Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ A go siame gore mosadi wa Mokeresete a rwale mangena, maseka, dipalamonwana kana a itshase ditlolo mo sefatlhegong (makeup), a fetole mmala wa moriri wa gagwe, kana a dire dilo dingwe tse di tshwanang le tseo?
Mo dinakong tse di fetileng le mo motlheng ono wa rona, batho bangwe ba ba bolelang fa ba latela Bibela ba ne ba nna le dikgopolo tse di nonofileng mme di farologane thata mabapi le go ikgabisa.a
Basadi ba ba tsenang dikereke dingwe ba tila go itshasa ditlolo le go rwala mangena, maseka le dipalamonwana. Ka sekai, buka The Amish People e bega gore “ga ba ikgabise mmele gonne ba akanya gore leloko lepe fela le le kgatlhegelang go lebega jaaka lefatshe le nna mo diphatseng, ereka kgatlhego [e e ntseng jalo] e tshwanetse go lebisiwa mo dilong tsa semoya eseng tsa senama. Ba bangwe . . . ba tsopola le Dikwalo.”
Lokwalo lo ba neng ba lo tsopola e ne e le 1 Samuele 16:7: “Me Yehofa a raea Samuele, a re, U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè . . . gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” Lefa go ntse jalo, temana eo e ne e bua ka boleele jwa morwarraagwe Dafide ebong Eliabe. Ditemana tse di dikologileng eno di phepafatsa sentle gore Modimo fano o ne a sa akgele ka mekgwa ya go ikgabisa, jaaka gore a Dafide kana bomorwarraagwe ba ne ba baakanya meriri ya bone jang kana ba kgabisitse diaparo tsa bone ka eng.—Genesise 38:18; 2 Samuele 14:25, 26; Luke 15:22.
Seno se supa sentle gore bangwe ba batho ba ba akanyang gore Mokeresete o tshwanetse gore a phaphalale fela, a sa itshase ditlolo dipe tsa go intlafatsa kana a sa rwale mangena, maseka le dipalamonwana, ba tshegetsa dikgopolo tsa bone ka dikwalo tse di sokamisiwang. Totatota Bibela ga e tsenelele thata fa e tlhalosa ditsela tsa go ikgabisa; ebile ga e letle mekgwa mengwe ya go itshasa ditlolo mme e thibela e mengwe. Se e se nayang ke dikaelo tse di utlwalang tota. A re di sekasekeng mme re bone kafa di ka dirisiwang ka gone gompieno.
Moaposetoloi Paulo o ne a ntsha kaelo eno e e tlhotlheleditsweng: “Le gōna hèla yalo, gore basadi ba ikgabisè ka diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō; ba se ka ba ikgabisa ka go iphōra moriri loètsè, kgotsa ka gouda, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparō tse di tlhwatlhwa kgolo.” (1 Timotheo 2:9) Petere le ene o ne a kwala se se tshwanang: “Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntlè, eboñ ga go iphōra moriri loètsè, le ga go rwala mekgabō ea gouda, kgotsa ga go apara diaparō tse di maphatsiphatsi. Me a e nnè motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.”—1 Petere 3:3, 4.
Mafoko a Segerika a a dirisitsweng fano jaaka “go kgaba,” “tse di señ maphatsiphatsi” a tswa mo go koʹsmos, eo gape lefoko “setlolo, [cosmetic]” leo le kayang “go kgabisa segolobogolo mo letlalong” le tswang mo go lone. Ka jalo ditemana tseo di re thusa go araba dipotso tse di kaga dilo tse di itshasiwang kana ditlolo tse di ntlafatsang, mangena, maseka, dipalamonwana, le dilo tse dingwe tseo basadi ba ikgabisang ka tsone.
A Paulo le Petere ba ne ba kaya gore Bakeresete ba tshwanetse ba se ka ba itoga moriri, ba se ka rwala diperela kana maseka, dipalamonwana le mangena a gouta, kana fa re fetela kwa pele, ba dirisa ditlolo tse di ntlafatsang? Nnyaa. Fa re bolela gore di kaya jalo seo se tla raya gore bokgaitsadi ba Bakeresete ba tshwanetse gore ba se ka ba ‘apara diaparo.’ Lefa go le jalo, Dorekase, yoo Petere a neng a mo tsosa mo baswing, o ne a ratiwa gonne a ne a direla bokgaitsadi ba bangwe “diaparō.” (Ditihō 9:39) Ka gone, 1 Timotheo 2:9 le 1 Petere 3:3, 4 ga di reye gore bokgaitsadi ba se ka ba loga meriri, ba rwala diperela, le diaparo le tse dingwe. Go na le moo, Paulo o ne a gatelela gore go botlhokwa gore basadi ba nne bori le go lekalekana mo mogopolong fa ba ikgabisa. Petere o ne a bontsha gore basadi ba tshwanetse go tlhokomela thata boitshwaro jwa bone gore ba kgone go gapa banna ba bone ba ba sa dumeleng, eseng go tlhokomela thata tebego ya kafa ntle kana go ikgabisa.
Fa re bua seno bonolo fela, Bibela ga e kgatlhanong le maiteko otlhe a go leka go tokafatsa kafa o lebegang ka gone kana go ikgabisa. Bangwe ba batlhanka ba Modimo, banna le basadi ka go tshwana ba ne ba rwala mangena, maseka, le dipalamonwana. (Genesise 41:42; Ekesodo 32:2, 3; Daniele 5:29) Esethere yo o ikanyegang o ne a dumela go ntlafadiwa ka tsela e e matsetseleko ka maokwane, dinkgisamonate, le go tshasiwa dilo tse di thobang. (Esethere 2:7, 12, 15; bapisa Daniele 1:3-8.) Modimo o ne a bolela gore o ne a kgabisa Iseraele ka maseka, maseka a molala, le lengena la nko, le mangena a tshwantshetso. Seo se ne sa mo dira gore a nne ‘montle.’—Esekiele 16:11-13.
Lefa go ntse jalo pego e e mo go Esekiele e re ruta gore re se ka ra tlhokomela thata tebego ya rona. Modimo o ne wa bolela jaana: “Me u nu ua ikanya bontlè yoa gago, ua diha boaka ka ntlha ea tumedi ea gago, me ua thèla maakahalō a gago mo go moñwe le moñwe eo o hetañ; ea nna a gagwè.” (Esekiele 16:15; Isaia 3:16, 19) Ka gone, Esekiele 16:11-15 e otlelela botlhale jwa kgakololo ya moragonyana ya ga Paulo le Petere ya gore re se tlhokomele thata tebego ya kafa ntle. Fa mosadi a tlhopha go ikgabisa ka mangena, maseka, le dipalamonwana, selekanyo sa tsone le mokgwa o di leng ka one di tshwanetse tsa lekanela, di se ka tsa fetelela kana tsa aparelwa go bonwa, di le maphatsiphatsi thata.—Yakobe 2:2.
Go tweng fa mosadi wa Mokeresete a dirisa ditlolontlafatsi, jaaka tse di itshasiwang mo molomong, mo marameng, kana tse di itshasiwang mo lesing la leitlho kana go dikologa leitlho? Baithutamarope ba ba neng ba epolola gaufi le Iseraele ba ne ba epolola dilo tse di tsenyang ditlolo tse di ntlafatsang, mmogo le dilo tse di dirisiwang go di itshasa le diipone. Ee, basadi ba bogologolo ba kwa Botlhaba ba ne ba dirisa ditlolo tse di ntlafatsang tseo tsa gompieno di neng tsa dirwa go latelwa tsone. Leina la morwadia Jobe eleng Kerene-hapuke go lebega le ne le kaya “Lonaka lwa Setshasi Se Sentsho (sa Leitlho),” kana selo se se tshelang setlolo sa leitlho.—Yobe 42:13-15.
Go na le ditlolo dingwe tsa go intlafatsa tse di neng di dirisiwa ke Baiseraele, lefa go le jalo dikai tsa Bibela di supa kotsi ya go feteletsa. Dingwaga di le dintsi morago ga fa a sena go nna kgosigadi ya Iseraele, Jesebele o ne a “itshasa mmala mo matlhoñ, a ikgabisa mo tlhogoñ.” (2 Dikgosi 9:30) Moragonyana fa a ne a tlhalosa kafa Iseraele e neng e batla botsalano mo merafeng ya baheitane ka gone, Modimo o ne wa bolela gore o ‘ikgabisa ka mekgabo ya gouda, o itshasa matlho go a dira makalaba, o itira montle.’ (Yeremia 4:30; Esekiele 23:40) Ditemana tseo mmogo le tse dingwe ga di re go phoso go dirisa sepe fela sa maitirelo go ntlafatsa tebego ya gago. Lefa go le jalo, kgang ya ga Jesebele e akantsha gore o ne a tshasa setlolo se sentsi se sentsho go dikologa matlho a gagwe mo se neng se bonala o le kwa kgakala, mo le Jehu a neng a se bona a le ka kwa ntle ga ntlo ya bogosi. Seno se ruta eng? O se ka wa itshasa setlolo se se kgabisang se le sentsi thata ka tsela e e feteletseng.b
Gone mme, ga go na mosadi ope yo o rwalang mangena, maseka le dipalamonwana kana a itshasa ditlolo tse di ntlafatsang yo a ka bolelang gore mekgwa e a dirang seno ka yone kana selekanyo se a di dirisang ka sone ga se a tshwanela. Lefa go le jalo, seo se ka se ganediwe ka go bo ka ntlha ya go sa itshepe le ka ntlha ya go rotloediwa ke babapatsi, mosadi a ka nna le mokgwa wa go itshasa setlolo se sentsi. A ka nna a tswa a tlwaetse tsela e a lebegang ka yone fa a fetsa go itshasa mo a sa kgoneng go bona gore ga e ‘bori le tekatekano’ e sa tshwane le ya basadi ba bantsi ba Bakeresete.—Bona Yakobe 1:23, 24.
Ga go a tshwanelwa go lebalwa gore ga re rate dilo ka go tshwana; basadi ba bangwe ba itshasa ditlolo go le gonnye kana ga ba rwale mangena, maseka le dipalamonwana thata kana ga ba di itshase le go di rwala gotlhelele fa ba bangwe bone ba di itshasa thata kana ba di rwala thata. Ka jalo go botlhale gore o se ka wa atlhola yo mongwe yo o itshasang thata kana a di rwala thata. Selo se sengwe ke tlwaelo ya mo lefelong la lona. Lebaka la go bo mekgwa e mengwe e amogelwa kwa dinageng tse dingwe (kana e ne e tlwaelegile mo metlheng ya bogologolo) ga le kaye gore o ka di dirisa mo lefelong la lona gompieno.
Mosadi yo o botlhale wa Mokeresete o tla nna a tlhatlhoba tsela e a ikgabisang ka yone nako le nako, a ipotsa jaana ka boikanyego: ‘A ke tlwaetse go rwala mangena, maseka, le dipalamonwana thata kana ke itshasa ditlolo tse di ntlafatsang go gaisa Bakeresete ba bantsi mo lefelong la rona? A ke ikgabisa go tshwana le batho ba ba ratang menate kana batshameki ba dibaesekopo kana ke kaelwa thata ke kgakololo e e mo go 1 Timotheo 2:9 le 1 Petere 3:3, 4? Ee, a tsela e ke ikgabisang ka yone e bori eleruri, e supa fa ke tlotla dikgopolo tsa ba bangwe le maikutlo a bone?’—Diane 31:30.
Basadi ba banna ba bone e leng Bakeresete ba ka ba botsa gore ba bona jang ditlolo tse di ntlafatsang le gore ba ba gakolole. Gape, fa motho a batla kgakololo ka tlhoafalo, a ka e bona mo go bokgaitsadi ba bangwe. Mme go na le gore o botse tsala e e ratang dilo tseo jaaka wena, go ka nna botoka go bua le kgaitsadi yo o tlotliwang ka go bo a le tekatekano le botlhale. (Bapisa 1 Dikgosi 12:6-8.) Bibela e bolela gore basadi ba ba godileng ba ba nang le tlotlo ‘ba ka ruta basadi ba meroba go nna mogopolo o o lekalekaneng, ba le boitsheko, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.’ (Tito 2:2-5) Ga go na Mokeresete ope yo o godileng yo a ka batlang gore mangena, maseka, le dipalamonwana tsa gagwe kana ditlolo tsa gagwe tse di ntlafatsang di dire gore batho ba ‘tlhapatse leina la Modimo.’
Pego ya Bibela e e kaga Tamare e bontsha gore tsela e mosadi a ikgabisang ka yone e ka mo tlhaola gore ke motho wa mofuta ofe, e bolelela batho molaetsa o o nonofileng ka wena. (Genesise 38:14, 15) Tsela e mosadi wa Mokeresete a baakanyang moriri wa gagwe ka yone kana mmala wa moriri wa gagwe (fa o fetotswe mmala) kana mangena, maseka, le dipalamonwana le ditlolo tse di ntlafatsang tse a di dirisang di bolelela batho eng ka ene? A di bolela jaana: Yo ke motlhanka yo o phepa, yo o bori, yo o tekatekano wa Modimo?
Motho yo o bonang Bakeresete mo bodiheding jwa tshimo, kana yo o tlang kwa dipokanong tsa rona, o tshwanetse a kgatlhega. Ka kakaretso fela go nna jalo ka batho ba ba re elang tlhoko. Basadi ba bantsi ba Bakeresete ga ba dire gore batho ba ba kwa ntle ba swetse ka gore bone kafa letlhakoreng le lengwe ga ba apare sentle, kana ba itshasitse ditlolo thata kana ba ikgabisitse thata; go na le moo, ba ikgabisa ka tsela e e “chwanetseñ basadi ba ba ipalañ ka poihōmodimo.”—1 Timotheo 2:10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., Tertullian o ne a bolela gore basadi “ba ba neng ba tshasa matlalo a bone ditlolo tsa kalafi, ba tshasa marama a bone bohibidu, ba dira gore matlho a bone a bonale sentle ka go itshasa lloto [e ntsho], ba a Mo leofela.” O ne a kgala gape le ba ba neng ba fetola mmala wa meriri ya bone. Fa a ne a sokamisa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:36 o ne a bua kgatlhanong le seo jaana: “Ba ganetsa Morena! ‘Bonang!’ ba re, ‘mo boemong jwa bosweu kana bontsho, re dira [meriri ya rona] serolwana.’” O ne a oketsa jaana: “Go na le batho ba ba tlhabiwang ke ditlhong go bolela gore ba tsofetse, mme ba leka go fetola moriri wa bone o mosweu ba o dira montsho.” Eo e ne e le kgopolo ya ga Tertullian ka namana. Mme o ne a sokamisa dilo, ka go bo kgang yotlhe ya gagwe e ikaegile ka kgopolo e e leng ya gagwe ya gore basadi ke bone ba dirileng gore batho ba hutsege, ka jalo ba tshwanetse go ‘nna jaaka Efa, ba tlhokofale le go ikwatlhaya’ ka ntlha ya ‘botlhoko jo bo lerilweng ke boleo jwa ntlha.’ Bibela ga e bue sepe se se ntseng jalo: Modimo o ne wa pega Adame molato wa boleo jwa batho.—Baroma 5:12-14; 1 Timotheo 2:13, 14.
b Mo e seng bogologolo thata, metswedi ya dikgang ya kwa United States e ne ya bua thata ka kgang nngwe e e tlhabisang ditlhong ka moefangele mongwe wa thelebishene, yoo mosadi wa gagwe yo le ene a neng a lekana le ene fela ka maemo a neng a gapa batho ba bantsi go lekana le ene. Go ya ka dipego tsa dikgang, o ne a godile a dumela gore “ditlolontlafatsi le dibaesekopo” ga di a siama, mme moragonyana o ne a fetola boikutlo jono jwa gagwe mme a itsege ka go itshasa “setlolo se se ntlafatsang se le sentsi mo se neng se lebega ekete ke setshwantsho sa sesetwa.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Dilo tse di epolotsweng ke baithutamarope kwa Botlhabagare: Lebokoso le le tsenyang ditlolo la lonaka lwa tlou, seipone, le mefiri ya gouta le “carnelian”
[Motswedi wa Setshwantsho]
All three: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.