LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/09 ts. 3
  • Go Furutlholola Khabote ya Melemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Furutlholola Khabote ya Melemo
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diokobatsi Tse di Tswang Kwa Ngakeng—Go di Dirisa ka Tsela e e Tshwanetseng Le e E sa Tshwanelang
    Tsogang!—2009
  • Diokobatsi—Ke Bomang Ba ba Di Dirisang?
    Tsogang!—2001
  • Dirisa Melemo ka Botlhale
    Tsogang!—1996
  • A Ntwa Kgatlhanong le Diokobatsi e ka Fenngwa?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 5/09 ts. 3

Go Furutlholola Khabote ya Melemo

MOSADI mongwe yo o bidiwang Lena a re: “Ke simolotse go dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng fa ke ne ke le dingwaga di le 14.”a Ke ne ke ikutlwa gore ke tshwanetse go nna mosesane le go nna montle, mme ngaka ya rona ya lelapa e ne ya nnaya dipilisi tsa go fokotsa mmele. Nako e ka yone fela ke neng ke ikutlwa ke le montle e ne e le fa go bonala basimane ba nkgatlhegela. Kgabagare, ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi tse di bogale le go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang jo bo tsamaisanang le tsone. Ka metlha ke ne ke leka go nna ke le mo maibing thata.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Myra o ne a opiwa ke tlhogo e e botlhoko thata, mme ngaka ya gagwe e ne ya mo naya dipilisi tse di okobatsang botlhoko. Fa nako e ntse e ya, o ne a simolola go nwa dipilisi tse di oketsegileng—e se fela ka ntlha ya go opiwa ke tlhogo mme e le go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go tshwakgolwa. Mo godimo ga moo, o ne a simolola go nwa le dipilisi tse ngaka e di neileng maloko a mangwe a lelapa la gagwe.

Ee, dipego di bontsha gore basha ba bantsi le palo e e gakgamatsang ya bagolo ba le bantsi, ba dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng ka tsela e e sa tshwanelang e le go ritibala, go lepalepana le tlhobaelo, go nna ba thantse, go fokotsa mmele kgotsa go nna mo maibing. Diokobatsi tse gangwe le gape di sa dirisiweng sentle ke tse di fitlhelwang mo magaeng a le mantsi: dipilisi tse di okobatsang ditlhabi, tse di ritibatsang, tse di dirang gore o nne o thantse le tse di robatsang.b Diokobatsi tse dingwe tse di sa dirisiweng sentle di akaretsa tse di rekiwang tse di jaaka tse di thusang motho go robala, tse di thusang go thibolola motho dinko, le dipilisi tse di thusang mo dilong tse di ilwang ke mmele.

Bothata jono bo aname e bile bo a oketsega. Ka sekai, kwa dikarolong dingwe tsa kwa Yuropa le Asia Borwa, go sa dirisiwe sentle ga diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng go dirisiwa thata go feta diokobatsi tse di seng kafa molaong. Kwa United States, go sa dirise diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng sentle go feta tsela e go dirisiwang diokobatsi tsotlhe tse di seng kafa molaong ka teng kwantle ga diokobatsi tsa cannabis. Go ya ka pego nngwe ya bosheng ya lokwalodikgang, basha ba ba oketsegileng ba dingwaga di le 12 go ya go 17 “ba dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng ka tsela e e sa tshwanelang go feta kafa ba dirisang cocaine, heroin le di-methamphetamine di kopane.” Ee ruri, diokobatsi tseno di batliwa thata jaana mo e leng gore go simologile kgwebo e mo go yone go itirelwang lekwalo le le tswang kwa ngakeng la gore di bonwe.

O ka itshireletsa jang mmogo le bana ba gago gore lo se ka lwa dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang—e ka tswa e le tse di tswang kwa ngakeng kgotsa tse di seng kafa molaong? Ditlhogo tse di latelang di sekaseka dipotso tseno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mo motseletseleng wa ditlhogo tseno a fetotswe.

b Bontsi jwa melaometheo e e sekasekiwang fano e ka dirisiwa le mo kgannyeng ya go dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong le go sa dirise bojalwa sentle.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

“Go Tshwakgolwa ke diokobatsi go bonala fa motho a di dirisa ka tsela e e sa laolesegeng, a di dirisetsa mabaka a e seng a kalafi e bile a tswelela a di dirisa le fa di mo gobatsa kgotsa go na le kotsi ya gore di ka mo gobatsa,” go bolela jalo Physicians’ Desk Reference. Go tshwakgolwa go bonala fa motho a dirisa seokobatsi ka tsela e e sa laolesegeng kgotsa a sa kgone go tshela kwantle ga sone.

Fa mmele o ikaegile ka seokobatsi go bonala fa balwetse ba nna le matshwao a a sa itumediseng fa ba tlogela go dirisa seokobatsi se se tswang kwa ngakeng se se jaaka tse di nang le opium. Ano ke matshwao a a tlwaelegileng mme ga a tshwane le a go tshwakgolwa.

Fa mmele o tlwaela seokobatsi go tewa fa motho a batla selekanyo se se oketsegileng sa seokobatsi se se rileng gore botlhoko bo okobale jaaka pele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela