Go Batla Botshelo jo bo Babalesegileng
PABALESEGO e kaya dilo tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng. Mo mothong yo mongwe, pabalesego e kaya go nna le tiro; mo go yo mongwe, e kaya go huma; mme mo mothong wa boraro, pabalesego e kaya go nna le tikologo e e se nang bokebekwa. A e kaya sengwe se sele mo go wena?
Go sa kgathalesege gore o leba dilo ka tsela efe, kwantle ga pelaelo o tsaya dikgato go leka go dira gore botshelo jwa gago bo babalesege ka mo o ka kgonang ka gone. Ela tlhoko se batho ba kwa Yuropa ba se dirang gore ba babalesege ka selekanyo se se rileng.
Thutego e e Kwa Godimo
Jacques Santer e bong moporesidente wa European Commission o bolela gore diperesente di le 20 tsa basha kwa dinageng tsa European Union ga ba na ditiro. Ka gone, mo go ba ba mo dingwageng tseo potso e kgolo e ba ipotsang yone ke gore, Ke ka bona jang tiro e e tla babalelang botshelo jwa me? Ba le bantsi ba dumela gore mokgele ono o ka fitlhelelwa botoka ka go nna le thutego e e kwa godimo, eo, jaaka lokwalodikgang lwa The Sunday Times lwa kwa Lontone lo bolela, e neelang baithuti “sebaka se se molemolemo sa go bona tiro.”
Ka sekai, kwa Jeremane “go eletsa go nna le thuto le thutego go oketsegile go feta le e leng pele,” go bega jalo lokwalodikgang lwa Nassauische Neue Presse. Go oketsega jaana lemororo go nna moithuti go fitlha o fetsa thuto ya yunibesithi kwa nageng eo, ka kakaretso, go tlhoka madi a a ka tshwarang R278-000.
Basha ba ba tsayang thuto ka tsela e e masisi e bile ba eletsa go nna le tiro e e tlhomameng ba tshwanetse go akgolwa. Mme motho yo o nang le bokgoni le ditshwanelego tsa tiro gantsi ke ene a bonang tiro fa a e batla. A mme go nna le thutego e e kwa godimo ka dinako tsotlhe go lere tiro e e tlhomameng? Moithuti mongwe o ne a bolela jaana: “Ke itsile di santse di tloga fela gore khoso e ke e dirang e ka se nthuse go bona tiro epe e e bonalang e bile e ne e ka se nteretse pabalesego epe.” Ga se ene fela. Mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana, palo ya baalogi ba yunibesithi ba ba se nang ditiro kwa Jeremane e ne e le kwa godimo go feta le fa e le leng pele.
Kwa Fora, lokwalodikgang longwe lo boletse gore basha ba ya diyunibesithing ka gonne dipoloma tsa sekolo se segolo ga di thuse ka sepe ka gonne basha ba bantsi ke ba ga ba na ditiro. Le fa go ntse jalo, baithuti ba le bantsi ba yunibesithi ba dumela gore fa ba sena go fetsa dithuto tsa bone, “go tla bo go ntse go tshwana fela le fa gone ba na le dikirii.” Lokwalodikgang lwa The Independent lo bega gore kwa Boritane “baithuti ba gatelelwa thata gore ba tshele botshelo jwa borutegi.” Mo boemong jwa go thusa baithuti gore ba lepalepane le go ikutlwa ba sa babalesega mo botshelong, go begwa gore ka dinako tse dingwe botshelo jwa yunibesithi bo baka mathata a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhobaela le go latlhegelwa ke seriti.
Gantsi, go ithutela tiro nngwe kana go ithapisetsa tiro nngwe ya diatla go ka thusa gore motho a bone tiro e e babalesegileng ka bonako go gaisa fa a na le dikirii tsa yunibesithi.
A go Nna le Dilo di le 10 000 go Lekane?
Batho ba le bantsi ba dumela gore sephiri sa go bona botshelo jo bo babalesegileng ke go huma. Seno se ka nna sa bonala e le tsela e e utlwalang, ka gonne fa o na le madi a mantsi kwa bankeng a tla go thusa mo dinakong tsa mathata. Baebele e tlhalosa gore “madi [ke] phemelo.” (Moreri 7:12) Le fa go ntse jalo, a ka dinako tsotlhe dikhumo di dira gore motho a ikutlwe a babalesegile?
Nnyaa. Akanya ka tsela e dikhumo di oketsegileng ka yone mo dingwageng tse 50 tse di fetileng. Kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II, karolo e kgolo ya batho ba Jeremane e ne e batla e le badidi. Gompieno, lokwalodikgang lwa Jeremane lo boletse gore motho yo o tlwaelegileng fela kwa Jeremane o na le dilo di le 10 000. Fa e le gore diponelopele tsa ikonomi di boammaaruri, dikokomana tse di tlang di tla bo di na le dithoto tse di fetang tseo. A mme go kokoanya dikhumo ka tsela eno go dira gore botshelo bo babalesege? Nnyaa. Patlisiso nngwe kwa Jeremane e ne ya bontsha gore batho ba le 2 mo go ba le 3 ba bolela gore botshelo ga bo a babalesega jaaka go ne go ntse mo dingwageng tse 20 kana tse 30 tse di fetileng. Ka jalo go huma thata ga go a ka ga dira gore batho ba ikutlwe ba babalesegile.
Seno se a utlwala ka gonne, jaaka fa go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, go ikutlwa o sa babalesega ke bothata jwa mo maikutlong. Mme bothata jwa mo maikutlong bo ka se fodisiwe ka mo go feletseng ke dikhumo. Ke boammaaruri gore khumo e ka fokotsa lehuma le go thusa ka dinako tsa mathata. Mme mo maemong mangwe, go nna le madi a mantsi e ntse e le mokgweleo o mogolo fela jaaka go a tlhoka.
Ka gone, go nna le boikutlo jo bo lekalekaneng malebana le dithoto go tla re thusa gore re nne re gakologetswe gore le fa gone khumo e le mosola, ga se lone lebaka la konokono le le ka lereng botshelo jo bo babalesegileng. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a kgothatsa barutwa ba gagwe ka go bolela jaana: “Ka gonne le eleng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Gore motho a ikutlwe a sireletsegile tota mo botshelong, o tlhoka se se fetang khumo.
Mo bathong ba ba godileng, dithoto di botlhokwa e seng ka ntlha ya boleng jwa tsone mme ka ntlha ya tsela e ba ikutlwang ka yone ka tsone. Selo se se tshwenyang batho ba ba godileng thata go gaisa dikhumo ke go tlhaselwa ke dikebekwa.
Itise!
“Bokebekwa . . . e ntse e le bothata jo bo golelang pele mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng tse 30 tse di fetileng,” go bolela jalo bukana ya Practical Ways to Crack Crime, e e gatisitsweng kwa Boritane. Mapodise a tshwere phage ka mangana. Batho ba bangwe ba kgona jang?
Go sireletsega ka bowena go simologa kwa gae. Ka sekai, kwa Switzerland, motlhami mongwe wa dipolane ke setswerere se segolo sa go tlhama matlo a a sireleditsweng go thibela bogodu a a tsentsweng dilloko tsa pabalesego, mabati a a thata le difensetere tse di tsentsweng ditshipi. Go bonala beng ba matlo ano ba dira se se bolelwang ke seane seno se se tlwaelegileng: “Legae la me ke kagophemelo ya me.” Makasine wa dikgang wa Focus o boletse gore matlo ano a a tura, mme a batliwa ke batho ba le bantsi.
Baagi bangwe bone, gore ba itshireletse thata mo teng le kwa ntle ga legae, ba ile ba rulaganya gore go nne le dithulaganyo tsa go tlhokomela le legae la baagelani. Baagi ba ditorotswana dingwe tse di kwa thoko ba ile ba bo ba dira se se fetang seo, ba duela feme nngwe ya pabalesego gore e dise karolo ya bone ka dinako dingwe tse di rileng. Batho ba le bantsi ba bona go le botoka gore o se ka wa tsamaya o le nosi bosigo mo mebileng ya toropo e e se nang batho. Mme batsadi, ba ka tlholego ba amegileng ka boitekanelo jwa bana ba bone, ba ka tsaya dikgato tse dingwe tse di gagametseng gore ba ba sireletse. Sekaseka dikakantsho tse di leng mo lebokoseng le le mo tsebeng eno.
Mme ga se mang le mang yo o ka kgonang go reka legae le le sireleditsweng go thibela bogodu. Kwantle ga moo, dithulaganyo tsa go disa legae la moagelani le badiri ba pabalesego ba ka se fokotse bokebekwa gotlhelele; ba ka dira fela gore bo ate thata kwa dikarolong tse di sa sireletsegang. Ka gone bokebekwa bo tla nna bo ntse bo tsentse pabalesego ya motho mo kotsing. Gore matshelo a rona a babalesege, go tlhokega se se fetang matsapa otlhe a re a dirang a go nyeletsa bokebekwa.
Alafa Bolwetse—E Seng Matshwao a Jone Fela
Ka tlholego fela mongwe le mongwe wa rona o eletsa go nna le botshelo jo bo babalesegileng, mme re dira sentle go tsaya dikgato tse di utlwalang le tse di molemo gore re fitlhelele mokgele ono. Mme bokebekwa, go tlhoka ditiro le dilo tse dingwe tsotlhe tse di dirang gore matshelo a rona a nne a sa babalesega ke matshwao fela a boemo jo bo amang batho botlhe. Gore go alafiwe bothata jono, go tlhokega gore go tlhaselwe selo se se bo bakang, e seng matshwao a jone fela.
Ke eng se tota se bakang go sa babalesega mo matshelong a rona? Re ka se nyeletsa jang mme ka gone re tlose go ikutlwa re sa babalesega mo botshelong ka bosakhutleng? Seno se tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Ditsela Tsa go Sireletsa Bana ba Bannye
Ka ntlha ya go tlhaselwa thata ga bana, go utswiwa ga bana le go bolawa ga bone, batsadi ba le bantsi ba fitlhetse go le molemo go ruta bana ba bone go dira dilo tse di latelang:
1. Gana—o tlhomame—fa mongwe a leka go go dirisa sengwe se o itseng gore se phoso.
2. Gana go dumelela ope a go tshwara dirwe tsa gago tsa mmele tsa sephiri ntle le fa motsadi a le teng—jaaka fa o na le ngaka kana mooki.
3. Tshaba, goa, kana o kope thuso mo go mongwe yo o godileng yo o gaufi fa o le mo kotsing.
4. Bolelela batsadi ka tiragalo nngwe kana puisano nngwe e ngwana a ikutlwang e sa mo tshwara sentle.
5. Se lobele batsadi ba gago sepe.
Sabofelo, batsadi ba dira sentle go nna kelotlhoko fa ba tlhopha motho yo o ka salang a tlhokometse ngwana wa bone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Gore matshelo a rona a babalesege, re tlhoka se se fetang thutego, khumo, kana matsapa otlhe a re a dirang go nyeletsa bokebekwa