LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 6/8 ts. 18-20
  • Ditsela Tse Tlhano Tsa go Tokafatsa Botshelo Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsela Tse Tlhano Tsa go Tokafatsa Botshelo Jwa Gago
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ya Ntlha: Lema Tshingwana
  • Ya Bobedi: Reka Dilo ka Bontsi
  • Ya Boraro: Ithute Botswerere Jwa go Somarela Dijo
  • Ya Bonè: Leka go Nna le Leruo le Lennye
  • Ya Botlhano: Nna Phepa
  • Bophepa—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Itemela Dijo mo Tshingwaneng ya Gago
    Tsogang!—2003
  • O ka Tsamaisa Dilo Jang mo Legaeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 6/8 ts. 18-20

Ditsela Tse Tlhano Tsa go Tokafatsa Botshelo Jwa Gago

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA CENTRAL AFRICAN REPUBLIC

GO TLHATLOGA ga ditlhwatlhwa, bolwetse, phepelotlase, lehuma—mathata ano a aname thata mo dinageng tse di tlhabologang. Mme go ya ka fa batho ba lebang dilo ka teng, ga go bonale fa a tla tloga a rarabologa. Fa o nna mo nageng e e tlhabologang, a go na le sengwe se o ka se dirang go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa gago? Ee, se teng! Go na le dikakantsho tse tlhano tse di latelang tse di ka go thusang le tse di mosola thata.

Ya Ntlha: Lema Tshingwana

Baebele e bolela seno mo go Diane 28:19: “Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo.” Eleruri, go ka go gakgamatsa go bona ka fa tshingwana e nnye fela e ka ntshang dijo tse dintsi ka teng. Mo bukeng ya gagwe ya Le jardin potager sous les tropiques (Tshingwana ya Merogo mo Boboatsatsi), Henk Waayenberg mokwadi wa dibuka o bolela gore tshingwana ya disekweremetara di le 50 go ya go di le 100 e ka ntsha merogo e e lekaneng go ka fepa lelapa la batho ba le barataro!

Ke ka ntlha yang fa o reka dilo tse o ka ijalelang tsone? Go ikaegile ka mmu le ka tlelaemete, o ka kgona go jala dilo tse di jaaka okra, pepere, sepinetšhe, parsley, lemongrass, dieiye, cassava, maphutshe, dipotata, ntšhi, ditamati, dikomokomore le mabele, teng mo legaeng la gago. Tshingwana e e ntseng jalo e ka oketsa dijo tsa lelapa la gago go ya bokgakaleng jo bo rileng mme o ka nna wa ba wa kgona le go rekisa tse dingwe tsa dilo tse di setseng.

Fa o na le setsha se se lekaneng, o ka nna wa bo wa kgona le go jala ditlhare tse di farologaneng tsa maungo. Ka dinako tse dingwe, setlhare se le sengwe sa maungo se ka ntsha maungo a mantsi go feta a wena le lelapa la gago lo ka kgonang go a ja. Go ithuta ka menontsha—thulaganyo ya go bodisa dilo gore e nne motshotelo—go ka go thusa go tokafatsa dikuno tsa gago. Tiro ya ditlhare ga se fela go go tlamela ka dijo le go oketsa madi a lelapa la gago. Ditlhare tse di jetsweng mo lefelong le le siameng di ka thusa ka moriti, tsa phepafatsa moya le go dira tikologo ya gago gore e nne ntle le gore e kgatlhe.

Go tweng he, fa e le gore o itse go le gonnye fela kaga go lema? A o na le ditsala, baagelani kgotsa batho ba o ka ikgolaganyang le bone ba ba nang le maitemogelo mo ntlheng eno? Ke ka ntlha yang o sa ba kope thuso kana kgakololo? Go ka nna ga tlhokega le gore o reke kana o adime dibuka tse di kaga go lema.—Bona setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang o sa Jale Tshimo ya Merogo?” mo makasineng wa Tsogang! ya May 22, 1974 (ka Seesemane).

Ya Bobedi: Reka Dilo ka Bontsi

A o reka dilo tsa botlhokwa tse di jaaka folouru, reise le oli e e apayang tse dinnye fela? Fa go ntse jalo, o ka tswa o senya karolo e kgolo ya tekanyetso ya gago ya madi. Go na le moo, fa go kgonega, leka go reka dijo tse di ntseng jalo ka bontsi, o kopanela go reka dilo tseno le malapa a ka nna mabedi, mararo kana go feta. Go reka dilo ka bontsi go ka go somarela madi fa maungo kana merogo e e rileng e le mo setlheng sa yone. Mo maemong a mangwe, o ka kgona go reka dilo ka tlhwatlhwa ya kwa madirelong.

Ya Boraro: Ithute Botswerere Jwa go Somarela Dijo

Go reka dilo ka bontsi go tsosa potso ya gore o tlile go boloka dilo tse di senyegang ka bonako jang. Go gwamisa dijo ke mokgwa mongwe o o tlwaelegileng le o o molemo tota. Basadi ba bantsi mo Afrika ba itshedisa ka go gwamisa maungo, okra, dinawa, sekwashe, dithotse tsa lephutse le ditlhatshana. Ga o tlhoke didirisiwa tse di kgethegileng fa o gwamisa dilo. O ka nna wa baya selo seo mo lefelong le le phepa kana wa se anega, gongwe o bo o se khurumetsa ka letsela le le tshesane go koba dintsi. Moya le letsatsi di tla dira tiro e e setseng.—Bona setlhogo sa “A o Ka Kgona ka Dilo di Sekae Fela?” mo makasineng wa Tsogang! ya August 8, 1975 (ka Seesemane).

Ya Bonè: Leka go Nna le Leruo le Lennye

A go a kgonega gore o rue dikoko, dipodi, maphoi kana diphologolo dingwe? Mo mafelong a mantsi nama e ja madi a mantsi thata. Le fa go ntse jalo, ka thusonyana ya batho ba bangwe, o ka nna wa ithuta kafa o ka ruang motlhape o monnye wa diphologolo ka teng. A o rata go ja tlhapi? O ka nna wa ithuta go dira mogobenyana wa ditlhapi. Nama, mae le tlhapi di na le aene, khalesiamo, dibitamene, diminerale le diporoteine—tse di leng botlhokwa mo boitekanelong jwa lelapa la gago.

Ya Botlhano: Nna Phepa

Bophepa le jone bo botlhokwa mo boitekanelong jwa lelapa la gago. Leswe le ngoka dipeba, dintshi le mafele—tse di bakang mefuta yotlhe ya malwetse. Go nna phepa sentle go tla go tlhoka nako le maiteko. Le fa go ntse jalo, ditshenyegelo tsa go nna phepa di kwa tlase thata go na le tsa melemo le dikoloto tsa ngaka. Melao ya bophepa e ka nna ya farologana go ya ka batho le go ya ka naga. Le fa go ntse jalo, go na le melaometheo e le mmalwa e e akaretsang mafelo otlhe le e e dirang gotlhe.

Tsaya ka sekai matlwana a boithomelo. Kwa metseselegaeng a tlogelwa a le leswe le go senyega fela mme ke one a a bakang go bobola le bolwetse. Badiri ba tsa boitekanelo ba lefelo la gaeno ba ka go thusa ka ditaelo tse di kaga go aga ntlwana ya boithomelo e e phepa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Go tweng ka ntlo ya gago ka boyone? A e nna e le phepa le go bolokwa sentle? A e na le monko o o phepa? Go tweng ka ntlwana ya gago ya boapeelo? A e phepa? Dijo di tshwanetse tsa nna phepa le go apewa sentle gore di itekanele. Megare le diparasaete di tlala thata mo metsing a a kgotletsweng. Ka jalo tlhotlha metsi kana o a bedise pele ga o a dirisa. Tlhatswa dijana tse go jelwang mo go tsone ka metsi a a belang mme o tlhape diatla tsa gago sentle pele ga o tshwara dijo. Boloka metsi mo dinkgong tse di phepa le tse di khurumeditsweng.

Dintša, dikatse, dikoko le dipodi ga di a tshwanela go letlelelwa go tlalatlala mo ntlong ya boapeelo—fa e le gore o batla go boloka tikologo e le phepa e se na ditwatsi. Le magotlo le dipeba di se letlelelwe go taboga mo godimo ga dipitsa le dipane di kgotlela dijo tsa lona. Serai sa dipeba se ka nna sa fokotsa bothata jono.—Bona “Go Lebana le Kgwetlho ya Bophepa,” mo makasineng wa Tsogang! ya September 22, 1988 (ka Seesemane).

Kgabagare, ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla rarabololang mathata otlhe a batho. (Mathaio 6:9, 10) Le fa go ntse jalo, gone jaanong, dikakantsho tseno tse di motlhofo di ka nna tsa go thusa go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa gago.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Lema tshingwana

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Reka dilo ka bontsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Ithute botswerere jwa go boloka dijo

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Leka go nna le leruo le lennye

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Nna phepa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela