LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 5/15 ts. 4-7
  • Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polokesego ya Batlhanka ba Modimo
  • Se Modimo o se Direlang Batho ba Gagwe
  • A Batho Botlhe ba ka Bona Polokesego ya Boammaaruri?
  • Kgabagare—Polokesego ya Boammaaruri ka Bosakhutleng!
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • O Eletsa Polokesego Ya Mofuta Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Leba ka Kwa ga “Kagiso le Polokesego” tse di Dirilweng ke Motho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tsholofelo E re E Newang ke Bodumedi Jwa Boammaaruri
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 5/15 ts. 4-7

Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng

KWANTLE ga pelaelo Jehofa Modimo a ka neela batho ba gagwe polokesego. Ke ene “Mothatayotlhe.” (Pesalema 68:14) Leina la gagwe le le sa tshwaneng le lepe le raya gore “O Dira Gore go Diragale.” Seno se mo tlhalosa e le Ene fela mo lobopong yo o kgonang go fenya sekgoreletsi sepe fela gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe le thato ya gagwe. Modimo ka boene o bolela jaana: “Lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Modimo o neela batho ba ba mo ikanyang polokesego. Lefoko la gagwe le tlhomamisa seno. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.” Gape o ne a re: “Yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.”—Diane 18:10; 29:25.

Polokesego ya Batlhanka ba Modimo

Jehofa ga a bolo go nna a dira gore batho ba ba ikaegang ka ene ba bolokesege. Ka sekai, moporofeti Jeremia o ne a itumelela go sirelediwa ke Modimo. Fa masole a Babilone a ne a thopa Jerusalema wa motenegi, batho ba ne ba tshwanelwa ke go “ja dijo ka selekanyo sa bokete, le ka go ingoka.” (Esekiele 4:16) Boemo bo ne jwa nna maswe thata mo e leng gore basadi bangwe ba ne ba bedisa tota le bana ba bone ba bo ba ba ja. (Dikhutsafalo 2:20; 4:10) Lefa ka nako eo Jeremia a ne a tshwaretswe go rera ga gagwe a sa boife, Jehofa o ne a tlhomamisa gore “ba mo naya ka malatsi otlhe senkgwe se le sengwe fela se se tswang mo mmileng wa babesi ba senkgwe, ga tsamaya senkgwe sotlhe sa fela mo motseng.”—Jeremia 37:21.

Fa Jerusalema a ne a fenngwa ke Bababilone, Jeremia ga a ka a bolawa lefa e le go gogwa e le legolegwa a isiwa Babilone. Go na le moo, “molaodi wa balebedi [wa Mobabilone o ne] . . . a mo naya mefago le dineo, mme a mo lesa a tsamaya.”—Jeremia 40:5.

Makgolo a dingwaga moragonyana Jesu Keresete o ne a tlhomamisetsa batlhanka ba Modimo jaana: “Se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’ Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe. Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

A seno se raya gore batlhanka ba ga Jehofa ba tla sirelediwa ke Modimo mo matlhotlhapelong otlhe a motlha wa gompieno? Nnyaa, ga se reye jalo. Batho ba ba ikanyegang le bone ba utlwa botlhoko. Bakeresete ba boammaaruri ba a lwala, ba a bogisiwa, ba tlhaselwa ke dikebekwa, ba swa ka dikotsi, e bile ba boga ka ditsela tse dingwe.

Lefa gone jaanong Jehofa a sa sireletse batlhanka ba gagwe gotlhelele mo botlhokong, dipego di bontsha gore gone o dirisa maatla a gagwe go ba tlamela le go ba sireletsa. Bakeresete gape ba sirelediwa mo mathateng a le mantsi ka gonne ba dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone. (Diane 22:3) E bile gape, ba bolokesegile ka ntlha ya bokopano jwa lefatshe lotlhe jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya, ba ba thusanang ka dinako tsa mathata. (Johane 13:34, 35; Baroma 8:28) Ka sekai, e rile fa Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ba sena go utlwa gore bakaulengwe ba bone ba kwa Rwanda e e kgautlhantsweng ke ntwa ba mo pitlaganong e kgolo, ba ne ba ntsha meneelo ka bonako mme ba ba romelela ditone di le 65 tsa diaparo le melemo, mmogo le dijo le dilwana tse dingwe tse di lopileng R5 800 000.—Bapisa Ditiro 11:28, 29.

Lefa Jehofa a letla gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne le diteko, ba tlhomamiseditswe gore o tla ba fa maatla, thuso le botlhale jwa gore ba itshoke. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela badumedikaene, o ne a re: “Ga lo a welwa ke thaelo [teko] epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa [lekwa] ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong [tekong] o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.”—1 Bakorinthe 10:13; The Emphatic Diaglott.

Se Modimo o se Direlang Batho ba Gagwe

Gompieno dimilionemilione tsa batho di ipelela go dira thato ya Modimo. Ga ba patelediwe gore ba direle Modimo; ba mo direla ka gonne ba mo itse e bile ba mo rata. Ka tsela e e tshwanang, e re ka Jehofa a rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, o ikaeletse go fetola lefatshe paradaise e batho ba ba kutlo ba tla nnang le kagiso, botsogo jo bontle le polokesego ka bosakhutleng mo go yone.—Luke 23:43.

Modimo o tla dira seno ka puso ya selegodimo, Kgosi e a e tlhomileng, Jesu Keresete e le Mmusi wa yone. (Daniele 7:13, 14) Baebele e bitsa puso eno e re “bogosi jwa Modimo” le “bogosi jwa legodimo.” (1 Bakorinthe 15:50; Mathaio 13:44) Bogosi jwa Modimo bo tla busa mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho. Mo boemong jwa gore go nne le dipuso tse dintsi mo lefatsheng, go tla nna le puso e le nngwe fela. E tla busa lefatshe lotlhe ka tshiamo.—Pesalema 72:7, 8; Daniele 2:44.

Jehofa o laletsa batho botlhe gore ba tle ba tshele mo taolong ya Bogosi. Tsela nngwe e a dirang seno ka yone ke ka go anamisa Baebele gongwe le gongwe, e e leng buka e e tlhalosang se Bogosi bo tla se direlang batho. Baebele ke buka e e anamisitsweng thata go di feta tsotlhe, mme jaanong e teng ka dipuo tse di fetang 2 000, e feletse kana e sa felela.

Jehofa Modimo ka lorato o thusa batho go tlhaloganya se Baebele e se rutang kaga Bogosi. O dira seno ka go kaela le go roma batho gore ba tlhalosetse ba bangwe Dikwalo. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse tlhano jaanong ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo dinageng tse di fetang 230.

A Batho Botlhe ba ka Bona Polokesego ya Boammaaruri?

A mongwe le mongwe o tla dumela fa a lalediwa gore a nne mmusiwa wa Bogosi jwa Modimo ka go utlwa melao ya gagwe e e siameng? Nnyaa, ka gonne batho ba le bantsi ga ba kgatlhegele go dira thato ya Modimo. Ga ba a amogele maiteko a go ba thusa gore ba tokafatse matshelo a bone. Eleruri, ba bontsha fa ba tshwana le ba Jesu a neng a bolela jaana ka bone: “Dipelo tsa batho ba di thatafaditse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa gape, mme [Modimo wa] ba fodisa.”—Mathaio 13:15.

Tota go ka nna le polokesego ya boammaaruri mo lefatsheng jang fa go na le batho ba ba ganang go tshela go dumalana le ditsela tsa Modimo tse di siameng? E ka se nne teng. Batho ba ba se nang bomodimo ba ka dira gore ba ba batlang go direla Jehofa ba se ka ba nna le polokesego.

Modimo ga a pateletse batho gore ba fetoge, le gone ga a ne a itshokela boikepo goyagoile. Lefa Jehofa ka bopelotelele a tswelela pele a romela Basupi ba gagwe gore ba rute batho kaga ditsela tsa gagwe le maikaelelo a gagwe, ga a ne a tswelela pele a dira jalo ka lobaka lo lotelele. Jesu Keresete o ne a bolelela pele jaana: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.”—Mathaio 24:14.

“Bokhutlo” bo tla kaya eng ka batho ba ba ganang melao ya Modimo? Bo tla kaya go atlholwa botlhoko le go senngwa ga bone. Baebele e umaka go “itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu. E le ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng.”—2 Bathesalonika 1:6-9.

Kgabagare—Polokesego ya Boammaaruri ka Bosakhutleng!

Morago ga gore batho ba ba ganang tsela ya ga Jehofa ya kagiso ba senngwe, Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa motlha o o itumedisang wa polokesego o o tla solegelang batho ba ba siameng ba ba mo lefatsheng molemo. (Pesalema 37:10, 11) A bo lefatshe leo le lesha le tla bo le farologane jang ne le le re tshelang mo go lone gompieno!—2 Petere 3:13.

Leuba le tlala di tla bo di fedile. Mongwe le mongwe o tla bo a na le dijo tse di lekaneng. Baebele e bolela gore ‘ditšhaba tsotlhe di tla itumelela modiro wa dilo tse di nonneng.’ (Isaia 25:6) Dijo ga di ne di tlhaela, ka gonne “go tla nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba.”—Pesalema 72:16.

Batho ga ba ne ba tlhola ba nna mo mekhukhung le mo ditakaneng. Mo Bogosing jwa Modimo, batho botlhe ba tla nna le matlo a mantle, le gone ba tla ja dijo tse di tswang mo nageng ya bone. Baebele e solofetsa jaana: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one.”—Isaia 65:21.

Mo boemong jwa go tlhoka ditiro mo go anameng, go tla bo go na le ditiro tse di mosola, le batho ba tla bona diphelelo tse di molemo mo go tsone. Lefoko la Modimo le re: “Baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolela lefela.”—Isaia 65:22, 23.

Mo Bogosing joo, batho ga ba ne ba boga le go swa ka ntlha ya bolwetse. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Mo Paradaiseng ya mo lefatsheng e e tlogang e tla, go boga le botlhoko, bohutsana le loso, di tla bo di fedisitswe. Ee, le loso tota! Batho ba tla tshelela ruri mo Paradaiseng! Baebele e re bolelela gore Modimo “o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.

Mo pusong ya ga Jesu Keresete, “Kgosana ya Kagiso,” kgabagare botshelo mo lefatsheng bo tla bo bo na le polokesego tota. Eleruri, polokesego ya mo lefatsheng lotlhe e tla nna teng fa go busa puso e le nngwe fela e e siameng e e busang ka lorato—Bogosi jwa Modimo.—Isaia 9:6, 7; Tshenolo 7:9, 17.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Polokesego ya batho e kaya go tshepa isagwe, . . . [go tshepa] gore seemo sa bopolotiki le sa ikonomi se tla ritibala.”—Mosadi mongwe yo o nnang kwa Asia

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Se se dirang gore o ikutlwe o sa bolokesega go feta dilo tsotlhe ke thubakanyo le boganana.”—Monna mongwe yo o nnang kwa Amerika Borwa

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ke ne ke sa ikutlwe ke bolokesegile ka nako ya . . . fa re tlhaselwa. Fa naga e le mo ntweng, tota batho ba ka ikutlwa ba bolokesegile jang?”—Moithuti wa sekolo se sebotlana kwa Botlhabagare

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Ke tla ikutlwa ke bolokesegile fa ke itse gore nka tsamaya mo mebileng bosigo ke sa betelelwe.”—Mosetsana yo o tsenang sekolo mo Afrikar

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela