Kgopolo E E me Bibeleng
“Sejana Se Se Seng Thata”—A Ke go Nyatsa Basadi?
“KE ENG FA GO LEJWA BASADI GO YA KA BONG JWA BONE, GO NA LE GORE BA LEJWE GO YA KA MAITEMOGELO, BOKGONI LE BOTLHALE JO BA NANG LE JONE?”—BETTY A.
“BASADI BA PATELEDIWA GORE BA ITSEYE E LE BATHO BA MAEMO A A KWA TLASE.”—LYNN H.
ABAEBELE e nyenyefatsa basadi fa e re ke “sejana se se seng thata”? Temana ya Baebele e go buiwang ka yone fano ke 1 Petere 3:7, e e balegang jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega.”
Nako ya fa Petere a ne a kwalela Bakeresetekaene mafoko ano, basadi ba ne ba tseelwa kwa tlase tota, e seng fela ke batho ba bogologolo ba baheitene mme gape le Bajuda ba batenegi ba ne ba ba tsaya fela jalo. A Petere le Bakeresete ba pele ba ne ba buelela tsela e basadi ba neng ba lejwa ka yone ka nako eo?
A Ke Sejana Sa Maemo A A Kwa Tlase?
Motho wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a tla tlhaloganya jang mafoko a ga Petere a a reng “sejana se se seng thata”? Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore sejana (skeuʹos) le ne la dirisiwa makgetlho a le mmalwa mo Dikwalong tsa Segerika mme le kaya dinkgwana, didirisiwa, megotswana, le dilonyana tse di farologaneng. Fa Petere a ne a re basadi ke “sejana se se seng thata,” o ne a sa nyenyefatse basadi ka gonne mafoko a gagwe gape a supa gore monna le ene e ne e le sejana se se thubegang kana se se seng thata. Ditemana tse dingwe mo Baebeleng di dirisa dilwana tse di ntseng jalo fa di bua ka banna le basadi, jaaka “dijana tsa letsopa” (2 Bakorinthe 4:7) le “dijana tsa kutlwelobotlhoko” (Baroma 9:23). Ke boammaaruri gore Petere o ne a bua ka bong jwa basadi fa a ne a re “se se seng thata.” Lefa go ntse jalo, Baroma 5:6 e dirisa “bokoa” e bua ka batho botlhe—banna le basadi. Ka gone, Bakeresete ba pele ba ne ba se kitla ba tsaya gore mafoko “sejana se se seng thata” a nyenyefatsa basadi.
Totatota, ba ne ba tla leba mafoko ano a ga Petere e le a a tlotlomatsang basadi. Ka nako ya ga Petere basadi ba ne ba sa tlotliwe gotlhelele. Fela jaaka Modimo o ile wa bonela pele, banna gantsi ba ne ba gatelela e bile ba sa tshware basadi ba bone sentle mo mmeleng, ka tlhakanelodikobo le mo maikutlong. (Genesise 3:16) Ke gone ka moo, Petere a neng a gakolola banna ba Bakeresete, mme tota o ne a bolela gore: Lo se ka lwa dirisa maatla a batho ba lefatshe ba a nayang banna ka tsela e e sa siamang.
A re sekasekeng sentle polelo eno e e reng “se se seng thata.” Mo temaneng eno, Petere o ne a kaya sengwe se se amanang le mmele, e seng le maikutlo. Banna ke dijana tse di bokoa; mme basadi bone fa ba bapisiwa le bone, ke dijana tse di bokoa thata. Jang? Tsela e marapo le mesifa ya banna e ntseng ka yone gantsi e supa gore banna ba nonofile thata. Lefa go ntse jalo, ga go bonale fa Petere a ne a bua ka botho, bomoya, kana nonofo ya go akanya. Tota fa go buiwa ka kgang ya maikutlo, tsela e e molemo thata ya go tlhalosa basadi, ke ya gore ba farologane le banna, e seng gore ba bokoa kana ba nonofile go ba feta. Baebele e tlhalosa botho jo bo nonofileng, boitshoko, le temogo e basadi ba ba neng ba dira go rata ga Modimo ba neng ba na le yone—ba ba jaaka Sara, Debora, Ruthe, Esethere, fa re bua ka ba sekae fela. Banna ba ba boikokobetso ba a itse gore go ka direga gore basadi ba nne botlhale go ba gaisa.
Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba dumela gore fa go twe basadi ‘ga ba thata’ go tewa gore ke batho ba maemo a a kwa tlase. Lefa go ntse jalo, a ko o akanye fela ka sekai seno. O na le dinkgwana tse pedi tse o di dirisang thata. E nngwe e nonofile, mme e nngwe yone ga e a nna jalo. A nkgwana eno ya bobedi ga e na mosola fela ka gonne e sa nonofa? Totatota, gantsi e e seng thata e tshwarwa ka matsetseleko e bile e tlotliwa go gaisa e e thata. Ka gone, a mosadi ke motho wa maemo a a kwa tlase fela ka gonne a sa nonofa jaaka monna mo mmeleng? Ruri ga go a nna jalo! Petere o dirisa mafoko “se se seng thata,” e seng go nyenyefatsa basadi, go na le moo o gatelela gore ba tlotliwe.
“Fela Jalo . . . Ka Fa Kitsong”
Petere o ne a gakolola banna ba ba nyetseng gore ba “age le basadi ba [bone] ka fa kitsong.” Fa a re “fela jalo,” o raya bomang? Mo ditemaneng tse di tlang pele ga eo, Petere o ne a tlhalosa tsela ya lorato e Keresete a tlhokomelang balatedi ba gagwe ka yone, a bo a laela banna gore ba tlhokomele basadi ba bone “fela jalo.” (1 Petere 2:21-25; 3:7) Ka metlha Keresete o ne a amegile thata ka barutwa ba gagwe go gaisa ka fa a neng a amegile ka teng ka sebele sa gagwe ka namana, a batla gore ba itumele le gore dilo di ba tsamaele sentle. O ne a kgatlhegela gore ba tsogile jang semoyeng le mo mmeleng, e bile o ne a tlhaloganya fa ba sa kgone go dira dilo dingwe. Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Keresete sa lorato, ba tshware basadi ba bone “fela jalo.”
Boitumelo mo lenyalong ga bo itlele fela ka kgakgamatso. Monna le mosadi ba tshwanetse go itse gore ke eng se ba ka se dirang gore lenyalo la bone le atlege. Ke gone ka moo Petere a neng a gakolola banna ba ba nyetseng gore ba age le basadi ba bone “ka fa kitsong.” Banna ba tshwanetse go ithuta tsela e Jehofa le Morwawe Jesu Keresete, ba neng ba tshwara basadi ka yone. Ba tshwanetse go itse tsela e Modimo a batlang ba tshwara basadi ba bone ka yone.
Mo godimo ga moo, banna ba tshwanetse go itse basadi ba bone sentle—tsela e ba ikutlwang ka yone, nonofo ya bone, dilo tse ba sa kgoneng go di dira, tse ba di ratang le tse ba sa di rateng. Ba tshwanetse go ithuta go tlotla botlhale, maitemogelo le seriti sa basadi ba bone. Baebele ya re: “Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone. Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele.”—Baefeso 5:25, 28, 29.
Go Ba Tlotla
Fa Petere a ne a re basadi ke “sejana se se seng thata,” gape o ne a bolela gore banna ba ba ‘neye tlotlo.’ Ka Segerika, leina ti·meʹ le ka kaya tlotlo, seriti, boleng le botlhokwa jwa selo. Ka mafoko a mangwe, go ba naya tlotlo ga se fela gore o ba direla sengwe se se molemo mme tota ke go supa gore o lemoga se se ba tshwanetseng. Paulo o ne a laela Bakeresete botlhe, banna le basadi, jaana: “Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.”—Baroma 12:10.
Eleruri Jehofa Modimo ga a lebe basadi e le batho fela ba ba ikgabisang. Kwa Iseraele, molao wa Modimo o ne o gagametse ka go tshwana mo banneng le mo basading ba ba neng ba dirile boaka, ba tlhakanetse dikobo le wa losika, ba dirile bonna le bosadi le diphologolo le mekgwa e mengwe ya go tlola molao. (Lefitiko 18:6-17, 23, 29; 20:10-12) Basadi ba ne ba solegelwa molemo ke melao ya Bosabata, e e malebana le Banasirite, ya meletlo le dilo tse dingwe tse Molao o neng o di laela. (Ekesodo 20:10; Dipalo 6:2; Duteronome 12:18; 16:11, 14) Rre le mmè ba ne ba tshwanetse go tlotlwa le go ikobelwa.—Lefitiko 19:3; 20:9; Duteronome 5:16; 27:16; Diane 1:8.
Diane kgaolo 31 ditemana 10 go ya go 31 e bua molemo ka “mosadi yo o mokgwa o iphaphileng” ka gonne a ikanyega, e le senatla e bile a dira maikarabelo a gagwe a mantsi ka botlhale. O ne a tlotlomalediwa go dira dilo tsa lelapa sentle le dilo tse dingwe tse di amanang le madi. A bo seno se farologane jang ne le tsela e banna bangwe ba lebang basadi jaaka sengwe fela se se kgabisang! Moragonyana mo phuthegong ya pele ya Bokeresete, basadi ba ne ba nonotshiwa ka moya o o boitshepo go nna basupi ba ga Keresete. (Ditiro 1:14, 15; 2:3, 4; bapisa Joele 2:28, 29.) Ka gone, basadi bangwe ba abetswe go nna baatlhodi ba selegodimo ba banna, basadi tota le ba baengele. (1 Bakorinthe 6:2, 3) Ke boammaaruri gore basadi ba ne ba sa tshwanela go ruta ka nako ya fa phuthego e kgobokane; lefa go ntse jalo, go ne go na le dinako tse basadi ba Bakeresete ba neng ba ka rapela kana ba perofeta. Ba ne ba abetswe go ruta basadi ba meroba, bana, le batho ba ba seng mo phuthegong.—Mathaio 24:14; 1 Bakorinthe 11:3-6; Tito 2:3-5; bapisa Pesalema 68:11.
Selo se sengwe se se bontshang gore Petere o ne a akantse ka eng fa a ne a re ba newe tlotlo, re se bona mo go 2 Petere 1:17. Mo go yone re bala gore Jehofa o ne a tlotla Jesu ka go bolela fa pele ga batho gore o a mo amogela, a re: “Yo ke Morwaake yo o rategang.” Fela jalo, monna le ene o tshwanetse go supa fa a neela mosadi wa gagwe tlotlo ka ditiro, a dira jalo fa pele ga batho kana ba le nosi fela.
Baruaboswa ba Botshelo
Go ralala ditiragalo, gantsi banna ba ile ba tsaya basadi e le batho ba ba sa tshwanelwang ke tlotlo—e le makgoba kana dilo fela tse banna ba ka itlotlomatsang ka tsone. Eleruri kgang ya gore Bakeresete ba neele basadi tlotlo e ba neela maemo a a kwa godimo a tlotlo. Barnes’ Notes on the New Testament e bolela gore kgakololo eno ya ga Petere “e supa sengwe se se botlhokwa kaga batho ba sesadi. Mo madumeding a mangwe otlhe, kwantle fela ga mo Bokereseteng, mosadi o ntse a tsewa jaaka yo o kwa tlase ga monna ka sengwe le sengwe. Bokeresete bo ruta gore . . . o na le tsholofelo ya dilo tsotlhe tse bodumedi bo di solofetsang. . . . Kgang eno e e botlhokwatlhokwa e ka tlotlomatsa basadi gongwe le gongwe gore ba se ka ba nyadiwa e bile ka gangwe fela e tla fedisa halofo ya masula otlhe a a direlwang batho bano botlhe.”
E re ka banna le basadi e le ba ga Keresete botlhe, go botlhokwa gore banna ba tshware basadi ka neneketso e e supang gore ke thoto ya ga Keresete. Morago fela ga gore Petere a re basadi ke “sejana se se seng thata,” o ne a tswelela a re: “Ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega.” (1 Petere 3:7b) Petere o ne a supa gore fa monna a sa tshware mosadi wa gagwe sentle, seno se ka senya kamano ya gagwe le Modimo, se kgoreletsa dithapelo tsa gagwe.
Mafoko, “sejana se se seng thata,” ga a nyatse basadi ka gope. Lefa Jehofa a beile monna go nna tlhogo mo lelapeng, ga a dumalane le gore banna ba sotle basadi. Bogolo o laela monna gore a tlhokomele mosadi wa gagwe le go mo tlotla a dira jalo ka fa kitsong.
Baebele e laela banna ba ba nyetseng le ba ba sa nyalang gore ba tlotle basadi, ba se ka ba ba tshwara jaaka e kete ke batho ba maemo a a kwa tlase. Banna le basadi ba ba obamelang Modimo ka tlhoafalo le ba ba tlotlanang, Modimo o tla ba segofatsa tota.—Bapisa 1 Bakorinthe 7:16.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]
Miss G. E. K. / Artist: Alice D. Kellogg 1862-1900
Courtesy of Joanne W. Bowie