Ke ne Ka Tshaba Kwa Mafelong a Dipolao Mme ka Bona Botshelo
Jaaka go boletse Sam Tan
Fa re ne re tshaba go tswa kwa nageng ya rona mmogo le Ba-Cambodia ba bangwe ba ba ka nnang 2 000, kgabagare nna le ba lelapa la gaetsho, re ne ra fitlha fa nokeng e e gaufi le Thailand. Re ne ra kgona go itshukunyetsa mo mokorong o monnye o o neng o isa batho kwa lefelong le le sireletsegileng. Fela fa mokoro wa bofelo o sena go tsamaya, masole a Khmer Rouge a ne a tlhaga mme a re thuntsha.
RE NE ra wela makgwafo fa rotlhe re ne re goroga ka pabalesego kwa Thailand. Mongwe le mongwe o ne a itumetse mme rona re ne re hutsafetse ka go bo rre le malome ba ne ba tserwe mo go rona dikgwedi di le mmalwa pelenyana ga foo. Mmè o ne a nna fa fatshe mme a lela. Mme pele ke tswelela ka kgang, mma ke lo bolelele gore go diragetse eng pele ga foo.
Botshelo Jwa Me fa Ke ne Ke le Mobuda
Ke tsholetswe kwa Cambodia ka 1960, mme ke ne ke le mongwe wa bana ba bararo. Fa ke ne ke le dingwaga di le robonngwe, nna le batsadi ba me re ne ra swetsa ka gore ke tshwanetse go ya go direla kwa tempeleng ya Babuda, e leng selo se basimane ba neng ba tlwaetse go se dira. Moitlami o simolola letsatsi la gagwe ka ura ya borataro mo mosong fa a tswa mo tempeleng a tsamaya ka ntlo le ntlo a kopa dijo. Ke ne ke go fitlhela go le thata go kopa dijo mo matlong a batho bangwe, ka gonne go ne go se na pelaelo gore ba ne ba humanegile thata. Morago ga moo, rona baitlami ba bannye re ne re apaya dijo mme re bo re tsholela baitlami ba ba godileng. Mme re ne re ja morago ga foo.
Maitseboa ka ura ya borataro, baitlami ba ba godileng ba ne ba kokoana go rapela, ba dirisa puo nngwe e e neng e tlhaloganngwa ke ba le mmalwa fa e le gore gone ba ne ba e tlhaloganya. Morago ga dingwaga di le pedi, ke ne ka nna se go neng go twe ke moitlami yo monnye mme ke ne ke na le ditshiamelo dingwe tse baitlami ba ba godileng ba nang le tsone. Ke ne gape ke letlelelwa go rapela le bone. Ka nako eno yotlhe ke ne ke akanya gore Bobuda ke jone fela bodumedi jo bo leng teng mo lefatsheng.
Go Ngwega go Tswa Kwa Cambodia
Ke ne ke sa kgotsofalele botshelo jwa kwa tempeleng mme ke ne ka boela gae fa ke ne ke le dingwaga di le 14. Moragonyana fela ga moo, moeteledipele mongwe wa dipolotiki yo o bidiwang Pol Pot o ne a simolola go busa. Mokgatlho wa gagwe wa Khmer Rouge, o o neng o busa go simolola ka 1975 go ya go 1979, o ne wa pateletsa mongwe le mongwe go tswa mo ditoropong gore ba ye kwa nagagaeng, e le mangwe a maiteko a gagwe a go dira Cambodia naga ya Bokomonisi. Lelapa la gaetsho le lone le ne la fudusiwa. Morago ga moo, banna ba ga Pol Pot ba ne ba tsaya rre le malome. Ga re a ka ra tlhola re ba bona gape. Tota e bile, fa mokgatlho wa Khmer Rouge o ne o busa, Ba-Cambodia ba ba ka nnang dimilione di le 1,7 ba ne ba bolaelwa mo go se go neng go twe ke mafelo a dipolao, kgotsa ba swa ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo, bolwetse kgotsa tlala.
Seemo seno se ne sa dira gore rona ba re neng re le 2 000 ba ba umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, re tseye loeto lo lo kotsi lwa malatsi a le mararo re kgabaganya mafelo a dithaba go ya kwa molelwaneng wa Thailand. Re ne ra goroga re babalesegile rotlhe go akaretsa le ngwana wa mosimane yo o neng a tsholwa mo loetong. Bontsi jwa rona re ne re na le madi mme kwa bofelong re ne ra a latlha ka gonne madi a Cambodia a ne a se na boleng kwa Thailand ka nako eo.
Botshelo Kwa Thailand
Lelapa la gaetsho le ne la ya go nna le ba masika kwa Thailand, mme ke ne ka bona tiro ya go rekisa ditlhapi. Gantsi re ne re tsamaya ka mokoro wa rona go ya kwa karolong ya noka e e neng e le kwa Cambodia, kwa go neng go na le ditlhapi tse dintsi gone—mmogo le mekoro ya go disa ya mokgatlho wa Khmer Rouge. Fa re ne re ka tshwarwa, re ne re ka latlhegelwa ke mokoro le matshelo a rona. Tota e bile, re batlile re tshwarwa ka makgetlo a le mabedi. Le fa go ntse jalo, bangwe ga ba a ka falola, go akaretsa moagelani wa me, yo o neng a tshwarwa a bo a kgaolwa tlhogo. Le fa loso lwa gagwe lo ne lwa nkutlwisa botlhoko, ke ne ka tswelela ke tshwara ditlhapi fa losing lwa Cambodia—fa ke ne ke sa dire jalo, lelapa la gaetsho le ne le tla bolawa ke tlala.
Ka ntlha ya go ikakanyetsa le go akanyetsa ba lelapa la gaetsho, ke ne ka swetsa go ya kwa kampeng ya batshabi kwa Thailand, le gore ke dire kopo ya go fudugela kwa nageng e nngwe, mme fa ke le koo ke bo ke romelela ba lelapa la gaetsho madi. Fa ke bolelela ba masika kaga seno, ba ne ba ganana gotlhelele le kgang eo. Mme ke ne ke ititeile sehuba go tswelela ka tshwetso ya me.
Fa ke le mo kampeng ya batshabi, ke ne ka kopana le baeti ba ba buang Seesemane ba ba neng ba re ke Bakeresete. Seno se ne sa nkgoba marapo fa ke lemoga gore Bobuda ga se jone fela bodumedi mo lefatsheng. Nna le tsala ya me e ntšha e bong Teng Hann, re ne ra kopanela le “Bakeresete,” ba ba neng ba re bontsha Baebele ba bo ba re naya dijo. Ke ne ka nna mo kampeng ka lobaka lwa ngwaga mme ka dira kopo ya go fudugela kwa New Zealand.
Botshelo jo Bosha Kwa New Zealand
Kopo ya me e ne ya amogelwa ka May 1979, mme moragonyana fela ga foo ke ne ka iphitlhela ke le mo kampeng ya batshabi kwa Auckland. Motho mongwe yo o neng a nthusa yo o pelonomi o ne a rulaganya gore ke ye go bereka kwa madirelong mangwe kwa toropong ya Wellington. Fa ke setse ke fitlhile koo, ke ne ka dira ka natla mme ka romela madi kwa gae fela jaaka ke ne ke ba solofeditse.
Ke ne ka simolola go tsena dikereke tse pedi tsa Boporotesetanta e le go leka go ithuta ka Bokeresete. Le fa go ntse jalo, go ne go sa buiwe go le kalo ka Baebele. E re ka ke ne ke batla go rapela sentle, tsala nngwe ya me e ne ya nthuta thapelo e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena kgotsa ya Rraarona. (Mathaio 6:9-13) Mme ga go na ope yo o neng a ntlhalosetsa gore tota thapelo eo e kaya eng. Ka jalo, fela jaaka ke ne ka dira ka dithapelo tsa Bobuda, ke ne ka boeletsa mafoko ao gangwe le gape mme ke ne ke sa tlhaloganye se ke se buang.
Lenyalo le le Aparetsweng ke Mathata
Ke ne ka nyala ka 1981. Morago ga ngwaga, nna le mosadi wa me re ne ra kolobediwa, moruti o ne a re kgatsha ka metsi mo ditlhogong. Ka nako eo ke ne ke na le ditiro tse pedi, ntlo e ntle e bile ke tshela botshelo jwa manobonobo—e leng dilo tse ke neng ke se na tsone kwa Cambodia. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itumela. Re ne ra simolola go nna le mathata mo lenyalong, mme go ya kerekeng go ne go sa lebege go thusa. Mme le boitsholo jwa me bo ne bo baka mathata ka gonne ke ne ke betšha, ke goga, ke nwa bojalwa thata e bile ke ratana le basadi ba bangwe. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa me se ne se ntshwenya, mme ke ne ke belaela tota gore a ke tla tshwanelegela go ya legodimong, le ke neng ke boleletswe gore batho botlhe ba ba siameng ba ya gone fa ba swa.
Ka 1987, ke ne ka rulaganya gore mmè le kgaitsadiake ba tle go nna mo New Zealand, mme ba ne ba nna le rona ka nakwana. Fa ba tsamaya, ke ne ka tsamaya le bone mme ra fudugela kwa Auckland.
Kgabagare, ke Ithuta Baebele
Fa ke ne ke tswa mo ntlong ya tsala ya me, ke ne ka kopana le banna ba babedi ba ba neng ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Mongwe wa bone e bong Bill, o ne a mpotsa a re, “O solofetse go ya kae fa o tlhokafala?” Ke ne ka araba ka gore, “legodimong.” Go tswa foo, o ne a mpontsha go tswa mo Baebeleng gore ke ba ba 144- 000 fela ba ba yang kwa legodimong, kwa ba tla busang lefatshe gone e le dikgosi. Gape o ne a mpolelela gore lefatshe le tla nniwa ke dimilione tsa batho ba ba boifang Modimo mme le tla fetolwa go nna paradaise. (Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 4; 21:3, 4) Kwa tshimologong, thuto eno e ne e nkgalefisa, ka gonne e ne e ganetsana le e ke neng ke e rutilwe pele ga foo. Le fa go ntse jalo, mo pelong ya me ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e banna bano ba neng ba itse Baebele sentle ka yone le kafa ba neng ba ritibetse ka gone. Tota e bile, ke ne ka ikwatlhaela go bo ke sa ba botsa leina la bodumedi jwa bone.
Dibeke di le mmalwa pelenyana ga moo, ke ne ka etela tsala e bana ba gagwe ba neng ba ithuta Baebele le banyalani bangwe ba ba bidiwang Dick le Stephanie. Ba ne ba ithuta boroutšhara jo bo reng Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! Ke ne ka simolola go bala boroutšhara jono mme ka lemoga gore bo a utlwala tota. Gape ke ne ka utlwa gore banyalani bao e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo ke ne ka lemoga gore banna ba babedi ba ke neng ka kopana le bone bosheng jaana le bone e tshwanetse ya bo e ne e le Basupi, ka gonne se ba neng ba se bua se ne se dumalana le se se kwadilweng mo boroutšhareng jono.
E re ka ke ne ke tlhoafaletse go ithuta mo go oketsegileng, ke ne ka laletsa Dick le Stephanie kwa legaeng la me, mme ke ne ka ba tlhoma dipotso tse dintsi tsa Baebele. Moragonyana, Stephanie o ne a mpotsa gore a ke itse leina la Modimo. O ne a mpontsha Pesalema 83:18, e e balegang jaana: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Temana eo e ne ya nkama pelo, mme ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka metlha. La, mosetsana wa Mo-Lao yo ke neng ke nna le ene, o ne a kopanela le nna mo thutong eno. Go ntse go le jalo, ke ne ka rulaganya gore nnake le mosadi wa gagwe ba fudugele mo New Zealand. Fa ba sena go goroga mo New Zealand, le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi.
Ka bonakonyana morago ga foo, nna le La re ne ra tshwanela go emisa thuto ya rona ka gonne re ne re fudugela kwa Australia ka ntlha ya tiro. E re ka mokgele wa rona e ne e le go dira madi, re ne ra simolola go fetwa ke dithuto tsa Baebele. Ka jalo, bosigo bongwe, re ne ra rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a re kaele kwa bathong ba gagwe.
Thapelo ya Rona e a Arabiwa
Morago ga malatsi a le mmalwa, fa ke goroga ke tswa kwa mabenkeleng ke ne ka fitlhela Basupi ba babedi kwa ntlong ya me. Ke ne ka leboga Jehofa mo pelong, mme nna le La re ne ra simolola gape go ithuta. Mme gape re ne ra simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya lefelo leo. Le fa go ntse jalo, ka bonako ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo di le mmalwa mo botshelong jwa me gore ke itumedise Modimo. Ka ntlha ya seo, ke ne ka latlha mekgwa ya me e e sa siamang mme ka kgaola moriri wa me o moleele. Batho ba ke neng ke tlwaelane le bone pele ba ne ba ntshotla, mme ke ne ka kgona go laola bogale jwa me. Gape ke ne ka tshwanela go baakanya botshelo jwa me jwa lenyalo ka gonne nna le La re ne re sa nyalana, mme gape ke ne ke sa kgaogana semolao le mosadi wa me. Ka jalo, ka 1990, nna le La re ne ra boela kwa New Zealand.
Ka bonako fela, re ne ra founela Dick le Stephanie. Stephanie o ne a re: “Sam, ke ne ke akanya gore o latlhegile!” Re ne ra tsweletsa gape thuto ya Baebele le bone, mme ka bonako fela fa dithulaganyo tsa tlhalo di se na go fela, nna le La re ne ra nyalana re na le segakolodi se se siameng fa pele ga Modimo. Re ne ra nna mo New Zealand, kwa re neng ra kolobediwa gone e le go bontsha boineelo jwa rona mo Modimong. E re ka ke ne ke tlhoafaletse go bua ka se ke se ithutileng, ke ne ka nna le tshiamelo ya go ithuta Baebele le batho ba le mmalwa ba kwa Cambodia le ba kwa Thailand ba ba neng ba nna kwa Auckland le mo mafelong a a gaufi.
Re Boela Australia
Ka May 1996, nna le La re ne ra boela gape kwa Australia mme ra nna mo Cairns, e e kwa bokone jwa Queensland. Mono, ke na le tshiamelo ya go rulaganya tiro ya go rerela Ba-Cambodia, Ba-Lao le Ba-Thailand ba ba nnang mo lefelong leno.
Ke leboga Jehofa fela thata ka ntlha ya ditshegofatso tsa gagwe, tse di akaretsang mosadi wa me yo o rategang le bana ba rona ba bararo ba basimane—Daniel, Michael, le Benjamin. Gape ke itumela fela thata ka gonne mmè, kgaitsadiake, nkgonne, matsale le Teng Hann, tsala ya me ya kwa kampeng ya kwa Thailand, le bone ba ile ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Nna le lelapa la gaetsho re sa ntse re hutsafalela loso lwa ga rre le malome, mme gone ga re a hutsafala ka tsela e e feteletseng. Re a itse gore ka nako ya tsogo ya baswi, Modimo o tla dirolola tshiamololo ya nako e e fetileng mme dilo tseo “ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17; Ditiro 24:15
Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng fa ke ne ke le kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bona sefatlhego se e neng e kete ke a se itse. E ne e le Bill, yo o neng a nketela dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Ke ne ka mmotsa ka re, “A o sa ntse o nkgopola?”
O ne a araba ka gore, “Ee! Ke ne ka kopana le wena kwa New Zealand dingwaga tse dintsi tse di fetileng mme ka go bolelela gore ke ba le 144 000 fela ba ba yang kwa legodimong.” Morago ga dingwaga tse dintsi tseo, Bill o ne a sa ntse a nkgakologelwa. Re ne ra tlamparelana mme ra gakololana dilo tse di diragetseng, gone jaanong re le bakaulengwe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]
Background: AFP/Getty Images