Boemo jwa Basadi jo bo Tokafaditsweng—A Ke Lesego le le Nang le Mathata?
“KAKAKARETSO, basadi ba dingwaga tsa bo-1980 ba rutegile botoka, ba na le botsogo jo bo botoka, ba tshela matshelo a maleejana, a a tletseng.” Ka ma- foko ao, makasine mongwe o ne wa konela kgang ya one ya setlhogo se se reng: “Kafa re Neng re Ntse ka Teng; kafa re Leng ka Teng Gompieno.” A mme go ka tswa e le gore boemo jwa basadi jo bo tokafaditsweng tota e nnile lesego le le nang le mathata ka baka la ditlamorago tsa lone?
Kafa bo Amang Lenyalo le Lelapa ka Teng
Ka sekai, go na le thulano e e tlwaelegileng gareng ga botshelo jwa lelapa jo bo siameng le go lelekisa tsela ya boitshediso. Pego nngwe e ne ya tlhalosa jaana: “Basadi ba badiri ba maemo ba ka nna ba retelelwa thata ke go baya kwa pele botshelo jwa lelapa la bone mo go sa tshwaneng le balekane ba bone ba banna, mme matshosetsi a go tlhalwa ga bone a menagane sebedi.” O ka nna wa ipotsa gore ka ntlhayang Moporofesa wa tsamaiso kwa Unibesithing ya Oalifornia State o tlhalosa jaana: “Banna ba tsaya tikologo ya legae la bone jaaka thulaganyo e e tshegetsang, fa basadi bone ba e tsaya jaaka mokgweleo fela. Lekau le tla gae le bo le ikhutsa; ke sone se a ntseng a se berekela. Mme mo basading go raya tiro e nngwe e e oketsegileng.”
Seno ga se dire fela mo badiring ba maemo a a kwa godimo. Basadi ba Russia ba berekile sebaka se seleele go feta basadi ba mafatshe a Bophirima. Ba santse ba tsaya go dira tiro ka botlalo le go tlhokomela lelapa jaaka mokgweleo. Morulaganyi wa Russia wa Working Woman a re: “Basadi ke pinagare ya lelapa mme ba tshwanetse go nna le botshelo gore ba dire tikologo e e nang le botshelo le lorato.” Jalo ba lebana le merwalo e mebedi, fa bontsi jwa banna ba bone ba retelelwa ke go ba thusa ditiro tsa mo gae.
Se sengwe se se bakang thulano se supiwa ke mongwe wa basadi ba ba atlegileng ba Wall Street. O ikgantsha ka go re: “Mo go nna tiro ke boitloso-bodutu,” mme o oketsa ka go re, “Ke rata se ke se dirang, gape ke letlelela dilo di sekae fela go nkgoreletsa”—le eleng tsa ba lelapa la gagwe. Go tshela sentle ga bone go ikaegile ka monna wa gagwe yo o tlhokomelang bana ba bone ba babedi, lemororo a le rakgwebo. Ditsala tsa gagwe di tlhalosa kgatlhego ya gagwe e e feteletseng jaaka “e ka phepafalo e sa siamelang dikamano tsa lelapa.”
Go ntse fela jalo le ka mongwe wa ditona-kgolo tsa bosheng. Ba lelapa la gagwe ga ba tlhokomelesege sentle ka baka la dikeletso tsa gagwe tsa bopolotiki. Fa bana ba gagwe ba ne ba gola, gantsi ba ne ba nna kwa legaeng la ga maloma-a-bone ka gonne, re bolelelwa gore, “sengwe sa dilo tse ba neng [ba] di rata thata e ne e le fela go nna fa fatshe baa ja ba le lelapa, selo se go neng go seke go nna motlhofo go se rulaganyetsa” kwa legaeng la bone.
Mo potsolotsong ya bosheng ya badiri ba maemo ba sesadi ba bane ba Yuropa, mongwe wa bone o ne a bolela gore morwadie wa dingwaga tse 12 o ne a godisiwa mo e ka nnang gotlhelele ke monna wa gagwe. Modiri yo mongwe wa maemo o ne a bolela gore o ne a kgona go tlhokomela bana ba gagwe fela ka mafelo-beke. Go ya ka dipego tsa dikgang, bareetsi ba ne ba lemoga gore ba bararo ba basadi bano ba ne ba na le tshekamelo ya go tlhaela boikutlo jwa setho.
Legale, basadi bangwe ba dira ditiro tsa boitshediso ka go tlhoka tota, gongwe ka baka la go bo monna a sule kana a tlogetse lelapa. Jalo mo basading bano, go kgona go bona tiro e ka nna lesego ka ntlha e nngwe, mme ba rata kana ba sa rate, ba tshwanetse go emelelana le maemo a a sa siamang.
Diphelelo tse di sa Siamang
Gore boemo jwa basadi jo bo fetogileng e nnile lesego le le nang le mathata go phepafadiwa ke phelelo e e tlwaelegileng ya fa basadi ba gaisa banna ba bone mo go nneng le maemo kana boemo jwa thutego. Go ya ka batlhatlhobi, tshekamelo eno “e nna ntlha ya botlhokwa le e e lemotshegang mo bontsing jwa manyalo.” Ngongorego eno ya monna mongwe e supa seo: “Ke itse gore mo mogopolong wa me ke mo akgolela katlego ya gagwe. Mme mo boikutlong jwa me ga go njese monate. Ke ikutlwa ke tlogelwa. Mme ke ipona molato ka go bo ke sa itumela mo go kalo.” Fa gompieno banyalani ka bobedi ba Bakeresete ba tshwanelwa ke go bereka, puisano e e lorato le kakanyetso di ka thusa go fokotsa maikutlo le diphelelo tse di sa siamang tseo.—1 Petere 4:8.
Ntlha e nngwe e e supang gore kgatelo-pele e e dirwang ke basadi ke lesego le le nang le mathata ke kgatelelo e bontsi jwa ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi ba e bayang mo go se se ba solegelang molemo fela. The Coming Matriarchy e lebisa nakong ya fa lefatshe le tla bong le busiwa ke basadi ba ba digagapa le ba ba botsang ka gore, “Go ntsholegela molemo ka eng?” Ka mo go kgatlhisang, mosadi wa modira-madi yo o atlegileng yo go builweng ka ene pelenyana o ne a bua fela se se batlileng se tshwana le seo; o ne a sa kgatlhegele go thusa ba bangwe go tokafala mo botshelong kwantle ga fa a ne a tla nna le poelo nngwe. O ne a dumela ka go re: “Ke rata gore ka metlha ke bo ke boelwa ke sengwe.” Moo go botlhale go le kana kang, ponong ya kgakololo ya ga Jesu. Mo Therong ya mo Thabeng o ne a re: “Ka metlha dirisanang le batho jaaka lo ka rata ba dirisana le lona.” “Se tshwenyegeng ka tsa ka moso, gonne ka moso go tla nna le ditlhobaelo tsa gona.” (Mathaio 7:12; 6:34, American Translation) Tota, basadi ba Bakeresete ba lekela go boloka pono ya ga Jesu mo dikgannyeng tsa go nna jalo.
A Boitsholo jwa Bibela bo ka Itlhokomolosiwa?
Kwantle ga pelaelo ntlha e e sa siamang ya boemo jwa basadi jo bo fetogileng ke go nyelela ga mosola wa boitsholo jo bontle. Go umakiwa ga Modimo le bodumedi ga batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi go a welwa mme gantsi ya bo e le go nyatsa fela. Basadi ba ba busetsang nako ya go nyalwa kwa morago ka baka la mekgele ya bone ya boitshediso gantsi ba tsaya gore lenyalo ga le tlhokafale pele ga go nna le dikamano tsa dikobo.
Tshekamelo e e sa siamang ya mokgatlho wa batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi ke go ema nokeng ga one bosodoma jwa sesadi. Ka 1971 pokano ya ngwaga le ngwaga ya NOW (Lekgotla la Merafeyotlhe la Basadi) e ne ya dira tshwetso jaana: “Gore NOW e lemoga kgatelelo e e menaganeng sebedi ya basadi ba eleng basodoma, Gore tshwanelo ya mosadi mo mmeleng wa gagwe e akareletsa tshwanelo ya go bolela le go supa tlhakanelo-dikobo e a e ratang le go ikgethela mokgwa wa gagwe wa botshelo, Gore NOW e itsise fa kgatelelo ya basodoma ba basadi e le selo se batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi ba amegileng ka sone ka tshwanelo.” Lefa go le jalo, bapisa katlholo ya Modimo mo go Baroma 1:26, 27. Se gantsi se tsamaisanang le pono ya batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi ya bosodoma jwa sesadi ke go amogela ga bone go batla go senya dimpa. Moporofesa wa molao wa Yunibesithi ya Tulane ebong Billups Percy o ne a tlhalosa sentle a re: “Go tsaya go senngwa ga leseanyana jaaka tiro nngwe fela ya karo ke go tlhokomologa se se sa bolong go tsewa e le se se sa siamang kafa molaong, kafa bodumeding le go ya ka se se itseweng e le boitsholo jo bontle.”
Pego nngwe e bolela gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng bokebekwa jo bo masisi jo bo dirwang ke basadi bo oketsegile ka bofefo fela thata go feta jwa banna. Magareng a 1974 le 1979, palo ya basadi ba United States ba ba neng ba tshwarelwa go utswa ka tsietso e ne ya oketsega ka mo e ka nnang 50 lekgolong, mme mo banneng koketsego e ne e le 13 lekgolong fela. Go ntswa ga basadi le gone go oketsegile ka mo e ka nnang 50 lekgolong mme ga banna go oketsegile ka 1.5 lekgolong fela. Go tshwarelwa go utswa ka leina la motho o sele le go tsietsa gareng ga basadi go oketsegile ka 27.7 lekgolong mme gareng ga banna go oketsegile ka selekanyo se se kafa tlase ga 10 lekgolong J aaka go bonala boemo jo bo fetogileng jwa basadi ga bo a felela ka boitumelo jo bo tletseng.
Go gogiwa ga motsoko le gone go oketsegile gareng ga basadi. Kankere ya makgwafo e e bakiwang ke go goga motsoko e tseela kankere ya mabele boemo jaaka mmolai yo mogolo mo basading ba ba bolawang ke kankere. Mo ngwageng mongwe wa bosheng e bolaile 25 lekgolong ya basadi botlhe ba ba bolailweng ke kankere mme e oketsega ka selekanyo sa 7 lekgolong ngwaga le ngwaga.
Isagwe e e Kgotsofatsang—Jang?
A tiro kana mokgele wa boitshediso o ka neela basadi ba bantsi kgotsofalo e e tletseng mo botshelong? Ga go lebege go ntse jalo, jaaka ba bantsi go ya pele ba itemogela. Hilary Cosell, mokwadi wa Woman on a Seesaw: The Ups and Downs of Making It, o ne a bua ka bothata jono mo setlhogong sengwe, a botsa ka go re: “Fa basadi ba ne ba fositse pele mo ntlheng ya lenyalo le ya go tshola bana le ya bommalelapa, a ba ka tswa ba fosa gape mo ntlheng ya go dira ditiro tsa thutego e kgolo, mokgele wa boitshedisele katlego?” O botsa gape ka go re: “A tota re ka dira sengwe le sengwe se bommaarona ba neng ba se dira, le sengwe le sengwe se borraarona ba neng ba se dira ka nako e le nngwefela?”
Ka mo go tshwanang, mo go The Cost of Loving, Megan Marshall o ne a tlhalosa gore “se se lebegang e le go kgona tiro ya thutego e kgolo go sira go sekae fela matlhoko a mo sephiring: eleng go swabisiwa ke baratiwa, tlhaka-tlhakano e e sa kakeng ya tilwa, ditekeletso tsa bosodoma jwa sesadi, go senngwa ga dimpa, tlhalo le bodutu jo bogolo.” O bolela kafa mokgatlho wa basadi o simolotseng “Tlhamane ya Boipuso” ka teng, mme mo go ba bantsi, seno ga se kgonege.
Marshall o konela ka gore “re tshwanetse go dumela mo loratong lwa nako e telele leo le babalelwang ke lenyalo le le duleng diatla,” gore “motho ka boene o ka seka a tshela a le nosi,” le gore “re tshwanetse go batla ba bangwe go ba tlhokomela, le bao ba tla re tlhokomelang.” Seno se gakolola mafoko a Morutisi yo mogolo yo o kileng a nna teng mo lefatsheng, ebong Jesu Keresete. “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
Ka boammaaruri, batho ba na le go feteletsa dilo mo matlhakoreng oo-mabedi. Gore boemo jwa basadi ba segompieno jo bo tokafaditsweng ga se lesego le le senang mathata go gatelela mafoko a ga moperofeti Jeremia a a reng: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Fa basadi ba Bakeresete ba itse diphetogo tse di diragetseng (tse di nang le masego le mathata), ba ka anaanela botoka mosola wa go latela kgakololo ya Modimo. Boitemogelo bo bontshitse gore e “eletsèga bogolo go gouda.” ‘Mo go e tshegetseng go na le tuelo e kgolo.’—Pesalema 19:7-11.