Dirisa Melemo ka Botlhale
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA
MOSADI mongwe o ne a ngongorega gore o tshwerwe ke tlhogo le setlhabi mo maleng. Ngaka ya buabuanyana le ene. Mme ya mo kaela gore a entelwe malaria ka malatsi a le mararo, a tseye paracetamol (acetaminophen) go didimatsa tlhogo e e opang, diokobatsi tse pedi go okobatsa se e neng e ka tswa e le tlhagala ya mala, diokobatsi tsa go tlhobaela ga gagwe, mme la bofelo, mo godimo ga tsotlhe tseno a mo naya le mefuta e e farologaneng ya dibitamine gore a di nwe. Di ne di ja madi a mantsi, mme fela mosadi yono ga a ka a gana. O ne a tloga a itumetse, a solofetse gore diokobatsi tseno di tla rarabolola mathata a gagwe.
Ga se selo se se sa tlwaelegang mo Afrika Bophirima go bonana le ngaka e bo e go thusa ka tsela eno. Patlisiso nngwe mo setšhabeng sengwe se segolo sa koo e ne ya bontsha gore badiri ba tsa pholo mo mafelong a pholo a botlhe ba neela molwetse mongwe le mongwe palogare ya diokobatsi di le 3,8 tse di farologaneng ka metlha fa a tla. Tota e bile, mo go ba le bantsi ngaka e e siameng ke e e ba nayang melemo e mentsi.
Ka gongwe go a utlwala gore ke ka ntlha yang fa batho ba kwa Afrika Bophirima ba tshepa melemo go le kanakana fa o tlhokomela gore boemo jwa botsogo bo ne bo ntse jang pele gone. Dingwaga tse di fetang 40 pelenyana mokwadi John Gunther o ne a kwala jaana ka metlha ya pele: “Slave Coast eno ga e a bolaya . . . bantsho fela; e bolaile gape le basweu, mme ke karolo ya Afrika e e itsegeng mo dinoolwaneng e le ‘Lebitla la Mosweu.’ Kgosi e e ka se ganediweng ya Guinea Coast ka makgolo a dingwaga e ne e le monang. Letshoroma le lesetlha, letshoroma la metsi a mantsho le malaria e nnile dibetsa tse di tlhophilweng ke kgosi eno, mme e le tse di botlhoko. Tsela e tlelaemete ya West Coast e leng diphatsa ka teng ga se selo sa bogologolo fela, mme e ntse jalo le gompieno. Kgang nngwe e e tshegisang e e itsegeng e tlhalosa ka moofisiri mongwe wa kemedi ya puso yo e seng kgale thata a neng a iphitlhela a rometswe kwa Nigeria mme a botsa ka phenshene ya gagwe. ‘Phenshene?’ mookamedi wa gagwe mo Ofising ya Koloniale a araba jalo. ‘Mogaetsho, ga go na motho yo o yang kwa Nigeria yo a tshelang lobaka lo loleele go fitlha a tlogela tiro ka ntlha ya bogodi.’”
Metlha e fetogile. Gompieno go na le diokobatsi tse di lwantshang e seng fela malwetse a a anamisiwang ke monang mme le malwetse a mangwe a mantsi. Mekento fela e fokoditse thata palo ya dintsho tse di bakwang ke mmokwane, sehuba sa mongannganyego, kitlano ya ditlhaa, le mometso o mosweu. Ka ntlha ya mekento, sekgwaripana se nyeleditswe. Go ise go ye kae gongwe pholio le yone e tla bo e le bolwetse jwa nako e e fetileng.
Ga go gakgamatse go bo Baafrika ba le bantsi gompieno ba dumela thata gore melemo e thusa thata. Ke boammaaruri gore tumelo e e ntseng jalo ga se selo sa mo Afrika Bophirima fela. Kwa United States, ngwaga mongwe le mongwe dingaka di kwala makwalo a a fetang dimilione di le dikete di le 55 a a buelelang gore motho a dirise melemo e e rileng. Kwa Fora batho ba reka palogare ya mabokoso a le 50 a dipilisi ngwaga nngwe le nngwe. Mme kwa Japane, motho fela wa maemo a a tlwaelegileng o dirisa madi a a fetang R1 700 ngwaga le ngwaga mo melemong.
Mesola fa e Bapisiwa le Dikotsi
Diokobatsi tsa segompieno di dirile go le gontsi go thusa batho. Fa di dirisiwa sentle, di dira gore go nne le pholo e e siameng, mme gone fa di sa dirisiwe sentle di ka utlwisa botlhoko mme tsa ba tsa bolaya. Ka sekai kwa United States batho ba ka nna 300-000 ba amogelwa mo dikokelong ngwaga le ngwaga ka gonne melemo e sa ba tsaya sentle mme ba le 18-000 ba a swa.
Gore o dirise diokobatsi ka botlhale, go botlhokwa go lemoga gore ka dinako tsotlhe go na le kotsi e e rileng. Seokobatsi sengwe le sengwe, le eleng yone aspirin, se ka nna kotsi. Kotsi ya tsone e ka nna kgolo fa o tsaya diokobatsi tse dintsi ka nako e le nngwe. Dijo le dino le tsone di ama tsela e seokobatsi se dirang ka yone mo mmeleng wa gago mme di ka se nonotsha kgotsa tsa se fokotsa bogale.
Go na le dikotsi tse dingwe. O ka nna wa bo o lwadiwa ke seokobatsi se se rileng. Fa o sa dirise diokobatsi ka tsela e o e kaetsweng—selekanyo se se siameng ka boleele jo bo lekaneng jwa nako—di ka nna tsa se go thuse mme di ka go gobatsa. Go ka direga se se tshwanang fa ngaka ya gago e go kwaletse seokobatsi se se sa siamang kgotsa diokobatsi tse di sa tlhokegeng. Gape o ipaya mo kotsing fa o dirisa diokobatsi tse di fetilweng ke nako, tsa boleng jo bo kwa tlase kgotsa tse e seng tsone.
Go fokotsa dikotsi tsa gone, o tshwanetse go itse mo gontsi ka mo o ka kgonang ka teng ka seokobatsi sengwe le sengwe se o se dirisang. O ka bona molemo o mogolo ka go itse boammaaruri.
Dibolayadibakateria—Mo di Kgonang Teng Le mo Di Palelwang Teng
Fa e sale di nna gone mo e ka nnang dingwaga di le 50 tse di fetileng, dibolayadibakateria di bolokile matshelo a batho ba le dimilione. Di lerile malwetse a a boifisang a a jaaka lepero, thiibi, nyumonia, letshoroma le le hibidu le thosola mo tlase ga taolo. Gape di dira tiro ya botlhokwa thata mo go alafeng malwetse mangwe a a tshwaetsanwang.
Dr. Stuart Levy, porofesa ya melemo kwa Tufts University Medical School kwa United States, o rile: “[Dibolayadibakateria] di tlisitse diphetogo mo melemong. Ke tsone fela didirisiwa tse di fetotseng hisitori ya tsa kalafi.” Mookamedi yo mongwe wa kalafi o rile: “Ke tsone selo sa botlhokwatlhokwa se melemo ya segompieno e ikaegileng ka sone.”
Lefa go ntse jalo, pele ga o tabogela kwa ngakeng ya gago go kopa gore a di go neye, akanya ka dikotsi tsa tsone. Fa dibolayadibakateria di dirisiwa ka tsela e e sa siamang, di ka go gobatsa thata go feta go go alafa. Seno ke ka gonne dibolayadibakateria di dira ka go tlhasela le go senya dibakateria mo mmeleng. Mme ga se ka metlha e senyang dibakateria tsotlhe tse di kotsi; mengwe ya mefuta ya dibakateria e emelana le tlhaselo. Mefuta eno e e kgonang go emelana le tlhaselo ga e falole fela mme gape e a ntsifala mme e fetela le kwa mothong yo mongwe.
Ka sekai, phenisiline e kile ya bo e dira sentle mo go alafeng malwetse a a tshelanwang. Jaanong ka ntlha fela ya go oketsega ga mefuta ya dibakateria tse di emelanang le tlhaselo, dikhampani tsa diokobatsi di bapatsa makgolo a mantsi a mefuta e e farologaneng ya phenisiline.
Ke eng se o ka se dirang go tila mathata? Fa e le gore o tota o tlhoka dibolayadibakateria, tlhomamisa gore di kwadilwe ke ngaka e e tshwanelegang mme di bonwa go tswa mo motsweding o o kafa molaong. O se ka wa itlhaganelela go pateletsa ngaka ya gago gore e go neye dibolayadibaketeria—e ka tswa gongwe e batla gore o tlhatlhobiwe kwa laboratoring go tlhomamisa gore a tse o di neetsweng di siametse bolwetse jwa gago.
Go botlhokwa gape gore o tseye selekanyo se se siameng ka boleele jo bo lekaneng jwa nako. O tshwanetse go nwa dibolayadibakateria tsotlhe tse o di neilweng, le fa o ka ikutlwa botoka pele ga di fela.
A Mekento e Botoka go Feta Dipilisi?
“Ke batla go entiwa!” Mafoko ano a utlwiwa ke badiri ba tsa botsogo ba le bantsi mo dinageng tse di tlhabologang. Lebaka la go bo batho ba lopa jalo ke ka gonne ba dumela gore molemo o entelwa ka tlhamalalo kwa ditshikeng tsa madi e bile o neelana ka kalafi e e maatla go feta dipilisi. Mo dinageng tse dingwe go tlwaelegile go bona ‘dingaka tse di entang’ tse di senang tetla ya molao mo marekelong.
Mekento e na le dikotsi tse dipilisi di se nang tsone. Fa lomao lo se phepa, molwetse a ka nna a tshwaediwa ke bolwetse jwa sebete, kitlano ya ditlhaa le eleng yone AIDS. Lomao lo lo leswe gape lo ka nna lwa baka tlhagala e e botlhoko. Dikotsi di nna dintsi fa motho yo o entang e se yo o go rutetsweng.
Fa o tlhoka mokento e le tota, tlhomamisa gore o entiwa ke motho yo o tshwanelegang mo go tsa botsogo. E le go itshireletsa, tlhomamisa gore ka dinako tsotlhe lomao le motlhogo di bolailwe megare.
Diokobatsi Tse e Seng Tsone
Go ya ka World Health Organization (WHO), diintaseteri tsa diokobatsi tsa melemo mo lefatsheng lotlhe ke kgwebo e tona e e tsenyang mo e ka nnang dimilione di le dikete di le 740 tsa diranta ngwaga le ngwaga. Go bo ba tlhagafaletse go dirisa boemo jono ka botlalo, batho ba ba sa tlhokomeleng ba ntshitse melemo e e seng yone. Diokobatsi tse e seng tsone di lebega fela jaaka tsa mmatota—le matshwao le diphuthelo tsa teng—mme ga di thuse.
Lefa melemo e e seng yone e fitlhelwa gongwe le gongwe, e tlwaelegile segolobogolo mo mafatsheng a a tlhabologang mme e baka ditlamorago tse di botlhoko. Kwa Nigeria, bana ba le 109 ba ile ba swa ka ntlha ya go sa dire ga diphilo morago ga go nwa sirapa e e bolayang ditlhabi e e neng e na le setlhaolosi se se dirisiwang mo diintasetering. Kwa Mexico, batho bangwe ba ba neng ba shele ba ne ba tshwaetsega letlalo thata ka ntlha ya melemo e go neng go twe e a alafa e e neng e na le manya a saga, kofi le leswe. Kwa Burma, bontsintsi jwa banni ba motse mongwe ba ka bo ba sule ka ntlha ya malaria e le ditlamorago tsa go nwa seokobatsi se e seng sone se se neng se sa lwantshe letshoroma la malaria. WHO e boletse gore: “Ba ba leng mo kotsing thata ke batho ba ba humanegileng, ba ka dinako dingwe ba akanyang gore ke sesolo tota fa ba reka se se lebegang e le molemo o o nonofileng o o dirwang ke khampani e e tlotlegang.”
O ka itshireletsa jang mo diokobatsing tse e seng tsone? Tlhomamisa gore se o se rekang se tswa mo motsweding o o itsegeng sentle, o o jaaka khemisi ya bookelo. O se ka wa reka mo babapatsing ba mo mebileng. Rakhemisi mongwe kwa Benin City, kwa Nigeria, o lemotsha jaana: “Mo babapatsing ba mo mebileng, go rekisa diokobatsi ke kgwebo fela. Ba aba diokobatsi jaaka o ka re ke dimonamone kgotsa dibisikiti. Diokobatsi tse ba di rekisang gantsi di fetilwe ke nako kgotsa ga se tsone. Batho bano ga ba itse sepe ka diokobatsi tse ba di rekisang.”
Bothata Jwa Khumanego
Kalafi e motho a e bonang gantsi e laolwa ke madi a a nang le one. Go somarela le go boloka nako, batho ba dinaga tse di tlhabologang ba ka nna ba se ye kwa ngakeng mme ba tlhamalalele fela kwa khemising go ithekela diokobatsi tse ka molao di tlhokang lokwalo lwa ngaka. Ba itse seo ba se batlelang malwetse a bone ka gonne ba kile ba se dirisa pele kgotsa ka gonne ditsala di akantsha sone. Mme se ba se batlang e ka nna ya bo e se se ba se tlhokang.
Batho ba leka go somarela ka ditsela tse dingwe gape. Ngaka e dira diteko tsa laborateri mme a kwale molemo o o rileng. Molwetse o tsaya lokwalo go ya kwa khemising mme a fitlhele tlhwatlhwa e le kwa godimo. Ka jalo, go na le gore ba batle madi a a oketsegileng, batho gantsi ba reka seokobatsi se se tlhwatlhwa tlase kgotsa ba reke fela mengwe ya melemo e ba e kwaletsweng.
A Tota o Tlhoka Melemo?
Fa e le gore tota o tlhoka molemo, batlisisa ka se o se tsayang. O se ka wa ikutlwa o tlhabiwa ke ditlhong go botsa ngaka kgotsa rakhemisi dipotso ka seokobatsi se o se kwaletsweng. O na le tshwanelo ya go itse. Mo godimo ga moo, ke mmele wa gago o o tlileng go utlwa botlhoko.
Fa o sa dirise melemo ya gago ka tshwanelo, o ka se fole. O tshwanetse go itse gore o nwe o o kana kang, o o nwe leng, le ka lobaka lo lo kae. O tlhoka gape go itse gore ke dijo, dino le melemo kgotsa ditiro dife tse o tshwanetseng go di tila fa o ntse o nwa molemo oo. Mme o tlhoka go itse ka mathata a a ka nnang a bakwa ke one le gore o dire eng fa a nna gone.
Nna o gakologetswe gape gore diokobatsi ga di rarabolole bothata bongwe le bongwe jwa pholo. O ka nna wa bo o sa tlhoke diokobatsi gotlhelele. Makasine wa World Health, e leng kgatiso ya WHO, o bolela jaana: “Dirisa melemo fela fa go tlhokega. Go ikhutsa, dijo tse di siameng le go nwa go le gontsi, gantsi di lekane go thusa motho go ikutlwa botoka.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]
“Malwetse A Le Sekete A Tlhoka Dikalafo Di Le Sekete,” Go Ne Ga Kwala Jalo Mmoki Mongwe Wa Moroma Dingwaga Di Le 2000 Tse Di Fetileng. Gompieno, Mmoki Yono O Ne A Ka Kwala Jaana, ‘Malwetse A Le Sekete A Tlhoka Dipilisi Di Le Sekete’! Eleruri Go Lebega Go Na Le Pilisi Ya Mo E Ka Nnang Bolwetse Bongwe Le Bongwe, E Ka Tswa E Le Jwa Mmatota Kgotsa E Le Jwa Maitlhomo Fela. Go Ya Ka World Bank Go Na Le Mefuta Ya Diokobatsi E Ka Nna 100 000 Mo Lefatsheng Lotlhe, E E Dirilweng Ka Dire Tse Di Bogale Tse Di Fetang 5000.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]
Tiriso E E Botlhale Ya Melemo
1. Se dirise diokobatsi tse di fetilweng ke nako.
2. Reka mo motsweding o o itsegeng sentle. O se ka wa reka mo barekising ba mo mebileng.
3. Tlhomamisa gore o tlhaloganya ditaolo le go di latela.
4. O se ka wa dirisa diokobatsi tse di kwaletsweng motho yo mongwe.
5. O se ka wa gatelela gore o entiwe. Diokobatsi tse di nowang le tsone di a thusa.
6. Boloka melemo e le mo lefelong le le tsiditsana, kwa bana ba ka se e fitlheleleng gone.