LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/1 ts. 14-19
  • “Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikutlo jwa ga Jesu ka Basadi
  • Basadi Ba Ba Neng Ba Direla Jesu
  • Basadi Ba Ba Ikanyegang Ba Bakeresete Morago ga Pentekosete
  • Boikutlo jwa ga Paulo ka Basadi
  • Basadi Ba Ba Dirang ka Natla Gompieno
  • Basadi Ba Balebedi Ba Ba Etang
  • Basadi ba Bagolwane
  • “Basadi Bagolo” Ba Ba Ikanyegang
  • Ba Ba Tla Busang le Keresete
  • Modimo o Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Monna le Mosadi—Seabe se se Tlotlegang sa Mongwe le Mongwe wa Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Basadi ba Bakeresete ba Tshwanelwa ke Tlotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Boemo jwa Basadi jo bo Tokafaditsweng mo Metlheng ya Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/1 ts. 14-19

“Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”

“Dumedisang Terefena le Terefosa, basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng.”—BAROMA 16:12, NW.

1. Bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng bo ile jwa itshupa e le tshegofatso jang mo basading?

BODIHEDI jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng eleruri e ne e le lesego tota mo basading ba Bajuda. Tiro e a neng a e simolola e ne e tlile go ba gomotsa, go ba naya tsholofelo, le seriti se sesha mo basading ba merafe yotlhe. O ne a tlhokomologa dingwao tsa tsamaiso ya Sejuda tse di neng di “diholotse lehoko ya Modimo.” (Mathaio 15:6) Bontsi jwa dingwao tseno bo ne bo tlhokomologa ka tshotlo ditshwanelo tsa basadi tseo ba di neilweng ke Modimo.

Boikutlo jwa ga Jesu ka Basadi

2. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore tsela eo Jesu a neng a tsaya basadi ka yone e ne e supa phetogo tota mo metlheng ya gagwe?

2 Abo go ne go na le pharologano jang ne fa gare ga boikutlo jo Jesu a neng a na le jone ka basadi le joo baeteledipele ba tumelo ya Sejuda ba neng ba na le jone! Fa re tsopola Encyclopaedia Judaica, baeteledipele ba tumelo ya Sejuda ba ne ba leba basadi jaaka “ba ba bogagapa, basebi, ditshwakga, le ba ba lefufa.” Go tsaya kgang le mosadi e ne e le selo se se ilwang, mme “go ne go le makgapha tota gore mokanoki mongwe a bue le mosadi mo mmileng.” (Jerusalem in the Time of Jesus, e e kwadilweng ke Joachim Jeremias; bapisa Yohane 4:27.) Go na le dilo tse dintsi tse di ka bolelwang ka boikutlo jwa boikgogomoso joo baeteledipele ba tsamaiso ya Sejuda ba neng ba na le jone ka basadi. Mme se se fa godimo se lekane go supa gore tsela e Jesu a neng a tsaya basadi ka yone eleruri e ne e tlile go tlisa phetogo tota mo metlheng eo.

3. Ke ditiragalo dife tsa mo bodiheding jwa ga Jesu tseo di bontshang gore o ne a iketleeditse go ruta basadi boammaaruri jo bo boteng jwa semoya?

3 Jesu ke sekao se se itekanetseng tota sa kafa banna ba ka nnang le kamano e e atamalaneng lefa go le jalo e itshekile ka gone le basadi. O ne a sa tseye dikgang fela le bone mme o ne a ba ruta boammaaruri jo bo boteng tota. Ebile tota, motho wa ntlha yoo a ileng a mo itshenolela fa e le Mesia e ne e le mosadi, mme ebile e le mosadi wa Mosamaria. (Yohane 4:7, 25, 26) Mo godimo ga moo, kgang nngwe e e amang Maratha le Maria e supa ka phepafalo fela gore go farologana le baeteledipele ba Bajuda, Jesu o ne a sa akanye gore mosadi o ne a sa tshwanela go tlogela dipitsa le dipane tsa gagwe ka nakwana gore a kgone go oketsa kitso ya gagwe ya semoya. Mo go lone lekgetlo leo, Maria o ne a “itshenketse kabèlō e e molemō,” ka go baya dilo tsa semoya kwa pele. (Luke 10:38-42) Mme dikgwedi di sekae moragonyana, morago go loso lwa ga kgaitsadiabone e ne e le Maratha eseng Maria, yo a neng a supa fa a le tlhaga tota go kopana le Mong wa gagwe. Abo re itumela jang ne le gompieno fa re bala puisano eo ya semoya ya ga Maratha le Jesu e e tletseng ka botlhale le temogo e e neng e le kaga tsholofelo ya tsogo! (Yohane 11:20-27) Abo Maratha a ne a bone tshiamelo jang ne!

Basadi Ba Ba Neng Ba Direla Jesu

4, 5. Ke bomang gape kwantle ga baaposetoloi ba ba neng ba latela Jesu mo bodiheding jwa gagwe kwa Galilea, mme ba ne ba mo direla jang?

4 Jesu gape o ne a dumela gore basadi ba mo direle ditiro dingwe fa a ntse a tsamaya le naga. Mo pegong ya gagwe ya Efangele, Mareko o umaka “basadi . . . ba e rileñ a sa nntse a le kwa Galilea, ba sala [Jesu] moragō, ba mo dihèla.” (Mareko 15:40, 41) Basadi bano e ne e le bomang, mme ba ne ba direla Jesu jang? Ga re itse maina a bone botlhe, mme Luke o re bolelela ba le mmalwa ba bone mme o tlhalosa kafa ba neng ba direla Jesu ka gone.

5 Luke o kwala jaana: “Me ga akoha ga dihala moragō ga mouō, go re, a tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo; le ba ba shomè le bobedi ba bo ba na naè, Le basadi bañwe ba ba hodisicweñ meōea e e boshula le dièmèra, le Marie eo o bidiwañ Magadalene, eo badimo bashupa ba duleñ mo go èna, Le Yoana mosadi oa ga Chusa, molebalebedi ntlo oa ga Herode, le Susana, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba mo dihèlañ ka dilō tsa bōnè.” (Luke 8:1-3) Jesu o ne a sa gane gore basadi bano ba mo sale morago le go dirisa dithoto tsa bone go mo thusa mmogo le baaposetoloi ba gagwe ka dilo tse ba neng ba di tlhoka nameng.

6. (a) Ke bomang bao ba neng ba tsamaya le Jesu mo loetong lwa gagwe lwa bofelo lwa kwa Jerusalema? (b) Ke bomang ba ba neng ba ema fa go Jesu go fitlha kwa losong lwa gagwe, mme bangwe ba bone ba ne ba duelwa jang? (c) Go ya ka dingwao tsa tsamaiso ya Sejuda, ke eng se se tshwaegang ka pego e e mo go Yohane 20:11-18?

6 Fa Jesu a ne a bolawa, “basadi ba le bantsi ba bo ba le gōna ba lebile ba le kgakala, e le ba ba setseñ Yesu moragō ba mo dihèla, ba cwa kwa Galilea: Mo go bōnè ga bo go le Marie Magadalene, le Marie mma bo Yakobe le Yosese, le mma bomorwa Sebede.” (Mathaio 27:55, 56) Ka gone, basadi ba bantsi ba ba ikanyegang ba ne ba eme fa go Jesu ka nako ya loso lwa gagwe. Se se tshwaegang gape ke gore basadi ke bone batho ba ntlha ba ba neng ba mmona fa a sena go tsosiwa mo baswing. (Mathaio 28:1-10) Seno ka bosone e ne e le sengwe se se neng se le kgatlhanong le ngwao ya Sejuda, ka go bo mo tsamaisong ya Sejuda basadi ba ne ba ka se ka ba tsewa jaaka basupi mo go sepe se se amanang le molao. O akantse ka seno, bala Yohane 20:11-18, mme o leke go akanya tsela e e gotetseng eo Maria Magadalene a neng a ikutlwa ka yone fa Mong wa gagwe yo o tsositsweng a ne a itlhagisa mo go ene, a mmitsa ka leina, mme a mo dirisa jaaka mosupi yo o tla bolelelang barutwa ba gagwe gore eleruri o ne a tshela!

Basadi Ba Ba Ikanyegang Ba Bakeresete Morago ga Pentekosete

7, 8. (a) Re itse jang gore basadi ba ne ba le teng fa moya o o boitshepo o ne o tshololwa ka Pentekosete? (b) Basadi ba Bakeresete ba ne ba nna le seabe sefe mo go anamiseng Bokeresete?

7 Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, go ne go na le basadi bangwe ba bomodimo ba ba neng ba na le baaposetoloi ba ba ikanyegang mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditihō 1:12-14) Go bonala sentle gore go ne go na le basadi bangwe bao ba neng ba tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekosete. Ka ntlha yang? Gonne fa Petere a ne a tlhalosa se se diragetseng, o ne a tsopola Yoele 2:28-30, eo ka tlhamalalo fela e umakang ‘barwadi’ le ‘barweetsana,’ kana ‘malata a basadi.’ (Ditihō 2:1, 4, 14-18) Ka jalo go ne go na le basadi ba Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba ba tloditsweng mo phuthegong ya Bokeresete fela go tloga kwa tshimologong.

8 Basadi ba ne ba na le seabe se se botlhokwa, lemororo e ne e se se segolo thata, mo go anamiseng Bokeresete. Maria, mmaagwe Mareko le rakgadiagwe Barenabase, o ne a ntsha ntlo ya gagwe e kgolo gore e dirisiwe ke phuthego ya Jerusalema. (Ditihō 12:12) Mme o ne a iketleeditse go dira seno ka nako ya fa pogiso e ne e simolola gape kgatlhanong le Bakeresete. (Ditihō 12:1-5) Barwadi ba bane ba ga moefangele Filipo ba ne ba nna le tshiamelo ya go nna baperofeti ba basadi ba Bakeresete.—Ditihō 21:9; 1 Bakorintha 12:4, 10.

Boikutlo jwa ga Paulo ka Basadi

9. Paulo o ne a gakolola basadi ba Bakeresete jang mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha lo lo yang kwa go Bakorintha, mme ke molaomotheo ofe oo a neng a kgothatsa basadi gore ba o tlotle?

9 Ka dinako tse dingwe moaposetoloi Paulo o ne a latofadiwa ka gore o ila basadi ebile ga a ba ikanye. Ke boammaaruri, Paulo ke ene yoo a neng a gatelela gore basadi ba boloke boemo jo bo ba tshwanetseng mo phuthegong ya Bokeresete. Fa dilo di ne di tsamaya fela sentle, ba ne ba sa tshwanela go ruta kwa dipokanong tsa phuthego. (1 Bakorintha 14:33-35) Fa, ka gonne go ne go se na Mokeresete ope wa monna kana fa mosadi wa Mokeresete a ne a perofesa a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, kana a bua kwa pokanong, o ne a tshwanetse go rwala mo tlhogong. Seipipo seno e ne e le “seshupō sa go nna mo taoloñ,” bosupi jo bo bonalang jwa gore mosadi yono o ne a lemoga thulaganyo ya Modimo ya botlhogo.—1 Bakorintha 11:3-6, 10.

10. Batho bangwe ba ile ba pega moaposetoloi Paulo molato ka eng, mme ke eng se se supang gore ba ne ba le phoso ka go mo pega molato?

10 Paulo go lebega a ne a bona go le botlhokwa gore a gakolole Bakeresete ba ntlha melaometheo eno ya bolegodimo gore “dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō” kwa dipokanong tsa phuthego. (1 Bakorintha 14:40) Mme a seno se raya gore Paulo o ne a le kgatlhanong le basadi, jaaka ba bangwe ba bolela? Nnyaa, ga go reye jalo. A ga se Paulo mo kgaolong ya gagwe ya bofelo ya lokwalo lwa gagwe lo lo yang kwa go Baroma yoo a romelelang basadi ba le robong ba Bakeresete ditumediso? A ga a ka a supa fa a anaanela Febe, Peresika (Priscilla), Terefena, le Terefosa thata, a bitsa ba babedi bano ba bofelo ‘basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng’? (Baroma 16:1-4, 6, 12, 13, 15) Mme e ne e le Paulo yo a neng a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Gonne lotlhe ba lo kolobeledicweñ mo go Keresete, lo apere Keresete. Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu.” (Bagalatia 3:27, 28) Ka phepafalo fela Paulo o ne a rata bokgaitsadie ba Bakeresete le go ba anaanela, go akaretsa le Lidia yo a neng a supa fa a amogela baeng tota ka nako ya diteko.—Ditihō 16:12-15, 40; Bafilipi 4:2, 3.

Basadi Ba Ba Dirang ka Natla Gompieno

11, 12. (a) Pesalema 68:11 e diragadiwa jang ka mmatota gompieno? (b) Bokgaitsadi ba bantsi ba rona ba iphitlhela ba le mo maemong afe gompieno, mme ke ka ntlha yang fa re tlhoka go ba rata le go ba rapelela?

11 Go na le basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba ‘dirang ka natla mo Moreneng’ mo phuthegong ya Bokeresete gompieno. Ebile tota, dipalo di supa gore “basadi ba ba itsiseñ batho mahoko [a a molemo, NW] ba . . . bontsi yo bogolo,” ba dira karolo e kgolo ya bontsi jwa Basupi bao Jehofa a ba dirisang mo motlheng ono wa bokhutlo. (Pesalema 68:11) Basadi bano ba ba dirang ka natla ba Bakeresete ba itiretse leina le le molemo jaaka ba leka go fitlhelela ditiro tsa bone jaaka basadi ba ba nyetsweng, bommabana, bommamalapa, ba ba tlamelang malapa, mmogo le go nna badihedi ba Bakeresete.

12 Bontsi jwa bokgaitsadi ba ba molemo bano ba na le banna ba ba sa dumeleng. Ba tshwanela go itshokela boemo jono diura tse 24 tsa letsatsi lengwe le lengwe. Bangwe ga ba bolo go nna ba kgaratlha ka dingwaga tse dintsi ba leka go nna basadi ba ba molemo ebile gape ba ntse ba leka go nna batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Go ne go se motlhofo, mme ba ile ba itshoka, ka metlha ba solofetse gore banna ba bone “ba kgonwè kwa ntlè ga lehoko” ke boitsholo jwa bone jo bontle jwa Bokeresete. Mme abo lelapa lotlhe le itumela jang ne fa monna yo o ntseng jalo a arabela! (1 Petere 3:1, 2) Ka nako e e tshwanang, bokgaitsadi ba ba molemo bano eleruri ba tlhoka go supediwa lorato lwa bokaulengwe le gore maloko a mangwe a phuthego a ba rapelele. Le eleng fela jaaka “mōea oa boikokobeco le tidimalō” o ba lekang go o supa e le o o ‘kaiwang o tlhokega thata mo matlhong a Modimo,’ go tlhomama ga bone ba thokgame le gone go botlhokwa thata mo matlhong a rona.—1 Petere 3:3-6.

13. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore bokgaitsadi ba rona ba babulatsela ke ‘basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng,’ mme ba tshwanetse go lejwa jang mo diphuthegong tse ba leng mo go tsone?

13 Bokgaitsadi bao ba dirang jaaka babulatsela ba ka bolelwa fela ka tlhomamo gore ba ‘dira ka natla mo tirong ya Morena.’ Bontsi jwa bone bo na le magae, banna, le bana ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, ba ntse ba dira le tiro ya bone ya go rera. Ba bangwe ba dira tiro e e sa tseyeng letsatsi lotlhe gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang nameng. Dilo tseno tsotlhe di tlhoka thulaganyo, boiketleetso, boitshoko, le go dira ka natla. Basadi bano ba Bakeresete ba tshwanetse go utlwa lorato le tshegetso ya bao maemo a bone a sa ba letleng gore ba dire diura tse di dirwang ke babulatsela mo tirong ya go neela bosupi.

14. (a) Ke sekao sefe sa boitshoko se se umakiwang? (b) Ke basadi bafe gape ba Bakeresete bao ba tshwanetseng go akgolwa, mme ka ntlha yang? Umaka dikao dipe fela tsa mo lefelong la lona.

14 Basadi ba bangwe ba Bakeresete ba ile ba itshoka tota mo tirelong ya bobulatsela. Grace Lounsbury wa kwa Canada o ne a simolola go bula tsela la ntlha ka 1914. O ne a tshwanela go tlogela bobulatsela ka 1918 ka ntlha ya bolwetsi, mme ka 1924 o ne a boela gape mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka nako ya fa seno se ne se kwalwa o ne a santse a le gone mo lenaneng la babulatsela, lemororo a na le dingwaga di le 104 jaanong! Bokgaitsadi ba bantsi ba babulatsela bao ba neng ba katisiwa mo ditlelaseng tsa ntlha tsa Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade ka bo 1940 ba santse ba direla ka boikanyegi tota, e le barongwa mo tshimong kana e le maloko a lelapa la Bethele kwa Brooklyn kana kwa makaleng a mangwe a Mokgatlho wa Watch Tower. Basadi bano botlhe ba Bakeresete, eleruri bokgaitsadi botlhe ba ba leng mo tirelong ya Bethele, ba supa moya o o molemo tota wa go intsha setlhabelo mme ke dikao tse di molemo. A re a ke re ba bolelele gore re a ba anaanela?

Basadi Ba Balebedi Ba Ba Etang

15, 16. Ke setlhopha sefe sa basadi ba Bakeresete se thatathata se tlhokang go akgolwa ka tsela e e lorato, mme ka ntlha yang?

15 Basadi ba balebedi ba ba etang ba dira setlhopha se sengwe gape sa basadi ba Bakeresete ba ba tshwanetseng go akgolwa tota le go kgothadiwa. Bokgaitsadi ba ba rategang bano ba iketleeditse go latela banna ba bone fa ba ntse ba tswa mo phuthegong e nngwe ba ya kwa go e nngwe, kana ba tswa mo potologong e nngwe ba ya kwa go e nngwe, gore ba kgone go aga bakaulengwe ba bone semoyeng. Bontsi jwa bone bo ile jwa tlogela magae a a manobonobo; ba robala mo bolaong jo bo farologaneng beke nngwe le nngwe, mme ebile ga se ka metlha e leng jo bo siameng. Ba itumelela go amogela sengwe le sengwe seo bakaulengwe ba ka se ba nayang. Ke dikao tse di molemo tota mo go bokgaitsadi ba bone ba semoya.

16 Basadi bano ba Bakeresete ba tshegetsa banna ba bone fela thata, fela jaaka basadi ba bomodimo ba ba neng ba latela Jesu “ba mo sala moragō . . . ba mo dihèla.” (Mareko 15:41) Ga ba bone nako e ntsi ya go nna ba le nosi le banna ba bone, bao ba ‘nang le go le gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’ (1 Bakorintha 15:58, NW) Bangwe ba bone jaaka Rosa Szumiga wa kwa Fora, yo a neng a simolola tirelo ya nako e e tletseng ka 1948, ba sale ba ntse ba paka disutukeisi tsa banna ba bone le go tsamaya le bone ka dingwaga di le 30 kana 40. Ba iketleeditse go intshetsa Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone setlhabelo. Re tshwanetse go ba anaanela, re ba rate, le go ba rapelela.

Basadi ba Bagolwane

17, 18. (a) Ke dinonofo dife tseo basadi ba bakaulengwe ba ba tlhophetsweng maemo a tirelo ba tshwanetseng go nna le tsone? (b) Basadi ba bagolwane ba dumela go intshetsa Jehofa le bakaulengwe ba bone setlhabelo jang, mme basadi ba bangwe ba ka thusa banna ba bone jang?

17 Fa a ne a bua ka dilo tse di batlegang mo bakaulengweng ba ba neng ba ka nna ba tlhophiwa jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi, moaposetoloi Paulo o ne a umaka le basadi, a kwala jaana: “Basadi . . . le bōnè ba chwanetse go nna batho ba ba masisi yalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolō o o lekalekanyeñ, ba le boikañō mo diloñ cotlhe.” (1 Timotheo 3:11) Ka boammaaruri, kgakololo e e akaretsang eno e dira mo basading botlhe ba Bakeresete. Mme ka ntlha ya seo go neng go buiwa ka sone foo, go phepafetse sentle gore seno se tshwanetse go latelwa jaaka sekao ke basadi ba bakaulengwe ba ba tlhophilweng go direla mo maemong ao a tirelo.

18 Se se itumedisang ke gore diketekete tsa basadi ba balebedi ba Bakeresete di ntse fela jalo. Ba lekalekane mo mekgweng ya bone le tsela e ba aparang ka yone, ba masisi tota ka botshelo jwa Bokeresete, ba kelotlhoko tota ka seo ba se bolelang, mme ba leka go ikanyega mo dilong tsotlhe. Ba dumela gape go intsha setlhabelo, ba dumela gore banna ba bone ba senye nako mo dikgannyeng tsa phuthego eo fa e ne e se ka seo ba ka bong ba nna le bone ka yone. Basadi ba ba ikanyegang bano ba Bakeresete ba tlhoka gore re ba rate tota le go ba kgothatsa. Gongwe bakaulengwe ba bantsi ba ka leka go dira gore ba tshwanelegele ditshiamelo mo diphuthegong tse dintsi fa basadi ba bone ba ne ba ka dumela ka boikokobetso go intsha setlhabelo gore botlhe ba solegelwe molemo.

“Basadi Bagolo” Ba Ba Ikanyegang

19. Ke ka ntlha yang fa “basadi bagolo” ba ba ikanyegang ba anaanelwa jaana mo diphuthegong tsa bone, mme re tshwanetse go akanya jang ka bone?

19 Fa re ne re boeletsa seo Bibela e se umakang ka basadi re ile ra kgona go bona gore dingwaga tsa motho ga di mo thibele go direla Jehofa. Ntlha eno e ne ya supiwa mo kgannyeng ya ga Sara, Elisabethe, le Ana. Gompieno, go na le basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba godileng mo dingwageng bao e leng dikao tsa tumelo le boitshoko. Mo godimo ga moo, ba ka kgona go tshegetsa bagolwane ka go thusa bokgaitsadi ba babotlana ba dira jalo ka botlhale. Ba ka dirisa boitemogelo jwa bone jwa dingwaga tse dintsi ka go naya basadi ba babotlana kgakololo e e botlhale, fela jaaka le tsone Dikwalo di ba letla go dira jalo. (Tito 2:3-5) Ka dinako tse dingwe kgaitsadi yo o godileng a ka nna a tlhoka go gakololwa. Fa go ntse jalo, mogolwane yo o dirang jalo o tshwanetse go ‘mo laya jaaka fa e ka bo e le mmaagwe.’ Bagolwane ba tshwanetse go “tlotla basadi ba ba batlhōlagadi” le, fa go tlhokega, a baakanyetse gore ba bone dilo tse ba di tlhokang nameng. (1 Timotheo 5:1-3, 5, 9, 10) Bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng ba re ba ratang ba tshwanetse go ikutlwa ba le botlhokwa ebile ba anaanelwa.

Ba Ba Tla Busang le Keresete

20. Basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ile ba newa ditshiamelo dife tse dikgolo, mme ke ka ntlha yang fa dinku di sele di itumelela seno?

20 Go phepafetse sentle go tswa mo Dikwalong gore “mo Modimoñ ga go na go tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho” fa go tla mo lotsong kana gore ke wa bong bofe. (Baroma 2:10, 11; Bagalatia 3:28) Mme go ntse fela jalo le ka tsela eo Jehofa a tlhophang ka yone ba ba tlileng go nna le Morwawe mo pusong ya Bogosi. (Yohane 6:44) Abo boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo tshwanetse go itumela jang ne go bo basadi ba ba ikanyegang, ba ba ntseng jaaka Maria mmaagwe Jesu, Maria Magadalene, Peresika, Terefena, Terefosa, le ba bangwe ba bantsi mo phuthegong ya ntlha ya Bokeresete, jaanong ba na le seabe mo pusong ya Bogosi, ba thusa puso eo thata gonne ba tlhaloganya maikutlo le boitemogelo jwa batho ba sesadi! Abo Jehofa a ne a supa ponelopele e e lorato le botlhale jang ne!—Baroma 11:33-36.

21. Re ikutlwa jang gompieno ka ‘basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng’?

21 Le rona gompieno re ka nna le maikutlo a a tshwanang le a moaposetoloi Paulo a neng a na le one fa a ne a bua ka lorato le go anaanela a re “basadi bauō, . . . ba kile ba diha le nna mo Mahokuñ a a Molemō.” (Bafilipi 4:3) Basupi botlhe ba ga Jehofa, banna le basadi, ba go tsaya jaaka selo se se itumedisang mmogo le tshiamelo tota go bo ba dira mmogo le ‘bontsi jo bogolo jwa basadi ba ba bolelang mafoko a a molemo,’ ee, ‘basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng.’—Pesalema 68:11, NW; Baroma 16:12.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a sena pono e e phoso ka basadi e e tshwanang le ya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda?

◻ Basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba direla Jesu jang, mme ke tshiamelo efe e kgolo eo bangwe ba bone ba e amogelang?

◻ Paulo o ne a naya kgakololo efe mabapi le basadi mo dipokanong tsa phuthego?

◻ Ke bokgaitsadi ba mofuta ofe ba re tlhokang go ba rata le go ba tshegetsa ka tsela e e kgethegileng, mme ka ntlha yang?

◻ Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ‘basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng’ gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Basadi ba ne ba direla Jesu le baaposetoloi ba gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Basadi ba ba intshang setlhabelo ba balebedi ba ba etang le ba bagolwane ba bangwe ba dira seabe se se botlhokwa thata mo tirong ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela