Boemo jwa Basadi jo bo Tokafaditsweng mo Metlheng ya Segompieno
BOGOLOGOLO ka 1906 Czar Nicholas wa Russia o ne a amogela kopo e e tswang kwa basading ba batlhoki mo Russia eo, gareng ga dilo tse dingwe, e neng e re:
“Mo dingwageng di le dintsi setlhopha sa basadi ba batlhoki ba tshedile ba sena ditshwanelo dipe ka gope. . . . Le gone ga re tsewe lefa e le jaaka batho, mme re tsewa fela jaaka diphologolo tse di rwalang morwalo. Re batla go rutiwa go bala le go kwala; re batla gore bana ba rona ba basetsana ba neelwe didirisiwa tsa go ithuta jaaka bana ba rona ba basimane. . . . Re itse gore ga rena kitso epe, mme ga se molato wa rona.”
Boemo jo bo hutsafatsang joo bo farologanye fela thata le kafa Bibela e tlhalosang mosadi yo o senatla yo o tlotlegang ka teng, e mmaya jaaka sekao se se tshwanetseng go ediwa le go bakiwa. (Diane 31:10-31) Lefa go ntse jalo, tlhaloso eo ya Russia e bontsha boammaaruri jo bo papametseng jo bo kwadilweng bogologolo mo Bibeleng ke Kgosi Solomone yo o botlhale jwa go re: “Go na le motlha ouō [monna] o nañ le thata mo go eo moñwe ka ōna go [mo utlwisa] botlhoko.” (Moreri 8:9) Go utlwisa botlhoko ruri ga go ame banna fela. Temana eo e ka nna ya atolosediwa mo go reng e raya gore: ‘Go na le motlha oo banna ba nang le thata mo banneng ba bangwe le basadi ka ona go ba utlwisa botlhoko.’ Mme abo go na le phetogo jang ne mo boemong jwa basadi, jaaka seemo sa kwa Russia se supa!
Gompieno, “bontsi jwa dingaka le barutabana ba Sowiet ke basadi. Palo ya basadi e ka nna bobedi-borarong jwa palo yotlhe ya bora-itsholelo le go feta sephatlo sa badiri ba tsa ngwao. Masome a mane mo lekgolong a bao ba berekang mo go tsa boranyane ke basadi . . . Mo basading bangwe le bangwe ba ba sekete ba ba dirisanang le itsholelo ya morafe, ba le 862 ba na le thuto e kgolwane kana e e fa gare (ba e weditse kana ba sa e wetsa).”—Women in the USSR.
Basadi mo Bopolotiking
Se se simologileng mo Russia se diragetse ka selekanyo se se golwane kana se se botlana mo mafatsheng a mangwe a mantsi. Morafe wa ntlha go neela basadi tshwanelo ya go tlhopha e ne e le wa New Zealand, bogologolo ka 1893. Magareng a 1917 le 1920, ba ne ba neelwa tshwanelo eo mo Russia, Great Britain, United States, le Canada. Mo Switzerland ba ne ba tshwanelwa go leta go fitlhela ka 1971, lemororo basadi ba Switzerland ba ne ba ka nna le maemo a bopolotiki.
Gompieno, basadi ga ba tlhophe fela mme ebile ba lwela maemo a bopolotiki le banna. lseraele e kile ya nna le tona-kgolo ya mosadi, ebong Golda Meir, mme go ne go ntse jalo le ka India, e ne e le Indira Gandhi. Bosheng thata jaana, basadi ba tlhophilwe jaaka ditona-kgolo mo Great Britain le Yugoslaviaa. Mo mapalamenteng a Russia, ba ba 492, kana magareng a 30 le 40 lekgolong, ke basadi. Jaanong go na le mosadi yo o leng leloko la Lekgotla le Legolo la U.S., mme mo go tlhabaneleng bo-tautona ga 1984, e ne ya nna lantlha mosadi a neng a nna mongwe wa batlhabanedi ba mothusa-tautona wa phathi e kgolo ya sepolotiki. Kwa Fora, basadi ba mo ditirong tse 15 lekgolong tsa matona a puso.
Basadi mo Tirong
Mo boemong jwa matshwao a a balegang ka go re “Banna ba mo Tirong,” a mantsi mo United States jaanong a balega ka go re “Batho ba mo Tirong.” Ka ntlhayang? Ka baka la go fetoga ga boemo jwa basadi mo lephateng la tsa itsholelo. Palo ya basadi ba ba dirang tiro ya boitshediso e menagane sebedi mo dingwageng tse 25 tse di fetileng. Bogologolo ka 1970 basadi ba ne ba le mo ditirong tse 27 lekgolong tsa diofisi; dingwaga tse 14 morago ga moo, basadi ba ne ba le mo go 65 lekgolong ya tsone. Mo go bangwe, go bereka ke tlhokafalo ya itsholelo; mo go ba bangwe, ke se ba se ratang fela. Mo mafelong mangwe, dituelo tsa banna le basadi ba ba dirang ditiro tse di tshwanang di atamela go leka-lekana ka iketlo.
Mo Thutong, mo Ditsong, le mo Bodumeding
Basadi mo e ka nnang mo lefatsheng ka bophara ba dirile kgatelo-pele e e kgatlhisang malebana le thuto. Palo ya basadi mo dikoleng e oketsegile go tloga go dimilione tse 95 ka 1950 go ya go dimilione tse 390 ka 1985. Dingwaga tse 25 tse di fetileng, palo ya basadi ba ba sa itseng go bala le go kwala e ne e feta ya banna ba ba ntseng jalo gabedi mo Spain. Ka 1983 seemo seo se ne se tokafetse mo eleng gore 30 lekgolong ya baithuti ba kholetšhe e ne e le basadi. Women in Britain e bega “koketsego e kgolo mo palong ya baithuti ba Unibesithi ba basadi ba nako e e tletseng.”
Go kgabaganya dingwaga, basadi ba di gogile kwa pele mo lephateng la mmino jaaka baopedi ba ba nosi, ba opela ka mantswe le ka diletso. Mme kwa United States pele ga 1935, basadi bape fela ba ba neng ba le mo setlhopheng sa baopedi ba diletso e ne e le ba ba opelang ka harepa, boemo joo banna ba neng ba lebega ba bo tila. Phapaanong le seo, gompieno 40 lekgolong ya bao ba leng mo setlhopheng sa baopedi ba diletso ba ba opelelang ba mo mafelong a magolo, a kgaolo, le a metse-megolo ke basadi.
Go nnile le koketsego e e tshwanang mo lephateng la bodumedi. Basadi ba bantsi ba ikwadisitse mo dikoleng tsa boruti, mo eleng gore mo United States go tswa go 29 go ya go 52 lekgolong ya baithuti ba go nna jalo ke basadi. Basadi ba rera ba eme mo diraleng, mme gape go na le baruti ba Sejuda ba sesadi. Baruti ba Sweden ba le 11 lekgolong ke basadi, gape go na le baruti ba sesadi ba kereke ya Anglican mo mafatsheng a Botlhaba. The New York Times (February 16, 1987) e ne ya re “go na le basadi ba le 968 ba ba tlhomamisitsweng mo Kerekeng ya Episcopal.”
Ka Phelelo Efe?
Jalo ga go kake ga ganediwa gore seemo sa basadi se fetogile fela thata mo metlheng ya bosheng. O ka tswa o iponetse kana o ikutlwetse ka bowena diphetogo tseno. Mme go tshwanetse ga bodiwa potso e e reng: A diphetogo tseno tsotlhe e nnile masego a a senang mathata?