Polokesego ya Boammaaruri—Mokgele o o Bokete go o Fitlhelela
ARNOLD e ne e le ngwana yo o ratang mpopi wa gagwe wa nkwe o o dirilweng ka matsela. O ne a tsamaya ka one gongwe le gongwe kwa a yang teng—fa a ya go tshameka, fa a ya go ja, fa a ya go robala. Mpopi wa nkwe o ne o mo nametsa, o mo naya polokesego. Letsatsi lengwe go ne ga nna le bothata. Mpopi wa nkwe o ne o nyametse!
Fa Arnold a lela, mmaagwe, rraagwe, le barwarraagwe ba bagolwane mo go ene ba bararo ba ne ba phuruphutsha ntlo ya bone e kgolo ba batla mpopi wa nkwe. Kgabagare mongwe wa bone o ne a o fitlhela mo llaeng. Go raya gore Arnold o ne a o beile foo a bo a lebala ka bonako gore kana o kae. Ba ne ba neela Arnold mpopi wa gagwe wa nkwe, a bo a iphimola dikeledi. O ne a ikutlwa a itumetse e bile a bolokesegile gape.
A bo go ne go ka nna monate jang ne fa mathata a ne a ka fedisiwa motlhofo fela jalo—fela jaaka go fitlhela mpopi wa nkwe mo llaeng! Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya gore dikgang tsa polokesego di masisi e bile di raraane thata go feta moo. Mo e batlileng e le gongwe le gongwe, batho ba ipotsa gore, ‘A ke tla tlhaselwa ke dikebekwa kana dithubaki? A go ka direga gore ke felelwe ke tiro? A ruri lelapa la me le tla nna le dijo tse di lekaneng? A batho ba bangwe ba tla ikgogona mo go nna ka ntlha ya bodumedi kana lotso lwa me?’
Palo ya batho ba ba sa bolokesegang e kgolo thata. Go ya ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, batho ba ka nna dimilione di le dikete tse tharo ga ba kgone go bona kalafi ya malwetse a a tlwaelegileng mmogo le melemo ya botlhokwa. Batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba mo khumanegong e e feteletseng. Batho ba ba ka tshwarang dimilione di le sekete, lefa ba kgona go bereka, ga ba na tiro e e kgotsofatsang. Palo ya batshabi e a oketsega. Fa 1994 e ya go fela, mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 115 bangwe le bangwe mo lefatsheng ba ne ba ile ba patelesega go tshaba mo magaeng a bone. Dimilionemilione tsa batho di a swa ka ntlha ya papadi ya diokobatsi e e busetsang diranta di le dibilione di le 1,8 ngwaga le ngwaga, e e bakang ditiro tse dintsintsi tsa bokebekwa le thubakanyo. Ntwa e dira gore dimilionemilione tsa batho di sulafalelwe ke botshelo. Ka 1993 fela, dinaga di le 42 di ne tsa nna le dikgotlhang tse di masisi, fa tse dingwe tse 37 di ne tsa nna le thubakanyo ya bopolotiki.
Ntwa, lehuma, bokebekwa le dilo tse dingwe tse di dirang gore polokesego ya batho e nne mo kotsing di a tsamaisana e bile di a oketsega. Mathata ano ga a kgone go rarabololwa motlhofo fela jaaka go fitlhela mpopi wa nkwe mo llaeng. E bile tota, motho ga a ne a a rarabolola le e seng.
Lefoko la Modimo, Baebele, le tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” Mme re ka ikanya mang he? Lokwalo lono lo tswelela pele jaana: “Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe; o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone.”—Pesalema 146:3-6.
Ke eng fa re ka ikanya Jehofa gore a tlise polokesego mo lefatsheng leno? A re ka kgona go tshela re bolokesegile, re itumetse gone jaanong? Modimo o tla tlosa jang dilo tse di kgoreletsang batho go nna le polokesego?