Kgaolo ya Bone
O ka Tsamaisa Dilo Jang mo Legaeng?
1. Ke eng fa go tsamaisa dilo mo legaeng go le bokete jaana gompieno?
“MOKGWA wa lefatshe leno o a feta.” (1 Bakorinthe 7:31) Mafoko ao a sale a kwalwa dingwaga di le 1 900 tse di fetileng mme e bile a bo a le boammaaruri jang ne gompieno! Dilo di ntse di fetoga, segolobogolo mo botshelong jwa lelapa. Seo se kileng sa bo se lejwa se siame kana e le ngwao dingwaga tse 40 kana 50 tse di fetileng gompieno ga se batliwe. Seno se dira gore go tsamaisa dilo mo lelapeng go nne bokete. Lefa go ntse jalo, lo ka kgona go fenya mathata ao fa lo reetsa melaometheo ya Dikwalo.
TSHELA GO LEKANA KGETSI YA GAGO
2. Ke maemo afe a ikonomi a a dirang gore lelapa le ngomoge pelo?
2 Batho ba bantsi gompieno ga ba tlhole ba batla go tshela botshelo jo bo motlhofo, ba nna fela le ba malapa a bone. Jaaka bagwebi ba ntse ba dira dilo tse di oketsegileng e bile ba bapatsa dilo ka botswerere go leka go ngoka batho, dimilione tsa borre le bomme di dira diura tse dintsi gore ba kgone go reka didirisiwa tseno. Dimilione tse dingwe di kgaratlha letsatsi le letsatsi fela gore di bone dijo. Ba tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi kwa tirong go feta pele, gongwe e bile ba tshwere ditiro tse pedi fela gore ba kgone go duelela dilo tse ba di tlhokang. Lefa go ntse jalo, go na le ba bangwe ba ba neng ba tla itumela fa ba ne ba ka bona tiro gonne bothata jwa go tlhoka ditiro bo tletsetletse. Ee, botshelo jwa malapa a motlha wa segompieno ga bo motlhofo, mme gone, melaometheo ya Baebele e ka thusa malapa gore a tshele sentle mo maemong ano.
3. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa molaomotheo ofe, mme fa re o dirisa o ka re thusa jang gore re atlege mo go tsamaiseng dilo mo magaeng?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a na le mathata a madi. Fa a ntse a a rarabolola o ne a ithuta thuto nngwe e a neng a e tlhalosa fa a ne a kwalela tsala ya gagwe, Timotheo. Paulo o kwala jaana: “Ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone.” (1 Timotheo 6:7, 8) Ke boammaaruri gore lelapa ga le tlhoke dijo le diaparo fela. Gape le tlhoka lefelo le le ka nnang mo go lone. Bana ba tshwanetse ba tsena sekolo. E bile go na le madi a dingaka le madi a mangwe a a tshwanetseng go duelwa. Lefa go ntse jalo, molaomotheo o o mo mafokong a ga Paulo o santse o dira. Botshelo bo tla nna motlhofo fa re itumelela fela go bona dilo tse re di tlhokang go na le tse re di batlang.
4, 5. Go akanyetsa kwa pele le go rulaganya go ka thusa jang mo go tsamaiseng dilo mo legaeng?
4 Molaomotheo o mongwe o o thusang thata ke o o leng mo setshwantshong se sengwe sa ga Jesu. O ne a re: “Ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa.” (Luke 14:28) Jesu fano o bua ka go akanyetsa kwa pele, go rulaganyetsa kwa pele. Mo kgaolong e e fetileng re bone kafa seno se thusang ka teng fa batho ba babedi ba akanya go nyalana. Mme morago ga lenyalo, se thusa gape mo go tsamaiseng dilo mo legaeng. Go akanyetsa dilo kwa pele mo karolong eno go raya go lekanyetsa madi, go rulaganyetsa kwa pele le go dirisa dilo tse lo nang le tsone ka tsela e e botlhale thata. Ka tsela eno, lelapa le kgona go laola ditshenyegelo, le beela fa thoko madi a le tla a dirisetsang dilo tsa botlhokwa letsatsi le letsatsi kana beke le beke mme le sa fete selekanyo seo.
5 Kwa dinageng tse dingwe, go lekanyetsa madi ka tsela eo go ka nna ga kaya go ithiba gore ba se ka ba adima madi a a duedisediwang morokotso o o kwa godimo gore ba kgone go reka dilo tse ba sa di tlhokeng. Kwa go tse dingwe, go ka raya gore ba gagamale thata fa ba dirisa dikarata tsa madi. (Diane 22:7) Gape go ka kaya go ithiba mo go rekeng—go reka selo ka bonako o sa akanya gore a o a se tlhoka le gore go tlile go felela jang. Mo godimo ga moo, fa o lekanyeditse madi go tla bonala fa o senya madi ka bogagapa ka go betšha, go goga motsoko le ka go nwa go feta selekanyo o humanegisa lelapa e bile melaometheo ya Baebele ga e go letle.—Diane 23:20, 21, 29-35; Baroma 6:19; Baefeso 5:3-5.
6. Ke boammaaruri bofe jo bo mo Dikwalong jo bo thusang ba ba tshelelang mo lehumeng?
6 Lefa go ntse jalo, go tweng ka bao maemo a ba pateletsang gore ba tshelele mo lehumeng? Selo sa botlhokwa ke gore, ba ka gomodiwa ke go itse gore bothata jono jo bo aparetseng lefatshe lotlhe ga bo kitla bo nnela ruri. Mo lefatsheng le lesha le le ntseng le atamela ka bonako, Jehofa o tla nyeletsa khumanego mmogo le dilo tse dingwe tse di botlhoko tse di hutsafatsang batho. (Pesalema 72:1, 12-16) Pele ga foo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ikutlwe ba tlaletswe thata lefa ba humanegile ka go bo ba dumela tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.” Ka gone, motho yo o dumelang a ka bolela jaana a tlhomamisa tota: “Jehofa ke mothusi wa me, ga nketla ke boifa.” (Bahebere 13:5, 6) Mo metlheng eno e e bokete, Jehofa o ile a tlamela baobamedi ba gagwe ka ditsela tse dintsi fa ba tshela ka melaometheo ya gagwe le fa ba baya Bogosi jwa gagwe kwa pele mo matshelong a bone. (Mathaio 6:33) Ba le bantsi ba bone ba ka supa ka go bolela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka. Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.”—Bafilipi 4:12, 13.
GO RWADISANA MORWALO
7. Ke mafoko afe a ga Jesu ao fa re a dirisa a ka re thusang gore re kgone go tsamaisa dilo sentle mo legaeng?
7 Jesu o ne a bolela jaana fa a setse a tla wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Kgakololo eno e thusa thata mo go tsamaiseng dilo mo legaeng fa e dirisiwa mo lelapeng. Gone mme, baagisani ba rona ba ba gaufi thata, ba re ba ratang thata ke bomang fa e se ba re nnang le bone mo ntlong—banna le basadi, batsadi le bana? Maloko a lelapa a ka bontshana lorato ka tsela efe?
8. Lorato lo ka supiwa jang mo teng ga lelapa?
8 Tsela e nngwe ke gore mongwe le mongwe mo lelapeng a dire seabe sa gagwe sa ditiro tsa legae. Ka jalo, bana ba tshwanetse go rutiwa go busetsa dilo kwa di nnang teng fa ba sena go di dirisa, e ka tswa e le diaparo kana ditshamekisi. Go ka tsaya nako le matsapa go alola bolao moso mongwe le mongwe, mme seo se thusa thata mo go tsamaiseng dilo mo legaeng. Gone mme, go ka nna ga tlhakatlhakana go sekae, e bile e le ka nakonyana mme botlhe ba ka dira mmogo go boloka legae le baakantswe sentle e bile le le phepa fa go sena go jewa. Botshwakga, go ja bobe le go nna le moya wa go nna ka dikgopi, wa go sa rate go dira, go ka utlwisa ba bangwe botlhoko. (Diane 26:14-16) Kafa letlhakoreng le lengwe, go nna o itumetse, le go iketleetsa go dira dilo go nonotsha lelapa le le itumetseng. “Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu.”—2 Bakorinthe 9:7.
9, 10. (a) Mosadi wa lelapa o na le mokgweleo ofe mme o ka tlhofofadiwa jang? (b) Go akantshiwa gore tiro ya lelapa e lejwe jang ka tsela e e lekalekaneng?
9 Go akanyetsa le go supa lorato go tla thusa go thibela boemo joo e leng bothata jo bo masisi mo malapeng mangwe. Ka tlwaelo bommè gantsi ke bone ba nonotshang botshelo jwa mo legaeng. Ba tlamela bana, ba phepafatsa legae, ba tlhatswa diaparo le go reka dijo le go di apaya. Kwa dinageng tse dingwe, basadi ba dira le kwa masimong, ba rekisa se ba se boneng kwa mebarakeng kana ba oketsa madi a lelapa ka tsela nngwe fela. Le e leng kwa seno se neng se sa tlwaelega teng pele, go ile ga tlhokega gore dimilione tsa basadi ba ba nyetsweng di batle tiro nngwe kwa ntle ga legae. Mosadi yo o nyetsweng le mmabana yo o dirang ka natla mo dikarolong tse di farologaneng tseno o tshwanetse go akgolwa. Fela jaaka “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” yo o tlhalosiwang ke Baebele, o dira ka natla letsatsi lotlhe. “Ga a je dijo tsa podufalo.” (Diane 31:10, 27) Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore mosadi ke ene fela a ka dirang mo legaeng. Fa monna le mosadi ba sena go dira ka natla letsatsi lotlhe ba se mo legaeng, a mosadi o tshwanetse go dira tiro yotlhe mo legaeng fa monna le ba bangwe mo lelapeng bone ba ikhuditse? Nnyaa. (Bapisa 2 Bakorinthe 8:13, 14.) Ka jalo, ka sekai, fa mmè a ile go apaya dijo, a ka itumela thata fa a ka thusiwa ke mongwe mo lelapeng ka go baakanya tafole, kana ka go ya kwa mabenkeleng kana ka go phepafatsa legae. Ee, botlhe ba ka thusana boikarabelo jono.—Bapisa Bagalatia 6:2.
10 Bangwe ba ka nna ba re: “Nna kwa ke nnang teng monna ga a dire ditiro tse di ntseng jalo.” Go ka tswa go ntse jalo, mme a go ne go ka se ka ga nna molemo go akanyetsa kgang eno? Fa Jehofa Modimo a ne a simolola lelapa, ga a ka a laela gore ditiro dingwe di tla dirwa fela ke basadi. Ka nako nngwe, fa monna yo o ikanyegang, Aberahame a ne a etetswe ke barongwa ba ba kgethegileng go tswa kwa go Jehofa, ene ka boene o ne a apeela baeng dijo le go ba tsholela. (Genesise 18:1-8) Baebele e gakolola jaana: “Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone.” (Baefeso 5:28) Fa e le gore fa letsatsi le wela, monna o lapile e bile o batla go ikhutsa, a mosadi wa gagwe le ene ga a ikutlwe jalo, gongwe e bile ene a lapile go mo feta? (1 Petere 3:7) Ka jalo, a go tla bo go sa tshwanela e bile go supa lorato fa monna a thusa mo legaeng?—Bafilipi 2:3, 4.
11. Jesu o ne a tlhomela mongwe le mongwe mo lelapeng sekao se se molemo ka tsela efe?
11 Jesu ke sekao se se molemo thata sa motho yo a neng a itumedisa Modimo a bo a itumedisa le ditsala tsa gagwe. Le mororo Jesu a ise a ko a nyale, ke sekao se se molemo thata mo banneng mmogo le mo basading le mo baneng. O ne a bua jaana a ipolela: “Morwa Motho a ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla,” ke gore go nna motlhanka wa ba bangwe. (Mathaio 20:28) A bo malapa a maloko a one a tlhagolelang boikutlo jono a itumetse jang ne!
BOPHEPA—KE ENG FA BO LE BOTLHOKWA JAANA?
12. Jehofa o batla eng mo go ba ba mo direlang?
12 Molaomotheo o mongwe wa Baebele o o ka thusang mo go laoleng mo legaeng o fitlhelwa mo go 2 Bakorinthe 7:1. Re bala jaana koo: “A re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa.” Bao ba reetsang mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ba amogelwa ke Jehofa yoo a batlang “tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang.” (Jakobe 1:27) E bile lelapa la bone le bona melemo e e leriwang ke seo.
13. Ke eng fa bophepa bo le botlhokwa thata mo tsamaisong ya lelapa?
13 Ka sekai, Baebele e re tlhomamisetsa gore go tla tla letsatsi le go tla bong go sa tlhole go le loso e bile go sena bolwetse. Ka nako eo, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24; Tshenolo 21:4, 5) Lefa go ntse jalo, go fitlha nako eo e tla, lelapa lengwe le lengwe le tla nna le oka balwetse nako le nako. Paulo le Timotheo le bone ba ne ba tle ba lwale. (Bagalatia 4:13; 1 Timotheo 5:23) Lefa go ntse jalo, baitse ba tsa kalafi ba re malwetse a mantsi a ka thibelwa. Malapa a a botlhale a falola malwetse a a ka thibelwang ka go nna phepa mo mmeleng le semoyeng. A re sekasekeng gore a dira ka tsela efe.—Bapisa Diane 22:3.
14. Go nna phepa mo boitsholong go ka sireletsa lelapa jang mo malwetseng?
14 Go nna phepa mo moyeng go akaretsa go nna phepa mo boitsholong. Jaaka go itsege, Baebele e buelela seemo se se kwa godimo sa boitsholo e bile e kgala ba ba tlhakanelang dikobo ba sa nyalana. “Go le baakafadi, . . . go le ba bonyatsi, . . . go le basotoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorinthe 6:9, 10) Go botlhokwa thata gore Bakeresete ba ikobele melao eno e e gagametseng mo lefatsheng leno la gompieno le le tletseng boitsholo jo bo maswe. Fa o dira jalo o itumedisa Modimo e bile seo se tla thusa go sireletsa lelapa mo malwetseng a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo jaaka AIDS, rasephiphi, thosola le makhwekhwenene.—Diane 7:10-23.
15. Naya sekai sa kafa leswe la mmele le ka bakang bolwetse go sa tlhokege ka teng.
15 Lelapa le sireletsega mo malwetseng a mangwe ‘fa le itshekisa mo maitshekologong otlhe a nama.’ Malwetse a mantsi a bakiwa ke leswe la mmele. Sekai se segolo ke go goga motsoko. Go goga motsoko ga go leswafatse fela makgwafo, diaparo le mowa gape go lwatsa batho. Dimilione tsa batho di swa ngwaga le ngwaga ka go bo di ne di goga motsoko. Akanya fela ka seo; ngwaga le ngwaga, go na le dimilione tsa batho ba ba ka bong ba sa lwale, ba sa swa pele ga nako fa ba ne ba ile ba tila ‘maitshekologo ao a nama’!
16, 17. (a) Ke molao ofe o o neng o ntshitswe ke Jehofa o o neng o sireletsa Baiseraele mo malwetseng mangwe? (b) Molaomotheo o o mo go Duteronome 23:12, 13 o ka dirisiwa jang mo magaeng otlhe?
16 Akanyetsa sekai se sengwe gape. Mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne wa naya setšhaba sa Iseraele Molao wa gagwe gore ba kgone go rulaganya kobamelo ya bone le botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi ka selekanyo se se rileng. Molao oo, o ne o thusa go sireletsa setšhaba mo malwetseng ka go tlhoma melao mengwe e e rileng ya go itshola ba le phepa. Mongwe wa melao eo o ne o ama go latlhiwa ga mantle a a neng a tshwanetse go epelwa kgakala le bothibelelo gore lefelo le batho ba nnang mo go lone le se ka la tlala leswe. (Duteronome 23:12, 13) Molao oo wa bogologolo e santse e le kgakololo e e molemo thata. Le e leng gompieno, batho ba a lwala e bile ba a swa fa ba sa o latele.a
17 Go dumalana le molaomotheo o molao wa Baiseraele o neng o thailwe mo go one, kamore ya botlhapelo le ya boithomelo—e ka tswa e le mo teng kana ka kwa ntle ga ntlo—di tshwanetse tsa bolokwa di le phepa di se na megare. Fa lefelo la boithomelo le sa bolokiwe le le phepa e bile le sa khurumelwe, dintsi di tla kgobokanela mo go lone di bo di anamisetsa megare eo mo mafelong a mangwe mo legaeng—le mo dijong tse re di jang! Mo godimo ga moo, bana le bagolo ba tshwanetse go tlhapa diatla tsa bone fa ba tswa kwa lefelong leno. Go sa nneng jalo, ba ka tla ka megare e le mo letlalong la bone. Go ya ka ngaka nngwe ya Mofora, go tlhapa diatla “e santse e le mokgwa o o tlhomameng tota wa go thibela go tshwaediwa ke bolwetse jwa mala, mafatlha kana jwa letlalo.”
18, 19. Ke dikakantsho dife tse di newang tsa go tshola ntlo e le phepa lefa o nna mo tikologong ya batho ba ba humanegileng?
18 Ke boammaaruri gore bophepa ke selo se se seng motlhofo mo tikologong ya batho ba ba humanegileng. Motho mongwe yo o itseng mafelo a a ntseng jalo o ne a tlhalosa jaana: “Tlelaemete e e mogote e dira gore go phepafatsa go nne bokete tota. Diphefo tsa ditsuatsue di tlatsa karolo nngwe le nngwe ya ntlo ka boupe jo bosetlha. . . . Go oketsega ka bonako ga baagi mo ditoropong tse dikgolo, mmogo le mo mafelong mangwe a kwa magaeng go baka mathata a boitekanelo. Mesima ya mantle e e sa khurumelweng, dithothobolo tsa matlakala a a sa olelweng, mafelo a boithomelo a botlhe a a leswe, dipeba tse di rwalang malwetse, mafele le dintsi di bonwa gongwe le gongwe.”
19 Go bokete tota go nna phepa mo maemong a a ntseng jaana. Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse go nna a leka. Sesepa le metsi mmogo le go tsaya matsapa a a oketsegileng go ja madi a mannye fa go bapisiwa le madi a melemo le a dikokelo. Fa o nna mo tikologong e e ntseng jalo, leka bojotlhe go boloka ntlo ya gago le jarata e le phepa e sena mantle a diphologolo. Fa tselana e e tsenang mo ntlong ya gago e nna le seretse fa pula e nele, a o ka se tshele mmu o o makgwaphana kana matlapa gore ntlo ya gago e se ka ya tlala seretse? Fa e le gore lo rwala ditlhako a di ka se rolwe pele motho a tsena mo ntlong? Gape, lo tshwanetse gore lo boloke metsi a lona a sa tsenwe ke leswe. Go fopholediwa gore mo e ka nnang dimilione tse pedi tsa batho ba ba swang ka ngwaga ba bolawa ke malwetse a a bakilweng ke go nwa metsi a a leswe le go sa tlose leswe sentle.
20. Ke bomang ba ba tshwanetseng go nna le seabe mo boikarabelong jwa go phepafatsa ntlo?
20 Go ikaegile ka mongwe le mongwe gore legae le nne phepa—mmè, rre, bana le baeng. Mmè mongwe yo o nang le bana ba le robedi kwa Kenya o ne a re: “Botlhe ba itse go dira diabe tsa bone.” Ntlo e e phepa e dilo di beilweng sentle mo go yone e tlotlomatsa botlhe mo lelapeng. Seane sengwe sa Sepanishe sa re: “Khumanego le bophepa ga se baba.” Lefa motho a ka tswa a nna mo ntlong e kgolo, mo foleteng, mo ntlong e nnye kana mo mokhukhung, bophepa ke jone fela bo ka bolokang lelapa leo le itekanetse.
FA RE KGOTHADIWA RE DIRA KA NATLA
21. Go dumalana le Diane 31:28, ke eng se se tla thusang go lere boitumelo mo lelapeng?
21 Buka ya Diane e bolela jaana fa e tlhalosa mosadi wa setswerere: “Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake.” (Diane 31:28) O sale o akgola mongwe mo lelapeng la gago leng la bofelo? Tota ruri, re tshwana le dijalo tsa dikgakologo tse di setseng di tla thunya fela fa di utlwa mogote le mongola. Fa go tla mo go rona, re tlhoka go akgolwa ka lorato. Go molemo thata mo mosading go itse gore monna wa gagwe o a itumela fa a dira ka natla le fa a mo tlamela ka lorato le go itse gore ga a mo tlhokomologe. (Diane 15:23; 25:11) E bile go monate fa mosadi a akgolela monna wa gagwe tiro e a e dirang mo teng ga legae le ka kwa ntle. Bana le bone ba a itumela fa batsadi ba ba akgolela ditiro tse ba di dirang mo legaeng, kwa sekolong kana mo phuthegong ya Bokeresete. Mme a bo go lebogelwa sengwe go le monate jang ne! Tota go go batla go le kana kang go bua fela o re: “Ke a leboga”? Go le gonnye thata mme go ka nonotsha maikutlo a ba lelapa la gago fela thata.
22. Ke eng se se tlhokegang go tlhoma legae le le ‘nitameng,’ mme seno se ka dirwa jang?
22 Go na le mabaka a mantsi a a dirang gore go laola mo legaeng go se ka ga nna motlhofo. Lefa go ntse jalo, o santse o ka atlega. Seane sa Baebele sa re: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.” (Diane 24:3) Botlhale le tlhaloganyo di ka kgona go bonwa fa mongwe le mongwe mo lelapeng a leka go ithuta thato ya Modimo le go e dirisa mo botshelong jwa gagwe. Tota re tshwanetse go dira bojotlhe gore re nne le lelapa le le itumetseng!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo bukeng nngwe e e gakololang kaga go tila letshololo—bolwetse jo bo tlwaelegileng jo bo bolayang masea a mantsi—World Health Organization ya re: “Fa go sena ntlo ya boithomelo: ithusetse kgakala le ntlo le lefelo le bana ba tshamekelang fa go lone mme e nne dimmetara di le 10 go tloga fa metsing; khupetsa mantle ka mmu.”
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . LELAPA JANG MO GO TSAMAISENG LEGAE?
Go botlhale gore motho a kgotsofalele dilo tse a di tlhokang mo botshelong.—1 Timotheo 6:7, 8.
Jehofa ga a kitla a latlha ba ba mo direlang.—Bahebere 13:5, 6.
Go rata ba bangwe ke nonofo e e tlhomologileng thata ya Bokeresete.—Mathaio 22:39.
Bakeresete ba ipoloka ba le phepa mo mmeleng le mo moyeng.—2 Bakorinthe 7:1.
[Lebokoso mo go tsebe 45]
METSI A A PHEPA, BOITEKANELO JWA MMELE
World Health Organization e na le ditsela dingwe tse ka tsone e gakololang batho ba ba nnang mo dinageng tse go seng motlhofo kwa go tsone go bona metsi a a phepa le koo maemo a boitekanelo a sa tlhabololwang teng.
“Gelela metsi ka dikgamelo tse di phepa o bo o a beye ka tse di phepa. Tshola kgamelo e o a tshelang mo go yone e khurumetswe e bile o se ka wa letla bana kana diphologolo di nwa mo go yone. . . . Gelela metsi fela ka selwana se se nang le mokgothi o moleele e bile se dirisediwe seo fela. Ntsha metsi o bo o se tlhatswe letsatsi le letsatsi.
“Bedisa metsi a a tlileng go dirisediwa go apaya dijo kana dino tsa bana ba bannye. . . . Metsi a tlhoka go bedisiwa metsotswana e sekae fela.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 42]
Mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go tlhokomela legae
[Setshwantsho mo go tsebe 47]
Go boloka dilo di le phepa go ja madi a mannye go na le go reka melemo