Kgopolo E e Mo Baebeleng
Go Apara le go Ikgabisa ga Gago—A Modimo o Amega ka Gone?
“Fela jaaka index e bolela diteng tsa buka, . . . fela jalo le ponalo ya kafa ntle le diaparo mo monneng kgotsa mo mosading, di re bontsha boikutlo jo motho a nang le jone.” —Philip Massinger e bong mokwadi wa ditiragatso tsa Seesemane.
MO LEKGOLONG la boraro la dingwaga C.E., mokwadi wa kereke e bong Titus Clemens o ne a kwala lenaane le leleele la melao e e kaga go apara le go ikgabisa. Mekgabisa le matsela a mantlentle kana a a mebalabala a ne a sa letlelelwa. Basadi ba ne ba sa tshwanela go fetola mmala wa meriri ya bone kana go “tshasa difatlhego tsa bone ka dilo tse di raelang tse di dirilweng ka boferefere,” ka mantswe a mangwe “go ipenta sefatlhego.” Banna ba ne ba laelwa go beola ditlhogo tsa bone ka gonne “tlhogo e e beotsweng . . . e supa fa monna a na le seriti,” mme moriri o o mo seledung o ne o sa tshwanelwa go tshwenngwa, ka go bo o “dira gore sefatlhego se nne le seriti mme se bonale gore ke sa ga rre.”a
Makgolo a dingwaga moragonyana moeteledipele wa Porotesetanta e bong John Calvin o ne a tlhoma melao e e bolelang gore balatedi ba gagwe ba ka apara diaparo tsa mmala ofe le tsa mofuta ofe. Batho ba ne ba ka go dilola tota fa ba ka bona o tsentse mabenyane le dibaga e bile mosadi o ne a ka tlhatlhelwa mo kgolegelong fa a ne a ka baakanya moriri wa gagwe gore o nne “moleele ka mo go sa tshwanelang.”
Dikgopolo tse di feteletseng jalo, tse di neng di tlhomilwe ke baeteledipele ba bodumedi fa dingwaga di ntse di feta, di dirile gore bontsi jwa batho ba ba dipelo di phepa ba ipotse gore, A ruri Modimo o tshwenngwa ke se ke se aparang? A o kgala difeshene dingwe kana go dirisa makeup? Baebele e ruta eng?
Kgang ya Motho ka Namana
Se se kgatlhang ke gore jaaka go kwadilwe mo go Johane 8:31, 32, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, . . . lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” Ee, boammaaruri jo bo neng bo rutwa ke Jesu bo ne bo diretswe go golola batho mo mekgweleong e e gatelelang e e dirilweng ke ngwao le dithuto tsa maaka. Di ne di diretswe go lapolosa ba ba ‘fufulelwang le ba ba imelwang.’ (Mathaio 11:28) Jesu kgotsa Rraagwe, e bong Jehofa Modimo, ga ba eletse ka gope go laola matshelo a batho mo batho ba sa kgoneng go itlhophela le go ikakanyetsa mo dilong tsa motho ka namana. Jehofa o batla gore e nne batho ba ba godileng “ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.”—Bahebere 5:14.
Ka jalo, ga go na mo Baebele e neelang melao e mentsintsi e e laolang go apara le go ikgabisa kana go dirisa ditlolontlafatsi, kwantle fela ga dilo tse Molao wa ga Moshe o neng o tlhoka gore Bajuda ba di apare tse di neng di diretswe go ba dira ba ba tlhomologileng mo ditšhabeng tse di neng di ba dikologile le mo tlhotlheletsong ya bone ya boitshwaro jo bo sa siamang. (Dipalo 15:38-41; Duteronome 22:5) Mo teng ga thulaganyo ya Bokeresete, moaparo le go ikgabisa ke kgang ya motho ka namana.
Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Modimo ga a kgathalele se re se aparang kana gore o ‘amogela sengwe le sengwe.’ Go na le moo, Baebele e na le dikaelo tse di utlwalang tse di bontshang kgopolo ya Modimo kaga moaparo le go ikgabisa.
“Ka Boingotlo le go Itekanela Sentle ga Mogopolo”
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore basadi ba Bakeresete ba tshwanetse gore “ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa kapari ya tlhotlhwa e e kwa godimo thata.” Petere le ene o ne a gakolola kgatlhanong le “go loga moriri loetse kafa ntle le . . . go rwala mekgabiso ya gouta.”—1 Timotheo 2:9; 1 Petere 3:3.
A Petere le Paulo ba bontsha gore basadi le banna ba Bakeresete ga ba a tshwanela go itira bantle? Legoka! Totatota, Baebele e bua ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba dirisa mekgabisa kgotsa ditlolo le dinkgisa monate. Esethere o ne a ipaakanya tota, a itshasa ditlolo le go itshidila, pele ga a tla go bua le Kgosi Ahasueruse. Mme Josefa o ne a apara diaparo tse di dirilweng ka line e e tshesane le sebaga sa gouta.—Genesise 41:42; Ekesodo 32:2, 3; Esethere 2:7, 12, 15.
Mafoko a a reng “go itekanela sentle ga mogopolo,” jaaka a dirisitswe ke Paulo, a re thusa go tlhaloganya tlhagiso eno. Lefoko la kwa tshimologong la Segerika le kaya go nna tekano le go ikgapha. Le bolela go se ipone o sa ise tlhokomelo e ntsi kwa go wena. Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di tlhalosa lefoko leno e le “bonokopela,” “kelotlhoko,” “itshekisiwa,” kgotsa “ka boithibo.” Nonofo eno ke e bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna le yone.—1 Timotheo 3:2.
Ka jalo, Dikwalo fa di re bolelela gore moaparo le go ikgabisa ga rona e tshwanetse ya nna mo go bori le mo go rulagantsweng sentle, di re kgothaletsa gore re tile mefuta epe fela e e feteletseng e e ka kgopisang ba bangwe le go lerela rona le phuthego ya Bokeresete kgobo. Go na le gore batho ba ba bolelang gore ba boifa Modimo ba beye tlhokomelo thata mo ponalong ya bone ka go ikgabisa mo mmeleng, ba tshwanetse ba bontsha go itekanela sentle ga mogopolo le go gatelela thata mo “motho[ng] wa sephiri wa pelo mo diaparong tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng.” Petere o konela ka gore seno se “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:4.
Bakeresete ke “segakgamalelo sa go bogelwa go lefatshe.” Ba tshwanetse ba nna kelotlhoko ka maikutlo a ba a nayang batho ba bangwe, segolobogolo malebana le taolo e ba e neetsweng ya go rera dikgang tse di molemo. (1 Bakorinthe 4:9; Mathaio 24:14) Ka jalo ga ba ne ba letla sepe, go akaretsa le ponalo ya bone, se kgoreletsa ba bangwe go reetsa molaetsa ono wa botlhokwa.—2 Bakorinthe 4:2.
Le fa gone difeshene di farologana go ya ka mafelo, Baebele e neela mongwe le mongwe dikaelo tse di phepafetseng, tse di utlwalang tse di ba dirang gore ba kgone go itlhophela ka botlhale. Fa fela batho ba ikobela melaometheo eno, Modimo o letlelela ka kgololesego le ka lorato gore botlhe ba apare le go ikgabisa ka tsela e ba e ratang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ne ga sokamisiwa Dikwalo e le go leka go tshegetsa dikiletso tseno. Le fa gone Baebele e sa bua sepe ka seno, Tertullian yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo wa moithutabodumedi o ne a ruta gore e re ka mosadi e le ene a bakileng “boleo jwa ntlha e bile e le ene mothei yo o sa siamang . . . wa mathata a batho,” basadi ba tshwanetse ba tsamaya “jaaka Efa ba hutsafetse e bile ba ikotlhaya.” Totatota, o ne a gatelela gore e bile mosadi yo montle ka tlholego o tshwanetse gore a bipe bontle jwa gagwe.—Bapisa Baroma 5:12-14; 1 Timotheo 2:13, 14.