholola Basadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgetholola Basadi
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlamelwa go Sekae Fela
  • Bommè le Batlamedi
  • Ke Eng fa Bothata Jono bo Ntse bo Gola?
    Tsogang!—2003
  • Go Anaanela Basadi le Tiro ya Bone
    Tsogang!—1998
  • Mathata a Basadi ba Lebanang le One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 4/8 ts. 3-6

Go Kgetholola Basadi

KWA Afrika Bophirima rrakgwebo o reka ngwana wa dingwaga tse robonngwe. Kwa Asia lesea le le sa tswang go tsholwa le epelwa le tshela mo motlhabeng wa sekaka. Kwa nageng nngwe ya kwa Botlhaba, ngwananyana yo monnye o gatlampolwa ke tlala mo lefelong la dikhutsana—a latlhilwe e bile a sa tlhokomelwe. Ditiragalo tseno di tshwana ka selo se le sengwe: Bana bano botlhe e ne e le basetsana. Ba tsewa ba se botlhokwa fela ka gonne e le basetsana.

Ditiragalo tseno ga se tse di diregang ka sewelo. Mo Afrika diketekete tsa basetsana le makgarebe di rekisiwa go nna makgoba, bangwe e le ka madinyana a a kana ka R70 fela. Mme go begwa gore ngwaga le ngwaga makgolokgolo a basetsanyana a rekisiwa kana a patelediwa go nna diaka, segolobogolo kwa Asia. Se se maswe le e leng go feta ke go re, dipalopalo tsa baagi tsa dinaga di le mmalwa di supa gore basetsana ba ka nna dimilione di le 100 ba “nyeletse.” Go bonala seno e le ka ntlha ya go senngwa ga dimpa, go bolawa ga masea, kana go tlhokomologwa ga bana ba basetsana.

Go fetile nako e telele—makgolokgolo a dingwaga—batho ba sesadi ba tsewa jalo mo dinageng di le dintsi. Mme kwa mafelong mangwe go sa ntse go le jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne kwa mafatsheng a a ntseng jalo, basimane ba tseelwa kwa godimo. Kwa mafelong ano, go tsewa gore mosimane a ka tsweletsa tshika ya gagabo pele, a ka sala a tlhokometse setsha sa gagabo le go tlhokomela batsadi fa ba tsofala e re ka gantsi kwa mafatsheng ano puso e sa duele bagodi phenshene. Seane sengwe sa Se-Asia se bolela gore “go godisa ngwana wa mosetsana go tshwana le go nosetsa semela mo tshingwaneng ya moagelani.” Fa a sena go gola, o tla nyalwa kana le e leng go rekisiwa gore a ye go nna seaka, ka jalo o tla thusa go tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba tsofetseng go sekae fela kana ga a kitla a ba thusa gotlhelele.

Go Tlamelwa go Sekae Fela

Kwa dinageng tse di aparetsweng ke khumanego, tsela eno ya go akanya e dira gore basetsana ba mo lapeng ba fiwe dijonyana tse dinnye, go tlhokomelwa boitekanelo le go tsenngwa sekolo go sekae fela. Babatlisisi bangwe ba ile ba fitlhela gore diperesente di le 14 tsa basetsana ba naga nngwe ya Asia ga ba je dijo tse di nang le dikotla fa ba bapisiwa le diperesente di le 5 fela tsa basimane ba teng. Pego nngwe ya United Nations Children’s Fund (UNICEF) e bolela gore kwa dinageng dingwe palo ya basimane ba ba tlisiwang mo ditheong tsa boitekanelo e feta ya basetsana ba teng go menagane gabedi. Mme diperesente di feta 40 tsa makgarejana a Afrika le a Asia borwa le bophirima ga a itse go bala le go kwala. Audrey Hepburn yo e kileng ya bo e le moemedi wa UNICEF o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Go na le kgethololo e e setlhogo ya bong mo dinageng tse di santseng di tlhabologa.”

‘Kgethololo eno ya bong’ ga e fele fa mosetsana a fetela mo bogolong. Gantsi basadi ba tshelela mo lehumeng, mo tirisodikgokeng le mo tshotlegong fela ka gonne e le basadi. Poresidente wa World Bank o ile a bolela jaana: “Basadi ba bereka peditharong ya tiro yotlhe e e mo lefatsheng. . . . Le fa go ntse jalo, ba duelwa nngwesomeng fela ya dituelo tsa mo lefatsheng e bile ba na fela le peresente e le nngwe ya dithoto tsa lefatshe. Ke bangwe ba batho ba ba humanegileng go gaisa botlhe mo lefatsheng.”

Go ya ka pego ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, palo e e fetang diperesente di le 70 tsa batho ba le dimilione di le dikete di le 1,3 ba ba humanegileng thata mo lefatsheng ke basadi. Pego eno e ne ya oketsa ka go re, “E bile go ntse go nnela maswe go ya pele. Palo ya basadi ba ba humanegileng thata ba ba nnang kwa metseng ya magae e tlhatlogile ka 50% go feta mo masomeng a mabedi a a fetileng a dingwaga. Basadi ke bone ba segolobogolo ba tshelelang mo khumanegong ka tsela e e ntseng e oketsegela pele.”

Selo se se setlhogo le go feta khumanego e e feteletseng ke tsela e bontsi jwa basadi bo sotlwang ka yone ka tirisodikgoka. Palo e e fopholediwang go dimilione di le lekgolo ya basetsana, segolobogolo mo Afrika, e ile ya boga botlhoko ka ntlha ya go kgaolwa bosadi. Petelelo ke selo se sengwe se ba sotlwang ka sone se go sa ntseng go sa itsiwe sentle gore se aname go le kana kang kwa mafelong mangwe le mororo dipatlisiso di supa gore kwa dinageng dingwe mosadi a le 1 mo go ba le 6 o a betelelwa mo botshelong jwa gagwe. Ntwa e ganyaola banna le basadi ka tsela e e tshwanang, le fa go ntse jalo, bontsi jwa batshabi ba ba patelesegang go tshaba mo magaeng a bone ke basadi le bana.

Bommè le Batlamedi

Gantsi mokgweleo o o boima wa boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa o sikarwa ke mmè. Go ka direga gore o bereka diura tse dintsi thata mme gantsi o tlamela lelapa a le nosi. Kwa mafelong mangwe a selegae a Afrika, mo e ka nnang halofo ya malapa otlhe a tlhokomelwa ke basadi. Kwa mafelong mangwe a dinaga tsa Bophirima, palo e kgolo ya malapa e tlhokomelwa ke basadi.

Mo godimo ga moo, segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang, basadi ke bone ba dirang ditiro tse di boima, tse di jaaka go gelela metsi le go rwalela dikgong. Go rengwa ga dikgwa le go fudisa diruiwa thata go ile ga dira gore ditiro tseno di nne boima le go feta. Kwa dinageng dingwe tse di aparetsweng ke komelelo, basadi ba fetsa diura di le tharo kana go feta, ba batlana le dikgong tsa go gotsa molelo le diura di le nnè ka letsatsi ba gelela metsi. Fa ba fetsa go dira ditiro tseno tse di lapisang ke gone ba tla bong ba kgona go dira ditiro tsa legae tse go lebeletsweng gore ba di dire kana go dira kwa masimo.

Ga go pelaelo gore mo dinageng tse di aparetsweng ke khumanego, tlala kana tshotlego, basadi le banna ba a boga. Le fa go ntse jalo, basadi ke bone ba ba bogang thata. A dilo di tla tsamaya di fetoga? A go na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore letsatsi lengwe basadi ba mafelo otlhe ba tla tshwarwa ka tlotlo le ka kanaanelo? A go na le sengwe se basadi ba ka se dirang go tokafatsa maemo a bone?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Diaka Tsa Basetsanyana—Ke Molato wa ga Mang?

Ngwaga le ngwaga go fopholediwa gore milione o le mongwe wa bana—bontsi e le basetsana—ba patelediwa kana ba rekisiwa go nna diaka. Araya,a yo o tswang kwa Borwabotlhaba jwa Asia, o gakologelwa se se ileng sa diragalela bangwe ba balekane ba gagwe ba mo tlelaseng. “Kulvadee o ne a nna seaka a le dingwaga di le 13 fela. E ne e le mosetsana yo o molemo, le fa go ntse jalo mmè wa gagwe o ne a tlhola a nwa bojalwa thata e bile a rata go tshameka dikarata, ka jalo o ne a se na nako ya go tlhokomela morwadie. Mmaagwe Kulvadee o ne a mo kgothaletsa gore a itirele madi ka go intsha le banna mme go ise go ye kae ke fa a setse a dira tiro ya go ithekisa.

“Sivun, mosetsana yo mongwe yo re neng re tsena le ene, o ne a tswa kwa bokone jwa naga. O ne a na le dingwaga di le 12 fela fa batsadi ba gagwe ba mo romela kwa toropokgolong go ya go dira tiro ya boaka. O ne a tshwanelwa ke go bereka jalo dingwaga di le pedi gore a duele madi a konteraka e e saenilweng ke batsadi ba gagwe. E ne e se Sivun le Kulvadee fela—basetsana ba le 5 mo go ba le 15 ba ke neng ke tsena le bone ba ne ba nna diaka.”

Go na le dimilionemilione tsa basha ba ba tshwanang le Sivun le Kulvadee. Wassyla Tamzali wa UNESCO (United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization) o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Kgwebo ya tlhakanelodikobo ke kgwebo e kgolo e e golang ka lobelo lo logolo. Go rekisa mosetsana wa dingwaga tse 14 e setse e le selo se se tlwaelegileng, e setse e tsewa e le selo se se itshiametseng fela.” Mme fa mosetsana yono wa teng a rekisitswe go nna lekgoba la tlhakanelodikobo, go duelela madi otlhe a a rekilweng ka one go ka lebega e le selo se se sa kgonegeng. Manju yo rraagwe a mo rekisitseng a le dingwaga di le 12 o ne a santse a kolota R1400 morago ga go fetsa dingwaga di le supa a dira tiro ya boaka. O tlhalosa jaana: “Go ne go se na sepe se nka se dirang—ke ne ke gaeletswe.”

Go falola AIDS le gone go ka nna thata fela jaaka go falola dilalome tse di dirileng basetsana bano makgoba. Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Borwabotlhaba jwa Asia e ile ya supa gore diperesente di le 33 tsa bana bano ba ba dirilweng diaka di ne di tshwaeditswe ke baerase ya AIDS. Fa fela kgwebo eno e e dirang diranta di le dimilione di le dikete di le 23 e santse e gatela pele, go bonala fa basetsana bano ba tla tswelela pele ba boga.

Ke mang yo o molato wa tiro eno e e maswemaswe? Ga go pelaelo gore batho ba ba molato thata ke ba ba rekang le go rekisa basetsana bano mo boakeng. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba le bone ba leng molato ke dieleele tsa banna ba ba dirisang basetsana bano go kgotsofatsa keletso ya bone ya tlhakanelodikobo. Ka gonne fa e ne e se ka ditiro tseo tsa bone tsa boitsholo jo bo maswe, basetsana bano ba ka bo ba sa dirwa diaka.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

[Setshwantsho]

Ngwaga le ngwaga basetsanyana ba ka nna milione ba patelediwa go nna diaka

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Letsatsi la Tiro mo Mosading wa Afrika Bogare

Mosadi o tsoga ka ura ya borataro mme a bo a baakanyetsa ene le lelapa la gagwe sefitlholo se ba tla se jang mo mosong. Fa a tswa go ga metsi mo nokeng e e fa gaufi, o fetela kwa masimo—a a ka tswang a le bokgakala jwa mosepele wa ura.

O tswelela pele jalo a lema, a tlhagola kana a nosetsa dijalo go fitlha ka ura ya bonè mo tshokologong, a tla a kgaotsa go sekae go buga legaba ka dijonyana dipe fela tse a ikgwatletseng tsone. Diuranyana tse pedi tse di setseng tsa motshegare o di dirisetsa go rema dikgong le go kgetlela lelapa cassava kana merogo e mengwe—tseno tsotlhe o di rwalela kwa gae.

Gantsi o goroga mo gae fa letsatsi le phirima. Jaanong o lebanwe ke tiro ya go baakanyetsa dilalelo, e leng tiro e e ka mo tsayang diura tse pedi kana go feta. O dirisa malatsi a Sontaga go tlhatswa diaparo kwa nokeng ya lefelo la bone go tswa foo a bo a di aena fa di sena go oma.

Mogatse ga a ke a anaanela tiro eno ya gagwe e e boima kana go reetsa dikakantsho tsa gagwe. Tiro e monna wa gagwe a sa ngongoregeleng go e dira ke ya go rema ditlhare kana go fisa dikhi tsa sekgwa gore go tle go nne le setsha se ene a tla jalang mo go sone, le fa go ntse jalo mogatse o dira yone tiro eo fela. Nako nngwe mogatse o tle a tseele bana kwa nokeng go ya go ba tlhapisa mme gape a ka nna a dira tiro ya go tsoma go sekae le go tshwara ditlhapi. Le fa go ntse jalo, o fetsa nako e ntsi mo letsatsing a tlotla le banna ba bangwe ba motse.

Fa mogatse a kgona, morago ga dingwaga di sekae o tla bo a tlisa mosadi yo mongwe yo mosha mo lelapeng, yo e tla bong e nna ene fela yo a tlhomang mogopolo mo go ene. Le fa go ntse jalo, o tla bo a lebelela gore mosadi wa gagwe wa ntlha a tswelele a bereka fela jaaka pele, go fitlha a koafala kana a swa.

Basadi ba Afrika ba dira bontsi jwa ditiro

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela