LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 7/8 ts. 4-9
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Tlhopho E Le Ngwana wa Mosimane Kana wa Mosetsana
  • Go le Gantsi go Tlholwa go Twe Tiro ya Mosadi Ga E Ke E Dirwa
  • Go Se Neelweng Tlotlo—Bothata Jo Bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Gompieno?
    Tsogang!—1992
  • Go Neela Basadi Tlotlo mo Botshelong jwa Letsatsi le Letsatsi
    Tsogang!—1992
  • Go Sotlwa ga Basadi—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—2008
  • Ke Eng fa Banna ba Itaya Basadi?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 7/8 ts. 4-9

Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?

“Basadi ka go farologana ga bone ba ile ba bolawa setlhogo. . . . Lefa gone ditsela tseo ba ileng ba swa ka tsone e ne e le tse di farologaneng, seo se bakileng dintsho tseo sone ga se farologane: Mapodisi a Quebec [kwa Canada] a re mosadi mongwe le mongwe wa bano a ka tswa a bolailwe ke monna wa gagwe wa pele kgotsa wa gone jaanong kgotsa motho yo a neng a ratana le ene. Ka kakaretso, ke basadi ba le 21 bao ba ileng ba bolawa mo ngwageng ono [1990] kwa Quebec, e le batswasetlhabelo ba tirisodikgoka e e kopanyeletsang banyalani.”—Maclean’s ya October 22, 1990.

TIRISODIKGOKA ya mo lelapeng, eo bangwe ba e bitsang “selo sengwe se se maswe ka botshelo jwa lelapa,” ke yone eo e bakang malapa a a thubegileng le go dira gore bana ba nne le pono e e phoso ka ga ka moo dikgolagano tsa lenyalo di tshwanetseng go nna ka gone. Bana ba sala ba tlhakane tlhogo ba sa itse gore a ikanyege mo motsading ofe ka jaana ba sa tlhaloganye gore ke goreng fa rre a itaa mmè. (Ke ka sewelo fela, go ka bodiwang gore ke eng fa mmè a tshwara rre makgwakgwa jaana?) Matswela a tirisodikgoka ya selegae go le gantsi e nna basimane bao fa ba godile e tla nnang banna bao ba itaang basadi ba bone. Tlhotlheletso ya batsadi e sala e tlogetse mathata a magolo thata mo bothong mmogo le mo go akanyeng ga bona.

Kgatiso ya UN ya The World’s Women—1970-1990 e bolela jaana: “Go akanngwa gore ditlhaselo tseo banna ba di dirang mo basading ba bone ga se ditlolomolao tseo gantsi di begiwang—gonne tirisodikgoka eno e lejwa jaaka bothata jwa loago, eseng jaaka tlolomolao.”

Bothata jwa go gobolola molekane wa lenyalo bo bogolo go le kana kang mo United States? Pego ya Senate e e tsopotsweng mo setlhogong se se fetileng e bolela gore: “Lefoko ‘tirisodikgoka ya mo lapeng’ e ka utlwala e le lefoko le le tlwaelegileng, fela gone boitshwaro joo le bo tlhalosang ga bo bonolo le eseng. Dipalopalo di bontsha seemo se se tshosang sa ka moo go gobolola molekane wa lenyalo go leng masisi ka teng—ee, le eleng go nna diphatsa ka gone. Basadi ba ka nna magareng ga 2 000 le 4 000 ba swa ngwaga le ngwaga e le ka ntata ya go gobololwa. . . . Go farologana le ditlolomolao tse dingwe, go gobolola molekane wa lenyalo ke tirisodikgoka e e sa ‘foleng.’ Ke go tlhola o tshosediwa le go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng nako le nako.”

Makasine wa World Health o a re: “Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi e diragala mo nageng nngwe le nngwe le mo bathong ba maemo otlhe a tsa loago le a tsa itsholelo. Mo dingwaong di le dintsi, go itaa mosadi go lejwa e le tshwanelo ya monna. Go le gantsi, go itaa basadi le basetsana ka metlha le go ba betelela go tsewa e le ‘dilo tsa botho’ tseo di sa ameng batho ba bangwe—go sa kgathalesege gore a ke ditsamaiso tsa molao kgotsa batlhankedi ba tsa boitekanelo.” Tirisodikgoka eno ya kwa gae ka bofefo fela e ka felela e anametse kwa tikologong ya sekolo.

Seno se bontshiwa ke seo se ileng sa diragala kwa sekolong sa go bota sa basimane le basetsana sa kwa Kenya ka July 1991. The New York Times e ne ya bega gore “Basetsana ba dingwaga tsa bolesome ba sekolo ba le 71 ba ne ba betelelwa ke baithuti ba basimane mme ba le 19 ba bangwe ba ne a swa mo bosigong jwa ka nako ya fa go ne go na le tirisodikgoka kwa mafelong a borobalo a baithuti eo go begwang gore . . . e ne ya tswelela e ntse e diragala mme mapodisi a selegae kana barutabana ba itshetse moriti o o tsididi fela ka yone.” Go ka tlhalosiwa jang boitshwaro jono jwa tirisodikgoka ya tsa tlhakanelodikobo? “Masetlapelo ano a gatelela boikutlo jo bo seng bontle jwa batho ba senna bao ba renang mo bathong ba sesadi joo bo hupeditseng botshelo jwa loago jwa batho ba Kenya,” go ne ga kwala jalo Hilary Ng’Weno, eleng mokwadimogolo wa makasine o o itsegeng thata wa Kenya eleng The Weekly Review. “Seemo sa gone jaanong sa basadi le basetsana ba rona se utlwisa botlhoko. . . . Re godisa basimane ba rona ka tsela ya gore ba nne le tlotlo e nnye fela mo basetsaneng kgotsa gore ba e tlhoke gotlhelele.”

Selo seno ke sone seo se bakang bothata lefatshe ka bophara—go le gantsi basimane ba godisiwa ka boikutlo jwa go leba basetsana le batho ba sesadi e le ba ba nyatsegang, e le dibopiwa tseo go ka dirwang sengwe le sengwe sa boithatelo ka tsone. Basadi ba lejwa jaaka batlhaselwa ba ba bonolo ebile go le motlhofo go ka ba gatelela. Seno se baka gore batho ba sesadi ba se ke ba neelwa tlotlo le gore batho ba senna ba rene mo godimo ga bona mme go felele ka go betelelwa ke mongwe yo o mo tlwaetseng kana go betelelwa ke mokapelo wa gagwe. Mme malebana le go betelela, ga re a tshwanela go lebala gore “tiragalo eno e ka nna ya tsaya nakonyana e nnye fela, mme gone, maikutlo a motho a ka gobala botshelo jotlhe jwa gagwe.”—Pego ya Senate.

Banna ba le bantsi, lefa gone ba ka se tsholeletse basadi ba bone letsogo ka sebele, ba ka tlhalosiwa jaaka batlhorontshi ba ba sa itemoseng ba basadi. Go na le go dirisa tirisodikgoka ya sebele, ba ba gobolola ka go utlwisa maikutlo a bone botlhoko. Mo bukeng ya gagwe e e reng Men Who Hate Women & the Women Who Love Them, Dr Susan Forward o bolela gore: “Jaaka fa balekane ba bone ba ba tlhalosa, go le gantsi banna bano ba ne ba itumedisa le eleng go ba bontsha lorato, fela ba ne ka ponyo ya leitlho ba ka fetoga go nna setlhogo, batshwayadiphoso le go itshwara ka tsela e e utlwisang botlhoko. Boitshwaro jono jwa bone bo ka akareletsa go tshosetsa, go tsenya poifo, le eleng go tlhasela goo go kopanyeletsang go nyenyefatsa kgotsa go tshwaya diphoso. Go sa kgathalesege gore mofuta wa tirisodikgoka ke ofe, ditlamorago e nnile tse di tshwanang. Monna o ne a bona taolo mo godimo ga mosadi ka go mo gatelela. Banna bano gantsi ba ne ba gana go rwala boikarabelo jwa ditlamorago tse di nnang gone mo maikutlong a basadi ka ntlha ya ditlhaselo tseno tsa bone.”

Yasuko,a mosadi yo ka tlhago a nang le mmele o monnye wa Mojapane, yo jaanong a nang le dingwaga tse 15 a nyetswe, o ne a lotlegela Tsogang! jaana ka maitemogelo a lelapa la gagabo: “Ka metlha rre o ne a itaa mmè le go mo tshwara makgwakgwa. O ne a ka mo ragaka, le go mo ja ka mabole, a mo goge ka moriri, le eleng go mo konopa ka matlapa. A mme wa itse gore e ne e le ka ntlha yang? Gonne mmè o ne a ipeta pelo mme a mo gwetlha malebana le gore o na a dira boitshwaro jo bo sa siamang le mosadi yo mongwe. Lebaka ke gore, go ya ka ditlwaelo tsa Japane, go ntse go tsewa e le selo se se itshiametseng fela gore banna ba bangwe ba nne le nyatsi. Mmè ene o ne a sa lebe dilo jaaka fa batho ba nako ya gagwe ba neng ba di leba mme o ne a gana go dumalana le tlwaelo eno. Morago ga dingwaga tse 16 a ntse a nyetswe mme a na le bana ba le bane, o ne a tlhala. Rre o ne a seka a tlhola a mo neela thuso ya go tlamela bana.”

Lefa go ntse jalo, le eleng koo go itewa ga basadi go ileng ga begwa gona kwa balaoding, go le gantsi seno ga se a ka sa thibela banna go bolaya basadi ba bona. Mo makgetlong a mantsi, mo dinageng tse di jaaka United States, molao o ne o sa lekana go ka sireletsa balekane ba lenyalo bao ba neng ba tshosediwa le go tlhorontshiwa. “Patlisiso nngwe e bontsha gore mo e ka nnang go feta halofo ya basadi botlhe ba ba ileng ba bolawa ke banna ba bona, mapodisi a ne a ile a bidiwa makgetlo a ka nna matlhano mo ngwageng o o fetileng go tla go dira ditlhotlhomiso mo legaeng leo go neng go na le ngongorego ka tirisodikgoka ya mo lelapeng teng.” (Pego ya Senate) Mo maemong mangwe a a maswe le go feta, mosadi o ne a feleletsa a bolaile monna wa gagwe e le go itshireletsa gore a se tlhole a gobololwa go ya pele.

Tirisodikgoka ya mo lelapeng, eo gantsi mosadi e leng ene motswasetlhabelo, e ka tlhaga ka ditsela di le dintsi. Kwa India palo eo e begilweng ya dintsho tsa ka ntlha ya dimpho (eleng tseo mo go tsona banna ba bolayang basadi ba bona ka ntlha ya go sa itumeleleng dimpho tseo basadi ba tlileng ka tsone go tswa gae ka nako ya fa ba sena go nyalana) e ile ya gola go tloga go 2 209 ka 1988 go ya go 4 835 ka 1990. Lefa go ntse jalo, dipalo tseno di ka se lejwe jaaka tseo di feletseng kana tse di tlhomameng ka jaana dintsho di le dintsi tsa basadi di itlhokomolosiwa go twe ke dikotsi fela tsa legae—ka gale e le ka go fisiwa ka boomo ka parafine e e dirisediwang go apaya. Go oketsa seno ke go ipolaya ga basadi bao ba neng ba sa tlhole ba kgona go itshokela matlhotlhapelo a mo lelapeng.

Fa Tlhopho E Le Ngwana wa Mosimane Kana wa Mosetsana

Basadi ba itemogela tlhaolele go tloga ka nako ya fa ba tsholwa le eleng pele ga ba tsholwa. Seno se ka diragala jang? Tsogang! e ne ya botsolotsa Madhu yo o tswang kwa Bombay, kwa India, yo o neng a araba jaana: “Fa ngwana wa mosimane a tsholwa mo lelapeng la Maindia, go nna boitumelo. Mathata a a ntseng a tshwenya mmè jaanong a fetile. Jaanong batsadi ba na le morwa yo o tla ba tlhokomelang ka nako ya botsofe jwa bona. ‘Tshireletsego ya bone ka nako ya botsofe’ jaaanong e tlhomamisegile. Mme fa a ka tshola ngwana wa mosetsana, o simolola go lejwa jaaka yo o paletsweng. Go nna jaaka okare o lerile mokgweleo o mongwe gape mo lefatsheng. Batsadi ba tla tshwanelwa ke gore ba dire ka thata go mmaakanyetsa dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tseo a tla yang lelapeng la gagwe ka tsona e le gore a tle a nyalwe. Mme fa mmè a ka tswelela ka go tshola basetsana fela, o lejwa jaaka motho yo go padileng ka ene.”b

Lekwalodikgang la Indian Express le ne la bega jaana malebana le bana ba basetsana kwa India: “Go tsholwa ga bana bano ga go tsewe jaaka sengwe seo se ka tswelang lelapa molemo.” Motswedi ono wa dikgang o tlhagisa patlisiso nngwe ya kwa Bombay eo e “neng ya bontsha gore mo banyaneng ba ba 8 000 bao go ileng ga senngwa dimpa tsa bone ba ise ba tsholwe morago ga fa go sena go dirwa diteko tsa gore bong jwa bone ke bofe, ba le 7 999 mo go bone e ne e le ba basetsana.”

Elisabeth Bumiller o kwala jaana: “Seemo sa basadi bangwe ba India se maswe thata jaana mo e leng gore fa se ka neelwa tlhokomelo eo e neelwang ditlhopha tse dipotlana tsa lotso le tsa merafe tsa dikarolo tse dingwe tsa lefatshe, mabaka a bone a ka sekegelwa tsebe ke ditlhopha tse di lwelang ditshwanelo tsa batho.”—May You Be the Mother of a Hundred Sons.

Go le Gantsi go Tlholwa go Twe Tiro ya Mosadi Ga E Ke E Dirwa

Mafoko ano a a reng tiro ya mosadi ga e ke e dirwa a ka utlwala e le mafoko a a tswapogileng. Lefa go ntse jalo a tlhagisa boammaaruri joo gantsi banna ba bo tlodisang matlho. Mosadi yo o nang le bana ga a na boiketlo joo motho a ka nnang najo fa a dira tiro eo e nang le lenaane la dilo tseo di tshwanetsweng go dirwa, go tloga ka ura ya borobedi mo mosong go fitlha ka ura ya botlhano ka phirimane, jaaka fa gantsi go ntse ka banna. Fa ngwana a lela bosigo, ke mang yo gantsi a kobugang bosigo go mo didimatsa? Ke mang yo o phepafatsang, yo o tlhatswang, le go sidila diaparo? Ke mang yo o apayang le go naya monna dijo fa a tswa tirong? Ke mang yo o tlhatswang dijana morago ga fa go sena go jewa mme morago ga moo a bo a siamisa bana a ba siamisetsa go ya go robala? Gape mo dinagagaeng di le dintsi, mo godimo ga ditiro tseo tsotlhe, ke mang yo go lebeletsweng gore a rwale nkgo a ye go ga metsi, le eleng go dira mo masimong a belege ngwana? Gantsi ke mmè. Ditiro tseo a tshwanetseng go di dira ga di tsee fela diura tse 8 go ya go tse 9 ka letsatsi, go le gantsi di ka tsaya diura tse 12 go ya go tse 14 kana le eleng go feta. Lefa go ntse jalo, ga a ne a duelelwa go bo a dirile go feta nako e e tlwaelegileng—mme gantsi ebile ga a ne a lebogelwa tiro eo a e dirileng!

Go ya ka makasine wa World Health, kwa Ethiopia “basadi ba le bantsi go lebeletswe gore ba dire diura tse 16 go ya go tse 18 ka letsatsi, [go ntse go le jalo] seelo sa lotseno lwa bone se kwa tlase thata jaana mo ba sa kgoneng go itlamela le go tlhokomela ba malapa a bone. . . . Go tlhoka dijo ke bothata jwa letsatsi le letsatsi; mme gantsi, fa ba [eleng basadi bao ba rwalelang dikgong ba bo ba di rwala] bone sengwe sa go ja e nna dijonyana tse e seng tsa sepe gangwe fela ka letsasi mme ka gale ba tswa mo mosong ba sa fitlhola.”

Siu, yo ka tlhago a tswang kwa Hong Kong, yo gone jaanong a nang le dingwaga tse 20 a nyetswe, o ne a bolela jaana: “Go ya ka maemo a China, banna ba ile ba nna le mokgwa wa go tlhaetsa basadi matlho, ba ba leba jaaka bathusi fela mo lelapeng le bao ba diretsweng go tshola bana, kgotsa le eleng go ya bokgakaleng jwa go ba tsaya jaaka ditshwantsho, dilo tsa go ka tshameka ka tsona, kgotsa dilo tse tiro ya tsone fela eleng go ikgotsofatsa mo go tsa tlhakanelodikobo. Mme eleruri, seo rona re se batlang fela re le basadi ke gore re tshwarwe jaaka dibopiwa tse di nang le tlhaloganyo. Re rata gore banna ba re reetse fa re bua eseng gore ba re tsee jaaka o kare re dimumu!”

Ga go gakgamatse go bo buka ya Men and Women e re: “Gongwe le gongwe le eleng le fa basadi ba tseelwa kwa godimo, ditiro tse di dirwang ke banna di lejwa e le tsone tsa boleng jo bo kwa godimo go na le tseo di dirwang ke basadi. Go sa kgathalesege gore setšhaba se aroganya jang ditiro gareng ga batho ba bong jo bo farologaneng; tseo di dirwang ke banna di lejwa ke setšhaba sotlhe jaaka tsa maemo a a kwa godimo.”

Lebaka ke gore seabe sa mosadi mo lelapeng gantsi se tsewa motlhofo fela. Ke gone ka moo, ketapele ya The World’s Women—1970-1990 e bolelang jaana: “Ditiro tse dintle tseo basadi ba di dirang—le seabe seo ba nang naso mo lelapeng, mo go tsa ekonomi le mo ditirong tsa selegae—di ile tsa itlhokomolosiwa. Dipalopalo tse dintsi di ile tsa tlhagisa ditlhaloso tseo di sedifatsang maemo a banna le diabe tsa bone go na le go dira jalo ka tsa basadi, kgotsa tsa itlhokomolosa bong fela. . . . Ditiro tse dintsi tseo di dirwang ke basadi di santse di tsewa jaaka tseo di senang boleng mo go tsa ekonomi—ebile ga go ke go sekwasekwa boleng jwa tsona.”

Ka 1934, mokwadi wa Amerika Bokone e leng Gerald W. Johnson o ne a tlhagisa megopolo eo eleng malebana le basadi kwa ditirong: “Gangwe le gape basadi ba newa ditiro tseo di dirwang ke banna, fela ke ka sewelo ba ka duelwang jaaka fa banna ba duelwa. Lebaka ke gore ga go na tiro epe eo go ka akanngwang ka yone eo e ka se dirweng botoka ke banna bangwe go na le jaaka mosadi ope fela a ka e dira. Batho bao eleng ditswerere mo go rokeng le mo go direng dihutshe ke banna . . . Bao eleng ditswerere mo go apeyeng gantsi ke banna. . . . Go a tle go diragale gore nako le nako mothapi mongwe le mongwe a iketleeletse go naya badiri ba banna dituelo tse di kwa godimo go na le ba basadi mo tirong e e tshwanang gonne a na le lebaka la go dumela gore monna a ka e dira botoka.” Kakgelo eo, lefa e ka tswa e feteletsa dilo gone e tlhagisa dipono tse di phoso tseo di neng di le teng ka nako eo, le tseo ebile di santse di rena mo megopolong ya banna ba le bantsi.

Go Se Neelweng Tlotlo—Bothata Jo Bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe

Setso sengwe le sengwe se na le maikutlo a sone, le megopolo e e sa siamang malebana le seabe sa basadi mo loagong. Lefa go le jalo potso e e tshwanetseng ya arabiwa ke gore, A maikutlo ano a bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo seriting sa basadi? Kgotsa, a go na le moo, a bontsha go rena mo basading goo banna ba ileng ba go dira go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga e le ka ntlha ya gore ka tlholego fela ba na le maatla a mmele a a fetang a basadi? Fa e le gore basadi ba tshwarwa jaaka makgoba kgotsa jaaka dilo tseo go ka itiratirelwang fela ka tsone, he tlotlo mo seriting sa bona e kae? Go ya bokgakaleng jo bo rileng, ditso di le dintsi di ile tsa gataka ka dinao seabe sa basadi le go nyenyefatsa go itshepa ga bone.

Sekai se le sengwe fela mo go tse dintsintsi go ralala lefatshe re se bona go tswa mo Afrika: “Basadi ba Yoruba [kwa Nigeria] fa banna ba bone ba le teng ba tshwanetse ba itira ba ba senang kitso le go dumalana le banna ba bone ka sengwe le sengwe ntle le go ngangisana le bone, gape fa ba ba neela dijo, ba tshwanetse ba khubama ka mangole fa pele ga bone.” (Men and Women) Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, tlwaelo eno ya go ikoba mo go feteletseng e ka bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng—mosadi o tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se se rileng a tsamaya ka fa morago ga monna wa gagwe, kgotsa a ka tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao fa monna ene a pagame pitse kgotsa mmoulo, kgotsa a ka rwala mokgweleo o o boima fa monna ene a tsamaya a sa tsaya sepe, kana a ka tshwanelwa ke gore a jele dijo tsa gagwe mo phaposing e nngwe fa monna ene a le kwa go e nngwe, jalo le jalo.

Mo bukeng ya gagwe ya The Japanese, Edwin Reischauer, yo o tsaletsweng le go golela kwa Japane, o ne a kwala jaana: “Ditlwaelo tsa banna tsa go tseela basadi kwa tlase di lemosega sentle mo Japane . . . Molao o o malebana le boitshwaro jwa tlhakanelodikobo, o o nayang banna kgololesego mme basadi bone o ba neela dithibedi, o santse o le gone. . . . Mo godimo ga moo, basadi ba ba nyetsweng ke bone bao go lebeletsweng gore ba ikanyege tota mo banneng ba bona go na le banna.”

Jaaka go ntse mo mafatsheng a le mantsi, go kgokgontshiwa mo go tsa tlhakanelodikobo ke bothata jo bo teng le kwa Japane, segolobogolo mo kgobelanong ya dikoloi mo ditseleng tse di fetang kafa tlase ga marogo ka nako ya fa pharakano e le ntsi. Yasuko, yo o tswang kwa Hino City, eleng toropo ya Tokyo, o ne a lotlegela Tsogang! a re: “Jaaka mosadi yo mosha, ke ne ke tle ke tseye loeto moso le moso le maitseboa a mangwe le a mangwe mo Tokyo. Go ne go tlhabisa ditlhong tota gonne banna bangwe ba ne ba dirisa tshono eno go go tlhoba le go go tshwaratshwara gongwe le gongwe koo ba neng ba ka kgona gona. Rona jaaka basadi ke eng seo re neng re ka se dira? Re ne re tshwanetse fela go go itshokela. Fela gone e ne e le matlhabisaditlhong. Ka nako ya fa pharakano e ne e le ntsi, go ne go nna le koloi eo e pegang basadi fela, ka gone bangwe ba ne ba kgona go falola go tlontlololwa gono.”

Sue, yo pele e neng e le moagi wa Japane, o ne a na le tsela ya gagwe fela ya go ikgolola gore ba se beye tlhokomelo mo go ene. O ne a ka goeletsa jaana ka lentswe le legolo a re, “Fuzakenai de kudasai!” moo go rayang “Tlogelang go dira boeleele!” O bolela gore: “Seno se ne se dira gore ba ntlogele ka bonako. Ga gona ope yo o ratang go tlhabisiwa ditlhong mo gare ga ba bangwe. Ka bonako fela go ne go sena le fa e le monna a le monwe yo o nkgomang!”

Go se tlotleng basadi mo sedikong sa lelapa go bonala sentle fa e le bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe. Mme go tweng ka seabe sa basadi kwa ditirong? A koo ba neelwa tlotlo e kgolwane le tlhokomelo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Babotsolotswa ba ile ba kopa gore maina a bone a se a ka ntshiwa. Maina ao a dirisitsweng mo ditlhogong tseno ke maina a sele.

b Mo e ka nnang ka dinako tsotlhe banna ba akanya gore ke basadi ba leng molato go bo ba tshola bana ba basetsana. Ga ba ke ba akanya ka molao wa tsa tsalo wa gore go tla jang gore ngwana e nne wa mosetsana. (Bona lebokose, la tsebe eno.)

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Bong jwa Lesea Bo Lemogwa Jang?

“Bong jwa lesea le le iseng le tsholwe bo lemogiwa ka nako ya fa peo ya monna e kopana le lee la mosadi, mme ke peo ya rre eo e dirang ditshwetso. Lee lengwe le lengwe, leo mosadi a nang nalo le lenamagadi ka tlhaloganyo ya gore le na le X, kgotsa dibopapopego tsa sesadi. Mo banneng, ke halofo fela ya peo ya monna e e nang le dibopapopego tseno tsa sesadi tsa X, mme halofo e nngwe ya sele eno e na le Y, ke gore popapopego ya senna.” Ka gone, fa dibopapopego tseno tse pedi tsa X di kopana, matswela a seo e nna ngwana wa mosetsana, fa Y ya monna e kopana le X ya mosadi, ngwana e tla nna wa mosimane. Ka gone, gore a mosadi o tla tshola basimane kana basetsana ditshwetso di dirwa ke seabe seo popapopego ya senna e nang naso mo peong ya monna. (ABC’s of the Human Body, kgatiso ya Reader’s Digest). Ke boelele gore monna a bone mosadi molato ka go bo a tshola bana ba basetsana fela. Ga go ope mo go bone yo o tshwanetseng a bonwa molato. Seno ke morabaraba wa go tshola bana.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Masetlapelo A A Seng Kana ka Sepe

Mo bukeng ya gagwe ya Feminism Without Illusions, Elizabeth Fox-Genovese o ne a kwala jaana: “Go na le lebaka le le molemo la go dumela gore banna ba bantsi . . . ba raelesega thata go dirisa maatla [a bone] mo seemong se le sengwe seo go santseng go le mo pepeneneng gore se ba tswela molemo—e leng kamano eo ba nang nayo ka namana le basadi. Fa e le gore ke nepile mo boipelaetsong jono jwa me, jalo he re lebagane le masetlapelo a a seng kana ka sepe.” Mme masetlapelo ano a a seng kana ka sepe a akaretsa dimilione tsa basadi bao ba bogang letsatsi le letsatsi ka ntlha ya banna ba bona bao ba ba kgokgontshang, rre, kgotsa motho wa senna le fa e ka nna ofe—motho wa monna yo o palelwang ke go tshwara basadi “kwantle ga go ba tlhaola le ka tsela ya tshiamo.”

“Mo dinageng tse masome a mararo [tsa United States], e santse e le selo se se letleletsweng semolao ka kakaretso gore banna ba ka betelela basadi ba bone; mme ke dinaga tse some fela tseo di nang le molao o o ntshang tetla ya gore go tshwarwe bao ba dirisang dikgoka mo lelapeng . . . Basadi bao go senang sepe se ba ka se dirang fa e se go tshaba fela ba fitlhela gore le eleng seo ga se tharabololo ya bothata. . . . Nngwetharong ya milione ya basadi bao ba itewang bao ba batlang lefelo leo ba ka tshabelang mo go lona ngwaga le ngwaga ga ba le bone.”—Mafoko a a simololang a buka ya Backlash—The Undeclared War Against American Women, ka Susan Faludi.

[Setshwantsho]

Makgolokgolo a dimilione tsa basadi ba tshela ba sena metsi a dithepe, kgelelo ya leswe, kgotsa motlakase mo matlong a bone—fa e le gore ba na le legae

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mo dimilionemilioneng tsa batho, tirisodikgoka ya mo lelapeng ke sengwe seo se utlwisang botlhoko ka botshelo jwa lelapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela