LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 3/1 ts. 8-9
  • O Eletsa Polokesego Ya Mofuta Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Eletsa Polokesego Ya Mofuta Ofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Leba ka Kwa ga “Kagiso le Polokesego” tse di Dirilweng ke Motho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 3/1 ts. 8-9

O Eletsa Polokesego Ya Mofuta Ofe?

BATHO ba ba farologaneng ba na le megopolo e e farologaneng kaga polokesego. Bangwe ba e leba jaaka fa mebuso e e nang le dibetsa e e sa utlwaneng e santse e kgona go itshokelana. Ka sekai, mebuso e e nonofileng go gaisa mo lefatsheng lotlhe mmogo le ditsala tsa yone tsa kwa Yuropa e ile ya dumalana go tsaya dikgato di le dintsi go dira gore go se ka ga kgonega gore ditiragalo tse dinnye di gole go nna ntwa ya lefatshe lotlhe ya nuklea. Stockholm International Peace Research Institute Yearbook 1990 e bontsha go swabisiwa ke go tlhoka kgatlhego mo dikgatong tseo ga merafe “e e mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.”

Lefa go ntse jalo, go dimilione tsa batho ba ba tshelang mo dinageng tse di humanegileng, mo go bone “polokesego” e kaya fa ba na le dijo le tlhokomelo ya kalafi. “Malebana le go akanya ka ‘kagiso le polokesego,’” go tlhalosa jalo rasaense wa dipolotiki Yash Tandon, “batho ka bontsi ba e akanya go ya ka dikgopolo tse di dumelwang tsa dithuto tse dikgolo tsa Bophirima. . . . Go tsewa gore ‘polokesego’ ke fa go na le dibetsa le fa go latlhiwa dibetsa, e leng seo se farologaneng le seo peditharong ya baagi ba lefatshe ba ba senang dijo le matlo ba tsayang gore ke polokesego.”

Fa e le ka Bibela, e solofetsa gore kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo ga go ketla go tlhola go nna le ntwa. “O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.” (Pesalema 46:9; Isaia 2:4) Bolwetsi jwa mmele ga bo ketla bo tlhola bo nna gone. “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola; batho ba ba agañ gōna ba tla ichwarèlwa boikèpō yoa bōnè.”—Isaia 33:24.

Kafa tlase ga Bogosi joo, go tlhoka polokesego mo go tsa itsholelo ga go ketla go tlhola go tshosetsa ope. “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”—Isaia 65:21, 22.

Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa go gaisa ke gore, Bogosi joo bo tla tlosa selo seo e leng sone tota se bakang go tlhoka kagiso le polokesego. Ke mang yo o ileng a dira gore motho a nne le hisitori e telele ya mebuso e e sa atlegeng ebile e gatelela? Ntswa Modimo a ile a letla gore e nne gone ka lebaka le le utlwalang, motho yo o ikarabelelang ke Satane, ereka Bibela e re ‘lefatshe lotlhe le mo thateng ya gagwe.’—1 Yohane 5:19.

Ka jalo, abo e tla nna kgololesego e e kana kang fa, kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, mafoko a ga Paulo ao a neng a a kwalela Baroma a tla bo kgabagare a diragadiwa: “Me Modimo oa kagishō o tla akoha o tapetèla Satane ha tlhatse ga dinaō tsa lona”! (Baroma 16:20) Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo ke jone fela bo ka fitlhelelang sengwe se se ntseng jalo, bo busa kafa tlase ga Kgosi Jesu Keresete. Ka jalo, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise fela fa le setse le le kafa tlase ga Bogosi joo.—Genesise 1:28; Luke 23:43.

Ee, polokesego eo e solofediwang mo Bibeleng e feta kgakala ebile e fitlhelela dilo tse dintsi go feta lefa e ka nna sepe fela se se dirilweng ke motho. Aitsane, re bala gore “ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō”! (Tshenolō 21:4) A re ka ikanya ditsholofetso tse di ntseng jalo? Ee, ka gonne di tswa go Mmopi wa mothatayotlhe, Jehofa Modimo, yo gape a bolelang jaana: “Lehoko ya me . . . ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.” (Isaia 55:11) Go na le tsela e e tlhomameng e e supang fa Jehofa Modimo a atlega mo dikgatong tseo a di tsayang le eleng gone jaanong go tlisetsa batho kagiso, polokesego, le katlego e e nnelang ruri ebile e itumedisa e le seo se tla dirang gore bolaodi jwa Gagwe jo bo tla nnelang ruri bo galalediwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela