LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 7/8 ts. 3-5
  • Go Ikalafa—Melemo le Dikotsi Tsa Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikalafa—Melemo le Dikotsi Tsa Gone
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikalafa—A go Diphatsa?
  • O ka Itlhotlhomisa Bolwetse Jang ka Tsela e e Seng Kotsi?
  • O ka Nna Jang le Botsogo jo bo Molemo?
    Tsogang!—1998
  • Dirisa Melemo ka Botlhale
    Tsogang!—1996
  • A Melemo ya Kalafi e e Dirilweng ka Dimela E ka Go Thusa?
    Tsogang!—2004
  • Dirisa Diokobatsi Tsa Kalafi ka Botlhale
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 7/8 ts. 3-5

Go Ikalafa—Melemo le Dikotsi Tsa Gone

Ka mmegadikgang wa Tsogang! Kwa Brazil

PORESIDENTE wa khampani e kgolo ya melemo o boletse jaana: “Kgwebo ya dilo tsa go ikalafa e ntse e oketsega mo lefatsheng lotlhe. Batho ba batla go laola boitekanelo jwa bone.” Le fa go ntse jalo, a go na le dikotsi dingwe tse o tshwanetseng wa di ela tlhoko mo kgannyeng eno?

Gone mme molemo o ka alafa motho fa a o dirisa ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, insulin le dibolayadibaketeria le e leng motswako o o tlhwatlhwatlase le o o motlhofo wa go busetsa metsi mo mmeleng, di namola matshelo a mantsintsi. Kgwetlho ya go ikalafa ke go tlhomamisa fa melemo ya gone e gaisa dikotsi tsa gone.

Gone ke boammaaruri gore kwa dinageng dingwe mafelo a kalafi a ka tswa a le kgakala kana a tura thata. Ke gone ka moo bontsi jwa batho bo ikaegileng ka dikakantsho tsa ditsala le balosika kana dibuka tsa dikgakololo go bona tshedimosetso malebana le kalafi. Gape Fernando Lefèvre yo e leng porofesa kwa São Paulo University kwa Brazil o bolela jaana: “Matsholo a phasalatso a anamisa kgopolo ya gore go ka kgonega go nna le botsogo le boitekanelo jo bomolemo ka go reka fela pilisi.”a Ka ntlha ya moo, batho ba bantsi ba itlhaganelela go dirisa diokobatsi go alafa matswela a a sa itumediseng a a bakwang ke go ipolaisa tiro, go tlhaela dikotla le e leng mathata a a sa reng sepe a maikutlo. Lefèvre o okeditse jaana: “Go na le gore batho ba tokafatse matshelo a bone, ba leka go rarabolola mathata a bone ka go reka melemo e e rekisediwang batho botlhe.” Mme go itse mang gore gongwe e bile balwetse bano ba rekile melemo e e sa tshwanelang?

Mo godimo ga go dirisa melemo go alafa malwetse a a jaaka go opiwa ke tlhogo, kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi le go tshwarwa ke mala, bontsi jwa batho bo setse bo dirisa melemo go lepalepana le go tlhobaela, poifo le bodutu. Dr. André Feingold a re: “Batho ba senka thuso ya ngaka ka gonne ba akanya gore pilisi e tla rarabolola bothata jwa bone. Ba tsa boitekanelo le bone ba rata go buelela melemo thata le go akantsha thata gore ba tle go tlhatlhobiwa. Ga ba dire matsapa ape a go batlisisa se se ka tswang se lwatsa molwetse yo gantsi a tshelang botshelo jo bo tlhakatlhakaneng, jo bo ngomolang pelo le jo bo sa siamang.” Romildo Bueno wa World Council for Prevention of the Abuse of Psychotropics (diokobatsi tse di fetolang boikutlo kana boitshwaro jwa motho) o dumetse gore: “Ngaka e na le nako e nnye fela ya go bona balwetse e bile e ba isa gae ka bonako, e alafile fela matshwao a bolwetse.” Go dirisa diokobatsi “ke tsela ya kalafi ya go [rarabolola] mathata a setšhaba.” Le fa go ntse jalo, ngaka nngwe e lemositse gore balwetse ba le bantsi ba tlhoka go kaelwa ka kelotlhoko fa ba newa diokobatsi tse di fetolang boitshwaro jwa motho.

Lekwalodikgang la letsatsi le letsatsi la O Estado de S. Paulo la kwa Brazil le boletse seno morago ga go tlotla ka “Feshene ya Prozac”: “Ga go utlwale gore molemo o fetoge feshene, fela jaaka setaele se sesha sa moriri.” Le nopola ngaka ya malwetse a tlhaloganyo e bong Arthur Kaufman: “Go feteletsa dilo thata go dira gore batho ba fetole kalafi e e molemo gore e nne jaaka e kete ke tharabololo ya malwetse otlhe.” Kaufman o oketsa jaana: “Batho ba setse ba batla fela melemo e e fodisang ka bonako, ka jalo ba bona go le botoka go tsaya pilisi gore e rarabolole mathata a ba nang le one go na le go batlisisa se se a bakang.” Mme gone, a go ikalafa ga go diphatsa?

Go Ikalafa—A go Diphatsa?

The New Encyclopædia Britannica ya re: “Nngwe ya dilo tse kalafi ya lekgolo leno la bo20 la dingwaga e gatetseng pele thata ka yone ke diokobatsi tse disha tse e kgonang go di dira.” Le fa go ntse jalo, gape e boletse jaana: “Gongwe selo se se tsenyang batho ba bantsi botlhole go gaisa sepe se sele ke melemo.” Ee ruri melemo e kgona go alafa, mme gape e ka nna kotsi. Cilene de Castro yo e leng mokwadi o tlhalositse gore dipilisi tsa anorexia tse di dirang gore motho a se nne le keletso ya dijo “di ama ditshikana mme ka jalo di ka baka matshwao a a masisi a a jaaka go tlhoka boroko bosigo, diphetogo mo boitshwarong mme mo maemong a mangwe le e leng go nna mo maibing.” O oketsa ka gore: “Mme motho mongwe le mongwe yo o akanyang gore dipilisi tsa anorexia di dira fela tiro ya go dira gore motho a se nne le keletso ya dijo o a itsietsa. Pilisi e le nngwe ya teng e ka feleletsa e dirile gore motho a tshwanelwe ke go dirisa mogolagang o o sa feleng wa dikalafi tse dingwe tse le tsone di bakang mathata a mangwe a a tlhokang gore a alafiwe ka tse dingwe.”

Bontsi jwa diokobatsi tse di dirisiwang di ka dira gore o tshwarwe ke mala le e leng go go ferosa sebete, go go tlhatsisa le go go dira gore o dutle madi. Diokobatsi tse dingwe di ka go tshwakgola kana tsa go senya diphilo le sebete.

Le e leng dilo tsa boitekanelo tse di tlwaelegileng di ka nna tsa baka mathata. Dr. Efraim Olszewer yo e leng poresidente wa mokgatlho wa kalafi wa kwa Brazil o tlhagisa jaana: “Feshene eno ya go nwa dipilisi tse di oketsang dibitamene e kotsi thata. Ga se fela gore batho ba rata go ikalafa mme gape dingaka dingwe le tsone di kwalela batho melemo e e belaetsang, di itlhokomolosa dikotsi tsa gone.” Le fa go ntse jalo, ngaka nngwe e bolela gore dipilisi tse di oketsang dibitamene tse di nowang ka selekano se se siameng di a tlhokega kana di molemo mo go alafeng malwetse le makoa a a rileng.

O ka Itlhotlhomisa Bolwetse Jang ka Tsela e e Seng Kotsi?

E re ka re sa kgone go bona ngaka nako le nako fa re sa ikutlwe monate, thuto ya tsa boitekanelo le go ikalafa ka tsela e e siameng di ka solegela malapa a rona molemo. Le fa go ntse jalo, pele ga o nwa molemo ope fela, go tlhokega gore o tlhotlhomise bolwetse sentle le ka tsela e e molemo. Fa e le gore ga go na ngaka gaufi le mo o nnang teng kana o se na madi a go e duela, go leba mo bukeng e e tshwanetseng ya ditshupiso tsa kalafi go ka go thusa go tlhotlhomisa bolwetse sentle. Ka sekai, Mokgatlho wa Kalafi wa Amerika o gatisa buka ya lelapa ya kalafi e e akaretsang karolo ya ditsebe di le 183 ya ditšhate tsa matshwao a malwetse. Karolo eno e botsa molwetse motseletsele wa dipotso tse di ka arabiwang ka ee kana nnyaa. Ka thulaganyo eno ya go itlhatlhoba, gantsi bothata bo ka lemogiwa.

Mme go tweng ka seabe sa dingaka? Ke leng re tshwanetseng go senka thuso ya dingaka? Re ka tila jang go feteletsa dilo ka go tshwenyega mo go feteletseng ka boitekanelo jwa rona kana go nna bosutlha ka jone? Mo lefatsheng leno le malwetse le go tshwenyega maikutlo di anameng thata jaana mo go lone, re ka dira eng gore re nne le botsogo jo bo botokanyana?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kwa dinageng tse dintsi, “go bapatsa ka tlhamalalo” melemo e e rekwang fela ka lekwalo la ngaka mo bareking bosheng jaana go ile ga oketsega thata le mororo dingaka tse dintsi le mekgatlho ya kalafi di kgala mokgwa ono thata.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Ga ba dire matsapa ape a go batlisisa se se ka tswang se lwatsa molwetse yo gantsi a tshelang botshelo jo bo tlhakatlhakaneng, jo bo ngomolang pelo le jo bo sa siamang.”—Dr. André Feingold

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Kalafi ya mo Gae ya Ditlhatshana

Batho ba ditso di le dintsi ba feditse dingwaga di le dintsi ba alafa malwetse a bone ka melemo ya ditlhatshana, ba dirisa dimela tse di bonwang mo nageng le mo dikgweng. Le e leng bontsi jwa diokobatsi tsa segompieno di dirwa ka dimela, tse di jaaka digitalis, e e dirisediwang go alafa mathata a pelo. Ke gone ka moo Penelope Ody, yo e leng leloko la National Institute of Medical Herbalists kwa United Kingdom a boletseng seno mo bukeng ya gagwe gore “go na le dikalafi tse di seng kotsi tse di fetang 250 go thusa go fokotsa malwetse a a tshwenyang batho thata—go tloga ka kgotlholo e e tlwaelegileng, mofikela le go opiwa ke tlhogo go ya go dikalafi tse di kgethegileng tsa malwetse a letlalo, go tshwarwa ke mala le malwetse a bana.”

O kwadile jaana: “Kalafi ya ditlhatshana ga e bolo go tsewa e le ‘kalafi ya batho botlhe’—dikalafi tse di motlhofo tse di ka dirisiwang mo gae go alafa malwetse a a seng masisi thata kana tse di ka dirisiwang go nonotsha dikalafi tse di maatla tse di ntshiwang ke dingaka go alafa malwetse a a sa foleng le a a masisi.” O tswelela jaana: “Le fa gone ditlhatshana di le dintsi di se kotsi, di tshwanetse tsa dirisiwa ka kelotlhoko. O se ka wa di nwa go feta selekanyo se di se beetsweng kgotsa go tswelela ka dikalafi tsa mo gae fa e le gore bolwetse ga bo tokafale, fa bo nna maswe thata kana fa e le gore go belaelwa gore bolwetse ga boa tlhotlhomisiwa sentle.”—The Complete Medicinal Herbal.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela