Diokobatsi Tse di Tswang Kwa Ngakeng—Go di Dirisa ka Tsela e e Tshwanetseng Le e E sa Tshwanelang
MOSETSANA mongwe yo o bidiwang Angie o ne a utlwa batsadi ba gagwe ba bolela gore dipilisi tse monnawe a di nwang di dira gore a se ka a nna le keletso ya dijo. E re ka Angie a ne a tshwenyegile ka boima jwa mmele wa gagwe, o ne a simolola go nanabela dipilisi tsa ga monnawe mme a nwa e le nngwe mo malatsing mangwe le mangwe a le mmalwa. Go fokotsa kotsi ya gore batsadi ba gagwe ba lemoge, o ne a kopa tsala nngwe ya gagwe yo le ene a neng a dirisa tsone dipilisi tseo gore a mo neye tsa gagwe.a
Ke eng fa batho ba bantsi jaana ba rata go dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng ka tsela e e sa siamang? Lebaka le lengwe ke gore di kgona go bonwa motlhofo—di ka tswa di le gone mo ntlong. Sa bobedi, basha ba le bantsi ka phoso ba akanya gore ga ba dire sepe se se seng kafa molaong fa ba dirisa diokobatsi tsa kalafi le fa ba sa di newa ke ngaka. Sa boraro, diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng di bonala di se botlhole thata jaaka tse di seng kafa molaong. Basha bangwe ba ipolelela gore, ‘gone mme, fa diokobatsi tse di rileng di newa ngwana, go raya gore ga di kotsi.’
Ka gone, fa melemo e e tswang kwa ngakeng e dirisiwa sentle, e ka tokafatsa botsogo jwa motho le boleng jwa botshelo e bile tota e ka boloka matshelo. Mme fa e sa dirisiwe sentle, e ka nna kotsi fela jaaka diokobatsi tse di seng kafa molaong. Ka sekai, fa motho a sa dirise diokobatsi dingwe sentle tse di tswang kwa ngakeng, a ka nna a ema pelo kgotsa a wa mototwane. Diokobatsi tse dingwe di ka dira gore motho a se ka a hema sentle mme kgabagare tsa dira gore a swe. Gape seokobatsi se ka nna le ditlamorago tse di kotsi fa se dirisiwa le diokobatsi tse dingwe kgotsa le bojalwa. Lokwalodikgang lwa Arizona Republic lo ile lwa bolela gore mo masimologong a 2008, modiragatsi mongwe yo o tumileng o ne a swa “ka ntlha ya go dira motswako o o kotsi wa diritibatsi di le thataro, dipilisi tse di robatsang le dipilisi tse di okobatsang ditlhabi.”
Sengwe gape se se ka nnang kotsi e ka nna go tshwakgolwa. Fa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng di dirisiwa ka selekanyo se segolo kgotsa ka ntlha ya mabaka a a sa siamang, dingwe tsa tsone di nna jaaka diokobatsi tse di seng kafa molaong—di tsibosa karolo ya boboko e e dirang gore motho a itumele, e leng selo se se ka bakang gore motho a eletse seokobatsi seo. Mme go na le gore go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang go tswelele go dire gore batho ba itumele kgotsa go ba thuse go lebana le mathata a bone, go dira gore dilo di nne maswe le go feta. Go ka nna ga oketsa go ngomoga pelo, ga dira gore motho a gatelelwe thata mo maikutlong, ga senya botsogo jwa gagwe le go dira gore a se tlhole a kgona go tshela sentle, ga dira gore motho a tshwakgolwe, kgotsa a nne le mathata ano otlhe. Ga go na pelaelo gore batho ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa siamang ba tla nna le mathata kwa gae, kwa sekolong kgotsa kwa tirong. Mme he, re ka itse jang gore a re dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng sentle kgotsa nnyaa?
A o Di Dirisa ka Tsela e e Tshwanetseng Kgotsa E e Sa Tshwanelang?
Ka bokhutshwane fela, o dirisa diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng sentle fa o di nwa go ya ka ditaelo tsa ngaka e e itseng hisitori ya botsogo jwa gago. Seo se tla akaretsa go nwa selekanyo se se siameng ka dinako tse di siameng, ka tsela e e tshwanetseng le ka ntlha ya mabaka a a siameng a kalafi. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga nna le matshwao a o neng o sa a lebelela a a sa itumediseng. Fa seo se direga, bolelela ngaka ya gago ka yone nako eo. A ka nna a fetola molemo o a go o fileng kgotsa a dira gore o o tlogele gotlhelele. O tshwanetse go dira se se tshwanang le ka melemo e o ithekelang yone: E dirise fela fa o e tlhoka mme o latele ka kelotlhoko ditaelo tse di kwadilweng.
Batho ba itsenya mo kotsing e kgolo fa ba dirisa melemo ka ntlha ya mabaka a a sa siamang, ba itlhokomolosa ditaelo tsa kafa ba tshwanetseng go e dirisa ka teng, ba dirisa diokobatsi tsa motho yo mongwe kgotsa ba nwa seokobatsi ka tsela e e sa siamang. Ka sekai, dipilisi dingwe di tshwanetse tsa mediwa di feletse gore di tsene mo mading ka iketlo. Batho ba ba sa di diriseng sentle gantsi ba kgoreletsa tsela e dipilisi di tshwanetseng go bereka ka yone ka go di tlhafuna, ka go di sila le go di sunetsa kgotsa ka go di gakolosa mo metsing ba bo ba di tsenya mo mmeleng ka go itlhaba ka lomao. Seno se ka dira gore motho a nne mo maibing mme gape e ka nna kgato ya ntlha ya go simolola go tshwakgolwa. Se se maswe le go feta, o ka nna wa swa.
Kafa letlhakoreng le lengwe, fa motho a dirisa diokobatsi tse a di filweng ke ngaka ka tsela e e siameng mme a belaela gore di simolola go mo tshwakgola, o tshwanetse go itsise ngaka ya gagwe ka bonako. Ngaka e itse tsela e e siameng ya go rarabolola bothata mme ka nako e e tshwanang a sa itlhokomolose bolwetse jo a go alafelang jone.
Bothata jono jwa go sa dirise diokobatsi sentle—ka ditsela tsotlhe—bo supa metlha e re tshelang mo go yone. Lelapa, le e tshwanetseng ya nna lone lefelo la go bona lorato le go nna botshabelo jwa mathata a letsatsi le letsatsi, le mo mathateng. Mekgwa e mentle ya boitsholo le ya semoya e a nyelela fela jaaka go ntse ka go tlotla botshelo. (2 Timotheo 3:1-5) Lebaka le lengwe ke ka go bo batho ba se na tsholofelo ya go bona isagwe e e botoka. Batho ba le bantsi ga ba bone sepe fa e se masetlapelo fela. Ka jalo, ba tshelela gone jaanong fela mme ba batla menate le fa e le efe e ba ka e bonang, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka tsela e e botlhaswa. Baebele ya re: “Kwa go se nang ponatshegelo teng batho ga ba ithibe.”—Diane 29:18.
Fa e le gore o motsadi, ga go na pelaelo gore o batla go sireletsa lelapa la gago mo mathateng a boitsholo le a semoya a a aparetseng lefatshe. Mme o ka dira seo jang? E bile o ka bona kae kaelo e e utlwalang le tsholofelo e o ka iikanyang ka isagwe e e botoka? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go tswa mo atereseng ya Internet ya TeensHealth.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
GO DIRA SENGWE LE SENGWE GO NNA MO MAIBING
Batho bangwe ba tla leka mo e ka nnang sengwe le sengwe gore ba nne mo maibing. Mekgwa e e kotsi thata e akaretsa go sunetsa diedi tse di phepafatsang, politšhe ya manala, politšhe ya difanitšhara, petorolo, sekgomaretsi (glue) seedi sa laitara, pente ya seporei le dilo tse dingwe tsa gase. E re ka boboko bo fitlha mo godimo ga mosele wa dinko, digase tse di sunediwang di tsena ka bonako mo mading, di bo di dira gore go nne le phetogo ka bonako.
Mokgwa o mongwe o o kotsi ke go sa dirise sentle melemo e e rekwang e e nang le setagi kgotsa e e dirang gore motho a ikutlwe a na le boroko. Fa di dirisiwa ka selekanyo se se kwa godimo, dilo tseno di kgoreletsa ditemosi, segolobogolo tsa go utlwa le tsa go bona mme di ka dira gore motho a tlhakane tlhogo, a bone dipono, a swe bogatsu le go nna le ditlhabi mo maleng.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
“MEKGWA YA GO BATLA DIOKOBATSI”
Buka ya Physicians’ Desk Reference ya re: “‘Ditsela tsa go batla diokobatsi’ di tlwaelegile mo bathong ba ba tshwakgotsweng le ba ba sa di diriseng sentle.” “Mekgwa ya go batla diokobatsi e akaretsa go kopa thuso ya potlako kgotsa go ya kwa ngakeng fa nako ya tiro e fela, go gana go tlhatlhobiwa sentle, go gana go ntsha lokwalo lwa ngaka, go nnela go ‘latlhegelwa’ ke bosupi jwa gore o filwe diokobatsi ke ngaka, go leka go fetola se ngaka e se kwadileng malebana le diokobatsi, go okaoka go ntsha direkoto tsa nako e e fetileng tsa kalafi kgotsa tshedimosetso ya dingaka tse dingwe tse go ka ikgolaganngwang le tsone tse di kileng tsa go alafa. Go ya kwa dingakeng tse di farologaneng go bona diokobatsi tse di oketsegileng go tlwaelegile mo bathong ba ba sa diriseng diokobatsi sentle le batho ba ba nang le bothata jo bo tswelelang pele jwa go tshwakgolwa.”
Diokobatsi tse gantsi di sa dirisiweng sentle ke mefuta e meraro eno e e latelang:
◼ Di-opioid—tse dingaka di di nayang batho go okobatsa ditlhabi
◼ Diokobatsi tse di ritibatsang tsa CNS (central nervous system)—di-barbiturate le di-benzodiazepine tse gantsi ngaka e di nayang motho fa a tlhobaela kgotsa a na le mathata a boroko (diokobatsi tse gantsi go tweng ke diritibatsi)
◼ Diokobatsi tse di dirang gore o nne o thantse—tse ngaka e di ntshang fa motho a na le bothata jo go tweng ke attention-deficit hyperactivity disorder (ADHD), bothata jwa boroko jo go tweng narcolepsy, kgotsa bothata jwa go nna mokima thatab
[Ntlha e e kwa tlase]
b Tshedimosetso eno e tswa go National Institute on Drug Abuse.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
DIKAELO TSA GO DIRISA DIOKOBATSI TSE DI TSWANG KWA NGAKENG KA TSELA E E BABALESEGILENG
1. Latela dikaelo ka kelotlhoko.
2. O se ka wa fetola selekanyo se o tshwanetseng go se tsaya kwantle ga go bua le ngaka ya gago.
3. O se ka wa tlogela go dirisa melemo e o e filweng ke ngaka o sa buisana le yone.
4. O se ka wa sila kgotsa wa thuba dipilisi kwantle ga fa o laetswe go dira jalo ka mo go kgethegileng.
5. Ela tlhoko gore seokobatsi se ka ama jang tsela e o kgweetsang ka yone le dilo tse dingwe tse o di dirang.
6. Tlhomamisa gore seokobatsi seno se tla go tshwara jang fa o nwa bojalwa le melemo e mengwe—e o e filweng ke ngaka kgotsa e o itheketseng.
7. Fa e le gore o kile wa dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, bolelela ngaka ya gago.
8. O se ka wa dirisa diokobatsi tse ngaka e di fileng motho yo mongwe mme o se ka wa naya batho ba bangwe tsa gago.c
[Ntlha e e kwa tlase]
c Tshedimosetso eno e theilwe mo dikakantshong tse di tswang go U.S. Food and Drug Administration.