Go Senyaka Dikgwa Tsa Pula
POLANETE ya rona e kile ya bo e adilwe phate e kgolo e tala. E ne e tletse ka ditlhare tsa mefutafuta e bile e elela dinoka tse dikgolo.
E ne e tletse ka dilo tse dintle le tsa mefutafuta e ntse jaaka tshingwana e kgolo. Halofo ya mefuta yotlhe ya diphologolo, dinonyane le ditshenekegi tsa lefatshe lotlhe di ne di nna moo. Le fa gone e ne e le karolo e e tletseng ka dilo tsa mefutafuta go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, gape e ne e le bokoa—e le bokoa go gaisa kafa ope a neng a ka akanya ka gone.
Dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi, jaaka re di bitsa gompieno, di ne di lebega di boitshega—e bile di lebega di ka se senyege. Mme go ne go sa nna jalo. Dikgwa tsa pula di ne tsa simolola go nyelela kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean. Ka 1671—dingwaga di ka nna lesome pele ga nonyane ya dodo e nyelela gotlhelele—ke fa dipolantasi tsa sukiri di setse di komeditse sekgwa sa kwa Barbados.a Ditlhaketlhake tse dingwe tsa karolo eo le tsone di ne tsa diragalelwa ke se se tshwanang, e le masimologo fela a bothata jo bo neng bo tlile go aparela lefatshe lotlhe jo bo neng jwa oketsega thata mo lekgolong la bo20 la dingwaga.
Gompieno dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi di apesitse diperesente di le 5 fela tsa lefatshe, fa go bapisiwa le diperesente di le 12 tse di neng di di apesitse mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Mme ngwaga le ngwaga karolo ya sekgwa e e fetang Engelane ka bogolo kana ya disekwerekilometara di le 130 000 e a rengwa kgotsa e jewa ka molelo. Selekanyo seno se se boitshegang se dikgwa tseno tsa pula di ripitlwang ka sone se dira gore di tloge di nyelele—go akaretsa le ditshedi tse di nnang mo go tsone—fela jaaka go diragetse ka dodo. Philip Fearnside, mmatlisisi wa sekgwa sa pula sa kwa Brazil o tlhagisa jaana: “Ga go na ope yo o ka tlhomamisang gore sekgwa seno se tla nyelela gotlhelele ka ngwaga ofe, le fa go ntse jalo, fa fela dilo di sa fetolwe, sekgwa seno se tla nyelela.” Diana Jean Schemo o ne a bega jaana ngogola ka October: “Tshedimosetso mo dibekeng tsa bosheng jaana e bontsha gore molelo o o tukang mo Brazil monongwaga, o mogolo go gaisa o o neng wa tuka kwa Indonesia, o o neng wa dira gore ditoropokgolo tsa teng di hupediwe ke mosi o o neng wa anamela kwa dinageng tse dingwe. . . . Go ya ka tshedimosetso ya satelaete, melelo ya kwa karolong ya Amazon e oketsegile ka diperesente di le 28 go feta ngogola, mme dipalopalo tsa 1994 tse e leng tsone tsa bosheng go gaisa tsotlhe tse re nang le tsone tse di malebana le go kgaolwa ga dikgwa, di bontsha koketsego ya diperesente di le 34 fa e sa le go tloga ka 1991.”
“Ditlhare Tse di Melang mo Sekakeng”
Ke ka ntlha yang fa dikgwa tsa pula, tse mo lekgolong la dingwaga le le fetileng di neng di santse di siame fela, di senyega ka bonako jaana? Dikgwa tsa mafelo a themperetšha e e magareng, tse di apesitseng diperesente di le 20 tsa boalo jwa lefatshe, ga di ise di fokodiwe go le kalo mo dingwageng di le 50 tse di fetileng. Ke eng se se dirang gore dikgwa tsa pula tsone di tlhaselwe thata jaana? Karabo e ikaegile ka tsela e di tlhomologileng thata ka yone.
Arnold Newman mo bukeng ya gagwe ya Tropical Rainforest, o bolela gore sekgwa sa pula se ile sa tlhalosiwa sentle go twe ke “ditlhare tse di melang mo sekakeng.” O tlhalosa gore mo dikarolong dingwe tsa lekadiba la Amazon le la Borneo, “selo se se gakgamatsang ke go re, dikgwa tse dikgolo di tlhogile le mo motlhabeng o mosweu tota.” Le fa gone bontsi jwa dikgwa tsa pula di ka nna tsa se ka tsa mela mo motlhabeng, mo e ka nnang tsotlhe fela di gola mo mmung o o sa nonang le o monnye wa fa godimo. Le fa gone mmu wa fa godimo wa dikgwa tsa mafelo a themperetšha e e magareng o ka nna boteng jwa dimetara tse pedi, wa dikgwa tsa pula one ga o ke o feta disentimetara tse tlhano. Go tla jang gore dimela tse dintle go gaisa tsotlhe mo lefatsheng di kgone go tlhoga mo mmung o o ntseng jalo o o sa nonang?
Borasaense ba ne ba ribolola karabo ya masaitseweng ano ka bo1960 le bo1970. Ba ile ba lemoga gore sekgwa se ikotla ka dijo ka bosone. Bontsi jwa dikotla tse dimela tseno di di tlhokang di di bona mo dikaleng le mo matlhareng a tsone a a welang fa fatshe a—ka ntlha ya mogote le bongola—makeke, methuthuntshwane le ditshedi tse dingwe di a dirang gore a bole. Ga go sepe se se itshenyegelang fela; gotlhe fela go dirisiwa sesha. Ka ntlha ya go fufula le go moafala go go diregang mo dikaleng tse di kwa godimo tsa ditlhare, sekgwa sa pula se kgona go dirisa sesha le e leng diperesente di le 75 tsa metsi a pula a se a bonang. Moragonyana maru a a bakiwang ke tiragalo eno a tla bo a bowa a nosetse sekgwa gape.
Le fa go ntse jalo, thulaganyo eno e e kgatlhang e na le fa e leng bokoanyana gone. Fa e ka gobadiwa thata, ga e kgone go bowa e ipaakanya. Fa o ka kgaola karolo e nnye fela ya sekgwa sa pula, e tla ipaakanya morago ga dingwaga di sekae; mme fa o ka khumola karolo e kgolo thata ya sone, e ka nna ya se ka ya tlhola e tlhoga gape. Dipula tse dikgolo di gogola dikotla, mme letsatsi le le mogote le gadika mmu o o fa godimo go fitlha kgabagare go tlhoga fela tlhaga e e thata.
Naga, Dikgong le Nama ya Kgomo
Mo dinageng tse di tlhabologang tse di tlhaelang ka naga ya temothuo, mafelo a tsone a magolo a dikgwa tsa pula a ne a lebega a siametse go ka senyakwa. Tharabololo eno ya ka “potlako” e ne e tla kgothaletsa batho ba maemo a a kwa tlase ba ba se nang naga gore ba ripitle dikarolo dingwe tsa sekgwa le go batla gore ba newe naga e e leng ya bone—e le kgang e e tshwanang le ya lefelo la bonno la bafaladi ba Bayuropa kwa Amerika Bophirima. Le fa go ntse jalo, matswela a gone e ne ya nna a a sa itumediseng mo sekgweng seno le mo baleming ka bobone.
Sekgwa sa pula se go tlhogang dilo tse dikgolo thata mo go sone se ka dira gore motho a akanye gore go ka tlhoga sengwe le sengwe mo go sone. Mme fa ditlhare tsa sone di setse di kgaotswe, tsholofelo ya gore go tla tlhoga dilo tse di nonneng e a nyelela. Mosadi mongwe wa Moafrika yo o bidiwang Victoria, yo o nang le setsha se sennye sa masimo se bosheng jaana lelapa la gagwe le sa tswang go se kopa se pele e neng e le sekgwa, o tlhalosa bothata.
“Ratsale o sa tswa go rema le go fisa sebata seno sa sekgwa e le gore ke jale manoko, cassava le dipanana mo go sone. Ke solofela gore monongwaga ke tla roba thobo e e itumedisang, le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse pedi kana tse tharo tse di tlang, mmu o tla bo o setse o lapile mme re tla tshwanelwa ke go rema sebata se sengwe gape. Ke tiro e e boima thata, le fa go ntse jalo ke yone fela tsela e re ka kgonang go itshedisa ka yone.”
Bobotlana go na le balemi ba le dimilione di le 200 ba ba tshelang ka go kgaola le go fisa sekgwa jaaka Victoria le lelapa la gagwe! Mme ke bone ba ba nang le seabe mo go khumoleng diperesente di le 60 tsa sekgwa sa pula ngwaga le ngwaga. Le fa balemi bano ba ba tlang ba fuduga ba ne ba ka rata mokgwa o o motlhofo wa go lema, ga go na se ba ka se dirang. E re ka ba kgaratlha go itshedisa, ba tsaya go ngomaela sekgwa sa pula e le botshelo jwa manobonobo jo ba ka se kang ba bo kgona.
Le fa balemi ba bangwe ba kgaola sekgwa ka ntlha ya go batla go jala, ba bangwe ba se kgaola ka ntlha ya go batla mafulo. Kwa dikgweng tsa pula tsa Amerika Borwa le Bogare, go rua dikgomo ke selo se sengwe se segolo se se bakang go kgaolwa ga dikgwa. Gantsi nama ya kgomo ya dikgomo tseno e felela e rometswe kwa Amerika Bokone koo diresetšhurente tsa teng di batlang nama ya kgomo e e tlhwatlhwatlase ka bontsi.
Le fa go ntse jalo, baruakgomo ba teng ba na le bothata jo bo tshwanang le jwa balemi ba teng. Mafulo a a tlhogang morago ga go sha ga sekgwa sa pula ga a kgone go tlamela dikgomo lobaka lo lo fetang dingwaga di le tlhano. Go fetola dikgwa tseno tsa pula gore e nne mafulo a dikgomo go ka solegela batho ba sekae fela molemo, le fa go ntse jalo, ruri eno ke tsela ya go tlhagisa dijo e e senyang go gaisa tsotlhe tse motho a di dirisitseng.b
Selo se sengwe se segolo se se senyang dikgwa tsa pula ke kgwebo ya dikgong. Ga se gore kgwebo ya dikgong ka boyone e senya dikgwa tsa pula. Dikhampani dingwe di rema mefuta e sekae fela ya dikgong tse di rekisiwang ka tsela e e dirang gore sekgwa se tlhoge gape. Le fa go ntse jalo peditharong ya disekwerekilometara di le 45 000 tsa sekgwa se dikhampani tsa legong di se kgaolang ka ngwaga di setse di se kgaotse dikgong thata jaana mo e leng gore ke setlhare se le 1 fela mo go di le 5 tsa sekgwa, se se kgonang go tlhoga se sa utlwa botlhoko.
Manuel Fidalgo, yo e leng moithutadimela o bua jaana ka khutsafalo: “Go nkutlwisa botlhoko tota fa ke bona sekgwa se sentle se senyakwa ka ntlha ya go rengwa ga dikgong go go sa laolweng. Le fa gone go le boammaaruri gore dimela le ditlhare tse dingwe di ka kgona go tlhoga mo lefelong le le kgaotsweng ditlhare, ditlhare tseo tse disha e nna sekgwa sa bobedi—se nna le mefuta e sekaenyana fela ya ditshedi. Go ka tsaya makgolokgolo a dingwaga kana le e leng diketekete tsa dingwaga gore sekgwa sa ntlhantlha se tlhoge gape.”
Dikhampani tse di remang dikgong gape di akofisa go senyega ga sekgwa ka ditsela tse dingwe. Baruakgomo le balemi ba tsena mo sekgweng ka ditsela tse di betlilweng ke baremi ba dikgong. Ka dinako tse dingwe mabebe a baremi ba logong ba a tlogelang a koame a kuketsa melelo ya dikgwa e e senyang sekgwa le e leng go gaisa ka tsela e baremi ba logong ba di kgaolang ka yone. Kwa Borneo, ka 1983 mongwe wa melelo eo o ne wa laila diheketara di le milione.
Ke Eng se se Dirwang go Sireletsa Sekgwa?
Ka ntlha ya dilo tseno tse di senyang, go dirwa maiteko a go leka go ngomaela dikgwa tse di setseng. Le fa go ntse jalo, tiro eno ga se kgetsi e potlana. Diphaka tsa setšhaba di ka sireletsa dikarolo tse dinnye tsa sekgwa sa pula, le fa go ntse jalo, go tsoma, go rema dikgong le go fisa sekgwa ga balemi go santse go tsweletse le mo teng ga bontsi jwa diphaka tseno. Dinaga tse di santseng di tlhabologa ga di na madi a a lekaneng go tlhokomela diphaka tseno tota.
Dikhampani tsa dinaga tse dingwe di kgona go raela dipuso tse di tlhaelang madi gore di di neye tetla ya go rema dikgong—e leng selo se kwa dinageng dingwe e leng sone fela se naga e kgonang go duela dikoloto tsa yone ka sone. Mme balemi ba ba dimilione ba ba tlang ba fuduga le bone ga go se ba ka se dirang fa e se fela go tsenelela kwa tengteng ga sekgwa sa pula.
Mo lefatsheng leno le le aparetsweng ke mathata a le mantsi, a go ngomaela dikgwa tsa pula go botlhokwa go le kalo? Re tla latlhegelwa ke eng fa di ka nyelela?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dodo e ne e le nonyane e kgolo, e kima, e e neng e sa kgone go fofa e e neng ya nyelela ka 1681.
b Ka ntlha ya batho ba dinaga di le dintsi ba ba ngongoregang, diresetšhurente dingwe di emisitse go tlhola di reka nama ya kgomo e e tlhwatlhwatlase e e tswang kwa dinageng tsa boboatsatsi.