LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 7/8 ts. 18-20
  • Nka Dirisa Jang Makeup ka Tsela E E Tshwanetseng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirisa Jang Makeup ka Tsela E E Tshwanetseng?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakololo Tse Di Tswang mo Lefokong la Modimo
  • Pele ga O Itshasa Makeup
  • Go Sekaseka Dilo Tseo O Di Tlhokang
  • Dikakantsho Malebana le Makeup
  • Batsadi ba Me Ba Tla Ntetlelela Leng Gore Ke Itshase Makeup?
    Tsogang!—1990
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Baebele ya Reng ka Kgang ya go Itshasa Ditlolo mo Sefatlhegong le go Itsenya Manyena?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Modimo O a Go Tlhaloganya?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 7/8 ts. 18-20

Basha Ba Botsa Jaana . . .

Nka Dirisa Jang Makeup ka Tsela E E Tshwanetseng?

“A O BATLA go itshasa makeup e sekae fela?” Nina o ne a gakgamala go utlwa mmaagwe a mmotsa potso eo. Dingwaga di le pedi pele ga moo, go ne go ile ga ganwa go mo naya tetla ya go itshasa makeup. Mme mo tiragalong eno e e kgethegileng, eleng moletlo wa lenyalo oo ba neng ba tshwanetse ba nna gone kwa go one, mmaagwe o ne a dira tshwetso ya gore e ne e le nako ya gore Nina a ithute kgono ya bothakga ya bommè ya ka fa go itshasiwang makeup ka gone. “Ke ne ke tshogile go sekae,” Nina o gakologelwa jalo. “Ke ne ke sa itse go e itshasa ka tsela e e tshwanetseng. Ka gone Mama o ne a ntshasa ya molomo e sekae mmogo le ya poire ya sefatlhego.”

Gongwe batsadi ba gago le bone ba akanya gore e tla bo e le selo se se tshwanetseng gore o itshase makeup.a Fa e dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng—le ka go e somarela—makeup e ka tokafatsa tsela eo o lebegang ka yone. Lefa go ntse jalo, fa e sa dirisiwe ka tshwanelo, e nna le diphelelo tse di farologaneng le seo gotlhelele. “Basetsana bangwe ba itshasa makeup mme ba lebege sentle,” go bolela jalo mosimane mongwe wa mosha. “Mme lefa go ntse jalo basetsana bangwe ba e itshasa e se kana ka sepe, mme e ba dira gore ba lebege ba le maswe thata.”

“Fa ba itshasa ya mmala o o bogale thata, mme o le bogale eletota,” go tlatsa jalo mosetsana mongwe wa mosha, “e dira fela gore ba lebege jaaka ekete ba batla go tshegisa batho!” O ka dirisa jang makeup ka tsela eo e tla tokafatsang tebego ya gago—eseng gore o lebege ka tsela e e tshabegang?

Dikgakololo Tse Di Tswang mo Lefokong la Modimo

Ditlolontlafatsi ga se selo se sesha. Go ile ga bonwa dijana kana megopo mengwe eo e neng e dirisediwa sengwe seo eleng sa segompieno ka tsela e e gakgamatsang di katetswe ke marope a Baiseraele. Dilo tseno “di ne di dirisediwa go tlhakanyetsa dilo tsa mebala tsa sefatlhego” sa basadi ba Baiseraele. Go ya ka The Biblical Archaeologist, ya February 1955, “ditlolontlafatsi . . . di ne di dirisiwa thata” le esita le mo metlheng ya Bibela.—Esekiele 23:40.

Gompieno, madirelo a ditlolontlafatsi a dirisa diranta di ka nna dikete di le tlhano ka ngwaga mo go di phasalatseng kwa United States fela. Ba etleetsa “tebego” ya sesheng, eo e simologang ka ya “tlholego” go ya go e e sa tlwaelegang, ba dira seno ka go dirisa bommabontle ba maratwa go lejwa. Ba bolela gore “tebego” eno e ka nna ya gago fa fela o reka ditlolontlafatsi di le mmalwa. Lefa go ntse jalo ke basetsana ba sekae fela bao ba atlegang mo go lebegeng jaaka bommabontle ba difeshene. Mme le esita le fa ba lebega jalo, “tebego” eno ya mofuta o mosha e ka tswa mo fesheneng pele ga tšhupu ya ntlha ya setlolo sa molomo e fela.

Bibela e go thusa gore o tile go laolwa ke difeshene. E bolela jaana: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo eleñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Mo metlheng ya Bibela, basadi bangwe ba Bakeresete ba ka tswa ba ne ba rata go apara diaparo tse di tlhomologileng le go ipaakanya meriri ka tsela e e raraaneng tseo di neng di atile ka nako eo. Mme lefa go ntse jalo moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Le gōna hèla yalo, gore basadi ba ikgabisè ka diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō; ba se ka ba ikgabisa ka go iphōra moriri loètsè, kgotsa ka gouda, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparō tse di tlhwatlhwa kgolo.”—1 Timotheo 2:9.

Kgakololo eno ya ga Paulo ga e bolele gore ga wa tshwanela go lebega o le montle. Seo e se bolelang fela ke gore ga o a tshwanela go lebega o le “maphatsiphatsi,” kana gape seo e se bolelang ke gore o lebege ka tsela e e tshwanetseng, o sa lebege ka tsela e e tlhomologileng; o le ka tsela e e bori le e e nang le tlhaloganyo, o sa lebege ka tsela e e sa tlwaelegang kana ya feshene. Lefoko la Segerika le le bolelang “bori” le na le mogopolo wa go ‘tlotla dikgopolo tsa ba bangwe,’ mme dikgopolo tseo o tshwanetseng wa di tlotla segolo thata ke tsa batsadi ba gago. Ka gone a re ke re boneng kafa seno se amanang ka gone le go itshasa makeup.

Pele ga O Itshasa Makeup

Ereka go bolelwa gore makeup e tokafatsa tsela eo o lebegang ka yone, eseng go fitlha tsela eo o lebegang ka yone, go a utlwala gore santlha o tshwanetse wa tlhokomela tsela ya tlholego eo o lebegang ka yone mmogo le pholo ya gago ka kakaretso. Go ja dijo tse di nang le dikotla mmogo le go bona boroko jo bo lekaneng le go itshidila mmele ka metlha ka gone di ka dira go le gontsi go ka godisa tsela eo o leng montle ka yone go gaisa kafa makeup epe e ka dirang ka gone.

Mankge wa bontle ebong Jane Parks-McKay gape o kgothaletsa basetsana ba basha “gore ba simolole ka dilo tsa motheo—tseo eleng, go tlhokomela letlalo ka metlha, ka tsela eo e nang le katlego. . . . Batho ba le bantsi gantsi ga ba kgathalele letlalo la bone . . . [mme e bo e re fa ba tswa foo] ba bo ba khurumetsa matlalo a bone ao a sa lebegeng sentle go le kalo ka ditlolontlafatsi ba solofetse gore seno se tla ba dira gore ba nne bantle.”

Makeup e dira ka tsela e e molemo thata mo letlalong leo le tlhokomelwang sentle. Buka ya A Lifetime of Beauty e tlhalosa jaana: “Go phepafatsa letlalo go tshwana le go siamisetsa lebota go le penta sesha: go sa kgathalesege gore e mmala o montle go le go kana kang, tiro eo ya go penta e tla lebega e le botlhaswa fa go na le leswe mmogo le dikarolo tse di seng borethe kafa tlase ga yone. Letlalo leo le sa tlhapiwang sentle le tla lebega le sa kgatlhise le go lebega ka tsela e e sa tlwaelegang.”

Ka gone mankge mongwe wa makeup o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Mo mosong, mosetsana a ka tlhapa sefatlhego sa gagwe ka sengwe se se molemo sa go tlhapa sefatlhego. E ka nna ya re morago ga a sena go dira seno a bo a itshasa setlolo sengwe sa sefatlhego le setlolo sengwe se se molemo sa go se dira gore se nne bongola.”

Go Sekaseka Dilo Tseo O Di Tlhokang

Jaanong, leba sefatlhego sa gago sentle mme o tlhatlhobe dilo tse dintle tseo o nang le tsone mo go sone mmogo le makoa a a mo go sone. A o na le matlho a mantle, mmala o o senang dipadi go le kalo wa sefatlhego, kana o na le mmala o montle, o o tshwanang wa letlalo? Fa go ntse jalo he gongwe o tla tlhoka makeup e se kae fela kana ga o kitla o e tlhoka gotlhelele. Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe letlalo la gago le na le mafura a mantsi (eleng seo se tlwaelegileng ka nako ya dingwaga tsa bosha) mme ebile le ratwa ke dipeise. Kana o ka nna wa tswa o na le karolo nngwe ya sefatlhego sa gago (ya go tshwana le marapo a ditlhaa) eo o ratang go e dira gore e bonale thata. Go ka diragala gore makeup e go thuse fa o e dirisa ka tsela e e nang le tlhaloganyo.

Mo metlheng ya Bibela basadi bangwe ba ne ba itshasa ka setlolo se sentsho go dira gore ba lebege ba na le ‘matlho a magolo.’ (Yeremia 4:30) Gompieno, go dirisiwa ditlolo tse di ntseng jaaka setlolontlafatsi se se itshasiwang mo dintshing tsa matlho, dilwana tse di dirisiwang go itshasa makeup go dikologa matlho mmogo le makeup ya seeledi e e itshasiwang go dikologa matlho, tseo di dirisediwang diphelelo tse di tshwanang le tsone tseo. Ditlolo tseo di tshwanetseng tsa itshasiwa pele ga go itshasiwa ditlolo tse dingwe mmogo le diloushene di ka dira gore mmala wa letlalo o o nang le dipadi o tshwane. Poire e e itshwasiwang mo sefatlhegong e ka dira gore marapo a gago a ditlhaa a bonale sentle.

Go tweng fa o tlhoka go thusiwa gore o tlhophe makeup kana kafa o ka e itshasang ka gone? Go na le dibuka kwa dilaeboraring tseo di ka go thusang. Mme lefa go ntse jalo o ka nna gape wa rata go buisana le mmaago kana le tsala nngwe e e godileng. Mosetsana mongwe yo mosha yo o bidiwang Tina o gakologelwa jaana: “Mama o ne a tsamaya le nna go ya kwa lebenkeleng mme a bo a kopa mokwaledi wa di-makeup gore a bone gore ke tsa mebala efe tseo ke tshwanelang go di itshasa.” Bomankge ba bontle ba mo mabenkeleng a a tumileng ba ka go naya kgakololo malebana le gore ke mebala efe e e tsamaisanang ka tsela e e molemolemo le mmala wa letlalo la gago le gore ke tsela efe e e molemolemo eo makeup e ka itshasiwang ka yone. Mme lefa go ntse jalo ereka tiro ya bone e le gore ba go rekisetse ditlolontlafatsi, tlhokomela gore o seka wa reka ditlolontlafatsi tseo tota o sa di tlhokeng. Mme ka ntlha ya dilo tseo eleng tsa mofuta wa tsone fela tseo o di tlhokang mo mokgweng oo o tshelang ka one jaaka Mokeresete, o tla tshwanelwa ke gore o tlhomamise gore o seka wa reka tsa mebala eo e neng e ka nna mentle mo mantsiboeng mangwe a a kgethegileng mme lefa go ntse jalo e se kitla e tshwanela kwa sekolong kana kwa ditirong tsa Bokeresete.

Dikakantsho Malebana le Makeup

Mekgwa ya go itshasa makeup e farologana go ya ka mafatshe ka go farologana ga one. Mme lefa go ntse jalo go ka bolelwa melaometheo e e akaretsang:

Tlhokomela Gore O Na le Letlalo la Mofuta Ofe. Ereka basha ka bontsi ba na le letlalo le le nang le oli e ntsi, gongwe o tla rata go ngaparela di-makeup tseo metsi eleng karolo ya konokono ya tsone, tse di senang oli. Tseno ga di bonale go le kalo fa o di itshasitse, ka gone ga o kitla o lebega go le kalo gore o itshasitse makeup. Ba le bantsi gape ba akanya gore di-makeup tse di nang le oli e ntsi di gakatsa dipeise.

Bala Se Se Kwadilweng mo go Tsone. Bapisa metswako ya tsa maina a a tlhotlhwa e kwa tlase le ya tse di jang madi a mantsi. Gongwe tota pharologanyo eo eleng gone fela magareng ga tsone ke tlhotlhwa le sephuthelwana sa tsone. Go bala se se kwadilweng mo go tsone go botlhokwa segolobogolo fa e le gore go na le makeup e e sa go tseyeng sentle.

Dirisa Mabone A A Bonesitseng Sentle. Fa mabone a sa bonesa ka mo go lekaneng, o ka nna wa itshasa makeup e ntsintsi bobe. Ereka makeup eo e itshasediwang mo leboneng le le bogale e ka nna ya lebega e se borethe fa o le mo letsatsing, leka go itshasetsa makeup ya gago o le gaufi le fensetere gore o ke o bone kafa e lebegang ka gone mo letsatsing la tlholego.

O Seka wa Dirisa Makeup E Ntsintsi. Fa o dirisa selo le fa ebile e le se se molemo o se dirisa se le sentsintsi bobe se ka nna sa go gobatsa. (Bapisa Diane 24:13; 25:27.) Fa sefatlhego sa gago se batla e le “makeup!” fela go bolela gore o itshisitse e le ntsi bobe kana o itshasitse ya mebala e e bogale thata. Makeup fa e itshasitswe go feta selekanyo e dira gore o lebege ka tsela e e nyatsegang mme ebile e ka naya batho maikutlo a a phoso malebana le melao ya gago ya boitshwaro. (Bapisa Esekiele 23:36-42.) Ka gone dirisa mebala e e sa itlhaoleng go le kalo, o seka wa dirisa e e seng molemo. Nna setswerere mo mekgweng ya go itshasa makeup e le gore poire ya sefatlhego e seka ya lebega jaaka ekete o ka re o imotile ka sengwe mo sefatlhegong kana setlolo sa gago sa sefatlhego kana sa matlho sa go dira gore o lebege jaaka ekete o ka re o phologotswana nngwe.

Tlhapa Sefatlhego sa Gago ka Botlalo. Buka ya A Lifetime of Beauty e bolela jaana: “Le ka motlha ope o seka wa ya go robala o sa tlhapa makeup yotlhe gore go seka ga sala le fa e le motlhalanyana wa yone . . . Fa o ka tlwaela go ya go robala ka leswe la yone, masaledi a yone kana letlalo le le obogang leo le ngaparetseng sefatlhego sa gago seo se tla tlogela mmala wa sefatlhego sa gago o lebega ekete o ka re o tshasitswe seretse ebile o sa kgatlhise.” Ngaka nngwe eo e leng mankge wa malwetsi a letlalo o bolela le eleng gore “o ka nna wa bo wa tloga wa itsenya bolwetsi kana go tlhotlhona fa o sa tlhape makeup yotlhe bosigo bongwe le bongwe pele ga o ya go robala.” Dirisa selo se se tlhapolosang makeup, se se ntseng jaaka setlolo se se tlhapang, go tlhapa sefatlhego sa gago ka sone.

Diane 31:30 e bolela gore “bontlè [e ka nna] boithamakō,” mme esita le makeup e e itshasitsweng ka botswerere ga e kake ya dira gore botho jo bo sa siamang kana mogopolo o senang kitso e e kalo o seka wa bonwa ke ba bangwe. Bibela e re gakolola jaana: “Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntlè, . . . Me a e nnè [ga] motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhokèga thata mo matlhoñ a Modimo.”—1 Petere 3:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Setlhogo se se reng “Batsadi ba Me Ba Tla Ntetlelela Leng Gore Ke Itshase Makeup?” seo se tlhagang mo tokololong ya Tsogang! ya June 8, 1990.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Dikotsi tsa Makeup

Mmueledi wa dilwana tse di rekwang ebong Elaine Brumberg o bega jaana: “Dikhemikale di le dintsi mmogo le metswako ya ditlolontlafatsi di kgona go tsenelela kwa teng mo letlalong le go tsena mo mmeleng.” Metswako mengwe eo gantsi e dirisiwang go belaelwa gore e baka kankere.

Metswako e mengwe (tseo gantsi eleng dinkgisamonate le dithibela go bola) di itsege ka go sa tseye batho sentle go go simologang ka go baba letlalo go ya go go ethimola. Ke boammaaruri gore ditlolo dingwe go bolelwa gore ga se tse di sa tseyeng batho sentle kana gore “di tlhatlhobilwe go bona gore ga se tse di sa tseyeng batho sentle.” Mme lefa go ntse jalo gore wena setlolo se se rileng se tla go tsaya jang go bonwa fela ka boitemogelo le ka go tlhatlhoba se se kwadilweng mo go tsone o dira jalo ka kelotlhoko.

Kotsi e nngwe e e anameng thata ke go tshelegelwa ke dibaketeria. Setlolo sa dintshi tsa matlho se ka fetoga lefelo leo ditshidinyana tse dinnyane di tsalelang mo go lone di fetisediwa moo go tswa mo losing lwa matlho kana di fetisediwa ka menwana go tswa mo selong seo setlolo seno se itshasiwang ka sone. Seno se ka nna sa baka gore o tshelegelwe ke bolwetsi fa thobanenyana eo go itshasiwang setlolo seno yone e ka ngapa leitlho. Go tshelegelwa ke malwetsi ke bothata jo bogolo mo ditlolong tseo di dirisiwang jaaka tseo batho ba lekeletsang ka tsone kwa mabenkeleng tseo batho ba le bantsintsi ba ileng ba thabuetsa menwana ya bone mo go tsone. Ka gone bomankge bangwe ba kgothaletsa gore o seka wa itshasa ditlolo tseo di dirisiwang jaaka tseo batho ba lekeletsang ka tsone o di itshasa mo sefatlhegong sa gago.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mmaago a ka nna a kgona go go ruta tsela ya botswerere ya go itshasa makeup

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela