-
Batho Bao Ba Ileng Ba Sotlwa Ba Sale Bana Mme Ba Sotlwa Ba Sena MolatoTsogang!—1991 | October 8
-
-
Batho Bao Ba Ileng Ba Sotlwa Ba Sale Bana Mme Ba Sotlwa Ba Sena Molato
“JAANONG ke tloga ke tshwara dingwaga di le 40,” Eilene o bolela jalo.a “Mme le eleng lefa bothata jwa me bo feta dingwaga di le 30 bo ntse bo le gone, bo santse bo na le go ntshwenya. Ke tletse bogale, ke ikutlwa ke le molato, ebile ke na le mathata mo lenyalong la me ka ntlha ya bothata jono jwa me! Batho ba leka go nkgothatsa, mme lefa go ntse jalo ga ba nkgone.” Ke bothata bofe jo Eilene a nang najo? Go ne ga sotlwa ka ene ka go tlhakanela dikobo nae ka nako ya fa e ne e santse e le ngwana, mme ebile mo go ene diphelelo tsa seno di ile tsa nna ka lobaka lo loleele thata.
Ga se Eilene a le nosi fela yo o ileng a tshwarwa ka tsela eno. Dipatlisiso di bontsha gore basadi—le banna—ba palo e e tshosang le bone ba ne ba tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo e e sa siamang.b Ka gone, ereka mokgwa ono wa go itshola ka tsela e e sa siamang e se selo se se diragalang sewelo fela, go sotla bana ka go tlhakanela dikobo nabo ke bothata jo bo fitlhelwang gongwe le gongwe, bothata jo bo anameng mo ditlhopheng tsotlhe tsa merafe, tsa itsholelo, tsa bodumedi le tsa lotso.
Ka lesego, banna le basadi ba le bantsi thata ga ba kake ba akanya le go akanya ka go sotla ngwana ka tsela eno. Mme lefa go ntse jalo go na le ba ba kotsi bao ba ka tlalang seatla fela bao ba nang le mokgwa ono o o bodileng wa go sotla bana. Mme go farologana le kafa batho ba le bantsi ba akanyang ka gone, go bonala batho ba le mmalwa bao ba sotlang ka bana ka tsela eno e le bao ba sa felelang sentle mo tlhaloganyong bao ba nnelang go ebela ka bokukuntshwane fa thoko ga mabala a metshameko ebile ba rata go bolaya. Bontsi jwa bone ke batho bao ka fa ntle ba lebegang jaaka batho ba ba itshiametseng fela. Ba kgotsofatsa keletso eno ya bone ya boitsholo jo bo maswe ka go lala le bana bao ba sa itseng sepe ka tlhakanelodikobo, bao ba ikanyegang, le bao ba ka sekang ba itira sepe—gantsi bao eleng barwadiabone ka namana.c Fa ba le mo gare ga batho, ba ka nna ba tshwara bana ka tsela e e bontshang bopelonomi, e e bontshang lorato. Mme fa ba se mo gare ga batho, ba a ba tshosetsa, ba a ba shakgalela, ebile ba ba betelela ka mo go tlontlololang, le ka mo go tlhabisang ditlhong.
Re dumela gore ga go motlhofo go tlhaloganya gore mahutsana a a ntseng jalo a ne a ka diragala mo magaeng a le mantsi thata jaana ao a lebegang jaaka magae a a tlotlegang. Lefa go ntse jalo, le eleng mo metlheng ya Bibela bana ba ne ba dirisiwa “go kgotsofatsa ka nakwana fela . . . keletso ya go tlhakanela dikobo.” (The International Critical Commentary; bapisa Yoele 3:3.) Bibela e ile ya bolelela pele jaana: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati . . . ba sena loratō loa tlholègō . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemo gopè.” Ka gone, ga go a tshwanela ga re gakgamatsa go bo go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone e le selo se se anameng thata jaana gompieno.—2 Timotheo 3:1, 3, 13.
Go sotla ka bana jaana ka go tlhakanela dikobo le bone go ka nna ga se ka ga tlogela dipadi dipe mo mmeleng. Mme ebile ga se bagolo botlhe bao e rileng ya re ka nako ya fa e ne e santse e le bana ba se ka ba tshwarwa sentle ba bonalang ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa seane sa bogologolo se bolela: “Le mo setshegoñ pelo e tle e nne bohutsana.” (Diane 14:13) Ee, ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba na le dipadi tse di botlhoko thata mo maikutlong—dintho tse di sa bonaleng tseo di ntseng di tutela kafa gare. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone go baka kutlobotlhoko e e kanakana mo go ba bangwe? Ke ka ntlha yang fa ka metlha dintho tsa go sotlwa gono di sa ipholele fela ka botsone fa nako e ntse e tsamaya? Tsela eo bothata jono jo bo utlwisang botlhoko thata mo maikutlong bo boitshegang ka yone e batla gore re bo sekaseke. Ke boammaaruri gore o ka nna wa se ka wa rata dingwe tsa dilo tseo o tla tlogang o di bala fano—o ka nna wa se ka wa di rata segolobogolo fa e le gore le wena o ile wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana. Mme lefa go ntse jalo tlhomamisega gore go na le tsholofelo ya gore o ka fola.
-
-
Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga BanaTsogang!—1991 | October 8
-
-
Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
“Ga ke ithate le eseng. Ke nna ke ntse ke akanya gore go na le sengwe seo ke tshwanetseng go bo ke ile ka se dira, ke tshwanetse go bo ke ile ka mmolelela gore a tlogele go dira jalo. Ke ikutlwa ke leswafetse tota.”—Ann.
“Ke ikutlwa ekete ke latlhegile. Gantsi ke ikutlwa ke feletswe ke tsholofelo ebile ke kgobegile marapo. Ka dinako tse dingwe ke eletsa go swa.”—Jill.
“GO SOTLA ka ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene ke . . . go tlhasela mogopolo, moya, le mmele wa gagwe ka tsela e e utlwisang botlhoko thata, e e gobatsang, le e e tlontlololang . . . Go sotla gono go tlhasela karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gagwe.” Go bolela jalo The Right to Innocence, e e kwadilweng ke Beverly Engel.
Ga se ngwana mongwe le mongwe yo o ikutlwang ka tsela eno morago ga fa a sena go sotlwa ka go tlhakanela dikobo le ene.a Bana ga ba tshwane, ba kgona go lebana le mathata ka ditsela tse di sa tshwaneng, ebile ba ikutlwa ka ditsela tse di farologaneng malebana le bothata. Bontsi jwa dilo gape bo ikaegile ka gore ngwana o amana jang le motho yo o ileng a lala le ene ka tsela eno e e sa tshwanelang, gore go lala le ene goo go masisi go le go kae, gore go tsere lobaka lo lokae, gore ngwana o na le dingwaga di le kae, le mabaka a mangwe. Mo godimo ga moo, gantsi go utlwa botlhoko thata mo maikutlong go ka fokotsega fa e le gore bagolo ba tshegetsa ngwana yono ka tsela e e lorato ka nako ya fa go sotlwa ga gagwe ka tsela eno go setse go itsiwe ke mang le mang. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba boga dikgobalo tse di botlhoko tota tsa maikutlo.
Lebaka la Go Bo go Sotla Bana ka go Tlhakanela Dikobo Nabo Go Utlwisa Botlhoko Thata
Bibela e re lemotsha gore ke ka ntlha yang fa go utlwa botlhoko go go ntseng jalo go nna gone. Moreri 7:7 e bolela jaana: “Gonne [go gatelela go ka] hetola motho eo o botlhale seeleele.” Fa e le gore tota go dira gore motho yo o godileng a nne seeleele, a o ke o akanye fela ka diphelelo tse di nnang gone fa ngwana yo monnyane a gatelelwa setlhogo—segolobogolo fa e le gore motho yo o mo gatelelang yono ke motsadi yo ngwana a mo ikanyang. Re tshwanetse ra gakologelwa gore dingwaga tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo di botlhokwa thata mo go godisiweng ga maikutlo le bomoya jwa ngwana. (2 Timotheo 3:15) Mosha o simolola go ithuta go itshola sentle le go itlotla mo nakong ya tsone dingwaga tseo tsa bosha. Gape ngwana o ithuta gore lorato le boikanyo di kaya eng ka go nna gaufi thata le batsadi ba gagwe.—Pesalema 22:9.
“Mo baneng ba ba ileng ba sotlwa ke bagolo ka gore ba tlhakanele dikobo le bone,” go tlhalosa jalo Dr. J. Patrick Gannon, “thulaganyo eno ya go aga ikanyo mo go ene e a senyega.” Mogolo yo o sotlang ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene o senya ikanyo yotlhe eo ngwana yono a ntseng a na le yone mo go ene; o mo amoga lefa e ka nna polokesegonyana epe fela eo a lebegang a na le yone, dilo tsa gagwe tsa sephiri, kana go itlotla ga gagwe mme a mo dirise jaaka selo fela sa go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go tlhakanela dikobo.b Bana ba bannyane ga ba tlhaloganye bokao jwa ditiro tse di maswe tseo di dirwang mo go bone ka go gatelelwa, mme lefa go ntse jalo mo e batlang e le botlhe ba bone ba fitlhela gore go diragalelwa ke selo seno go a hutsafatsa, go a tshosa, ebile go a tlontlolola.
Ka gone go sa tshware bana sentle ka go tlhakanela dikobo le bone go bidiwa go twe ke “tshenyo e e maswe go di gaisa tsotlhe.” Re gakololwa ka potso eno ya ga Jesu e e reng: “Kgotsa go na le monna ohe mo go lona, eo e ka reñ ha morwawè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè?” (Mathaio 7:9) Mme lefa go ntse jalo mogolo yo a sotlang ka ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene, ga a mo neye lorato le bopelonomi, mme go na le moo o mo naya “lencwè” la bosetlhogo jo bo a fetang otlhe—go mo betelela.
Lebaka la Go Bo Dintho Tseno Di Sa Fole
Diane 22:6 e bolela jaana: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” Ka phepafalo, tlhotlheletso ya batsadi mo baneng e ka tshwarelela botshelo jotlhe mo go bone. Lefa go ntse jalo, go tweng fa ngwana a rutwa gore a akanye gore ga a na maatla a go thibela go betelelwa? Go tweng fa e le gore ngwana o rutiwa gore a itshole ka tsela e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo e e bidiwang gore ke go bontshiwa “lorato” loo tota e seng lone? Go tweng fa e le gore o rutiwa go iteba jaaka yo o senang mosola le yo o leswafetseng? A seo ga se kitla se felela ka gore botshelo jotlhe jwa gagwe a itshole ka mokgwa o o tla mo tlisetsang diphelelo tse di bosula? Ga se gore go sotla ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene go raya gore go itshola ga gagwe ka mokgwa o o sa siamang moragonyana fa a setse a godile ga go na molato ope, mme lefa go ntse jalo go ka kgona go re tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa batho bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba ka nna ba itshwara kana ba ikutlwa ka tsela e e rileng.
Batho ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba na le dilo di le dintsi thata tse di bontshang gore ga ba ikutlwe sentle, go akaretsa le go tshwenyega thata mo maikutlong. Bangwe ba nna ba ntse ba shakgetse ebile ka dinako tse dingwe ba ikutlwa ba le molato, ba tlhabiwa ke ditlhong, ebile ba le bogale go feta tekano. Selo se sengwe se se tlwaelegileng mo bathong ba ba ileng ba sotliwa ka tsela eno ke go sa tsoge ga maikutlo a bone, go sa kgone go tlhalosa ka fa o ikutlwang ka gone kana le eleng go sa kgone go tsogelwa ke maikutlo. Gape ba le bantsi ba ikaya ba se sepe ebile ba ikutlwa ba sena maatla a go lebana le bothata jono. Sally, yo malomaagwe a neng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene, o gakologelwa jaana: “Nako nngwe le nngwe fa a ne a ntshotla jalo ka go tlhakanela dikobo le nna ke ne ke ikutlwa ke sena maatla ebile ke gatsetse, ke sule bogatsu, ke sa kgone go itshikinya, ke tlhakane tlhogo. Tota ke ka ntlha yang fa selo seno se ne se diragala?” Moithutatlhaloganyo ebong Cynthia Tower o bega jaana: “Dipatlisiso di bontsha gore gantsi batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo fa e ne e santse e le bana ba tla ikutlwa jaaka motho yo o sotlegang botshelo jotlhe jwa bone.” Ba ka nna ba nyalwa ke monna yo o lesotlo, ka tsela e ba itshwarang ka yone ba ka nna ba supa gore ba ka sotlwa ka tlhakanelodikobo motlhofo fela, kana ba ka nna ba ikutlwa gore ga ba na maatla a go ka kgona go itshireletsa ka nako ya fa ba tshosediwa.
Ka gale, bana ba na le mo e ka nnang dingwaga di le 12 tsa go ipaakanyetsa go tsoga ga maikutlo go go nnang gone fa ba le mo dingwageng tsa boroba. Mme lefa go ntse jalo fa go dirwa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ka go lala le ngwana yo monnyane ka nkane, ngwana yono a ka nna a fekeediwa ke maikutlo ano a a tsositsweng mo go ene. Jaaka fa patlisiso nngwe e ile ya bontsha, selo seno se ka nna sa mo dira gore a se ka a kgona go itumelela tlhakanelodikobo moragonyana mo lenyalong. Linda yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o dumalana le seno jaana: “Mo go nna go tlhakanela dikobo mo lenyalong ke selo se se boima thata mo botshelong jwa me. Ke tshoga tota moo ke akanyang gore motho yo o tlhakanetseng dikobo le nna ke rre, mme ke garoge pelo.” Batho ba bangwe bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba ka nna ba ikutlwa ka tsela e e farologanang le eno mme ba nne le dikgotelo tseo di tla ba pateletsang gore ba itshole ka tsela e e sa siamang. Jill o bolela gore, “Ke ne ke tshela botshelo jwa bopepe mme ka feleletsa ke tlhakanela dikobo le batho bao ke neng ke sa ba itse gotlhelele.”
Gape batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba ka nna ba nna le bothata mo go nneng le kamano e e molemo le ba bangwe. Bangwe ga ba kgone le eleng go ka tsalana fela le batho ba banna kana balaodi. Bangwe ba ka nna ba senya botsalano le manyalo ka go nna ba ba lesotlo kana ba ba ratang go laola thata. Mme lefa go ntse jalo ba bangwe bone ga ba batle go tsalana gopegope le batho ba bangwe.
Go bile go na le batho bao ba neng ba sotlwa ka tsela eno bao ba ikgobatsang bone ka bobone ka ntlha ya maikutlo ano a a gobatsang a ba nang le one. Reba o bolela jaana, “Ke ne ka tlhoya mmele wa me ka gonne o ne wa tsogelwa fa ke ne ke sotlwa ka go tlhakanela dikobo le nna.” Se se maswe le go feta ke gore, mekgwa e e sa siamang ya go ja,c go nna le keletso e e maatla ya go batla go bereka, go tshwakgolwa ke nnotagi le ke diokobatsi, ke ntletsentletse fela mo bathong bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo—ba leka ka bojotlhe go dira gore ba se ka ba bonala kafa ba ikutlwang ka teng. Bangwe ba ka nna ba bontsha le eleng ka ditiro tse di tlhamaletseng le go feta gore tota ga ba ithate. “Ke itshegakakile, ke ikepile mabogo ka dinala, ke iphisitse ka molelo,” Reba o oketsa jalo. “Ke ne ke ikutlwa gore tota ke tshwanelwa ke go sotlwa.”
Lefa go ntse jalo, se potlakele go swetsa ka gore go raya gore ope fela yo o ikutlwang kana yo o itshwarang ka ditsela tse di ntseng jalo o ile a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae. Go ka nna ga tswa go kopanyelediwa mabaka a mangwe ao a amanang le bone ka namana kana ao a amanang le maikutlo a bone. Ka sekai, bomankge ba bolela gore dilo tse di ntseng jalo di tlwaelegile mo bagolong ba ba godiseditsweng mo malapeng ao mo go one dilo di neng di sa tsamaye ka tshwanelo—eleng ao mo go one batsadi ba neng ba aga ba ba iteetse ruri, ba ba nyatsa le go ba tlontlolola, le go tlhokomologa dilo tseo ba di tlhokang ka namana, kana malapa ao mo go one batsadi e neng e le makgoba a diokobatsi kana a nnotagi.
Kgobalo ya Semoya
Phelelo e e kotsi le go feta ya sotlhe seo go sotlwa ga motho ka go tlhakanela dikobo nae ka nako ya fa a santse e le ngwana go ka se bakang ke kgobalo ya semoya eo e ka nnang ya nna gone. Go sotla motho ka go tlhakanela dikobo nae ke ‘boitshekologo jwa nama le jwa moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Motho yo o sotlang ngwana ka tsela e e maswe ya go tlhakanela dikobo le ene, ka go sa tlotle mmele wa gagwe le go itshola ga gagwe ka tsela e e siameng, ka go senya ikanyo eo a nang nayo, o leswafatsa moya wa ngwana, kana dilo tseo mogopolo wa ngwana o ganelelang mo go tsone. Selo seno e ka nna ya re moragonyana sa dira gore motho yono yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a se ka a gola mo boitsholong le mo semoyeng.
Buka ya Facing Codependence, e e kwadilweng ke Pia Mellody, e tswelela pele go akgela jaana: “Lesotlo lepe fela le le masisi . . . e ntse gape ke lesotlo la semoya, ka gonne le senya ikanyo eo ngwana a nang le yone mo Modimong.” Ka sekai, mosadi wa Mokeresete yo o bidiwang Ellen o botsa jaana: “Ke ka kgona jang go akanya ka Jehofa jaaka Rre lemororo ke ntse ke akanya ka rre wa selefatshe jaaka monna yo o setlhogo le yo o bogale?” Yo mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae yo o bidiwang Terry o bolela jaana: “Ga ke ise ke bo ke tsamaye ke lebe Jehofa jaaka Rre. Ee, ke mo leba jaaka Modimo, Morena, Molaodi, le Mmopi! Mme lefa go ntse jalo go mo leba jaaka Rre gone, legoka!”
Ga go reye gore batho ba ba ntseng jalo ba bokoa mo semoyeng kana gore ga ba na tumelo. Go farologana le seo, go tswelela pele ba dira maiteko a go utlwa melaometheo ya Bibela go re naya bosupi jwa gore ba nonofile mo semoyeng! Mme lefa go ntse jalo a o ke o akanye fela kafa bangwe ba neng ba ka nna ba ikutlwa ka gone fa ba bala temana ya Bibela e e ntseng jaaka ya Pesalema 103:13, e e bolelang jaana: “Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogela ba ba mmoihañ pelo yalo.” Bangwe ba ka nna ba e tlhaloganya ka botlhale. Mme lefa go ntse jalo, ga go kitla go nna motlhofo gore ba kgatlhegele temana eno fa ba na le kakanyo e e sa siamang ka seo rre e leng sone!
Ebile gape bangwe ba ka nna ba go fitlhela go se motlhofo go nna “yaka ñwanyana” fa pele ga Modimo—ba le bonolo, ba le boikokobetso, ebile ba ikanyega. Ka nako ya fa ba rapela ba ka nna ba se ka ba tlhalosetsa Modimo kafa totatota ba ikutlwang ka gone. (Mareko 10:15) Ba ka nna ba dikadika go dirisa mafoko a a mo go Pesalema 62:7, 8 ano mo go bone: “Polokō ea me e na le Modimo, le kgalalèlō ea me: lehika ya thata ea me le mo Modimoñ, le botshabèlō yoa me. Lona batho, ikanyeñ mo go ōna ka metlha eotlhe; tshèlañ dipelo tsa lona ha pele ga ōna: Modimo ke botshabèlō yoa rona.” Ebile go ikutlwa ba le molato le go ikutlwa ba se sepe go ka nna ga koafatsa tumelo ya bone. Mongwe yo o neng a sotlwa ka tlhakanelodikobo o ne a bolela jaana: “Ke dumela thatathata mo Bogosing jwa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, tota ga ke ikutlwe ke siametse go nna gone mo go jone.”
Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe mo go bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno bao ba amegang ka go tshwana. Bangwe ba ile ba tla gaufi le Jehofa jaaka Rre yo o lorato mme ba utlwa go sena sepesepe seo se ba kgoreletsang go ka buisana le ene. E ka tswa maemo e le afe fela, fa e le gore o ile wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka nako ya fa o ne o sa le ngwana, o ka nna wa go fitlhela go le mosola thata go lemoga kafa seno se amileng botshelo jwa gago ka gone. Bangwe ba ka nna ba bona go le molemo gore bogolo ba lebale kaga boemo jono. Mme lefa go ntse jalo, fa o ikutlwa gore o gobetse thata, nametsega. Dintho tsa gago di ka kgona go fodisiwa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Motlotlo wa rona o ikgarile mo go seo Bibela e se bitsang gore ke por·neiʹa, kana kgokafalo. (1 Bakorintha 6:9; bapisa Lefitiko 18:6-22.) Seno se akaretsa mekgwa yotlhe e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo. Ditiro tse dingwe tseo di sa tshwanelang go dirwa, tse di ntseng jaaka mokgwa o o maswe wa go itshenola dikarolo tsa mmele tseo di sa tshwanelang go tswela kwa ntle, le mokgwa o o maswe wa go kgotsofatsa keletso ya go tlhakanela dikobo ka go lebelela batho ba tlhakanetse dikobo, le go tlhotlhelediwa ke dilo tseo di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo, lemororo e se por·neiʹa, le tsone di ka gobatsa ngwana mo maikutlong.
b Ereka ka tlholego fela bana ba tlwaetse go ikanya batho ba bagolo, go sotlwa ka go tlhakanela dikobo le bana go dirwa ke leloko le le ikanngwang la lelapa, mogoloabone, mongwe yoo eleng tsala ya mo lapeng, kana le eleng ga motho fela yo ba sa mo itseng le gone go senya ikanyo eo ngwana a neng a ntse a na nayo go e senya ka tsela e e utlwisang botlhoko thata.
c Bona Awake! ya December 22, 1990.
-
-
‘Nako ya go Fola’Tsogang!—1991 | October 8
-
-
‘Nako ya go Fola’
Ann o ne a gomotsa motho mongwe le mongwe yo o neng a mmolelela matshwenyego a gagwe; o ne a namola motho ope fela mo bothateng jo a neng a na najo. Ka a ne a ritibetse ebile a lebega a sena matshwenyego ape, ga go na ope yo o neng a itse gore o ne a na le dintho tse di sa bonaleng tsa maikutlo, go fitlhelela ka letsatsi le lengwe leo a neng a simolola go gakologelwa ka lone. “Ke ne ke le kwa tirong,” Ann o gakologelwa jalo, “mme ke ne ka simolola go tlhabiwa ke ditlhabi le go ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong thata. Ke ne ke sa kgone go ema ka dinao! Ke ne ka boga jalo ka malatsi a le mantsi. Morago ga moo ke ne ka gakologelwa nako ya fa rre wa me wa bobedi a ne a tlhakanetse dikobo le nna—totatota, o ne a mpetelela. Mme ebile ga a a ka a dira jalo gangwe fela.”
GO NA le ‘[nako ya] go fola.’ (Moreri 3:3) Ebile mo bathong ba le bantsi ba ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo fa ba ne ba santse e le bana—jaaka Ann—go gakologelwa dilo tseo ba sa bolong go di lebala ke karolo e e botlhokwa ya mokgwa wa go fola.
Lefa go ntse jalo, tota motho ope fela o ne a ka kgona jang go lebala sengwe se se utlwisang botlhoko thata mo maikutlong jaaka go betelelwa? A o ke o akanye fela kafa ngwana a ka se kang a itira sepe ka gone fa rraagwe kana mogolo mongwe fela yo o thata a tlhakanetse dikobo le ene. Ga a kgone go sia. O tshaba go gowa. Ebile o tshaba go bega seno—mo go ope fela! Mme lefa go ntse jalo, a ka nna a tshwanelwa ke gore letsatsi le letsatsi a bo a ntse a bona motho yo a neng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene yono mme mo go ene go nne fela jaaka ekete ga a ise a ke a mo dire sepe. Go iketsisa go go ntseng jalo go boima tota mo mothong yo o godileng; mo ngwaneng gone go boima le go feta. Ka gone o dirisa kakanyo e e gakgamatsang thata eo bana ba nang nayo mme a lebale tsotlhe tseo di mo diragaletseng! O itshwara jaaka ekete ga a ise a bo a tshwarwe ka tsela eno, o ntsha go sotlwa gono mo mogopolong wa gagwe kana o a go itlhokomolosa.
Totatota, nako le nako, rotlhe fela re ntsha dilo tseo re sa batleng go di bona kana tseo re sa batleng go di utlwa mo megopolong ya rona. (Bapisa Yeremia 5:21.) Mme lefa go ntse jalo batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo bone ba dira jalo e le gore ba tle ba kgone go lebana ka katlego le ditlamorago tsa go sotlwa gono. Bangwe ba bone ba bega jaana: “Ke ne ka itira jaaka ekete selo seno se ne se diragalela motho mongwe o sele fa nna ke ne ke le mmogedi fela.” “Ke ne ka itira jaaka ekete ke bone selo seno se diragala mo torong.” “Ke ne ka tshwaragana le go dira dipalo mo tlhaloganyong ya me.”—Strong at the Broken Places, e e kwadilweng ke Linda T. Sanford.
Ga go gakgamatse, he, go bo buka ya Surviving Child Sexual Abuse e bolela jaana: “Go fopholediwa gore batho ba ba fitlhang go diperesente di le 50 bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ka nako ya fa ba ne ba santse e le bana ga ba itse gore diphelelo tseno tsa go sotlwa jaana di utlwala jang.” Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba gakologelwa lesotlo leno ka bolone mme lefa go ntse jalo ba tlose maikutlo a a nnang gone ka ntlha ya lone mo megopolong ya bone—eleng go hutsafala, go shakgala, le go tlhabiwa ke ditlhong.
Go Thibela go Gakologelwa Dilo Tseo O Sa Batleng go Di Gakologelwa—Go Kgaratlha Go Go Seng Kana ka Sepe mo Mogopolong
A ga go molemo, he, gore go lebalwe ka dilo tseno—gore batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba di tlose fela mo megopolong ya bone? Bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba dire jalo. Ba bangwe bone ga ba kgone go dira jalo. Ke fela jaaka fa Yobe 9:27, 28 e bolela jaana: “Fa ke nyenya mme ke leka go lebala bohutsana jwa me, matshwenyego otlhe a me a a boa gape go tla go ntshwenya.” (Today’s English Version) Go thibela go gakologelwa dilo tse di tshosang tseo o sa batleng go di gakologelwa ke go kgaratlha go go lapisang tota ga mogopolo, ke motshameko o o makgwakgwa wa go lekana ka mashetla ka go kgopholana ka thapo oo o bileng o ka nnang wa nna le diphelelo tse di masisi tsa pholo.
Gantsi nonofo ya go itebatsa dilo tsa nako e e fetileng eo motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a nang nayo, e koafadiwa ke mathata a botshelo jaaka fa motho yono a ntse a gola. Go utlwa monkgonyana wa setlolo sa senkgisamonate, go bona sefatlhego seo mo go ene se seng sesha, go utlwa modumonyana o o tshosang, kana le eleng go tlhatlhobiwa ke ngaka kana ke ngaka ya meno go ka nna ga mo dira gore a akanye ka dilo tseo di seng kana ka sepe tseo di mo tshosang le go mo dira gore a tlalelwe.a A ga a a tshwanela gore a leke fela ka bojotlhe gore a lebale? Mo nakong e e tshwanang le eno batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba nna botoka fa ba leka go gakologelwa! Mosadi mongwe yo o bidiwang Jill o bolela jaana: ‘Fela fa ke akanya ka dilo tseno, ga di nkutlwise botlhoko thata jaaka fa di ne di dira pele. Go sa leke go akanya ka tsone go botlhoko thata ebile go kotsi go gaisa go akanya ka tsone.’
Mosola wa go Dumela Gore Seno Se Ile Sa Diragala
Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go gakologelwa dilo tseno? Lebaka le lengwe la seno ke gore, go di gakologelwa go dira gore motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a lele. Ka tlholego fela motho oa lela fa a tshwenyegile thata mo maikutlong; go lela go re thusa gore re lebale ditiragalo tseo di utlwisang maikutlo a rona botlhoko. (Moreri 3:4; 7:1-3) Lefa go ntse jalo, motho yo o sotlilweng ka tsela eno ene o amogilwe sebaka seno sa go lela, o patelediwa gore a se ka a dumela gore selo se se tshosang seno se mo diragaletse ka ammaaruri, o patelediwa gore a lobe selo seno se se mo hutsafatsang. Go thibela go gakologelwa dilo tseno go go ntseng jalo go ka nna ga felela ka seo dingaka di se bitsang gore ke bothata jwa maikutlo jo bo nnang gone morago ga go diragalelwa ke selo sengwe se se maswe—eleng boemo jwa go swa segatsu go batla maikutlo a gago a sa tsoge gotlhelele.—Bapisa Pesalema 143:3, 4, NW.
Jaaka fa motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a ntse a gakologelwa dilo tseno, a ka nna a batla a bona go sotlwa gole go mo diragalela gape mme a go bona jalo ka leitlho la mogopolo. Ebile bangwe bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba boela ka nakwana fela kwa nakong ele ya bone ya bongwana. “Ka nako ya fa ke ntse ke lebeletse tiragalo eno mo mogopolong wa me eo e ileng ya direga mo nakong e e fetileng,” go gakologelwa jalo Jill, “gantsi ke nna le go sa ikutlwe sentle mo mmeleng. Ka dinako tse dingwe go gakologelwa dilo tseno go nkutlwisa botlhoko thata, ke ikutlwa jaaka ekete ke tla tsenwa.” Go shakgala goo o sa bolong go go nna godimo go tloga ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana go ka nna ga tsoga ka tshoganyetso jaanong. “Go gakologelwa go ntira gore ke utlwe botlhoko thata mo maikutlong ke bo ke galefe ka tshoganyetso,” Sheila o bolela jalo. Mme lefa go ntse jalo go a tshwanela gore o shakgale fa o le kafa tlase ga maemo ano a a sa tlwaelegang. O a lela, ka go dira jalo o bontsha go shakgala go go siameng go o tlhodilweng ka gone! O na le tshwanelo ya go tlhoa dilo tse di bosula tseo tseo o di diretsweng.—Baroma 12:9.
Mongwe yo o ileng a tshwarwa ka tsela e e sa siamang eno o bolela jaana: “Totatota ka nako ya fa ke ne ke kgona go gakologelwa, ke ne ka ikutlwa ke le botoka thata . . . Jaanong bobotlana ke ne ke itse gore ke ne ke tshwaragane le eng. Lemororo go ne go le boima thata mo go nna gore ke gakologelwe, go ile ga nkgakolola ka karolo ya botshelo jwa me eo e neng ya fetoga go nna e e tshosang ka gonne e ne e sa itsiwe ebile e ne e se motlhofo go ka tlhaloganngwa.”—The Right to Innocence.
Go gakologelwa gape go ka nna ga dira gore motho yo o ileng a sotlwa ka tsela eno a itse seo se bakileng mangwe a mathata a gagwe. “Ka metlha ke ne ke itse gore ke ne ke itlhoile mo go maswe ebile ke ikgalefetse mme lefa go ntse jalo ke ne ke sa itse gore e ne e le ka ntlha yang,” go bolela jalo mongwe yoo motho mongwe yo o atamalaneng thata le ene ka losika a ileng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene. Go gakologelwa go thusa ba le bantsi go lemoga gore seo se neng sa diragala e ne e se molato wa bone, mme gore ke bone bao ba ileng ba direlwa phoso.
Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe bao ba kgonang go gakologelwa go sotlwa gono ga bone ka phepafalo kana jaaka ekete ba go lebeletse go diragala gape ka tsela ya sebele jaaka ba bangwe. Mme ebile bagakolodi ba le bantsi ba dumela gore ga go tlhokege gore motho fa a gakologelwa go sotlwa gono ga gagwe a gakologelwe sengwe le sengwe kgo ka moo se neng se diragala ka gone e le gore a tle a fole. Go dumela fela gore ee o ile wa sotlwa e ka nna kgato e kgolo ya gore o fole.—Bona lebokoso le le mo tsebeng 9.
Go Bona Tshegetso
Fa e le gore o ile wa sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo le wena ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana, o se ka wa itshokela go gakologelwa dilo tseno o le nosi. Go bua le mongwe kaga kafa o ikutlwang ka gone go tla go thusa thata. (Bapisa Yobe 10:1; 32:20.) Bangwe bao ba tshwenyegileng go feta selekanyo mo maikutlong ba ka nna ba swetsa ka gore ba senke thuso mo ngakeng nngwe e e tshwanelegang, mo mogakoloding, kana mo go mankge mongwe wa tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo. Mme lefa go ntse jalo, tsala nngwe ya gago e e ikanyegang, molekane wa gago wa lenyalo, maloko a lelapa, kana balebedi ba Bakeresete bao ba tla go reetsang ka tlotlo le ka botlhomogapelo le bone ba ka go tshegetsa ka mo go nang le matswela.b “Ke ile ka thusiwa thata ke tsala ya me e kgolo ebong Julie,” Janet o bolela jalo. “O ne a ntetla gore ke nne ke bue gangwe le gape kaga seo ke neng ke se gakologelwa. A ntetla gore ke utlwe maikutlo ao a nnang gone morago ga seo. O a ntheetsa mme ebile o arabela ka tsela ya go nkutlwela botlhoko.”
Go ikanya motho go kotsi, ebile o ka nna wa ikutlwa o sa tshwanelwe ke gore mongwe a go thuse—kana o ka nna wa tlhabiwa ke ditlhong thata go ka buisana le mongwe kaga tsela eno eo o ileng wa sotlwa ka yone. Mme lefa go ntse jalo tsala ya boammaaruri e “tsalecwe motlha oa pitlaganō” ebile e ka go naya thuso e e duleng diatla fa o mo letla gore a go thuse. (Diane 17:17) Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore o bolelela mang sephiri sa gago. Ithute go nna bonya fa o itsise batho ba bangwe ka dilo tseo di go tshwenyang. Fa tsala ya gago e le kutlwelobotlhoko ebile e le botlhale, he o ka nna wa leka go mmolelela go go oketsegileng.
Go itlhokomela sentle mo mmeleng le gone go a thusa. Ikhutse ka mo go lekaneng. Itshidile mmele ka mo go lekaneng. Ja dijo tseo di nang le dikotla. Tshela botshelo jo bo sa raraanang, fa e le gore go a kgonega. O se ka wa tshaba go lela. Go utlwa botlhoko go ka nna ga nna jaaka ekete ga go fele, mme lefa go ntse jalo go tla kokobela morago ga nakwana. Gakologelwa gore: O ne wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka gonne o ne o le ngwana yo o neng a ka se ka a itira sepe—mme wa se ka wa swa! Mme jaanong jaaka motho yo o godileng, o na le dinonofo le dikgono tsa go lebana le bothata jono tseo o neng o sena tsone ka nako ya fa o ne o le ngwana. (Bapisa 1 Bakorintha 13:11.) Ka gone lwantsha dilo tseo di go utlwisang botlhoko tseo o di gakologelwang mme o se ka wa di letla gore di go ame thata. Ikanye mo Modimong go bona nonofo. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Mo bontsiñ yoa megopolō ea me e e mo teñ ga me, dikgomocō tsa gago di tle di yese mōea oa me monate.”—Pesalema 94:19.
Go Tlogela go Ipona Molato le go Tlhabiwa ke Ditlhong
Go tlogela go ipona molato ke selo se sengwe gape se se botlhokwa seo o tshwanetseng go se dira gore o fole. “Le eleng gone jaanong jaana go thata gore ke akanye gore ke ne ke se molato,” go bolela jalo Reba yo o ileng a sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nae. “Tota ga ke itse, ke ka ntlha yang fa ke ne ke sa mo thibele?”
Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore batho ba ba sotlang ba bangwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba dirisa mekgwa ya bodiabolo e e bosula go feta ba e dirisetsa go pateletsa motho go dira selo seo a sa batleng go se dira: eleng go dirisa bolaodi (‘Ke rraago!’), go tshosetsa (‘Ke tla go bolaya fa o ka bolelela mongwe kaga seo ke se dirang!’), go dirisa kgatelelo e e setlhogo le eleng go nna le letswalo (‘Fa o ka bolelela mongwe, Papa o tla isiwa kgolegelong.’). Go farologana le seno, bangwe ba bone ba nna bonolo mo go bone gore ba ba kgone kana ba ba fa dimpho le go ba direla dilo tse di rileng. Bangwe ba bolelela bana maaka ka gore e re fa ba tlhakanela dikobo le bone ba bo ba ba raya ba re ba tshameka le bone kana ba re ba ba bontsha lorato lwa botsadi. “O ne a bolela gore seno ke seo batho ba se dirang fa ba ratana,” go gakologelwa jalo mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae. Ngwana yo monnyane o ne a ka kgona jang go lwantsha boikgagapelelo jo bo ntseng jalo mmogo le boferefere tse di kopanyeletsang maikutlo a gagwe? (Bapisa Baefesia 4:14.) Ee, motho yo o tlhakanelang dikobo le bana o dira jalo a sa kgathale ka go bo a itse gore ga ba kake ba itira sepe, go bonolo gore ba diragalelwe ke seno, ebile “ga ba itse se se bosula.”—1 Bakorintha 14:20, NW.
Gongwe, se sengwe gape seo o ka se dirang gore o fole, ke gore o ikgakolole kafa tota o neng o ka tlhaselwa bonolo ka gone le kafa o neng o sa kgone go itira sepe ka gone ka nako ya fa o ne o sa ntse o le ngwana. O ka nna wa leka go senya nako o na le bana bangwe ba bannyane kana o lebile dinepe tsa gago tsa fa o ne o santse o le ngwana. Ditsala tsa gago tseo di go tshegetsang le tsone di ka nna tsa go thusa ka go se kgaotse go go gakolola gore go sotlwa gono e ne e se molato wa gago.
Lefa go ntse jalo, mosadi mongwe o bolela jaana: “Ke tenega tota fa ke gakologelwa maikutlo ao rre a ileng a a tsosa mo go nna.” Bangwe bao ba neng ba sotlwa ka tsela eno (58 lekgolong ya bone go ya ka patlisiso nngwe) ba gakologelwa kafa ba neng ba tsogelwa ka gone ka nako ya fa ba ne ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo. Ka gone go a tlhaloganyesega go bo seno se ba dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong thata. Lefa go ntse jalo, buka ya Surviving Child Sexual Abuse e re gakolola gore, “go tsogelwa [ke] tsela fela eo mmele o [tsibogang] ka yone fa o tshwarwatshwarwa kana o o tlhotlheletsa go dira jalo ka ditsela tse dingwe tse di rileng” le gore ngwana “ga a kgone go laola go tsogelwa gono.” Ka gone motho yo o ileng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena ke ene yo o ikarabelang ka botlalo mo go seo se neng sa diragala. E NE E SE MOLATO WA GAGO!
Gape, nametsega ka go itse gore Modimo o go leba jaaka “[yo o] senañ molato, le [yo o] bokgwabo” mo kgannyeng eno. (Bafilipi 2:15) Fa nako e ntse e tsamaya tlhotlheletso epe fela ya gore o nne o gobatse mmele wa gago e ka nna ya fela, mme o ka nna wa ithuta go ngomaela nama ya gago.—Bapisa Baefesia 5:29.
Go Rarabolola Bothata Jono le Batsadi Ba Gago
Seno e ka nna ya nna se sengwe sa dilo tseo go leng thata tota go di dira e le gore o tle o fole. Bangwe ba tswelela pele go tlala bogale, go ijesa dijo tsa ditoro tsa go ipusolosetsa—kana go ikutlwa ba le molato. Mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o ne a bolela jaana: “Ke tshwenyegile thata mo maikutlong ka gonne ke akanya gore Jehofa o lebeletse gore ke itshwarele motho yo o neng a ntshotla ka go tlhakanela dikobo le nna, mme ebile ke ka se ke.” Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa nna o ntse o na le maikutlo a a sa siamang a go tshaba motho yo o neng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena. Kana o ka nna wa nna le maikutlo a bobaba ka mmaago fa e le gore o ile a itlhokomolosa tsela eo eo o ileng wa sotlwa ka yone kana ka go bo mo go ene go ile ga nna fela jaaka ekete ga go a diragala sepe kana ka go bo a ile a galefa fa a sena go itse ka go sotlwa goo ga gago. “Mmè o ne a mpolelela gore ke ne ke tshwanetse gore ke nne bonolo [mo go rre],” mosadi mongwe o gakologelwa jalo ka pelo e e botlhoko.
Ke ga tlholego fela gore motho a galefe fa a ile a sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nae. Lefa go ntse jalo, go ka diragala gore lelapa la lona e bo e le le le bopaganeng thata, ebile o ka nna wa se ka wa batla gore o kgaotse gotlhelele go tlhola o kopana le batsadi ba gago. Ebile o ka nna wa rata le eleng go akanya ka go rarabolola bothata jono le bone. Lefa go ntse jalo, dilo di le dintsi di tla ikaega ka maemo. Ka dinako tse dingwe batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba a tle ba itshwarele batsadi ba bone kwantle ga go dikadika—e se gore ba dumalana le go sotlwa goo, mme lefa go ntse jalo e le ka ntlha ya gore ba sa batle go fekeediwa ke go ba tenegela kana ke go ba boifa. Bangwe ka go bo ba rata go tila kgotlhang e e makgwakgwa, ba kgotsofalela go ‘akanya ka seno mo dipelong tsa bone’ mme ba lebale ka sone.—Pesalema 4:4, NW.
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa simolola go ikutlwa gore o ka kgona go rarabolola mathata ano ka go buisana le batsadi ba gago kaga go sotlwa goo ga gago—o buisana le bone ka bowena, ka founo, kana ka go ba kwalela lekwalo. (Bapisa Mathaio 18:15.) Fa e le gore o ikutlwa jalo, tlhomamisega gore o fodile ka mo go lekaneng—kana gore bobotlana o nonofile ka mo go lekaneng—go ka kgona go itshokela go rakana le nko di aboga goo go ka nnang ga runya. Ereka go jana ka meno go se kitla go rarabolola sepe, leka go bua o nitame mme lefa go ntse jalo o wetse makgwafo. (Diane 29:11) O ka nna wa simolola ka go bolela gore (1) go diragetseng, (2) kafa go go amileng ka gone, le gore (3) jaanong o lebeletse eng go tswa mo go bone (se se ntseng jaaka gore ba kope maitshwarelo, ba duele akhaonto ya ngaka, kana gore ba fetole boitsholo jono). Go ba bolelela bothata jono go ka nna ga go thusa gore bobotlana o lelekele kgakala go tshwenngwa ke go ikutlwa gore ga o kgone go dira sepe ka bothata jono. Mme ebile go ka nna ga dira gore go kgonege gore o nne le kamano gape le batsadi ba gago.
Ka sekai, rraago a ka nna a dumalana gore ee o ne a lala le wena, a dira jalo a bontsha kafa a tshwentsweng thata ka gone ke selo seno se se sa siamang seo a se dirileng. Gape a ka nna a tswa a itekile ka bojotlhe gore a fetoge, gongwe ka go batla kalafi ya go alafa go tshwakgolwa ke nnotagi kana ka go batla gore a tshwarelwe thuto ya Bibela. Mmè wa gago le ene ka mo go tshwanang a ka nna a go kopa gore o mo itshwarele ka go bo a se kile a go sireletsa. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga felela ka gore lo boele lo utlwane ka botlalo. Lefa go ntse jalo, o se ka wa gakgamala fa o ikutlwa o santse o sa tlhomamisege ka batsadi ba gago ebile o sa eletse go potlakela go nna le kamano e e atamalaneng le bone. Lefa go ntse jalo, bobotlana o ka nna wa simolola gape go dirisana sentle le bone mo lelapeng.
Kafa letlhakoreng le lengwe, e ka nna ya re fa o itebaganya le motho yoo o ileng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena yoo seo sa dira gore a se ka a go kgathalela le go go gobolola mo go seng kana ka sepe mme maloko a mangwe a lelapa le one a dira fela jalo. Se se maswe le go feta seo, o ka nna wa fitlhela gore o santse a go tshosetsa ka mokgwa ono. Ka gone ga go kitla go tshwanela gore o mo itshwarele, ebile go ka nna ga se ka ga kgonega gore o nne le kamano e e atamalaneng le ene.—Bapisa Pesalema 139:21.
Go sa kgathalesege gore go diragalang, go ka nna ga tsaya lobaka lo loleele pele go utlwa botlhoko ga gago mo maikutlong go kokobela. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o nne o ikgakolole gangwe le gape gore Modimo ke one e tlaareng labofelo a dire tshiamiso. (Baroma 12:19) Go buisana le motho yo o tla go reetsang le go go gomotsa kana le eleng go ntsha se se mo mafatlheng a gago ka go kwala le gone go ka nna ga go thusa gore o fokotse bogale. O ka kgona go tlhaloganya se se bakang bogale jwa gago mme wa bo fenya ka thuso ya Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, go utlwa botlhoko mo maikutlong ga go kitla go tlhola go laola tsela eo o akanyang ka yone.—Bapisa Pesalema 119:133, NW.
Go Fola mo Semoyeng
Ga go na sebaka se se lekaneng mo makasineng ono sa go ka tlotla ka dikgang tsotlhe tse di amanang le maikutlo, boitsholo, le bomoya tse di kopanyelediwang mo go seno. Se re ka se buang fela ke gore o ka kgona go dira go le gontsi gore o fole ka bonako ka “go fetola mogopolo wa gago” o thusiwa ke Lefoko la Modimo. (Baroma 12:2) ‘Gagamalela dilo tse di kwa pele,’ o tlatse botshelo jwa gago ka dikgopolo tsa semoya mmogo le ka ditiro tsa semoya.—Bafilipi 3:13; 4:8, 9.
Ka sekai, batho ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba gomotsega thata ka go bala fela Dipesalema tsotlhe. Lefa go ntse jalo, ba solegelwa molemo le eleng go feta moo ka go dirisa melaometheo ya Bibela. Fa nako e ntse e tsamaya mathata a lenyalo a ka nna a kokobela. (Baefesia 5:21-33) Boitsholo jo bo nang le diphelelo tse di bosula bo ka fela. (1 Bakorintha 6:9-11) Maikutlo a a seng phepa a go tlhakanela dikobo a ka fola. (Diane 5:15-20; 1 Bakorintha 7:1-5) Ebile gape o ka ithuta go nna tekatekano mo dikamanong tsa gago ka namana le batho ba bangwe le go aga melelwane e e tiileng tota ya boitsholo.—Bafilipi 2:4; 1 Bathesalonia 4:11.
Tlhomamisega kaga seno: Go fola go tlhoka gore o ititeye sehuba eletota le gore o iteke ka thata! Mme lefa go ntse jalo Pesalema 126:5 e re tlhomamisetsa jaana: “Ba ba yalañ ka dikeledi ba tla rōba ka boitumèlō.” Gape, gakologelwa gore Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa, o batla gore o nne le pholo e e molemo. O “gauhi le ba ba pelo e phatlogileñ, o boloka ba ba mōea o o ñomogileñ.” (Pesalema 34:18) Mongwe yo o ileng a sotlwa ka tsela eno o bolela jaana: “Erile fa kgabagare ke lemoga gore Jehofa o ne a itse kaga boikutlo bongwe le bongwe jo ke neng ke na najo le gore o ne a amega ka nna—a amega eletota—he kgabagare ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ka fa gare.”
Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa, ga a tlamele batho ka kagiso ya mogopolo fela go na le se sengwe seo a tlamelang ka sone. O solofetsa lefatshe le lesha la tshiamo, koo a tla dirang gore o lebale gotlhegotlhe ka botlhoko jono jwa fa o ne o santse o le ngwana. (Tshenolō 21:3, 4; bona gape le Isaia 65:17.) Tsholofelo eno e ka go tshegetsa ya ba ya go nonotsha jaaka fa o ntse o ela go fola ka botlalo.
-