Go Tlotla Basadi mo Phuthegong
BIBELA e tlhomela Bakeresete tlhatlhamano ya botlhogo ya bomodimo, e Modimo eleng tlhogo ya ga Keresete, Keresete eleng tlhogo ya monna, le monna eleng tlhogo ya mosadi mo go yone. (1 Bakorintha 11:3) Lefa go le jalo, botlhogo jono ga bo reye bokgokgontshi. Botlhogo mo lapeng ga bo kake jwa ba jwa tlhongwa ka thubakanyo, e ka tswa e le ya sebele, ya mo mogopolong, kgotsa ya ka puo. Mo godimo ga moo, botlhogo jwa Bokeresete bo lekanyeditswe mme ga bo reye gore rre a nne modipa fela yo o itsayang jaaka ekete ene ga a ke a dira phoso.a Go itse mokgwa le nako ya go re “Ke kopa maitshwarelo, o ne o se phoso” go ka dira gore manyalo a mantsi e nne a a itumedisang boobabedi le a a nnelang ruri. Lefa go le jalo, abo go le thata jang ne gore mafoko ano a a bontshang boikokobetso a tswe ka mometso!—Bakolosa 3:12-14, 18.
Mo dikgakololong tsa bone ka lenyalo, baaposetoloi ba Bakeresete ebong Paulo le Petere gangwe le gape ba nna ba re gakolola ka sekao sa ga Keresete. Tlotlo e bonwa fa rre a na le sekao se se molemo a etsa sekao se se tlhomilweng ke Keresete, ereka “monna [e le] tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi.”—Baefesia 5:23.
Kgakololo e Petere a e neelang banna e papametse: “Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ.” (1 Petere 3:7) Thanolo ya bosheng ya Sepanishe e baya dintlha tseno ka tsela e e ntseng jaana, e a re: “Mabapi le banna: bontshang botlhale mo botshelong jwa lona jo le bo tlhakanetseng, lo bontshe kakanyetso mo basading ba lona.” Mafoko ano a raya dilo tse dintsi, go kopanyeletsa le go nna kelotlhoko mo dikamanong tsa lenyalo. Monna ga a tshwanela go leba mosadi wa gagwe jaaka sedirisiwa fela sa go ikgotsofatsa mo go tsa tlhakanelodikobo. Mosadi mongwe yo o ileng a gobololwa fa a santse a le ngwana o ne a kwala jaana: “Ke eletsa ekete lo ka bua mo gontsi mabapi le kemonokeng e monna a ka e neelang mosadi wa gagwe yo o ileng a diragalelwa ke seno. Selo se bontsi jwa rona re le basadi re batlang go se itse ke fela gore a tota re a ratiwa ka boammaaruri le go kgatlhegelwa, eseng gore re foo fela go kgotsofatsa dikeletso dingwe tsa senama kgotsa go tlhokomela ntlo, go sena kamano epe ya maikutlo.”b Modimo o ne wa thaela lenyalo gore banna le basadi ba kgone go tshela mmogo le go thusana mo go lone. Seno se raya go dira mmogo le go tlotlana.—Genesise 2:18; Diane 31:28, 29.
Ke “Seyana Se Se Señ Thata” ka Tsela Efe?
Petere gape o gakolola banna go neela basadi ba bone tlotlo jaaka “seyana se se señ thata.” (1 Petere 3:7) Petere o ka tswa a ne a raya eng fa a ne a re basadi ke “seyana se se señ thata”? Ka boammaaruri, ka kakaretso, mosadi ga a na nonofo ya mmele e e kana ka ya monna. Pharologano ya popego ya marapo a bone le ya dinama ke yone e e dirang gore go nne jalo. Mme lefa go ntse jalo fa re bua ka nonofo ya motho yo o ka kwa teng, ka tsela eo nonofo ya mosadi ga e kwa tlase ga ya monna ka gope. Basadi ba ile ba itshokela maemo a eleng gore gongwe banna ba le bantsi ba ne ba se kake ba bo ba kgona go a emela lefa e le ka nakwana tota—go kopanyeletsa go sa tshwarwe sentle ke molekane yo o bogale kgotsa wa letagwa. Mme gape akanya ka se mosadi a se itshokelang gore a tle a kgone go tshola ngwana, go kopanyeletsa le diura tsa ditlhabi ka nako ya fa a belega! Monna mongwe le mongwe yo o amegang ka ba bangwe yo o ileng a lebelela motlholo wa fa motho a tshola ngwana o tshwanetse gore morago ga moo a tlotle mosadi wa gagwe fela thata le nonofo e a nang le yone ya motho yo o ka kwa teng.
Mo kgannyeng eno ya go nonofa ga motho yo o ka kwa teng, Hannah Levy-Haas, mongwe wa batshwarwa ba Bajuta kwa kampeng ya pogisetso ya Banazi ya Ravensbrück o ile a kwala jaana mo bukatsatsing (diary) ya gagwe ka 1944: “Sengwe se se nkgopisang fela thata fano ke go lemoga gore banna ba bokoa fela thata mme ba bile ba palelwa ke go emelana le mathata go gaisa basadi—ka namana mme gantsi le ka maikutlo gape. Ka ntateng ya go retelelwa ke go itshwara, ba bontsha go palelwa ke go tiya mo maikutlong mo eleng gore motho o patelesega go ba tlhomogela pelo.”—Mothers in the Fatherland, e e kwadilweng ke Claudia Koonz.
Maitemogelo a a ntseng jaana a bontsha gore ga go na mabaka ape a a tiileng a go tlhaola basadi fela ka ntlha ya go bo gongwe ba sa tiya jaaka banna mo mmeleng. Edwin Reischauer o ile a kwala jaana: “Mo metlheng eno, gantsi go dumelwa gore basadi ba kgona go ititaya sehuba ebile ba na le nonofo mo tlhaloganyong go gaisa banna.” (The Japanese) Nonofo eno e ka kgona go dirisiwa mo phuthegong ya Bokeresete fa basadi ba ba godileng ba ka thusa basadi ba bangwe ba ba gateletsweng fela thata mo maikutlong. Kwantle ga pelaelo, mo maemong mangwe a a rileng go motlhofo mo mosading yo o sa tseweng sentle gore a bue le mosadi mongwe yo o godileng go bona kgomotso ka bonako go na le go ya kwa monneng. Fa go tlhokafala, mogolwane wa Mokeresete o ka nna a itsisiwe gore a fe kgakololo e e oketsegileng.—1 Timotheo 5:9, 10; Yakobe 5:14, 15.
Go goboka basadi fela go twe ba na le go laolwa ke maikutlo, gotwe ba dirwa ke gore “baa bo ba le mo kgweding” go kgopisa basadi ba le bantsi. Betty, yo eleng Mokeresete, o ne a re: “Re a itse, fela jaaka moaposetoloi Petere a kwadile, gore mo mabakeng mangwe re ‘sejana se se seng thata,’ batho ba sesadi, ba ba nang le popego e e bokoa ya mmele. Mme seo ga se reye gore foromane kgotsa mookamedi o tshwanetse gore a re tseye jaaka bana, a amanya boitshwaro bongwe le bongwe jwa mosadi le go ilela kgwedi. Re botlhale mme re batla gore re reediwe ka tlotlo.”
Ga se basadi botlhe ba ba laolwang ke maikutlo, fela jaaka fa e se banna botlhe ba ba sa laolweng ke maikutlo. Mongwe le mongwe o tshwanetse go tsewa jaaka motho yo o farologaneng le ba bangwe. Betty yo o ileng a tsopolwa mo nakong e e fetileng, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ga ke rate gotlhelele gore go dirisanngwe le nna go lebilwe gore ke mong. Ke ile ka bona banna ba lela ba bile ba na le go tsoga ka la molema. Mme go na le basadi bao eleng gore ke bo lentswetshipi. Ka jalo a banna ba re reetse ka tshwanelo ba sa akanye ka bong jwa rona.”
Ke Eng Se Se Tlhokegang Gore go Nne le Phetogo?
Bangwe ba re gore go tle go tokafale, ga go a lekana go bo basadi ba lwela ditshwanelo tsa bone le tshiamiso; kgotsa gore banna ba bontshe ka tsela e e lolea gore ba tlotla basadi. Mo ngwaong nngwe le nngwe le mo botshelong, banna ba tshwanetse go sekaseka seabe sa bone mo seemong seno mme ba ipotse gore ke eng seo ba ka se dirang gore ba dire gore matshelo a basadi e nne a a itumedisang le a a lapolosang.—Mathaio 11:28, 29.
Katha Pollitt yo eleng mokwadi gape e le mmoki o ile a kwala jaana mo go Time: “Ke boammaaruri gore banna ba le bantsi ga ba betelele, ga se ba itei kgotsa babolai. Mme seo ga se reye gore, jaaka fa bontsi jwa bone bo gopola, ga ba amege ka gope mo thubakanong e e direlwang basadi. Mongwe le mongwe wa rona mo botshelong o thusa go bopa dikgopolo tsa setso mmogo le dilo tseo di dumelwang go ya ka setso tse di tlhomang ditekanyetso tseo eleng gore di a letlelesega. . . . Ke raya gore banna ba tshwanetse gore ba itshekatsheke ka tlhoafalo, ba gwetlhe dikilo tsa bone tse di senang mabaka le ditshiamelo, ba dumele seabe se se tshwanetseng se ba nnileng le sone mo makgaphileng a re leng mo go one a.”
Mme le fa banna mo lefatsheng lotlhe ba ne ba ka fetola fela thata mokgwa o ba tsayang basadi ka one go ne go tla se ke go lere tharabololo e e feletseng ya ditshiamololo tse di wetseng setho. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore banna ba dira tshiamololo le bosetlhogo eseng fela mo basading, mme gape le mo banneng ba bangwe. Ntwa, bothubaki, polao, batho ba ba bolayang ba ba sa dumalaneng le bone mo go tsa sepolotiki, le ditiro tsa borukhutlhi e santse e le dilo tse di tletsetletseng mo mafatsheng a le mantsi. Se se tlhokegang ke tsela e ntšha ya go busa lefatshe ka bophara. Le gore batho botlhe ba rutwe thuto e ntšha. Mme seo ke se Modimo a se solofeditseng ka puso ya Bogosi jwa gagwe jo bo tla busang go tswa kwa legodimong bo busa lefatshe. Ke fela ka nako eo tshiamiso ya boammaaruri le tekatekano ya batho botlhe e ka nnang teng—banna, basadi, le bana. Ke ka nako eo fela fa go tlotlana go tla nnang teng gareng ga banna le basadi. Bibela e bolela ka tsela eno mo go Isaia 54:13: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Ee, thuto e e tshwanetseng ya melaometheo ya tshiamo ya ga Jehofa e tla tlatseletsa mo go tlotlaneng mo lefatsheng le lesha.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “Go Nna Boikobo mo Lenyalong go Raya Eng?” Tora ya Tebelo ya December 15, 1991, ditsebe 19-21.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Gantsi mosadi yo o godileng o ka kgona go thusa ka kgakololo
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go thusa mo ditirong tsa mo lapeng ke tsela nngwe e monna a ka bontshang tlotlo mo mosading wa gagwe ka yone