Loeto Lwa me lo Loleele Lwa Loso le Botshelo Kwa Cambodia
JAAKA GO BOLETSE WATHANA MEAS
E NE e le 1974 mme ke ne ke lwa le Ba-Khmer Rouge kwa Cambodia. Ke ne ke le modiredimogolo wa masole a Cambodia. Mo ntweng nngwe re ne ra tshwara lesole la Khmer Rouge. Se a neng a mpolelela sone ka maano a Pol Pot a ikaeletseng go a dira mo isagweng se ne sa fetola botshelo jwa me mme sa dira gore ke simolole loeto lo loleele, ka tsela ya mmatota le ya semoya.a
Le fa go ntse jalo, ntetle ke go ise kwa tshimologong ya loeto lwa me lo loleele. Ke tshotswe ka 1945 kwa Phnom Penh, kwa go se se itsegeng e le Kampuchea (Cambodia) ka puo ya Se-Khmer. Kgabagare mmè o ne a bona maemo a a kwa godimo mo sepodiseng sa sephiri. E ne e le modiredi yo o kgethegileng wa ga Kgosana Norodom Sihanouk, molaodi wa naga. E re ka a ne a neilwe boikarabelo jwa go nkgodisa mme a na le mmereko o montsi thata, o ne a patelesega go ntlogela kwa tempeleng ya Sebuda gore ke rutiwe teng.
Go Godisiwa ka Sebuda
Ke ne ke na le dingwaga di le robedi fela fa ke ne ke ya go nna le moitlami yo mogolo wa Sebuda. Go tloga ka nako eo go fitlha ka 1969, ke ne ke fetsa bontlhanngwe jwa nako ya me ke le kwa tempeleng bontlhanngwe ke le kwa gae. Ke ne ke direla moitlami e leng Chuon Nat, yo ka nako eo e neng e le moeteledipele wa Mobuda yo mogolo go gaisa botlhe kwa Cambodia. Ke ne ke le mokwaledi wa gagwe ka nakwana mme ka mo thusa go ranola buka e e boitshepo ya Sebuda ya “Ditlatlana Tse Tharo” (Tipitaka, kana Sanskrit Tripitaka) go tswa mo puong ya Seindia sa bogologolo go ya go Se-Cambodia.
Ke ne ka tlhomiwa go nna moitlami ka 1964 mme ka direla jalo go fitlha ka 1969. Mo nakong eno yotlhe go ne go na le dipotso tse di neng di ntshwenya, tse di jaaka gore, Ke ka ntlha yang fa go na le pogo jaana mo lefatsheng e bile e simologile jang? Ke ne ke bona batho ba leka ka ditsela di le dintsi go itumedisa medimo ya bone, le fa go ntse jalo ba ne ba sa itse gore medimo ya bone e ka rarabolola jang mathata a bone. Ke ne ke sa kgone go bona karabo e e kgotsofatsang mo dikwalong tsa Sebuda mme le baitlami ba bangwe le bone ba ne ba sa kgone. Seno se ne sa ntshwabisa thata mo ke neng ka swetsa go tlogela tempele mme ka tlogela go nna moitlami.
Kgabagare, ka 1971 ke ne ka nna lesole mo Cambodia. Ke ne ka romelwa kwa Vietnam mo e ka nnang ka 1971, mme ka ntlha ya thutego ya me, ke ne ka tlhatlosediwa maemo go nna lefotenente wa bobedi le go abelwa go dira mo lephateng le le kgethegileng la sesole. Re ne re lwa le masole a Bakomonise a Khmer Rouge le Vietcong.
Ntwa le Diphetogo mo Cambodia
Ntwa e ne ya ntira gore ke nne lesole le le pelo e thata. Ke ne ka tlwaela go bona batho ba swa mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. Nna ka bonna ke ne ka lwa mo dintweng di le 157. Ka nako nngwe, re ne re dikaganyeditswe ke masole a Khmer Rouge mo e ka nnang kgwedi yotlhe, mo tengteng ga sekgwa. Go ne ga swa banna ba feta 700. Re ne ra nna le bafalodi ba ka nna 15—ke ne ke le mongwe wa bone mme ke ne ke gobetse. Le fa go ntse jalo, ka tswa ke ntse ke tshela.
Mo tiragalong nngwe, ka 1974, re ne ra tshwara lesole la Khmer Rouge. Fa ke ntse ke mmotsolotsa, o ne a mpolelela gore Pol Pot o ikaeletse go nyeletsa badiredibagolo botlhe ba puso, go akaretsa le ba e leng masole. O ne a mpolelela gore ke tlogele gotlhe mme ke tshabe. O ne a re: “O nne o fetole leina la gago. O se letle gore ope a itse gore o mang. Itire jaaka e kete ga o itse sepe e bile ga wa rutega. O se bolelele ope ka botshelo jwa gago jwa nako e e fetileng.” Morago ga go mo golola gore a ye kwa ga gagwe, tlhagiso eo e ne ya se ka ya tloga mo kakanyong ya me.
Rona masole re ne re boleletswe gore re lwela naga ya rona, le fa go ntse jalo, re ne re bolaya Ba-Cambodia. Masole a Khmer Rouge, a e neng e le lekoko la Bokomonise le le neng le lwela go busa, e ne e le bagarona. Tota e bile, bontsi jwa baagi ba ka nna dimilione di le robonngwe ba kwa Cambodia ke Ba-Khmer, le fa gone bontsi jwa bone e se maloko a Khmer Rouge. Ke sone se ke neng ke sa kgone go se tlhaloganya. Re ne re bolaya balemirui ba ba se nang molato ba ba neng ba se na ditlhobolo e bile ba sa kgatlhegele ntwa ka gope.
Ka gale fa re boa kwa ntweng go ne go nngomola pelo. Basadi le bana ba ne ba tlhola ba re letile, ba eme ka tlhagafalo go bona gore a monna wa gagwe kana rre o buile. Ke ne ke tshwanelwa ke go bolelela ba le bantsi ba bone gore mogabone o bolailwe. Kitso ya me ya Buda e ne e sa nkgothatse ka sepe mo go seno sotlhe.
Ke akanya ka moo dilo di neng tsa fetoga ka teng kwa Cambodia. Pele fela ga 1970, go ne go tletse kagiso le polokesego. Bontsi jwa batho bo ne bo se na ditlhobolo; molao o ne o sa letlelele motho go nna le yone kwantle ga fa a na le laesense ya yone. Go thukhutha kana bogodu le tsone di ne di se dintsi. Le fa go ntse jalo, morago fela ga ntwa ya selegae e e simolotsweng ke go tsuologa ga ga Pol Pot le masole a gagwe, sengwe le sengwe se ne sa fetoga. Ditlhobolo di ne di bonwa gotlhe. Le e leng basha ba dingwaga di le 12 le 13 ba ne ba thapisediwa bosole, ba ithuta go hula le go bolaya. Batho ba ga Pol Pot ba ne ba bo ba kgothaletsa bana bangwe go bolaya batsadi ba bone. Masole a ne a tle a bolelele bana gore, “Fa e le gore o rata naga ya gaeno, o tshwanetse wa tlhoa baba ba gago. Fa e le gore batsadi ba gago ba direla puso, ke baba ba rona mme o tshwanetse go ba bolaya—kana go bolawe wena.”
Pol Pot le go Bolaya Batho ga Gagwe
Ka 1975, Pol Pot o ne a fenya ntwa mme Cambodia ya nna naga ya Bokomonise. Pol Pot a simolola go bolaya baithuti botlhe, barutabana, badiredibagolo ba puso le mongwe le mongwe fela yo o rutegileng. Fa o ne o rwala diborele, o ne o bolawa ka gonne go ne go tsewa gore o rutegile! Puso eno ya ga Pol Pot e ne ya pateletsa batho go tswa mo ditoropokgolong le mo ditoropong mme ya ba isa kwa metseng ya magae go ya go nna balemirui. Batho botlhe ba ne ba tshwanetse go apara ka mokgwa o o tshwanang. Re ne re tshwanetse go bereka diura di ka nna 15 ka letsatsi, go se na dijo tse di lekaneng, go se na kalafi, go se na diaparo mme re robala diura di le 2 kana di le 3 fela. Ke ne ka swetsa go tshaba mo nageng ya gaetsho pele ga go nna thari.
Ke ne ka gakologelwa kgakololo ya lesole lele la Khmer Rouge. Ke ne ka latlha dinepe tsotlhe, dipampiri le sengwe le sengwe fela se se neng se ka neela bosupi jo bo rileng ka nna. Ke ne ka epa khuti mme ka latlhela mangwe a makwalo a me mo go yone. Mme ka tsamaela kwa bophirima go ya ntlheng ya Thailand. Go ne go le kotsi. Ke ne ka tshwanelwa ke go tila maparego a ditsela le go nna kelotlhoko thata ka dinako tse batho ba neng ba sa letlelelwa go tswa mo matlong ka tsone, e re ka e ne e le masole a Khmer Rouge fela a a neng a ka tsaya mesepele ka tetla ya modiredimogolo.
Ke ne ka ya kwa kgaolong nngwe go ya go nna le tsala nngwe ya me ka nakwana. Mme masole a Khmer Rouge a ne a fudusa batho botlhe mo lefelong leo go ya kwa lefelong le lesha. Ba ne ba simolola go bolaya barutabana le dingaka. Ke ne ka tshaba le ditsala tsa me tse tharo. Re ne ra iphitlha mo sekgweng mme re ne re ja leungo lengwe le lengwe fela le re neng re le bona mo ditlhareng. Kgabagare, ke ne ka goroga mo motsaneng mongwe mo porofensing ya Battambang, mo tsala nngwe ya me e neng e nna teng. Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore ke ne ka fitlhela lesole lele le le neng la nkgakolola kafa nka tshabang ka teng le le gone koo! E re ka ke ile ka mo golola, o ne a mphitlha mo khuting ka dikgwedi di le tharo. O ne a laela ngwana go ntatlhelela dijo, le fa go ntse jalo, a sa tshwanela go leba mo khuting.
Fa nako e ntse e ya, ke ne ka kgona go tshaba mme ka kopana le mmè le mmangwane le kgaitsadiake, le bone ba tshabela ntlheng ya molelwane wa Thailand. E ne e le nako ya mahutsana mo go nna. Mmè o ne a lwala mme kgabagare o ne a bolawa ke bolwetse le go tlhoka dijo kwa kampeng ya batshabi. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go nna le tsholofelonyana le bokao mo botshelong jwa me. Ke ne ka kopana le Sopheap Um, mosadi yo o neng a nna mogatsake. Re ne ra tshaba mmogo le mmangwane le kgaitsadiake go kgabaganya molelwane wa Thailand ra tshabela kwa kampeng ya batshabi ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lelapa la rona le ne la bogisiwa thata ke ntwa ya selegae ya Cambodia. Re ne ra latlhegelwa ke ba lelapa ba le 18, go akaretsa le morwarre le mogadibo.
Botshelo jo Bosha Kwa United States
Go ne ga sekasekiwa maemo a rona a nako e e fetileng kwa kampeng ya batshabi mme lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la leka go re senkela motho yo o neng a ka re thusa ka madi gore re kgone go ya kwa United States. Kgabagare, ba ne ba mmona! Ka 1980, re ne ra goroga kwa St. Paul kwa Minnesota. Ke ne ka itse gore ke tla tshwanelwa ke go ithuta Seesemane ka bonako jo bo kgonegang e le gore ke tle ke gatele pele mo nageng ya me e ntšha. Mothusi yono wa me o ne a nkisa sekolong ka dikgwedi di le mmalwa fela, le fa gone ke ne ke tshwanetse go ka ithuta lobakanyana lo loleele. Go na le moo, o ne a mponela tiro ya go phepafatsa mo hoteleng. Mme ke ne ke dira diphoso di le dintsi tse di tshegisang ka Seesemane sa me se se robegileng. E ne e re fa mong wa me a re ke mo tlisetse llere, ke bo ke tlisa matlakala!
Ketelo e e Tshosang
Ka 1984 ke ne ke dira bosigo mme ke robala motshegare. Re ne re nna mo lefelong le mo go lone Ba-Asia le bantsho ba neng ba sa nosane metsi. Bokebekwa le diokobatsi di ne di tletsetletse. Mo mosong mongwe, mosadi wa me o ne a ntsosa ka ura ya lesome go mpolelela gore go na le monna mongwe wa montsho fa kgorong. O ne a tshogile ka gonne a ne a akanya gore o tlile go re thukhutha. Ke ne ka okomela ka letshoba la kgoro mme ka bona go eme monna wa montsho yo o neng a apere sentle a tshotse kgetsana a na le monna wa mosweu. Ba ne ba lebega ba sa befa.
Ke ne ka mmotsa gore o rekisa eng. O ne a mpontsha dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke ne ke sa tlhaloganye sepe fela. Ke ne ka leka go di gana ka gonne dikgwedi di sekae tse di fetileng, morekisi mongwe wa Moporotesetanta o ne a ntsietsa gore ke reke sete ya dibuka di le tlhano ka $165 (R330). Le fa go ntse jalo, monna yono wa montsho o ne a mpontsha ditshwantsho tsa dimakasine. Ditshwantsho tsa tsone di ne di kgatlha di le dintle! E bile monna yono o ne a nyenya ka tsela e e botsalano thata. Ka jalo ka ntsha moneelo wa $1 (R2) mme ka di tsaya.
Dibeke di ka nna pedi morago ga moo, o ne a boa mme a mpotsa gore a ke na le Baebele ya Se-Cambodia. Sentlentle, ke ne ke na le nngwe e ke neng ka e bona kwa kerekeng ya Nasaretha, le fa gone ke ne ke sa e tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgatlhilwe ke gore banna ba babedi ba ditso tse di farologaneng ba ne ba tlile mo ga me. Mme o ne a mpotsa gore, “A o batla go ithuta Seesemane?” Gone ke ne ke batla, le fa go ntse jalo, ke ne ka mo tlhalosetsa gore ga ke na madi a go duelela dithuto tsa gone. O ne a mpolelela gore o tla nthuta kwantle ga tuediso, a dirisa kgatiso ya Baebele. Le fa gone ke ne ke sa itse gore ke wa bodumedi bofe, ke ne ka akanya fela gore, ‘Go botoka ka gonne ga ke duele sepe e bile ke tla ithuta go bala Seesemane le go se kwala.’
Go Ithuta Seesemane le Baebele
Dilo di ne di le bonya tota. O ne a mpontsha buka ya ntlha ya Baebele e leng Genesise, mme nna ke bo ke e bua ka Se-Cambodia, “Lo ca bat.” O ne a re, “Baebele,” mme nna ke re, “Compee.” Ke ne ka simolola go bontsha kgatelopele mme ke ne ka rotloetsega. Ke ne ke tle ke tseye dikishinare ya me ya Seesemane le Se-Cambodia, makasine wa Tora ya Tebelo, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le Baebele ya Se-Cambodia fa ke ya tirong. Ka nako ya go ikhutsa ke ne ke bala le go ithuta Seesemane, lefoko ka lefoko ka go bapisa dikgatiso tseno. Go ne ga tsaya dingwaga di le tharo ke ntse ke dirisa mokgwa ono o o bonya, mmogo le dithuto tsa beke le beke. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ke kgona go bala Seesemane!
Mosadi wa me o ne a santse a ya kwa tempeleng ya Babuda, o ne a abela bagologolwane dijo. Gone mme, dintshi e ne e le tsone fela tse di neng di solegelwa molemo! Ke ne ke na le mekgwa e e sa siamang e e neng e nweleletse mo go nna e ke neng ka simolola go nna le yone fa ke santse ke le lesole le fa ke ne ke santse ke le Mobuda. Fa ke ne ke santse ke le moitlami, batho ba ne ba tlhola ba tlisa ditlhabelo go akaretsa le disekerete. Ba ne ba dumela gore fa moitlami a goga disekerete, go ne go tshwana le fa bagologolwane ba bone ba goga. Ka jalo, ka lemalela nikotine. Gape fa ke ne ke le lesole ke ne ke nwa bojalwa thata e bile ke goga opium gore ke nne pelokgale fa ke le kwa dintweng. Ka jalo, fa ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka tshwanela go dira diphetogo tse dintsi thata. Ke gone ke neng ka lemoga gore thapelo e thusa thata. Mo dikgweding di sekae fela ke ne ka fenya mekgwa ya me e e bosula. Abo seno se ne sa itumedisa botlhe mo lelapeng jang ne!
Ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi ka 1989 kwa Minnesota. Mo go yone nako eo, ke ne ka utlwalela gore go na le setlhopha sa Basupi ba ba buang Se-Cambodia le gore go na le batho ba bantsi ba Cambodia kwa Long Beach kwa California. Morago ga gore nna le mosadi wa me re tlotle ka gone, re ne ra dira tshwetso ya go fudugela kwa Long Beach. Seno e ne ya nna phetogo e e botlhokwa tota! Kgaitsadiake o ne a kolobediwa la ntlha, ga latela mmangwane (yo jaanong a nang le dingwaga di le 85) le mosadi wa me. Morago ya nna bana ba me ba bararo. Kgabagare, kgaitsadiake a nyalwa ke Mosupi, yo jaanong e leng mogolwane mo phuthegong.
Re nnile le diteko di le dintsi mono mo United States. Re ne ra nna le mathata a magolo a madi le a boitekanelo, le fa go ntse jalo ka go kgomarela melaometheo ya Baebele, re ne ra nna re ikantse Jehofa. O segofaditse maiteko a me mo dilong tsa semoya. Ka 1992 ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong mme ka 1995 ka nna mogolwane mono mo Long Beach.
Go fitlha jaanong loeto lo loleele lo lo simologileng fa ke ne ke le moitlami wa Mobuda mme morago ke nna modiredimogolo mo sesoleng sa Cambodia e e neng e aparetswe ke ntwa lo feletse ka kagiso le boitumelo mo legaeng la rona le lesha le naga e ntšha. E bile re na le tumelo mo go Jehofa Modimo le mo go Keresete Jesu. Go nkutlwisa botlhoko go itse gore batho ba santse ba bolaana kwa Cambodia. E leng lengwe la mabaka a a dirang gore nna le lelapa la me re itshoke le go itsise ba bangwe ka lefatshe le lesha le le solofeditsweng, le mo go lone go se kitlang go nna le dintwa mme batho botlhe ba tla rata baagelani ba bone jaaka ba ithata ka mmatota!—Isaia 2:2-4; Mathaio 22:37-39; Tshenolo 21:1-4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka nako eo Pol Pot e ne e le moeteledipele wa Bokomonise wa masole a Khmer Rouge, a a neng a fenya ntwa mme a laola Cambodia.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 12]
(For fully formatted text, see publication)
VIETNAM
LAOS
THAILAND
CAMBODIA
Battambang
Phnom Penh
Ka dingwaga tsa fa ke le moitlami wa Mobuda
[Motswedi wa Setshwantsho]
Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Ke na le lelapa la me kwa Holong ya Bogosi