LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/15 ts. 15-20
  • Basadi ba Bakeresete ba Tshwanelwa ke Tlotlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basadi ba Bakeresete ba Tshwanelwa ke Tlotlo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela e Jesu a Neng a Tshwara Basadi ka Yone
  • Dithuto Tsa ga Jesu Malebana le Basadi
  • ‘Ka go Ba Naya Tlotlo’
  • Modimo o Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Sejana Se Se Seng Thata”—A Ke go Nyatsa Basadi?
    Tsogang!—1994
  • Modimo le Keresete ba Leba Basadi Jang?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/15 ts. 15-20

Basadi ba Bakeresete ba Tshwanelwa ke Tlotlo

“Lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata.”—1 PETERE 3:7.

1, 2. (a) Puisano ya ga Jesu le mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng e ne ya tsosa go amega gofe, mme ka ntlha yang? (Bona gape le ntlhanyana e e kwa tlase.) (b) Ke eng se Jesu a neng a se bontsha ka go rerela mosadi wa Mosamaria?

MO MOTSHEGARENG mongwe kwa bokhutlong jwa 30 C.E. kwa sedibeng sa bogologolo se se neng se le gaufi le motse wa Sikare, Jesu o ne a senola tsela e a neng a ikutlwa gore basadi ba tshwanetse go tshwarwa ka yone. O ne a feditse moso otlhe a le mo leetong le le lapisang tota mo nageng e e mantswe ya Samaria mme o ne a goroga kwa sedibeng a lapile, a tshwerwe ke tlala le lenyora. Fa a ntse a le fa sedibeng, mosadi wa Mosamaria o ne a tla go ga metsi. Jesu o ne a mo raya a re: “A ko o nnose metsi.” Mosadi yono o tshwanetse a bo a ne a mo leba tota a mo gakgamaletse. O ne a botsa jaana: “Go ntse jang, wena o le Mojuta, o lopa go nwa mo go nna ke le mosadi wa Samaria?” Moragonyana, fa barutwa ba gagwe ba ne ba tswa go reka dijo, ba ne ba gakgamala, ba ipotsa gore ke eng fa Jesu a ne a “bua le mosadi.”—Johane 4:4-9, 27.

2 Ke eng se se neng sa dira gore mosadi yono a botse jalo le gore barutwa ba amege jalo? E ne e le Mosamaria, mme Bajuta ba ne ba sa dirisane ka gope le Basamaria. (Johane 8:48) Mme go bonala go ne go na le lebaka le lengwe gape la go bo ba ne ba amega. Ka nako eo, ngwao ya borabi e ne e sa kgothaletse banna gore ba bue le basadi phatlalatsa.a Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a rerela mosadi yono yo o peloephepa, a ba a mo senolela gore e ne e le Mesia. (Johane 4:25, 26) Ka gone Jesu o ne a bontsha gore o ne a ka se kgorelediwe ke dingwao tse di sa tsweng mo Dikwalong, go akaretsa le tse di neng di nyatsa basadi. (Mareko 7:9-13) Se se farologaneng le seo, Jesu o ne a bontsha ka se a neng a se dira le se a neng a se ruta gore basadi ba tshwanetse gore ba tshwarwe ka tlotlo.

Tsela e Jesu a Neng a Tshwara Basadi ka Yone

3, 4. (a) Jesu o ne a raya mosadi yo o neng a tshwara seaparo sa gagwe a reng? (b) Jesu o ne a tlhomela banna ba Bakeresete sekao se se molemo jang, segolobogolo balebedi?

3 Jesu o ne a bontsha gore o pelotlhomogi mo bathong ka tsela e a neng a dirisana le basadi ka yone. Mo tiragalong e nngwe mosadi mongwe yo o neng a tshologa madi ka dingwaga di le 12 o ne a batla Jesu mo boidiiding jwa batho. Bolwetse jwa gagwe bo ne bo dira gore a itshekologe, ka jalo o ne a sa tshwanela gore a ka bo a le koo. (Lefitiko 15:25-27) Mme o ne a batla thuso tota mo a neng a ngwangwaelela kwa morago ga gagwe. Fa a sena go tshwara seaparo sa ga Jesu, o ne a fola ka ponyo ya leitlho! Jesu o ne a ema, le mororo a ne a le mo tseleng go ya kwa legaeng la ga Jairo, yo morwadie a neng a lwala fela thata. Fa a sena go utlwa maatla a tswa mo go ene, o ne a lebaleba gore ke mang yo o ileng a mo tshwara. Kgabagare, mosadi o ne a tla kwa go ene mme a wela fa pele ga gagwe a roroma. A Jesu o ne a tla mo omanyetsa go bo a le fa gare ga boidiidi jwa batho kana go bo a ne a tshwara seaparo sa gagwe a sa mo fa tetla? Se se farologaneng le seo, mosadi yono o ne a mmona a le lorato tota e bile a le pelonomi. O ne a bolela jaana: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse.” E ne e le ka nako eo fela koo Jesu a neng a bitsa mosadi ka tlhamalalo a re “morwadiaka.” A bo lefoko leo le tshwanetse la bo le ile la mo gomotsa jang ne!—Mathaio 9:18-22; Mareko 5:21-34.

4 Jesu o ne a sa gagamalele go latela Molao jaaka o ntse. O ne a leba gore o kaya eng le botlhokwa jwa go nna kutlwelobotlhoko le lorato. (Bapisa Mathaio 23:23.) Jesu o ne a lemoga kafa mosadi yono a neng a batla thuso ka teng mme o ne a akanyetsa le gore o ne a tlhotlhelediwa ke tumelo. Ka go dira jalo o ne a tlhomela banna ba Bakeresete sekao se se molemo, segolobogolo balebedi. Fa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete a lebane le mathata a motho ka namana kana a le mo boemong jo bo thata tota le jo bo lekang, bagolwane ba tshwanetse go akanyetsa dilo tse dingwe e seng mafoko ao a a builweng gone foo kana se a se dirileng mme ba akanyetse maemo le maikutlo. Go lemoga dilo ka tsela e e ntseng jalo go ka nna ga supa gore bopelotelele, go tlhaloganya, le boutlwelobotlhoko di a tlhokega go na le go gakolola le go baakanya fela.—Diane 10:19; 16:23; 19:11.

5. (a) Dingwao tsa borabi di ne di thibela basadi ka tsela efe? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.) (b) Ke bomang ba e neng ya nna bone ba ntlha go bona ka matlho le go supa ka ga tsogo ya ga Jesu?

5 E re ka basadi ba ba neng ba tshela fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng ba ne ba gateletswe ka dingwao tsa borabi, ba ne ba thibelwa go nna basupi ba ba kafa molaong.b A o ko o akanye ka se se neng sa diragala morago fela fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing mo mosong wa Nisane 16, ka 33 C.E. Ke mang yo o neng e tla nna ene wa ntlha go bona Jesu yo o tsositsweng a bo a neela barutwa ba bangwe bosupi jwa gore Morena wa bone o tsositswe? E ne e le basadi ba ba neng ba le teng kwa lefelong le a neng a bapoletswe mo go lone go fitlha a swa.—Mathaio 27:55, 56, 61.

6, 7. (a) Ke eng se Jesu a neng a se bolelela basadi ba ba neng ba tla kwa phupung? (b) Barutwa ba ga Jesu ba banna ba ile ba itshwara jang kwa tshimologong fa basadi ba ne ba bolela se ba se boneng, mme ke eng se re ka se ithutang mo go seno?

6 Mo letsatsing la ntlha la beke go sa le mo mosong thata, Maria Magetalene le basadi ba bangwe ba ne ba ya kwa phupung ba tshwere ditlolo go ya go tshasa mmele wa ga Jesu. Fa ba fitlhela phupu e sena sepe, Maria o ne a taboga go ya go bolelela Petere le Johane. Basadi ba bangwe ba ne ba sala. Go ise go ye kae, moengele o ne a tla kwa go bone mme a ba bolelela gore Jesu o tsositswe. Moengele o ne a laela jaana: “Lo itlhaganele, lo ye go raya barutwa ba gagwe.” Fa basadi bano ba ntse ba itlhaganelela go isa mafoko, Jesu o ne a tla kwa go bone. O ne a ba bolelela jaana: “Yang go raya bana ba ga Rre.” (Mathaio 28:1-10; Mareko 16:1, 2; Johane 20:1, 2) Maria Magetalene o ne a boela kwa phupung e e neng e sena sepe a hutsafetse tota ka a ne a sa itse gore moengele o ne a le foo. Jesu o ne a tla kwa go ene koo, mme fa Maria a sena go mo lemoga, Jesu o ne a bolela jaana: “O ye kwa go bana ba ga Rre, o ba reye o re, ke tlhatlogela kwa go Rre, le Rraeno, le kwa go Modimo wa me, le Modimo wa lona.”—Johane 20:11-18; bapisa Mathaio 28:9, 10.

7 Jesu o ka bo a ne a tla pele kwa go Petere, Johane, kana mongwe wa barutwa ba bangwe ba banna. Mo boemong jwa seo, o ne a tlhopha go rata basadi bano ka gore e nne bone ba ntlha ba ba boneng ka matlho tsogo ya gagwe le go ba laela gore ba neele bosupi ka ga yone mo barutweng ba gagwe ba banna. Kwa tshimologong banna bano ba ne ba itshwara jang? Pego e bolela jaana: “Mafoko a, a nna jaaka ditlhamane fela mo go bone, ba se ka ba a dumela.” (Luke 24:11) A e ka tswa e le gore ba ne ba palelwa ke go dumela bosupi jono ka gonne bo ne bo neelwa ke basadi? Fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ba ne ba amogela bosupi jo bontsi jwa gore Jesu o tsositswe mo losong. (Luke 24:13-46; 1 Bakorinthe 15:3-8) Gompieno, banna ba Bakeresete ba dira ka tsela e e botlhale fa ba sekegela tsebe dikakgelo tsa bokgaitsadi ba bone ba semoya.—Bapisa Genesise 21:12.

8. Ke eng se Jesu a neng a se senola ka tsela e a neng a dirisana le basadi ka yone?

8 Eleruri go a itumedisa go ela tlhoko tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ka yone. O ne a le kutlwelobotlhoko ka dinako tsotlhe e bile a le tekatekano fa a dirisana le basadi, ga a ise a ko a ba tlotlomatse kana a ba lebele kwa tlase. (Johane 2:3-5) O ne a sa dumalane le dingwao tsa borabi tse di neng di ntsha seriti sa bone le tse di neng di nyatsa Lefoko la Modimo. (Bapisa Mathaio 15:3-9.) Ka gore Jesu a tlotle basadi, e ne e le ene wa ntlha go bontsha kafa Jehofa Modimo a ikutlwang ka gone gore ba tshwanetse go tshwarwa jang. (Johane 5:19) Gape Jesu o ne a beela banna ba Bakeresete sekao se se molemolemo gore ba se etse.—1 Petere 2:21.

Dithuto Tsa ga Jesu Malebana le Basadi

9, 10. Jesu o ne a sa dumalane le dingwao tsa borabi tse di malebana le basadi jang, mme ke eng se a neng a se bolela fa Bafarisai ba sena go botsa potso e e malebana le tlhalo?

9 Jesu o ne a sa dumalane le dingwao tsa borabi mme o ne a neela basadi seriti e seng ka ditiro tsa gagwe fela mme le ka dithuto tsa gagwe. Ka sekai, a o ko o akanye ka se a neng a se ruta ka tlhalo le ka boaka.

10 Jesu o ne a bodiwa potso eno malebana le tlhalo: “A go letleletswe monna go tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya sengwe le sengwe?” Jesu o ne a bolela jaana go ya ka pego ya ga Mareko: “Le fa e le mang yo o tlaa tlhalang mosadi wa gagwe [fa e se ka ntlha ya boaka], a nyala o sele, o a mo akafalela; mme fa mosadi ka esi a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o dira boaka.” (Mareko 10:10-12; Mathaio 19:3, 9) Mafoko ao a a boletsweng ka tsela e e motlhofo a ne a tlotla seriti sa basadi. Jang?

11. Ke eng se se bontshiwang ke mafoko a ga Jesu a a reng “fa e se ka ntlha ya boaka” malebana le kgolagano ya lenyalo?

11 Selo sa ntlha, ka mafoko a a reng “fa e se ka ntlha ya boaka” (a a fitlhelwang mo pegong ya Efangele ya ga Mathaio), Jesu o ne a supa gore kgolagano ya lenyalo e ne e sa tshwanela go tsewa motlhofo kana ya senngwa motlhofo fela. Thuto e e neng e le teng ya borabi e ne e letlelela tlhalo mo mabakeng a a sa reng sepe a a jaaka fa mosadi a sa apaya dijo sentle kana a bua le monna wa moeng. Ebu, le gone tlhalo e ne e letlelelwa fa monna a ne a bone mosadi yo o neng a le montle thata mo matlhong a gagwe! Mokanoki mongwe wa Baebele o bolela jaana: “Fa Jesu a ne a bua jalo o ne a . . . ema basadi nokeng ka go batla gore lenyalo le nne mo boemong jo le tshwanetseng la nna mo go jone.” Eleruri, lenyalo le tshwanetse gore le nnele ruri e le gore mosadi a ikutlwe a sireletsegile.—Mareko 10:6-9.

12. Ke kgopolo efe e Jesu a neng a e tlisa ka mafoko a a reng “o a mo akafalela”?

12 Sa bobedi, ka mafoko a a reng “o a mo akafalela,” Jesu o ne a tlisa kgopolo e e neng e sa lemogiwe mo dikgotlatshekelong tsa borabi—kgopolo ya gore monna o akafalela mosadi wa gagwe. The Expositor’s Bible Commentary e tlhalosa jaana: “Mo Sejuteng sa borabi mosadi ka go sa ikanyege o ne a ka akafalela monna wa gagwe; mme fa monna a ne a nna le dikamano tsa kafa dikobong le mosadi wa monna o sele, o ne a akafalela monna yono. Mme le ka motlha monna o ne a sa akafalele mosadi wa gagwe, go sa kgathalesege se a neng a se dira. Jesu o ne a tsholetsa boemo le seriti sa basadi ka gore monna le ene a nne kafa tlase ga tshwanelo ya boitsholo e e tshwanang le ya mosadi.”

13. Jesu o ne a bontsha jang gore mo Bokereseteng go ne go tla nna le tekanyetso e le nngwe fela ya banna mmogo le basadi e e malebana le tlhalo?

13 Sa boraro, ka polelwana e e reng “[fa a sena go] tlhala monna wa gagwe,” Jesu o ne a lemoga gore mosadi o na le tshwanelo ya gore a tlhale monna yo o sa ikanyegeng—e leng mokgwa o go lebegang o itsiwe thata mme lefa go ntse jalo o ne o sa tlwaelega mo molaong wa Sejuta mo motlheng oo.c Go ne go bolelwa gore “mosadi o ne a ka tlhalwa a rata kana le fa a sa rate, mme monna ene o ne a ka tlhalwa fa a rata fela.” Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore le mo Bokereseteng, tekanyetso e e tshwanang e ne e tla dirisiwa ke banna mmogo le basadi.

14. Ke eng se Jesu a neng a se supela ka dithuto tsa gagwe?

14 Dithuto tsa ga Jesu di senola sentle gore o ne a amega thata ka boitekanelo jwa basadi. Ka gone, ga go thata go tlhaloganya lebaka la go bo basadi ba bangwe ba ne ba rata Jesu jaana mo ba neng ba mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang ka dithoto tsa bone. (Luke 8:1-3) Jesu o ne a bolela jaana: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Jesu o ne a bontsha tsela e e lorato e Jehofa a tshwarang basadi ka yone ka se a neng a se ruta.

‘Ka go Ba Naya Tlotlo’

15. Ke eng se moaposetoloi Petere a neng a se kwala malebana le tsela e banna ba tshwanetseng go tshwara basadi ba bone ka yone?

15 Moaposetoloi Petere o ne a bona ka matlho tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ka yone. Dingwaga di ka nna 30 morago ga moo, Petere o ne a neela basadi kgakololo e e lorato mme go tswa foo o ne a kwala jaana: “Fela jalo le lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Petere o ne a bolela eng ka mafoko a a reng ‘ka go ba naya tlotlo’?

16. (a) Ke eng se se bolelwang ke leina la Segerika le le ranolwang e le “tlotlo”? (b) Jehofa o ne a tlotla Jesu jang ka nako ya go fetoga ponalo, mme ke eng se re se ithutang mo go seno?

16 Mokwadi mongwe wa dikishinare o bolela gore leina la Segerika le le ranotsweng ka gore “tlotlo” (ti·meʹ) le kaya “tlhwatlhwa, tlotlo.” Mafoko a mangwe a a tswang mo lefokong leno la Segerika a ranolwa jaaka “dimpho” le “botlhokego.” (Ditiro 28:10, NW; 1 Petere 2:7) Re nna le temogo mabapi le gore go raya eng go tlotla mongwe fa re sekaseka tsela e ka yone Petere a dirisang lefoko le lengwe le le tswang mo go lone mo go 2 Petere 1:17. Mo go yone o ne a bolela jaana a bua ka ga go fetoga ponalo ga ga Jesu: “Gonne a amogela tlotlo le kgalalelo mo Modimong Rara, jale ka go tla mo go ene lentswe le le ntseng jalo, le tswa kgalalelong e e feteletseng le re: ‘Yo ke Morwaake yo o rategang yo ke kgatlhegang thata mo go ene.’” Ka nako ya go fetoga ponalo ga ga Jesu, Jehofa o ne a tlotla Morwawe ka go bontsha gore o amogela Jesu, mme Modimo o ne a dira jalo a reeditswe ke batho ba bangwe. (Mathaio 17:1-5) Ka jalo, monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe, ga a mo ise kwa tlase kana go mo nyatsa. Go na le moo, o bontsha ka mafoko le ka ditiro tsa gagwe—mo sephiring le mo bathong—gore o a mo tlotla.—Diane 31:28-30.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa mosadi wa Mokeresete a tshwanelwa ke tlotlo? (b) Ke ka ntlha yang fa monna a sa tshwanela go ikutlwa gore o botlhokwa thata mo matlhong a Modimo go gaisa mosadi?

17 Petere o bolela gore banna ba Bakeresete ba tshwanetse ba “naya” basadi ba bone tlotlo eno. Ga ba a tshwanela go e neela basadi ba bone e le go ba direla molemo fela, mme ba tshwanetse go e neelwa e le tshwanelo ya bone. Ke ka ntlha yang fa basadi ba tshwanelwa ke tlotlo e e ntseng jalo? Petere o tlhalosa gore ke ka gonne “lo bile lo . . . barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo.” Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., banna le basadi ba ba neng ba amogela lekwalo la ga Petere ba ne ba bilediwa botlhe gore ba nne baruaboswa mmogo le Keresete. (Baroma 8:16, 17; Bagalatia 3:28) Ba ne ba sena maikarabelo a a tshwanang mo phuthegong, mme kgabagare ba ne ba tla busa mmogo le Keresete kwa legodimong. (Tshenolo 20:6) Le gompieno, fa bontsi jwa batho ba Modimo ba solofetse go tshela mo lefatsheng, e tla bo e le phoso e kgolo gore monna ope wa Mokeresete a ikutlwe gore ka ntlha ya ditshiamelo tse a ka tswang a na le tsone mo phuthegong, o botlhokwa thata mo matlhong a Modimo go gaisa basadi. (Bapisa Luke 17:10.) Banna le basadi ba na le boemo jo bo lekanang jwa semoya fa pele ga Modimo, ka gonne loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo lo buletse banna mmogo le basadi sebaka se se tshwanang—sa gore ba gololwe mo boleong le mo losong, mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.

18. Ke lebaka lefe la konokono le Petere a le neelang monna gore a tlotle mosadi wa gagwe?

18 Petere o re neela lebaka le lengwe la konokono la go bo monna a tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe, “gore merapelo ya [gagwe] e tle e se ka ya kgoreletsega.” Lefoko le le reng “kgoreletsega” le tswa mo lediring la Segerika (en·koʹpto) le totatota le rayang “go thiba.” Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e bolela gore le “ne le dirisiwa mo bathong ba ba kgoreletsang ka go senya tsela, kana ka go baya selo se se kgoreletsang mo tseleng.” Ka gone, monna yo o palelwang ke go naya mosadi wa gagwe tlotlo o ka fitlhela gore o thibile tsela ya gore Modimo a utlwe dithapelo tsa gagwe. Monna o ka nna a ikutlwa a sa tshwanelege go atamela Modimo, kana Jehofa o ka nna a se ka a reetsa. Ka phepafalo, Jehofa o amegile thata ka tsela e banna ba tshwarang basadi ka yone.—Bapisa Dikhutsafalo 3:44.

19. Banna le basadi mo phuthegong ba ka dira mmogo jang ka go tlotlana?

19 Ga se banna fela ba ba tshwanetseng go bontsha tlotlo. Lefa gone monna a tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe tlotlo ka go mo tshwara ka tsela e e lorato le e e nang le seriti, mosadi le ene o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe ka gore a ineele mo go ene le go mmontsha tlotlo e kgolo. (1 Petere 3:1-6) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba ‘tlotlane.’ (Baroma 12:10) Eno ke taelo e e laelang banna le basadi mo phuthegong gore ba dire mmogo ka go tlotlana. Fa boikutlo joo bo le teng, basadi ba Bakeresete ba ka se bue ka mokgwa o o tla nyatsang bolaodi jwa ba ba eteletseng pele. Go na le moo, ba tla ema bagolwane nokeng le go dirisana le bone. (1 Bakorinthe 14:34, 35; Bahebere 13:17) Fa e le ka balebedi ba Bakeresete, ba tla tshwara ‘basadi ba ba godileng jaaka fa e ka bo e le bommaabone; le barweetsana jaaka bokgaitsadiabone, ka boitsheko jotlhe.’ (1 Timotheo 5:1, 2) Bagolwane ba tla sekegela tsebe lentswe la bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ka tsela e e botlhale. Ka gone, fa kgaitsadi mongwe a tlotla botlhogo jwa puso ya Modimo mme a botsa potso ka tlotlo kana a tlhokomedisa bagolwane sengwe se se tlhokang gore se elwe tlhoko, ba tla itumelela go sekegela potso kana bothata joo jwa gagwe tsebe.

20. Basadi ba tshwanetse go tshwarwa jang go ya ka pego ya Dikwalo?

20 Fa e sale boleo bo simologa kwa Edena, basadi mo ditsong di le dintsi ba ntse ba sa tlotlwe. Mme tsela eo ga se yone e Jehofa a neng a ikaeletse gore ba tshwarwe ka yone kwa tshimologong. Go sa kgathalesege gore go ka tswa go na le dikgopolo tse di ntseng jang tsa setso malebana le basadi, pego ya Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete e bontsha sentle gore basadi ba ba ratang Modimo ba tshwanetse go tshwarwa ka tlotlo. Ke tshwanelo ya bone e ba e filweng ke Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The International Standard Bible Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Basadi ba ne ba sa je le baeng ba banna, mme banna ba ne ba sa kgothadiwe gore ba bue le basadi. . . . Go buisana le mosadi mo lefelong la batho botlhe e ne e le selo se se tlhabisang ditlhong tota.” Buka ya Mishnah ya Sejuta, e e neng e na le dithuto tsa borabi, e ne ya gakolola jaana: “O se ka wa bua thata le basadi. . . . Yo o buang thata le basadi o ipakela boleo ka boene mme o tlhokomologa thuto ya Molao mme kwa bokhutlong o tla ya Gehena.”—Aboth 1:5.

b Buka ya Palestine in the Time of Christ e bolela jaana: “Mo ditiragalong tse dingwe, mosadi o ne a bewa mo boemong jo bo tshwanang le jwa motlhanka. Ka sekai, o ne a ka se neele bosupi mo kgotlatshekelong ya tolamo, fa e se fela a tlile go supa ka loso lwa monna wa gagwe.” Buka ya The Mishnah e tlhalosa jaana malebana le Lefitiko 5:1: “[Molao wa] ‘go ikanela go fa bosupi’ e ne e le wa banna mme e seng wa basadi.”—Shebuoth 4:I.

c Rahisitori wa Mojuta wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bong Josephus o bega gore kgaitsadia Kgosi Herote e bong Salome o ne a romelela monna wa gagwe “lekwalo le le neng le fedisa lenyalo la bone, e le selo se se neng se sa dumalane le molao wa Sejuta. Ka gonne ke monna (fela) yo re mo letlelelang go dira jalo.”—Jewish Antiquities, XV, 259 [vii, 10].

O Araba Jang?

◻ Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a tshwara basadi ka tlotlo?

◻ Dithuto tsa ga Jesu di ne di tlotla seriti sa basadi jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa monna a tshwanetse go naya mosadi wa gagwe wa Mokeresete tlotlo?

◻ Bakeresete botlhe ba tshwanetse go bontshana tlotlo jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Basadi ba ba ratang Modimo ba ne ba itumelela gore e ne e le bone ba ntlha go bona Jesu yo o tsositsweng, yo o neng a ba roma gore ba neele bana ba ga rraagwe bosupi ka ga yone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela