LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 13-15
  • A Batho Botlhe ba ka Tsamaya ba Ratana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Batho Botlhe ba ka Tsamaya ba Ratana?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakgamatso ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
  • Go Tweng ka Gompieno?
  • Lorato lo Fenya Letlhoo
  • Se go Rata Moagelani wa Rona go se Kayang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Bakeresete ba Boammaaruri le Ntwa
    Tsogang!—1994
  • Lorato Lwa Gago lo Akaretsa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o ‘Rata Moagelani wa Gago Jaaka o Ithata’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 13-15

A Batho Botlhe ba ka Tsamaya ba Ratana?

MOITSEMOLAO mongwe o ne a sa tswa go bolela gore e le gore motho a bone “botshelo jo bo sa khutleng,” o tshwanetse go rata Modimo ka pelo yotlhe le go rata baagelani jaaka a ithata. Jesu o ne a akgola moitsemolao yono mme a mmolelela jaana: “O arabile sentle, ‘nna o dire seno mme o tla bona botshelo.’” (Luke 10:25-28; Lefitiko 19:18; Duteronome 6:5) Mme monna yono, ka go batla go itshupa a siame, o ne a botsa jaana: “Ke mang tota yo o leng moagelani wa me?”

Ga go na pelaelo gore o ne a lebeletse gore Jesu a re, “Bajudakawena.” Mme Jesu o ne a bolela polelo e e kaga Mosamaria yo o neng a rata baagelani, e e neng e bontsha gore batho ba ditso tse di sa tshwaneng le tsa rona le bone ke baagelani ba rona. (Luke 10:29-37; Johane 4:7-9) Mo bodireding jwa gagwe, Jesu o ne a otlelela gore go rata Modimo le moagelani ke ditaolo tse di botlhokwa thata tsa Mmopi wa rona.—Mathaio 22:34-40.

Le fa go ntse jalo, a go na le setlhopha sepe sa batho se se kileng sa rata baagelani ba sone? A tota go ka kgonega gore batho botlhe ba ratane?

Kgakgamatso ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla itsiwe ka lorato lo lo sa kgorelediweng ke melelwane ya setso, ya bosetšhaba le e mengwe yotlhe. O ne a bolela jaana: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.” Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.”—Johane 13:34, 35; 15:12, 13.

Dithuto tsa ga Jesu ka ga lorato, di kopane le sekao sa gagwe, di ne tsa dira kgakgamatso mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Balatedi ba gagwe ba ne ba etsa Mong wa bone, ba ithuta go ratana ka tsela e e neng e dira gore batho ba le bantsi ba e bone ba bo ba e rate. Tertullian, mokwadi wa mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. o ne a nopola batho ba e seng Bakeresete ba akgola balatedi ba ga Jesu jaana: ‘Bonang kafa ba ratanang ka teng le kafa ba iketleeditseng go swelana ka teng.’

Ee ruri, moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.” (1 Johane 3:16) Jesu o ile a ba a ruta balatedi ba gagwe go rata baba ba bone. (Mathaio 5:43-45) Go felela ka eng fa batho ba rata ba bangwe tota jaaka Jesu a ba rutile?

Go bonala moporofesa mongwe wa thutapolotiki a ne a tlhatlhanya ka potso eo. Ka jalo o ne a botsa jaana, jaaka go kwadilwe mo makasineng wa The Christian Century: “A go na le mongwe yo o ka akanyang ka Jesu a konopa baba ba gagwe ka digaranata tsa seatla, a tshotse tlhobolo ya motšhinekane, a dirisa sebolao se se kgwang molelo, a konopa bomo ya nutlelea kgotsa a hula mmisaele wa ICBM [o o kgonang go hulela ka kwa ga khontinente] o o tla bolayang kana o gobatsa diketekete tsa bana le bommaabone?”

Moporofesa yono o ne a araba jaana: “Potso eno ga e utlwale gotlhelele mo e bileng e sa tlhoke go arabiwa.” Ka jalo o ne a botsa potso eno: “Fa e le gore Jesu o ne a se kitla a dira jalo mme seno se dumalana le botho jwa gagwe, he rona re ka dira jang jalo mme ra nna re ikanyega mo go ene?” Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke boitlhaodi jo balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba neng ba bo bontsha, jo bo kwadilweng sentle mo dibukeng di le dintsi tsa hisitori. Sekaseka dikai tse pedi fela.

Our World Through the Ages, e e kwadilweng ke N. Platt le M. J. Drummond, e bolela jaana: “Boitshwaro jwa Bakeresete bo ne bo farologane thata le jwa Baroma. . . . Ba ne ba gana go nna masole ka gonne Keresete o ne a rera ka kagiso.” Mme The Decline and Fall of the Roman Empire, e e kwadilweng ke Edward Gibbon, e bolela jaana: “[Bakeresete ba bogologolo] ba ne ba gana go nna le seabe gotlhelele mo tsamaisong ya setšhaba kana mo go sireletseng pusokgolo ka sesole. . . . Go ne go sa kgonagale gore Bakeresete, kwantle ga gore ba itatole tiro e e boitshepo thata, e nne masole.”

Go Tweng ka Gompieno?

A lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo bontshiwa ke mongwe le mongwe gompieno? Encyclopedia Canadiana e bolela jaana: “Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ke go tsosolosiwa le go tlhomiwa sesha ga Bokeresete jwa bogologolo jo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba le mo go jone . . . Botlhe ke bakaulengwe.”

Seo se kaya eng? Se kaya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba letlelele sepe—lotso, bosetšhaba, kana tsela ya setso e ba godileng ka yone—go ba dira gore ba tlhoe baagelani ba bone. E bile ba ka se bolaye ope, ka gonne ka tsela ya tshwantshetso ba thutse ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele, jaaka Baebele e ne ya bolelela pele gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba ne ba tla dira.—Isaia 2:4.

Ga go gakgamatse go bo setlhogo sengwe mo makasineng wa Sacramento Union wa California se ne se bolela jaana: “Re ka nna ra re fa lefatshe lotlhe le ne le tshela ka tsela e e tshwanang le ya Basupi ba ga Jehofa go ka bo go sa tlhole go na le tshololo ya madi le letlhoo mme go ne go tla rena lorato”!

Ka mo go tshwanang, mokwadi mongwe mo makasineng wa Ring wa Hungary o ne a akgela jaana: “Ke swetsa ka gore fa Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone fela mo lefatsheng, dintwa di ka bo di sa tlhole di le teng, mme tiro e mapodise a neng a tla tshwanela fela ke go e dira e ne e tla nna go laola pharakano le go ntsha dipasa.”

Mo makasineng wa kereke ya Italy wa Andare alle genti, moitlami mongwe wa Katoliki ya Roma le ene o ne a kwala jaana ka Basupi ba mo kgatlhile thata: “Ba gana go tsenelela mo mofuteng ofe fela wa thubakanyo e bile ba sa tsuologe ba itshokela diteko di le dintsi tse ba tlhaselwang ka tsone ka ntlha ya ditumelo tsa bone . . . A bo lefatshe le ne le tla bo le farolagane jang ne fa rotlhe re ne re ka tsoga moso mongwe re dirile tshwetso re nitame gore re ka se ka ra tlhola re ya ntweng gape, le fa go ka diragala eng kana le fa e le ka lebaka lefe, fela jaaka Basupi ba ga Jehofa!”

Basupi ba itsiwe ka go tsaya matsapa go thusa baagelani ba bone. (Bagalatia 6:10) Mo bukeng ya gagwe ya Women in Soviet Prisons, mosadi mongwe wa Latvia o ne a bolela gore o ne a lwala thata fa a ne a bereka kwa kampeng ya pogisetso ya Potma mo magareng a bo1960. “Ka nako yotlhe ya fa ke lwala [Basupi] e ne e le baoki ba me ba ba neng ba tlhoafetse. Go ne go se na tlhokomelo e e botoka go gaisa eo, segolobogolo mo kampeng.” O ne a oketsa jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le boikarabelo jwa bone go thusa mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa bodumedi bofe kana gore ke wa setšhaba sefe.”

Bosheng jaana ba metswedi ya tshedimosetso ya Czech Republic ba ne ba lemoga boitshwaro jo bo ntseng jalo jwa Basupi kwa dikampeng tsa pogisetso. Fa lokwalodikgang lwa Severočeský deník lo ne lo akgela ka filimi ya “The Lost Home” e e dirilweng kwa Brno, lo ne lwa bolela jaana: “Go lemogilwe gore tota le batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela ka nako eo [bafalodi ba Bajuda ba Ba-Czech le Ba-Slovak] ka go ba kgatlhegela thata, ba ne ba bua sentle ka magolegwa a Basupi ba ga Jehofa. ‘E ne e le batho ba ba pelokgale, ba ka metlha ba neng ba re thusa ka mo ba ka kgonang ka teng, le mororo ba ne ba itsenya mo kotsing ya go ka bolawa,’ ba le bantsi ba ne ba akgela jalo. ‘Ba ne ba re rapelela, jaaka e kete re ne re le lelapa le le lengwe le bone; ba ne ba re kgothaletsa gore re se ka ra ineela.’”

Le fa go le jalo, go tweng ka go rata ba tota ba go tlhoileng? A seo se ka kgonega?

Lorato lo Fenya Letlhoo

Thuto ya ga Jesu ya go rata baba e dumalana le seane seno sa Baebele: “Fa mmaba wa gago a bolawa ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora o mo nose metsi.” (Diane 25:21; Mathaio 5:44) Malebana le matswela a a siameng a go tlhokomelwa ka tsela e e lorato ke batho ba e kileng ya bo e le baba ba gago, mosadi mongwe wa motho yo montsho yo o neng a sa tswa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa bosheng jaana o ne a kwala jaana: “Nako le nako pelo ya me e tlala lorato mo ke tshololang le dikeledi fa ke bona lorato lwa mmatota lwa Basupi ba batho ba basweu, batho ba pelenyana nka bong ke ba bolaile ke sa okaoke go menola puso.”

Mosupi mongwe wa Mofora o ne a bolela gore moagelani mongwe o ne a tshwarisa mmaagwe mo go Ba-Gestapo ka Ntwa ya Lefatshe II. “Ka ntlha ya seo, mmè o ne a nna dingwaga di le pedi kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane, koo a neng a batla a swa,” morwadie o ne a tlhalosa jalo. “Morago ga ntwa, mapodise a Fora a ne a batla gore Mmè a saene pampiri e e neng e bona mosadi yono molato wa go nna setlhola sa Jeremane. Mme mmè o ne a gana.” Moragonyana, moagelani yono o ne a tshwarwa ke kankere e e sa foleng. Morwadi yono o ne a bolela jaana: “Mmè o ne a nna diura di le dintsi a dira gore a itumelele dikgwedi tsa gagwe tsa bofelo a tshela ka mo go ka kgonegang ka teng. Nka se lebale go bo a ile a fenya letlhoo ka lorato ka tsela eno.”

Kwantle ga pelaelo, batho ba ka ithuta go ratana. Ba pele e kileng ya bo e le baba—Batutsi le Bahutu, Bajuda le Baarabea, Ba-Armenia le Ba-Turkey, Bajapane le Baamerika, Bajeremane le Ba-Russia, Baporotesetanta le Bakatoliki—botlhe ba ile ba kopanngwa ke boammaaruri jwa Baebele!

E re ka dimilione di le dintsi tsa batho ba pele ba neng ba tshwarane ka dipelo jaanong ba ratana, eleruri lefatshe lotlhe la batho le ka kgona go ratana. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore go tla tlhokega phetogo e kgolo ya lefatshe lotlhe e le gore batho botlhe ba ratane. Phetogo eo e tla tla jang?

[Ditshwantsho mo go tsebee 15]

Basweu le bantsho mo Afrika Borwa

Bajuda le Baarabea

Bahutu le Batutsi

Ka tsela ya tshwantshetso, Basupi ba thudile ditšhaka tsa bone go nna magale a megoma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela