Bakeresete ba Boammaaruri le Ntwa
JESU o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya gore, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile gore, le lona lo ratane.” (Johane 13:34) A Bakeresete ba boammaaruri ba ka leka go ratana jalo mme ba bo ba bolaana mo dintweng?
Gape akanya ka potso eno e moaposetoloi Paulo a neng a e botsa: “A Keresete o kgaoganye?” (1 Bakorinthe 1:13) Ipotse: ‘A go ka nna le selo se se kgaoganyang batho go gaisa fa maloko a bodumedi bo le bongwe a bolaana?’
Mme gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore Bakeresete ba pele ba ne ba se ka ba tsenela dintwa. Encyclopædia of Religion and Ethics ya ga Hastings e e itsegeng thata e ne ya akgela jaana: “Go ne go itsege thata mo Kerekeng ya pele gore ntwa e ne e le selo se se bosula se Kereke le balatedi ba ga Keresete ba neng ba se tila gotlhelele.”
Bakeresete ba pele ba ne ba tshela tumalanong le taelo ya ga Jesu ya gore ba ratane. Moithutabodumedi wa Mojeremane, Peter Meinhold o ne a tlhalosa jaana: “Le mororo Kgolagano E Ntšha e sa bue sepe ka kgang ya gore a Bakeresete ba tshwanetse go nna masole kana nnyaa, le gore a motho o tshwanetse go tlogela bosole fa a sena go fetoga Mokeresete, gone mme kereke ya bogologolo e ne e itse gore e dire eng mo kgannyeng eno. Go ne go sa dumelelwe motho go nna Mokeresete mme gape e le lesole.” A gompieno go na le bangwe ba ba dirang jalo jaaka “kereke ya bogologolo”?
A go Na le Bakeresete ba Boammaaruri Gompieno?
Encyclopedia Canadiana ya re: “Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ntse e le tiro ya bogologolo ya Bokeresete ya ga Jesu le balatedi ba gagwe ka nako ya lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga la motlha wa rona e tsosolositswe le go tlhongwa sesha. . . . Botlhe ke bakaulengwe.”
Tota seno se bolelang? “Basupi ba ga Jehofa ba gagametse mo go sa nneng le seabe ka nako ya ntwa,” go ne ga akgela jalo Australian Encyclopædia. Le mororo mongwe le mongwe wa bone a ka tlhopha go dira jalo, ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa dipuso tsa dinaga tsa bone. Ka gone, ga ba a ka ba nna le seabe mo ntweng ya ga Hitler e bile ga go ope wa bone yo o neng a sekisediwa go nna le seabe mo ntweng ka nako ya tsheko ya Nuremberg.
Mojeremane mongwe yo o neng a bonwa molato a bo a bolawa e ne e le Alfred Rosenberg, yo e neng e le mookamedi wa Lephata la Merero ya Dinaga di Sele wa Lekoko la Bonasi. Fa a ne a sireletsa molao wa Bonasi kaga go tsenya Basupi ba ga Jehofa mo dikampeng tsa pogisetso, Rosenberg o ne a ntsha bosupi jono ka nako ya tsheko: “Moruti mongwe wa Moamerika ka bopelontle o ne a nnaya lokwalodikgang lwa kereke lo lo tswang kwa Columbus [Ohio] ke le mo seleng ya me. Seno se ne sa mpontsha gore le kwa United States Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa ka nako ya ntwa e bile le go fitlha ka December 1945, 11 000 ya bone e ne e santse e tswaletswe mo dikampeng tsa teng.” Ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gagamalela go nna ba itlhaotse, ga ba a ka ba nna le seabe mo dikgogakgoganong tsa dipolotiki. Ga ba a bolaya motho ope ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II kana mo ntweng epe fela.
Kwa Hungary, mokwadi mongwe wa makasine wa Ring wa November 4, 1992, o ne a bua jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba ne ba itlhophela go swa go na le go bolaya motho ope. Ka ntlha ya seno, ke tlhomamisa gore fa go ne go tshela Basupi ba ga Jehofa fela mo lefatsheng, go ne go se kitla go tlhagoga ntwa gope fela.” Reo M. Christenson, yo e leng porofesa ya saense ya dipolotiki o ne a tlotla ka kgang ya gore a Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go nna le seabe mo ntweng mo go The Christian Century, mme o ne a swetsa ka gore:
“A go na le yo o ka akanyang a bona Jesu a kolopa baba ba gagwe ka digaranata tsa seatla, a tshotse tlhobolo ya motšhinikane, sebolao se se kgwang molelo, a kolopa bomo ya nutlelea kgotsa a hula ICBM e e tla bolayang kana e gobatsa diketekete tsa bana le bommaabone? Potso eno ruri e tlhoka tlhaloganyo mo e bileng e sa tlhokeng go arabiwa. Fa e le gore Jesu o ne a se kitla a dira jalo mme a bo a nna jaaka go tshwanetse, mme gone go ka tla jang gore re ikanyege mo go ene ntswa re tla re dira dilo tseno?” Ruri potso eno e dira gore motho a akanye tota.
Lefa go ntse jalo, madumedi a lefatshe a tswelela pele fela ka go nna le seabe mo dintweng. Bakatoliki ba tswelela pele ba bolaya Bakatoliki, batho ba madumedi a mangwe le bone ba tswelela pele ka go bolaya batho ba bodumedi jwa bone kana ba dikereke tse dingwe. Go dira dilo jaaka Jesu Keresete a laetse go tlhoka motho gore a ititeye sehuba a bo a nne pelokgale jaaka fa kgang e e latelang e tota e diragetseng e tla bontsha.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
A tota go na le yo o ka akanyang a bona Jesu a dirisa tlhobolo ya motšhinikane mo ntweng?
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo