LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 14-16
  • Batsadi ba Me Ba Tla Ntetlelela Leng Gore Ke Itshase Makeup?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi ba Me Ba Tla Ntetlelela Leng Gore Ke Itshase Makeup?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Makeup—Lebaka La Go Bo E Le Botlhokwa mo Basetsaneng
  • Lebaka La Go Bo Ba Ka Nna Ba Re Nnyaa
  • Go Dirisa Boemo Jono ka Tsela E E Tla go Tswelang Molemo
  • Nka Dirisa Jang Makeup ka Tsela E E Tshwanetseng?
    Tsogang!—1990
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Baebele ya Reng ka Kgang ya go Itshasa Ditlolo mo Sefatlhegong le go Itsenya Manyena?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 14-16

Basha Ba Botsa Jaana . . .

Batsadi ba Me Ba Tla Ntetlelela Leng Gore Ke Itshase Makeup?

Tsogang!: Mosetsana o tshwanetse a bo a na le dingwaga tse kae pele ga a ka letlelelwa gore a itshase makeup?

Juliea: Nka re a le dingwaga di le 13.

Tsogang!: Ka ntlhayang?

Julie: Ga ke itse.

Tsogang!: A fa a na le di le lesome le bobedi o mmotlana thata?

Julie: Ee.

Tsogang!: A mme fa a na le di le 13 o bogolo jo bo lekaneng?

Julie: Ee.

Sallie: Ke akanya gore fa mosetsana a itse ka moo a tshwanetseng go e itshasa sentle ka gone mme a sa dire gore a lebege jaaka ekete o mo setlhopheng sa mmino wa roko kana sengwe sa go tshwana le seo, a ka nna a letlelelwa go e itshasa.

John: Ke akanya gore ba ka nna ba e itshasa fela fa e le gore ga ba lebege ba le bantle fa ba sa e itshasa.

Gloria: Ee, makeup e tokafatsa tsela eo o lebegang ka yone ka tlholego.

Larry: Mme ke eng fa motho a ka batla ‘go tokafatsa tsela eo a lebegang ka yone’ a na le dingwaga di le 13? Ke raya gore, ga ba ise ba tlhoke go dira jalo! Ke akanya gore basetsana ba tshwanetse ba bo ba na le dingwaga di le 18 pele ga ba ka simolola go ka itshasa makeup.

KWA United States, basha ba senya didolara tse di fetang dikete tse tlhano tsa dimilione ka ngwaga mo dilong tseo di ba thusang gore ba nne bantle le mo ditlolontlafatsing. Go a utlwala, he, gore o ka nna wa ikutlwa gore le wena o na le tshwanelo ya go ka itshasa setlolo se se dirang melomo mehibitshwana, setlolo sa poire se se itshasiwang mo sefatlhegong, kana setlolo sa matlho fa o rata. Lefa go le jalo, batsadi ba gago ba ka nna ba bona dilo ka tsela e e farologaneng gotlhelele le eo.

“Ke ne ka botsa mama gore a nka e itshasa fa ke ne ke na le dingwaga di le 13,” go gakologelwa jalo Nina yo o nang le dingwaga di le 17. “O ne a nthaya a re, ‘Nina, ga o e tlhoke gone jaanong.’” Shelly yo mmotlana o ne a bona karabo e e tshwanang le eo go tswa mo batsading ba gagwe. “Ke ne ka kopa tetla fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 13, mme ba ne ba mpolelela gore nka se e itshase go fitlhela ke na le di le 15. Ke ne ka ba raya ka re ‘Ke ka ntlhayang ke se kake?’”

Makeup—Lebaka La Go Bo E Le Botlhokwa mo Basetsaneng

Jaaka fa puisano e e kwa tshimologong ya setlhogo seno e bontsha, go na le dikakanyo tse dintsi tse di farologaneng malebana le kgang eno le eleng mo gare ga basha. Ga go gakgamatse, he, go bo wena le batsadi ba gago lo ka nna lwa nna le bothata jwa go sa dumalane ka dikgopolo! Lefa go le jalo, fa batsadi ba gago ba ka go araba ka go re nnyaa fela e e akaretsang seo se ka lebega jaaka go gagamatsa molao ka tsela e e sa utlwaleng. “Fa o lebelela basetsana kwa sekolong,” go gakologelwa jalo mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Monica, “mme botlhe ba e itshasitse.” O ka nna wa ba wa ipotsa gore go ka tla jang gore e siamele mama wa gago, mme wena e sa go siamela! Mo godimo ga moo, o ntse o a gola, mme tsela eo o lebegang ka yone e botlhokwa thata mo go wena go feta leng pele.

Boroba bo bakile gore botelele jwa gago bo fetoge, gore boima jwa gago jwa mmele bo fetoge, gore tsela eo o bopegileng ka yone e fetoge. Jaaka fa buka ya The Secret of a Good Life With Your Teenager e akgela, “diphetogo tseno di dira gore [basha] ba tshwenyege thata ka bontle jwa bone go gaisa le fa e le leng pele . . . Gape ba batla gore go tlhomamisege gore a ke basimane kana ke basetsana. Ba batla gore ba fitlhelwe ba lebega ka tsela eo basadi ba lebegang ka yone kana ka tsela eo banna ba lebegang ka yone.” Kana jaaka fa mokwadi mongwe a tlhalosa, o batla go “simolola go betla mokgwa oo e tla nnang wa gago ka namana . . . [oo] o go bontshang ka tsela eo o ithatang o nna ka yone le eo o ikutlwang o phuthologile fa o le ka yone.”—Changing Bodies, Changing Lives, ka Ruth Bell.

Mo basetsaneng ba le bantsi, makeup ke e nngwe ya ditsela tsa go simolola mokgwa oo o eleng wa bone ka namana le gore ba ikutlwe ka tsela eo basadi ba ikutlwang ka yone kana ya gore ba ikutlwe ba le bantle go feta kafa ba ntseng ka gone. “Fa ke itshasitse ka makeup, ke ikutlwa ke kgona go itshepa,” mosetsana mongwe wa mosha o ne a tlhalosa jalo. Nina, yo o tsopotsweng pelenyana, o oketsa jaana: “Go na le basetsana ba le bantsi ba bantle, mme go itshasa makeup go ntira gore ke ikutlwe ke le botoka.”

Go itshasa makeup ke tlwaelo ya mofuta o o rileng ya go fetela mo bogolong. Jaaka fa mosha mongwe a ile a tlhalosa jaana: “Ga o tlhole o batla go lebiwa jaaka ngwana.” Bangwe ba solofela gore fa ba lebega jaaka bagolo seo se tla dira gore ba tlotliwe go feta kafa ba tlotliwang ka gone fa ba sa lebege jalo—kana le eleng gore seo se tla dira gore ba kgatlhegelwe ke basimane ba bagolwanyane. Mo go ba bangwe, go itshasa makeup ke fela tsela e nngwe ya go dira gore ba tshwane le ditsala tsa bone. Diane o bolela jaana: “Fa o lebega o le mogolwanyane, bana ba bangwe le bone ba akanya gore o na le tlhaloganyo ya segolo.”

Mme lefa go ntse jalo basha ba le bantsi ba batla go itshasa makeup ka ntlha ya mabaka a a utlwalang: go dira gore mebala e e sa tshwaneng ya letlalo e tshwane, go bipa mmala o o maswe wa letlalo kana lebadi lengwe, go dira gore dipopego tse dintle tsa sefatlhego di bonale sentle, kana go dira gore dipopego tseo di seng dintle mo go kalo tsa sefatlhego di seka tsa bonala. Le eleng fa go ntse jalo, e ka nna ya re fa o kopa tetla ya go itshasa makeup seo sa baka gore go nne le kgotlhang mo lelapeng. Ke ka ntlhayang fa batsadi gantsi ba arabela ka mokgwa o o seng monate jaana?

Lebaka La Go Bo Ba Ka Nna Ba Re Nnyaa

Ke boammaaruri gore batsadi ka dinako tse dingwe ba tshwaragana le phage ka mangana fa ba lebana le ntlha ya gore bana ba bone ba a gola. Ka gone ba bangwe ba ka nna ba nna le tshekamelo ya go gagamatsa seatla go sekae. Lefa go le jalo, batsadi ba le bantsi e a bo e le fela gore ba ratela bana ba bone dilo tse di molemo. Ke ka lebaka leo Bibela e kgothatsang jaana: “Bomorwaaka, utlwañ thutō ea rra batho, lo tlhōkōmèleñ go itse tlhaloganyō.” (Diane 4:1) Batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba sa kgone go ka go ntshetsa se se mo mafatlheng a bone. (“Batsadi ba me ba ne ba gana go ntetlelela gore ke itshase setlolo sa dintshi tsa matlho,” go gakologelwa jalo mosetsana mongwe yo mosha, “mme lefa go ntse jalo ba ne ba seka ba mpha lebaka.”) Gongwe ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba ikutlwa ba sa phuthologa malebana le kgang eno.

O ka nna wa bo o na le tshekamelo ya go leba go itshasa makeup jaaka tshwanelo nngwe e e rileng, eo eleng selo se o tshwanetseng wa dumelelwa kwantle ga bothata bope gore o se dire fa o fitlhelela “dingwaga dingwe tse di rileng tsa motlholo,” tse di ntseng jaaka tse 13. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa mokwadi wa makwalodikgang ebong Elizabeth Winship a tlhalosa: “Ga go na molao ope o o malebana le dingwaga dingwe tse di rileng tseo motho a tshwanetseng a letlwa go dirisa makeup fa a na le tsone. Go ikaegile ka lelapa le ditlwaelo tsa morafe.” Batsadi ba gago ba ka nna ba ikutlwa gore motho yo kana ka wena fa a itshasa makeup go ka dira gore setšhaba se senye sefatlhego fa se mmona kana Bakeresete mmogo le ene. Batsadi ba gago ba tla amega segolobogolo ka seno fa e le gore ke Basupi ba ga Jehofa; ereka ba se kitla ba batla gore tsela eo o ipaakanyang ka yone mo mmeleng e senye bodihedi jwa gago jwa Bokeresete leina.—2 Bakorintha 6:3.

Batsadi ba gago gape ba ka nna ba ikutlwa gore go itshasa makeup ga go tlhokafale gotlhelele ebile ga go a go siamela mo nakong eno ya botshelo jwa gago. Gone tota, bosha bo na le bontle jwa jone le jone, eleng kgalalelo e e fetang ka ponyo ya leitlho. (Pesalema 90:10; Diane 20:29) Ba ka nna ba bo ba bolela gore, ‘Ke eng fa a tshwanetse go dira sengwe seo se tla bipang kana seo se tla fetolang ponagalo ya gagwe ya bosha?’

Batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba bile ba itse go tswa mo go seo ba se itemogetseng ka bobone ka moo “dithato tsa bokau” di tsietsang ka gone. (2 Timotheo 2:22) Ebile ba ka nna ba bo ba boifa gore o ka nna wa boeletsa diphoso dingwe tseo bone ka bobone ba neng ba di dira fa ba ne ba sa le basha, mme ba batla go go sireletsa. Mosetsana mongwe yo mosha o gakologelwa jaana: “Mama o ne a simolola go itshasa makeup fa a ne a santse a le mosha thata. O ne a simolola go itaola go feta tekano mme o ne a atisa go apara mesese ya letheka e mekhutshwane le makeup e e seng kana ka sepe. O ne a sa batle gore le nna ke nne jalo.”

Ga go bolele gore o fetoga mosadi yo o tshelang botshelo jo bo repileng fela ka go bo o itshasa setlolo sa molomo se sekae. Lefa go le jalo, ba ka nna ba boifa ka tshwanelo gore fa o itshasa makeup seo se ka nna sa go baya mo kotsing ya dikgatelelo tseo o iseng o di ipaakanyetse. Rre mongwe yo o nang le bana ba basetsana ba le babedi ba basha o tsopolwa ke mokwadi Ruth Bell a bolela jaana: “Go itumedisa thata go bona bana ba fetoga bagolo. . . . Mme lefa go ntse jalo fa ke ba lebelela mme ke bo ke bona basetsana ba me ba babotlana, fa ke ipolelela jaana, ‘Bale ke bana ba me mme ba fetoga bagolo mme ba tla tshwanelwa ke gore ba lebane le lefatshe lele la ka kwa ntle nna ke se teng go ka ba sireletsa,’ ka nako eo ke yone e ke amegang maikutlo ka yone. . . . Lefatshe leno le makgwakgwa mme le ka nna la ba utlwisa botlhoko.”

Go lebega jaaka mogolo ke kgang e nngwe. Mme go itshwara jaaka mogolo le go lebana le dikgatelelo tsa bagolo e ka nna ya nna kgang e e farologaneng le eo gotlhelele. A eleruri o ikemiseditse go lebana le kgatlhego ya basimane ba basha ba bagolwanyane—kana le eleng banna ba bagolo—eo e ka nnang ya tsosiwa ke fa e le gore makeup e go dirile gore o lebege o feta dingwaga tsa gago ka bogolo?—Bapisa Genesise 34:1, 2.

Go Dirisa Boemo Jono ka Tsela E E Tla go Tswelang Molemo

Go sa kgathalesege dilo tsotlhe tseo re tlotlileng ka tsone, o ka nna wa bo o santse o ikutlwa gore o siametse go ka itshasa makeup, mme gongwe o go siametse. Ke eng seo o tshwanetseng go se dira? Mosetsana mongwe yo mosha o ne a ipobola jaana: “Ke gone fela ke neng ke simolola go e itshasa. Ke ne ka itshasa makeup ya matlho go le gonnye, mme Mama o ne a akanya gore e lebega sentle.” Lefa go le jalo, go itshasa makeup o sa letlwa go dira jalo, ke selo se se kotsi! Diane 13:10 e tlhagisa jaana: “Go tla kōmanō hèla ka boikgodishō.” Jaaka fa mosetsana mongwe a ile a dumela jaana: “Ke ne ke itse gore batsadi ba me ba ne ba tla batla ba nja nko e sa butswa fa ke ne ke tla tlhaga fela ka tshoganyetso ke itshasitse makeup.” Ka jalo, ke eng seo o ka se dirang? Temana eo ya Bibela e tswelela pele jaana: “Mme mo go bao ba buisanang go na le botlhale.”—NW.

Ee, tlhopha “nako e e siameng” ya go ka buisana ka dikgang tseno le batsadi ba gago. (Diane 25:11) Tlhalosa ka bonolo kafa o ikutlwang ka gone mo kgannyeng eno. Tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa mo wena, mme o tlhalosa seo tota o se akantseng. Ba tlhomamisetse gore ga o batle go lebega jaaka motho yo o yang le difeshene kana go lebega ka tsela e e seng ya tlholego le gore o anaanela dipono le dikakanyo tsa bone. Gongwe ba tla fetola mogopolo kana ba dumalane le bontlhanngwe jwa seo o se bolelang.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ka nna ba fetsa fela ka gore ga o ise o lekane go ka itshasa makeup. Mme lefa go ntse jalo seno ga se bokhutlo jwa lefatshe. Dira seo o ka se kgonang gore o dire bojotlhe ka tsela eo o lebegang ka yone. Ka sekai, fa o tlhokomela letlalo la gago ka tsela e e tshwanetseng seo se ka nna sa fokotsa mathata a mmala wa letlalo. “Fa e le gore letlalo la gago le phanyegile,” mankge wa bontle ebong Jane Parks-Mckay o gakolola jalo, “tlosa tlhokomelo mo go lone ka go . . . apara sengwe seo se tla dirang gore o lebege o le wa maratwa go lejwa—sengwe fela seo se tla tlosang tlhokomelo mo karolong eo e e sa lebegeng sentle.” Go ema ka tsela e e molemo, dinala tse di tlhokometsweng sentle, moriri o o phepa, o o phatsimang—dilo tseno tsotlhe di ka thusa gore o lebege ka tsela e e molemo thata o itshasitse makeup kana o sa e itshasa!

Lefa go ntse jalo, go tweng fa batsadi ba gago ba go neela tetla ya gore o itshase makeup? Setlhogo sengwe sa mo isagweng se tla tlotla malebana le kafa e ka dirisiwang ka tshwanelo ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mangwe a maina ano a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“O itshasa makeup. Nna nka simolola leng?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela