LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 10/8 ts. 7-10
  • Botshelo jwa Pabalesego e e Tla Nnelang Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jwa Pabalesego e e Tla Nnelang Ruri
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo e e Babalesegileng e Ile ya Itlhokomolosiwa Gotlhelele
  • Baya Dilo Tsa Semoya Kwa Pele
  • ‘Bitsang Modimo wa Lona, Jehofa’
  • Tshiamo, Thetebalo le Pabalesego
  • Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Batla Botshelo jo bo Babalesegileng
    Tsogang!—1998
  • Ditsela Tsa go Fenya Bothata Jwa go Ikutlwa o sa Sireletsega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 10/8 ts. 7-10

Botshelo jwa Pabalesego e e Tla Nnelang Ruri

FA O ikutlwa o gotela thata, o nwa pilisi gore e emise tlhogo e e opang mme gongwe o ka tsaya kgetsana ya dikgapetla gore di fokotse mogote wa mmele. Mme le fa gone pilisi le kgetsana ya dikgapetla di ka okobatsa matshwao a bolwetse, ga di fodise se se bakileng letshoroma leo. Mme fa o gateletswe thata ke bolwetse, o tlhoka go alafiwa ke ngaka e e itseng.

Batho ba tshwerwe ke letshoroma le le sa foleng la go ikutlwa ba sa babalesega. Re tsaya dikgato tsa nakwana tsa go okobatsa matshwao a a sa jeseng diwelang ano, mme go fodisa go ka dirwa fela ke mongwe yo o tlhaloganyang boemo jwa rona ka botlalo. Mme ga go ope yo o itseng batho botoka go gaisa Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. O itse gore botshelo ga bo a babalesega ka ntlha ya mathata a a tlisitsweng mo go rona.

Tshimologo e e Babalesegileng e Ile ya Itlhokomolosiwa Gotlhelele

Lefoko la Modimo le tlhalosa gore Jehofa o ne a bopa batho ba ntlha ba babedi e le ba ba itekanetseng mme a ba baya mo tikologong e e babalesegileng. Ba ne ba sa tlhobaele. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba tshele ka bosakhutleng mo paradaiseng, ba babalesegile ka mo go feletseng. Lefelo le batho ba neng ba nna mo go lone pele le ne le na le “setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa.” Ela tlhoko gore ba ne ba filwe dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng; le dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong, ka gonne tikologo e ba neng ba le mo go yone e tlhalosiwa e ‘kgatlha mo matlhong.’ Kwantle ga pelaelo seno se ne se kaya gore banyalani ba ntlha ba ne ba beilwe mo tikologong e e neng e na le botshelo jo bo tlhomameng le jo bo se nang mathata.—Genesise 2:9.

Adame le Efa ba ne ba gana puso e e lorato ya Modimo, ka jalo ba dira gore botshelo jwa bone bo nne le dipelaelo, poifo, maswabi, go ipona molato le go ikutlwa ba sa babalesega. Fa Adame a sena go latlha Modimo, o ne a dumela gore ‘o ne a boifa.’ Batho ba ntlha ba ne ba ipipa le go iphitlhela Mmopi wa bone yo o lorato, yo go fitlha ka nako eo ba neng ba itumelela botsalano jo bo gaufi le jo bo molemo le ene.—Genesise 3:1-5, 8-10.

Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong ga bo a fetoga. Baebele e bolela gore Mmopi wa rona ke Modimo yo o lorato, yo go ise go ye kae a tla dirang gore batho ba ba kutlo ba tsosolose lefatshe gore le nne paradaise le gore ba nne ba babalesegile ka bosakhutleng. Tsholofetso eno e ne ya newa ka moporofeti Isaia: “Ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; . . . lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng.” (Isaia 65:17, 18) Moaposetoloi Petere o bolela jaana malebana le magodimo ao a masha le lefatshe leo le lesha: “Go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.

Seno se tla fitlhelelwa jang? Ka puso e e tlhomilweng ke Jehofa. Jono ke Bogosi jo Jesu Keresete a neng a bolelela balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Bogosi jwa Modimo bo tla emisetsa dipuso tsa batho bo bo bo diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka tsela e e lorato mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44) Pelaelo, poifo, maswabi, go ipona molato le go ikutlwa o sa babalesega mo go ileng ga tlhasela batho fa e sa le ka metlha ya ga Adame di tla nyelela. Baebele e bolela gore Bogosi joo bo setse bo le gaufi thata. Tota le gone jaanong, mo lefatsheng la rona le le sa tlhomamang, batho ba ba tlhologeletsweng Bogosi jwa Modimo ba ikutlwa ba babalesegile go ya selekanyong se se rileng.

Baya Dilo Tsa Semoya Kwa Pele

Dafide e ne e le motlhanka wa Modimo yo o neng a itse gore go boifa le go nna mo tlalelong go kaya eng. Mme le fa go ntse jalo Dafide o ne a kwala jaana, jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 4:8: “Ke tlaa rapama ke ba ke robala mo kagisong; gonne Jehofa ke wena wesi yo o nkagisang mo polokegong.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jehofa o ne a dira gore Dafide a ikutlwe a babalesegile, le mororo ka dinako tse dingwe Dafide a ne a iphitlhela a le mo mathateng. A re ka ithuta sengwe mo go seno? Re ka nna le pabalesego jang tota mo lefatsheng le le sa babalesegang?

Akanya ka pego ya Genesise e e malebana le Adame le Efa. Ba simolotse leng go sa tlhole ba ikutlwa ba babalesegile? Ka nako e ba neng ba latlha botsalano jwa bone le Mmopi mme ba gana go tshela go dumalana le boikaelelo jwa gagwe ka batho. Ka gone, fa re ka busetsa dilo morago mme ra nna le kamano e e gaufi le Jehofa le go leka go tshela go dumalana le thato ya gagwe, tota le gone jaanong re ka itumelela botshelo jo bo babalesegileng go feta.

Go itse Jehofa ka go ithuta Baebele go re thusa go tlhaloganya botshelo. Ke fela fa re dira jalo re ka tlhaloganyang se re leng sone le lebaka la go bo re le fano. Re ka nna le botshelo jo bo babalesegileng fa re rata Modimo, re itse boikaelelo jwa gagwe ka batho, e bile re tlhaloganya gore rona re tsena kae mo go jone. Monna mongwe yo o bidiwang Paul o ne a lemoga seo dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.

Paul o tsholetswe kwa go sengwe sa ditlhaketlhake tse di gaufi le lotshitshi lwa Jeremane a ba a golela koo. Ka ntlha ya se se diragaletseng batsadi ba gagwe ka Ntwa ya Lefatshe II, lelapa la gagabo le ne le sa kgatlhegele bodumedi. Paul o bolela jaana ka ene fa a ne a sa le lekawana: “Ke ne ke sa dumele mo go sepe e bile ke sa tlotle ope. Ke ne ke tle ke kokobetse mahutsana a me ka bojalwa, ke nwa go feta selekanyo gabedi kana gararo mo bekeng. Botshelo jwa me bo ne bo sa babalesega.”

Morago ga moo Paul o ne a buisana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Paul o ne a rata go ngangisana thata le bone, mme sengwe se Mosupi a neng a se bua se ne sa dira gore a akanye. “Ga go na sepe se se itletseng fela.” Ka mafoko a mangwe, sengwe le sengwe se re se bonang mo tlhagong se tshwanetse sa bo se na le Mmopi.

“Ke ne ka akanya ka seo gangwe le gape, mme ke ne ka tshwanelwa ke go dumela.” Ka jalo Paul o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go itse Jehofa. O dumalana jaana: “Kwantle ga batsadi ba me, Jehofa e ne e le motho wa ntlha mo botshelong jwa me yo o kileng a ntirela sengwe.” Paul o ne a kolobediwa e le Mosupi ka 1977 mme o bolela jaana: “Gone jaanong ke itse se tota boikaelelo jwa botshelo e leng sone. Ke itumelela go tshela go dumalana le thato ya ga Jehofa. Ke ikutlwa ke babalesegile, ka gonne ga go sepe se se ka ntiragalelang kana sa diragalela lelapa la me se Jehofa a ka palelwang ke go se baakanya mo isagweng.”

Ke eng se re ka se ithutang mo maitemogelong ano? Paul o ne a fenya go ikutlwa a sa babalesega—go imelwa mo maikutlong—e seng ka go tlhoma mogopolo mo dikhumong mme ka go o tlhoma mo dilong tsa semoya. O ne a nna le kamano e e nonofileng le Mmopi. Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di itumelela kamano e e ntseng jalo. Seno se a ba nonotsha mo teng go ba thusa gore ba nne ba iketleeditse go ithontsha dilo dingwe fa ba dirisana le ba bangwe. Fa Basupi ba ga Jehofa ba etela batho kwa magaeng a bone, ba dirisa nako ya bone go thusa batho ba bangwe gore ba dire gore matshelo a bone a babalesege thata ka go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya. Mme Basupi ba dira se se fetang seo.

‘Bitsang Modimo wa Lona, Jehofa’

Ka July 1997 fa Noka ya Oder e ne e gogola dikarolo tse dikgolo tsa Yuropa bokone, Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ba ile ba utlwa ka kotsi e e tlhagetseng Poland ya boagelani. Ke eng se ba neng ba ka se dira? Basupi bangwe kwa Berlin le mo tikologong ya yone ba ne ba bontsha bopelonomi jo bo molemo ka go ntsha moneelo ka go rata o o fetang R586 000 mo malatsing a sekae fela.

Basupi ba ba neng ba na le kitso mo tirong ya go aga ba ne ba tsamaya diura di le thataro ka dikoloi—ka ditshenyegelo tsa bone—ba tswa Berlin ba ya kwa kgaolong e e gaufi le Wrocław, kwa Poland. Kwa torotswaneng nngwe, matlo a le mantsi a ne a senyegile thata. Ntlo ya lelapa lengwe la Basupi e ne e le fa gare ga metsi a a boteng jwa dimetara tse di fetang thataro. Morwadiabone o ne a rulaganyetsa go nyalwa kgwedi e e latelang le go nna mo ntlong eo le monna wa gagwe. Ke eng se se neng se ka dirwa go baakanya legae leo le go thusa lelapa leno, le le neng le senyegetswe ke mo e ka nnang sengwe le sengwe?

Fa morwalela o sena go kokobela, moagelani mongwe o ne a botsa jaana a sotla: “Ke eng lo sa bitse Modimo wa lona, Jehofa, mme lo bone gore a o ka lo thusa?” A bo moagelani yono a ne a gakgamala jang ne fa letsatsi le le latelang dikoloi di le mmalwa tse di neng di tswa Jeremane di ne di ema fa legaeng la lelapa leno la Basupi! Setlhopha sa batho ba ba sa itsiweng se ne sa fologa dikoloi mme sa simolola go baakanya ntlo. “Ke bomang bano? Ke mang yo o duelelang didirisiwa?” moagelani yono o ne a botsa jalo. Lelapa leno la Basupi le ne la tlhalosa gore bano ke bakaulengwe ba bone ba semoya le gore baeng bano ke bone ba ba duelelang didirisiwa. Baagi ba toropo eno ba ne ba bogela ba gakgametse fa ntlo e ne e baakanngwa. Tla re bolele gore lenyalo le ne la tshwarwa ka letlha le le neng le rulagantswe.

Lelapa leno le ne la bona gore go nna karolo ya bakaulengwe ba ditšhaba tsotlhe ba Basupi ba ga Jehofa ga go lere fela melemo ya semoya mme gape go lere pabalesego e e rileng mo lefatsheng le le se nang pabalesego. E ne e se bone fela ba ba neng ba thusiwa. Mo karolong yotlhe e e neng e tlhasetswe ke morwalela, matlo le Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa baakanngwa. Mme baagelani ba e neng e se Basupi ga ba a ka ba lebalwa. Le bone ba ne ba direlwa mo gontsi thata mo magaeng a bone, mo ba neng ba go anaanela fela thata.

Tshiamo, Thetebalo le Pabalesego

Fa kgabagare letshoroma le setse le fodile mme re simolola go nna le botsogo jo bontle, a bo re leboga ngaka e e re thusitseng jang ne! Fa letshoroma la go sa babalesega le le aparetseng batho le tlosiwa ka bosakhutleng—ka Bogosi jwa Modimo—a bo re tla leboga Mmopi wa rona jang ne! Ee, ke ene yo o re solofeditseng botshelo jo bo nang le “tshiamo ya boammaaruri, thetebalo le pabalesego e e sa khutleng.” A bo e le tebelelo e e molemolemo jang ne!—Isaia 32:17, NW.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Re ka ikimolola mo maikutlong ka go sa tlhome mogopolo mo dikhumong mme re o tlhome mo dilong tsa semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Modimo o solofetsa lefatshe le lesha le mo go lone batho botlhe ba tla tshelang ka pabalesego ka bosakhutleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela