Go Sotlwa ga Basadi—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
NOVEMBER 25 ke Letsatsi la Ditšhabatšhaba la go Fedisa go Sotlwa ga Basadi. Letsatsi leno le ile la tlhongwa semolao ke Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka 1999, e le go lemosa batho kafa ditshwanelo tsa basadi di itlhokomolosiwang ka teng. Ke eng fa kgato eno e ile ya tsewa e le botlhokwa?
Mo ditsong di le dintsi, basadi ba lejwa le go tshwarwa jaaka baagi ba maemo a a kwa tlase. Go ba tlhaola ka tsela eno ke mokgwa o o nweletseng thata. Mekgwa yotlhe ya go sotla basadi ke bothata jo bo ntseng bo tswelela pele, tota le mo dinageng tse go tweng ke tse di tlhabologileng. Go ya ka Kofi Annan, yo e kileng ya bo e le Motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “go sotla basadi ke selo se se anameng thata mo lefatsheng lotlhe, go fitlhelwa mo ditšhabeng le mo ditsong tsotlhe. Go ama basadi go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe, ba setso sefe kgotsa gore maemo a bone ke afe mo setšhabeng.”
Radhika Coomaraswamy, yo e kileng ya bo e le Mmegi yo o Kgethegileng wa Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho yo o begang ka go sotlwa ga basadi a re mo basading ba le bantsi, go sotlwa ga bone ke “kgang e go sa buiweng ka yone mo setšhabeng e bile ke selo se se tsewang se tlhabisa ditlhong.” Dipalopalo tse di bontshitsweng ke setheo sengwe se se ithutang ka go sotliwa ga batho sa kwa Holland di bontsha gore diperesente di le 23 tsa basadi kwa go nngwe ya dinaga tsa Amerika Borwa, kgotsa a le mongwe mo go ba le banè, o tshwarwa makgwakgwa ka tsela nngwe mo lelapeng. Ka tsela e e tshwanang, Lekgotla la Yuropa le fopholetsa gore mosadi a le mongwe mo go ba le banè kwa Yuropa o tshwarwa makgwakgwa ka tsela nngwe mo lelapeng fa a sa ntse a tshela. Go ya ka lefapha la British Home Office kwa Engelane le Wales, ngwaga mongwe bosheng jaana go ile ga bolawa palogare ya basadi ba le babedi beke nngwe le nngwe, ba bolawa ke balekane ba ba kileng ba bo ba nna le bone kgotsa ba ba nnang le bone gone jaanong. Makasine wa India Today International o ne wa bega gore, “basadi mo India yotlhe ba nna ba le mo poifong ka dinako tsotlhe mme go betelelwa ke sengwe se se ka ba diragalelang nako nngwe le nngwe fela kgotsa gongwe le gongwe fela kwa ba yang gone.” Mokgatlho wa Amnesty International o tlhalosa go sotlwa ga basadi le basetsana e le “bothata jo bogolo go gaisa otlhe jo bo amang ditshwanelo tsa batho.”
A dipalopalo tse di umakilweng fa godimo di bontsha kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka basadi? Potso eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.