Go Boloka Seriti Sa Molwetse
MALATSI a le mabedi fela pele Sally a isa monna wa gagwe kwa ngakeng e e alafang malwetse a boboko, go ne ga tlhophiwa tonakgolo e ntšha mo Afrika Borwa. Fa ngaka eno e botsa Alfie ka ditlamorago tsa ditlhopho tseno, o ne a mo rotolela matlho fela a sa mo arabe. Fa ngaka eno e sena go mo tlhatlhoba boboko, e ne ya phatloga fela ya re: “Monna yono ga a kgone le go kopanya pedi le pedi. Boboko jwa gagwe bo senyegile!” Mme o ne a gakolola Sally jaana: “O nne o baakanye madi a gago. Monna yono a ka nna a go fetogela mme a go lwantsha.”
Sally o ne a araba jaana: “Le e seng! E seng monna wa me!” Sally o ne a bua boammaaruri; Alfie ga a ise a ko a mo lwantshe, le e leng le fa gone batho bangwe ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer e le bontwadumela. (Gantsi e a bo e le ka ntlha ya go betwa ke pelo, mo ka dinako dingwe go ka ritibadiwang ke tsela e go dirisanwang ka yone le motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer.) Le fa gone ngaka eno e ne ya kgona go tlhatlhoba bothata jwa ga Alfie, go bonala e ne e sa bone gore e tshwanetse go boloka seriti sa molwetse. E seng jalo, a ka bo a ile a tlhalosetsa Sally boemo jwa ga Alfie sentle kwa thoko.
Buka ya When I Grow Too Old to Dream e bolela jaana: “Selo sa botlhokwa se batho ba ba tshwerweng ke malwetse a go se dire sentle ga tlhaloganyo ba se tlhokang, ke go kgona go boloka seriti sa bone, tlotlo le go nna ba itlotla.” Tsela ya botlhokwa ya go boloka seriti sa molwetse e tlhalositswe jaana mo pampiring ya kgakololo ya Communication, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone: “O se ke wa bua [ka balwetse ba Alzheimer] fa pele ga batho ba bangwe jaaka e kete ga ba yo. Le fa gone ba sa tlhaloganye sepe, ba ka nna ba ikutlwa ba kgaphelwa thoko ka tsela nngwe le go ikutlwa gore ba a nyenyefadiwa.”
Boammaaruri ke gore balwetse bangwe ba Alzheimer ba tlhaloganya se ba bangwe ba se buang ka bone. Ka sekai, molwetse mongwe kwa Australia o ne a ya le mosadi wa gagwe kwa pokanong ya mokgatlho wa balwetse ba Alzheimer. Moragonyana o ne a akgela jaana: “Ba ne ba ruta batlhokomedi se ba tshwanetseng go se dira le kafa ba ka se dirang ka teng. Ke gakgamalela gore ke ne ke le teng moo mme go ne go se na ope yo o buang ka molwetse. . . . Go kgoba marapo tota. Ka gonne ke tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer, ka metlha ke ipuela diphirimisi fela: ga go na yo o reetsang.”
Nna le Boikutlo jo bo Siameng
Go na le ditsela tse dintsi tse o ka thusang go boloka seriti sa molwetse ka tsone. Ba ka nna ba bo ba tlhoka go thusiwa go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse pele ba neng ba kgona go itirela tsone motlhofo fela. Ka sekai, fa e le gore pele e ne e le ditswerere mo go kwaleng makwalo, gongwe o ka nna le bone fa fatshe mme o ba thuse go araba makwalo a a tswang kwa ditsaleng tse di amegileng ka boemo jwa bone. Mo bukeng ya gagwe ya Alzheimer’s—Caring for Your Loved One, Caring for Yourself, Sharon Fish o neela ditsela tse dingwe gape tse di molemo tsa go thusa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer jaana: “Batla dilo tse di motlhofo tse lo ka di dirang mmogo le tse di molemo: go tlhatswa le go phimola dijana, go feela fa fatshe, go mena diaparo tse di sa tswang go tlhatswiwa, go apaya dijo tsa motshegare.” Morago ga moo o tlhalosa jaana: “Motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer a ka nna a se ke a kgona go phepafatsa ntlo yotlhe kana go apaya dijo tsotlhe, le fa go ntse jalo go tla nna go direge ka iketlo fela gore a palelwe ke go dira dilo tseno. O ka nna wa mo dirisa dilo tse a sa ntseng a kgona go di dira mme o mo thuse go nna a ntse a kgona go di dira ka lobaka lo loleele ka mo go kgonegang ka gone. Fa o dira jalo, o thusa moratwa wa gago gore a kgone go itlotla.”
Dingwe tsa ditiro tse di dirilweng ke motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer di ka nna tsa bo di sa kgotsofatse, ka jalo o ka nna wa tshwanelwa ke go feela gape fa fatshe kana wa tlhatswa dijana gape. Le fa go ntse jalo, ka go dira gore molwetse a ikutlwe e le wa botlhokwa, o dira gore a ikutlwe a kgotsofetse mo botshelong. Mo akgole le fa a sa dira tiro sentle. Gakologelwa gore o dirile bojotlhe jwa gagwe ka maatla a gagwe a a ntseng a koafala. Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba tlhoka go nna ba kgothadiwa le go akgolwa—segolobogolo fa maatla a bone a go dira dilo tse di farologaneng a ntse a fokotsega. Kathy yo monna wa gagwe wa dingwaga di le 84 a tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer o bolela jaana: “Nako nngwe le nngwe fela—go sa lebelelwa, ba ka fekeediwa ke maikutlo a gore ga ba na thuso. Motlhokomedi o tlhoka go mo thusa ka bonako ka go tlhomamisetsa molwetse ka lorato gore o ‘dira sentle.’” Buka ya Failure-Free Activities for the Alzheimer’s Patient e dumela jaana: “Rotlhe re tlhoka go nna re utlwa re bolelelwa gore re dira sentle mme batho ba ba nang le bolwetse jwa go sa dire sentle ga tlhaloganyo ba tlhoka seno fela thata.”
Kafa o ka Dirisanang le Boitsholo jo bo Tlhabisang Ditlhong ka Teng
Batlhokomedi ba tshwanetse ba ithuta kafa ba ka dirisanang ka teng le boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong jwa baratwa ba bone. Nngwe ya dilo tse di boifisang thata ke gore molwetse a ka nna a se kgone go ithiba mo bathong. Dr. Gerry Bennett o tlhalositse jaana mo bukeng ya gagwe ya Alzheimer’s Disease and Other Confusional States: “Dilo tseno ga di diragale gantsi mme ka metlha di ka thibelwa kana tsa dirwa gore di se lebege di le dikgolo thata. Gape motho o tshwanetse go akanyetsa dilo sentle, ka gonne ga go a tshwanelwa ga amegiwa fela ka selo se se dirilweng kana batho ba ba ka tswang ba lebile, mme go tshwanetse ga amegiwa ka go latlhegelwa ke seriti ga molwetse ka boene.”
Fa go direga selo sengwe se se tlhabisang ditlhong, o se ka wa omanya molwetse. Go na le moo, leka go latela kgakololo eno: “Nna o ritibetse mme o lemoge lebaka la go bo a dirile selo seno mme o gakologelwe gore motho yono ga a go rumole ka boomo. Go feta moo, ba kgona go dirisanammogo le wena fa o le bonolo mme o nitame go na le fa o selekega e bile o fela pelo. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o se letle bothata jono bo senya kamano ya gago le molwetse.”— Pampiri ya dikgakololo ya Incontinence go tswa go Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone.
A Ruri Ba Tlhoka go Kgalemelwa?
Gantsi batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ba na le go bua dilo tse e seng tsone. Ka sekai ba ka go bolelela gore ba lebeletse moeng mongwe wa losika yo tota a sa leng a tlhokafala bogologolo. Kana ba bona dipono, ba bona dilo tse di bonwang ke bone fela. A go a tlhokega go bo o sa le o kgalema motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer fa a bua sengwe se e seng sone?
Robert T. Woods o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Alzheimer’s Disease—Coping With a Living Death: “Go na le batsadi ba ka metlha ba nnelang go baakanya bana ba bone nako le nako fa ba bua lefoko lengwe ka tsela e e sa siamang kana ba sa bua sengwe sentle. . . . Gantsi seno se hutsafatsa ngwana yono se mo dire gore a ikgogone, ka gonne a ikutlwa gore ka metlha fa a re o leka go itlhalosa, ga a newe sebaka seo, e bile ga a reediwe. Ke sone se se ka nnang sa direga le ka motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer yo o nnelang go kgalengwa ka metlha yotlhe.” Ka mo go kgatlhisang Baebele e gakolola jaana malebana le kafa bana ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng: “Lona borrabana, lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo.” (Bakolosa 3:21) Fa e le gore bana ba a sulafalelwa fa ba nnela go kgalemiwa, go tweng he ka mogolo! ARDA Newsletter ya mo Afrika Borwa e lemosa jaana: “Gakologelwa gore molwetse yono ke mogolo yo o kileng a bo a ipusa e bile a na le dilo tse a di fitlheletseng.” Go nnela go kgalema motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ga go ne go mo dira gore a sulafalelwe fela, mme gape go tla mo tshwenya thata mo maikutlong kgotsa go mo gakatse.
Gape re ka ithuta sengwe mo go Jesu Keresete se se tla thusang ba ba tshwanelwang ke go dirisana le ditlhaelo tsa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer. Ga a ka a nnela go kgalema barutwa ba gagwe ka sengwe le sengwe se ba sa se akanyeng sentle. Tota e bile ka dinako dingwe o ne a sa ba bolelele dilo dingwe ka gonne ba ne ba ise ba kgone go di tlhaloganya sentle. (Johane 16:12, 13) Fa Jesu a ne a akanyetsa ditlhaelo tsa batho ba ba itekanetseng sentle jaana, a bo rona re ka itlwaetsa jang ne go amogela dikgopolo tse di sa tlwaelegang le tse di seng kotsi tsa mogolo yo o lwalang thata! Go leka go dira gore molwetse a bone boammaaruri jwa kgang nngwe e e rileng e ka nna ya bo e le go lebelela—kana go batla—se a ka se kgoneng go se dira. Go na le go ganetsana ka gone, ke ka ntlha yang fa o sa didimale kana o fetole motlotlo ka tsela e e botlhale?—Bafilipi 4:5.
Ka dinako dingwe, selo se se molemo se o ka se dirang e ka nna go dira jaaka e kete o dumalana le dipono tsa molwetse go na le go leka go mo tlhomamisetsa gore ga go a nna jaaka fa a bua. Ka sekai, motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer a ka nna a tshwenngwa ke gore o “bone” phologolo nngwe ya naga kana sekebekwa sengwe kafa morago ga garetene. Eno ga se yone nako ya go leka go mmolelela gore ga diyo dilo tseo. Gakologelwa gore se a se “bonang” mo tlhaloganyong ya gagwe ke sa mmatota mo go ene, mme go tshwanetse ga kokobediwa dipoifo tsa gagwe. O ka nna wa tlhoka go ya go leba kafa morago ga garetene mme o mmolelele gore, “Fa o ‘mmona’ gape, o mpolelele gore ke go thuse.” Dingaka e bong Oliver le Bock ba tlhalositse mo bukeng ya bone ya Coping With Alzheimer’s: A Caregiver’s Emotional Survival Guide gore fa o dira dilo go ya ka tsela e molwetse a di bonang ka yone, o dira gore a nne le “boikutlo jwa gore o fentse dipono tseno tse di boifisang le tse di tshosang tse di leng mo tlhaloganyong ya gagwe. . . . O a itse gore a ka ikaega ka wena.”
“Rotlhe re Kgotšwa Makgetlo a le Mantsi”
Go ka nna thata go dirisa dikakantsho tsotlhe tse di boletsweng fa godimo, segolobogolo mo go ba ba nang le morwalo o boima wa tiro le maikarabelo a mangwe a lelapa a a tshwanetseng go tlhokomelwa. Motlhokomedi yo o kgobegileng marapo a ka nna a palelwa ke go itshwara ka dinako dingwe mme a se ka a tshwara motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer ka tlotlo. Fa seno se diragala, go botlhokwa gore o se ke wa itetla gore o gatelelwe ke go ipona molato. Gakologelwa gore ka ntlha ya bolwetse jono, gongwe molwetse o tla lebala tiragalo eno ka bonako fela.
Gape mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o boletse jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jakobe 3:2) E re ka go se na motlhokomedi ope wa motho yo o itekanetseng, go ka nna ga solofelwa diphoso mo tirong eno e e thata ya go tlhokomela motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka dilo tse dingwe tse di thusitseng batlhokomedi go lepalepana—le e leng go itumelela—go tlhokomela motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Alzheimer.
[Mafoko a a mo go tsebe 17]
Balwetse ba ikutlwa sentle fa ba nna ba kgothadiwa le go akgolwa
[Mafoko a a mo go tsebe 17]
‘Molwetse a ka nna a tlhaloganya se se buiwang. Ka jalo o se ke wa tlotla ka boemo jwa gagwe kana wa bolela sengwe se se maswe a ntse a le teng’
[Lebokoso mo go tsebe 14]
A o Tshwanetse go Bolelela Molwetse?
BATLHOKOMEDI ba le bantsi ba ipotsa gore a ba tshwanetse go bolelela moratwa wa bone gore o tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer. Fa oswetsa go dira jalo, o ka go dira jang gone leng? Pampiri ya dikgang ya Alzheimerʼs and Related Disorders Association ya mo Afrika Borwa e na le dikakgelo tseno tse di kgatlhang tse di tswang go mmadi mongwe:
“Monna wa me o na !e dingwaga di le supa a tshwerwe ke Alzheimer. Jaanong o na le dingwaga di le 81 mme se se botoka ke gore o koafala ka iketlo thata . . . Ka lobaka lo loleele ke ne ke akanya gore e tla bo e le bosetlhogo go mmolelela gore o na le Alzheimer, ka jalo re ne ra tswelela ka ʼseipatoʼ sa gagwe sa gore: ʼKe eng se o ka se solofelang mo mothong wa dingwaga di le 801ʼ“
Mme mmadi o ne a umaka buka e e nengya akantsha gore molwetse a bolelelwe ka tsela e e molemo le e e motlhofo kaga bolwetse jo bo mo tshwereng. Le fa go ntse jalo, o ne a boifa go dirisa kgakololo eno a akanya gore o tla utlwisa monna wa gagwe botlhoko.
O tswelela jaana: “Mme ka letsatsi lengwe monna wa me o ne a bolela gore o boifa go itira seeleele fa a le mo gare ga setlhopha sa ditsala. Ke ne ka dirisa sone sebaka seno! Ka jalo (ke tshogile) ke ne ka khubama fa fatshe gaufi le ene mme ka mmolelela gore o tshwerwe ke bolwetse jwa Alzheimer. Gone o ne a sa tlhaloganye sepe, le fa go ntse jalo, ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke bolwetse jo bo mo thatafaletsang go dira [dilo] tse a neng a tlwaetse go di dira e bile gape bo dira gore a lebale dilo. Ke ne ka mmontsha mela e le mebedi fela go tswa mo boroutšhareng jwa lona jwa Alzheimerʼs: We Canʼt Ignore It Anymore: ʼBolwetse jwa Alzheimer ke bolwetse jwa boboko jo bo dirang gore o se ke wa gakologelwa dilo le jo bo senyang tlhaloganyo thata . . . Ke bolwetse ga se TSELA E E TLWAELEGILENG FELA YA GO TSOFALA.ʼ Gape ke ne ka mo tlhomamisetsa gore ditsala tsa gagwe di ne di itse gore o na le bolwetse jono mme di ne di tlhaloganya. 0 ne a akanya seno ka lobakanyana mme a re: ʼKe ne ke sa itse! Ruri o nthusitse!ʼ Lo ka akanya fela gore ke ne ka ikutlwa jang fa ke bona a wela makgwafo fa a sena go itse seno!
“Mme jaanong, nako nngwe le nngwe fela fa e kete o tlhobaediwa ke sengwe, ke kgona go mo tlamparela mme ke mmolele gore ʼGakologelwa, ga se phoso ya gago. Ke bolwetsejo bo setlhogojonojwa Alzheimer jo bo go thatafaletsang dilo jaana,ʼ mme a ritibale ka yone nako eo.“
Gone molwetse mongwe le mongwe wa Alzheimer o farologane le yo mongwe. Gape dikamano gareng ga batlhokomedi le balwetse letsone di farologane. Kajalo ke kgangya motho ka namana gore a o swetsa go bolelela moratwa wa gago gore o na le bolwetse jwa Alzheimer kana nnyaa.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
A Ruri ke Bolwetse Jwa Alzheimer?
FA MOTHO yo o godileng a simolola go tlhakatlhakana, o se ke wa itlhaganelela go konela gore ke ka ntlha ya bolwetse jwa Alzheimer. Go na le dilo tse dintsi tse dijaaka go tlhokafalelwa, go fuduga ka tshoganetso kana go tshwaediwa ke bolwetse bongwe tse di ka tlhakatlhakanyang motho yo o godileng. Mo maemong a mantsi go tlhakatlhakana thata ga batho ba ba godileng go ka boela ga siama.
Le e leng mo balwetseng ba Alzheimer, go fetoga ka tshoganetso ga boemo jwa molwetse mo go jaaka go sa kgone go ithiba, ga go reye gore go bakwa ke go sa dire sentle ga tlhaloganyo mo go bakwang ke bolwetse jwa Alzheimer. Bolwetse jwa Alzheimer bo kekela ka iketlo. Buka ya Alzheimer’s Disease and Other Confusional States, e tlhalosa jaana: “Go koafala ka tshoganetso gantsi go bolela gore go na le boemo bongwe jo bo bakang seno (jo bo jaaka go opelwa ke sehuba kana go tshwaetsega motlhapo). Go bonala fa e le setlhotshwana se sennye fela sa balwetse ba [Alzheimer] se se koafalang ka bonako ... Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba bone ba koafala ka iketlo segolobogolo fa motho wa teng a tlhokometswe sentle e bile malwetse a mangwe a alafiwa ka bonako le ka katlego.“ Go sa kgone go ithiba ga balwetse ba Alzheimer go ka nna ga bo go bakiwa ke malwetse mangwe a a kgonang go alafega. Pampiri ya kgakololo ya Incontinence e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Balwetse ba Alzheimer wa kwa Lontone e tlhalosa jaana: “Kgato ya ntlha ke go botsa [ngaka].“
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go thusa batho ba ba tshwerweng ke Alzheimer ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi go thusa go boloka seriti sa bone