LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 7/8 ts. 3-4
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Gompieno?
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?
    Tsogang!—1992
  • Boemo jwa Basadi jo bo Tokafaditsweng mo Metlheng ya Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Isagwe e Tsholetse Basadi Eng?
    Tsogang!—1998
  • Modimo o Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 7/8 ts. 3-4

Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Gompieno?

Ke KA ntlha yang fa potso eno e ka bodiwa le go bodiwa tota? Go ka botsa jalo banna bangwe ka go gakgamala. Mme lefa go ntse jalo fa re tlhatlhoba ka tsela eo basadi ba ileng ba tshwarwa ka gona go ralala hisitori yotlhe, le ka moo ba tshwarwang ka gona jaanong lefatshe ka bophara, dipotso di le mmalwa di ka re thusa go bona lesedinyana la karabo ya potso eno.

Mo dikamanong tsa batho, ke bomang bao segolobogolo e ileng ya nna bone batswasetlhabelo mme ke bomang bao e ileng ya nna bone ba gatelelang? Ke bomang ba ba ileng ba itewa mo lenyalong? A ke basimane kana ke basetsana? Ke bomang ba ba ileng ba betelelwa ka dinako tsa fa maemo a ritibetse fela le ka dinako tsa dintwa? Ke bomang bao e ileng ya nna bona batswasetlhabelobagolo ba go gobololwa mo go tsa tlhakanelodikobo ba sa le babotlana? A ke banna kana ke basadi? Ke bomang bao e ileng ya nna bona ba kaiwang ke melao e e tlhomilweng ke banna gore ke baagi ba maemo a a kwa tlase? Ke bomang bao ba ileng ba tingwa tshwanelo ya go tlhopha? Ke bomang bao ba ileng ba neelwa ditshiamelo tse eseng tsa sepe fela tsa go rutega? A ke banna kana ke basadi?

Re ka tswelela re botsa dipotso tseno re sa kgaotse, mme gone mabaka a a itlhalosa. Mo bukeng ya gagwe e e reng May You Be the Mother of a Hundred Sons, Elisabeth Bumiller o kwala jaana a lebisitse mo maitemogelong a gagwe a kwa India: “Mosadi fela ‘yo o tlwaelegileng’ wa Moindia, yo o emelang mo e ka nnang 75 lekgolong ya dimilione tse di makgolo a mane tsa basadi le bana ba basetsana kwa India, o nna fela mo motseng. . . . Ga a kgone go buisa lefa e le go kwala, ntswa gone a ne a ka rata go go itse, gape e ka tswa e le ka sewelo fela a kileng a tsaya loeto lwa [dikilometara tse 30] go tswa mo lefelong leo a tsaletsweng kwa go lona.” Go sa lekalekaneng gono mo go tsa thuto ga se bothata joo bo fitlhelwang kwa India fela mme ke bothata joo bo aparetseng lefatshe lotlhe.

Kwa Japane, fela jaaka go ntse mo mafatsheng a mangwe a mantsi, pharologano e sa ntse e le teng. Go ya ka The Asahi Yearbook ya 1991, palo ya basimane ba ba dirang dithuto tse di tsayang dingwaga tse nne kwa yunibesithing ke 1 460 000 fa ya basetsana yone e le 600 000. Kwantle ga pelaelo basadi go ralala lefatshe lotlhe ba ka neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ba ile ba neelwa ditshiamelo tse dinnye fela mo lephateng la tsa thuto. Ba ile ba tshwanelwa ke go lebagana le kgopolo ya gore ‘thuto ke ya basimane fela.’

Mo bukeng ya gagwe ya bosheng jaana e go tweng Backlash—The Undeclared War Against American Women, Susan Faludi o botsa dipotso tse di opang kgomo lenaka tseo di leng malebana le maemo a basadi kwa United States. “Fa e le gore basadi ba Amerika ba lekalekana le banna, ke goreng fa e le bone bao ba bopang peditharong ya bagodi botlhe ba ba humanegileng? . . . Ke goreng e le bone bao gantsi ba nnang mo matlong a maemo a a kwa tlase go na le banna mme ba sa neelwe inshorense ya tsa pholo, ebile go ka nna ga diragala thata gore ba se ke ba bona ditshiamelo tsa phenšene?”

Ke basadi bao segolobogolo e ileng ya nna bone ba bogang setlhogo go gaisa banna. Ke bone bao e ileng ya nna batswasetlhabelo ba go ntshiwa seriti, go tlhapatswa, go gobololwa mo go tsa tlhakanelo dikobo, le go tlontlololwa ke banna. Go sa tshwarweng sentle gono ga basadi ga se selo seo se fitlhelwang fela kwa dinageng tse go tweng ke dinaga tse di tlhabologang. U.S. Senate Judiciary Committee e ne ya re bosheng jaana ya kgobokanya pego eo e leng malebana le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi. E ile ya tlhagisa dintlha dingwe tseo di tshosang. “Mo metsotsong mengwe le mengwe e 6, mosadi oa betelelwa; mo metsotswaneng mengwe le mengwe e 15, mosadi oa itewa. . . . Ga go na mosadi ope mo nageng eno yo o sireletsegileng go tswa mo tirisodikgokeng. Mo basading ba Amerika bao ba tshelang gompieno, ba le bararo mo go ba bane e ka nna batswasetlhabelo ba bonnyane tirisodikgoka e le nngwe.” Mo ngwageng e le nngwe fela, basadi ba le dimilione tse tharo go ya go tse nne ba ile ba gobololwa ke banna ba bone. Ke seemo seno se se tsitsibanyang mmele seo se neng sa dira gore go tlhongwe Molao wa Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi wa ka 1990.—Pego ya Senate, The Violence Against Women Act of 1990.

A jaanong re tlhatlhobeng maemo mangwe ao mo go one basadi ba ileng ba tshwanelwa ke go itshokela go sa neelweng tlotlo ke banna go ralala lefatshe lotlhe. Morago ga moo, mo ditlhogong tse pedi tsa bofelo tsa motseletsele ono wa ditlhogo re tlotle ka tsela eo go tlotlana mmogo go banna le basadi go ka bontshiwang ka gone mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela