LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 5/8 ts. 30-32
  • A Go Na le Tsholofelo Nngwe ya Gore Ntwa E Tla Khutla?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go Na le Tsholofelo Nngwe ya Gore Ntwa E Tla Khutla?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Tsholofelo ya Ditoro Fela
  • Ba Ba Diragatsang Tsholofetso ya Modimo
  • Kafa Ntwa E Tla Fedisiwang ka Teng
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
  • Kagiso—Selo sa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Lefatshe Le Le Senang Ntwa—Le Tla Tloga le Tla!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 5/8 ts. 30-32

A Go Na le Tsholofelo Nngwe ya Gore Ntwa E Tla Khutla?

NTWA YA LEFATSHE I, e e lolweng go tloga ka 1914 go ya go tsena ka 1918, e ne e bidiwa ntwa e e neng e tla khutlisa dintwa tsotlhe. Mme go tswa ka nako ya yone go setse go lolwe dintwa di le 200, go akaretsa le mo nakong eno e leng yone e tona mo go tsone tsotlhe—Ntwa ya Lefatshe II.

Go itshupa sentle gore, maiteko a motho a go leka go fedisa ntwa a paletswe gotlhelele. A go ka gakgamatsa he go bo ba bantsi ba re, “Ntwa ga e ka ke ya fela”? A ke se le wena o se dumelang?

Go tlhomiwa ga Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka 1945 morago ga Ntwa ya Lefatshe II e ne e le ka maikaelelo a go neela batho ba ba neng ba setse ba babaletswe ke ntwa tsholofelo ya lefatshe le go senang ntwa mo go lone. Tsholofelo eo e tlhalosiwa mo mokwalong o o mo dikagong tsa UN kwa New York City o o balegang jaana: BA TLA THULA DITŠHAKA TSA BONE MAGALE A MEGOMA. LE DIGAI TSA BONE GO NNA DISEKELE: MORAFE GA O KITLA O EKELA MORAFE O MONGWE TŠHAKA. LE GONE GA BA KITLA BA TLHOLA BA ITHUTA NTWA.

Ka maswabi, ka go bo merafe e le bontwadumela ba dirile gore mafoko ano a mantle a go solofela kagiso e nne ditoro fela. Lefa go le jalo, mafoko ano a tla diragadiwa! Lebaka ke gore mo dingwageng tse 2 500 tse di fetileng a ne a buiwa ke Mongwe yo o kwa godimo thata ga batho ba ba sa itekanelang. A bua ka tsholofetso e e neng ya dirwa ke Modimo Mothatayotlhe.—Isaia 2:4.

Ke Tsholofelo ya Ditoro Fela

Ba le bantsi ba ne ba solofetse gore dikereke di tla thusa go dira gore lefatshe le nne le sena dintwa. Mme lefa go le jalo, totatota, dikereke di itshupile mo ditiragalong gore ke lengwe lekoko la badiralethata le le nang le mowa wa ntwa thata le wa go kgaoganya batho go gaisa. Ka sekai, Brigadier General Frank P. Crozier, wa Moborithane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, o ne a re: “Dikereke tsa Bokeresete ke batlhotlheletsi ba mmatota ba tshololo ya madi ba re nang le bone mme e bile re ba dirisa jaaka re rata.”

Ka lebaka leo, go botlhokwa gore re farologanye Bokeresete jwa boammaaruri mo go jwa maaka. Go re thusa go dira jalo, Jesu o ne a re fa kaelo e e motlhofo: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” (Mathaio 7:16) Mafoko, kana se motho a reng o a se dumela, ga di a lekana. Go tshwantsha seno Steve Whysall, mokwadi yo o berekang mo Vancouver Sun, o ne a re: “Ga se gore batho botlhe ba ba apereng dioborolo tse di tala tse di tshutshumang dioli ke bomakheneke, lefa gone ba lebega jaaka bomakheneke, . . . lefa gongwe ba ka re ‘Re bomakheneke.’”

Fa a dirisa setshwantsho sa gagwe mo Bokereseteng, Whysall o ne a re: “Gantsi o tla utlwa batho ba ntse ba bua kafa selo seno kana sele se dirilweng mo leineng la Bokeresete le kafa se sa siamang ka teng. Ee, gone se ne se sa siama. . . . Mme jaanong ke mang yo o rileng ke Bakeresete ba ba neng ba dira dilo tse di sa siamang tseo?

“Owai, a wa re ke dikereke tse di rialong. Jaanong, ke mang yo o rileng dikereke ke tsa Bokeresete?

“Ka jalo mopapa o segofaditse Mussolini, mme go na le bosupi jwa gore le bomopapa ba bangwe ba dirile ditiro tsa bopelompe le mo nakong e e fetileng. Jaanong ke mang yo o rileng e ne e le Bakeresete?

“A o akanya fela gore ka go bo monna e le mopapa go raya gore ke Mokeresete? Go bo motho a re ‘Ke Mokeresete’ ga go reye gore ke ene—fela jaaka monna yo o ipolelang fa e le makheneke e ka nna ya bo e se ene.

“Tota ebile Bibela e tlhagisa Bakeresete kgatlhanong le batho ba ba ipayang jaaka ekete ke Bakeresete . . . Ga go na Mokeresete yo o ka lwantshang Mokeresete ka ene—go tla bo go tshwana le motho a itwantsha.

“Bakeresete ba boammaaruri ke bakaulengwe le bokgaitsadi mo go Jesu Keresete. . . . Ga ba kitla le ka motlha ba utlwisana botlhoko ka bomo.”

Ka jalo re tlhoka go dirisa kaelo ya ga Jesu mme re bone maungo a dikereke. Maungo afe? Bibela e tlhalosa leungo le le lengwe ka papamalo, ka go re: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. Gonne e ke eōna taeco e lo sa leñ lo e utlwa mo tshimologoñ, gore re ratanè; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.”—1 Yohane 3:10-12.

Go na le go kgothaletsa go rata mogaeno, dikereke di ile tsa ema nokeng le gone go tlhotlheletsa go bolaana ga bana ba motho mo ntweng. Ka jalo, ba nnile didirisiwa tsa ga Satane Diabolo fela jaaka go ne go ntse ka ditumelo tsa Baegepeto, Baasiria, Bababelona, le Baroma ba bogologolo. Jesu Keresete o ne a bitsa Satane a re ke “kgōsana ea lehatshe yeno” mme o ne a bolela jaana ka balatedi ba Gagwe ba boammaaruri: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 12:31; 17:16; 2 Bakorintha 4:4) Mme dikereke tsone, di itirile karolo ya lefatshe leno.

Ka phepafalo he, Modimo ga o dirise dikereke go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore lefatshe le se ka la nna le dintwa. Go farologana le se baruti ba masole le baemedi ba bangwe ba dikereke ba se buang, Modimo ga o tseye letlhakore mo dintweng tsa merafe.

Tsholofetso ya Modimo ya go fedisa ntwa e tla diragadiwa jang? A go na le batho bangwe bao ka boammaaruri ba thudileng ditšhaka tsa bone magale a megoma? Ee ba bangwe ba setse ba dirile jalo ka boammaaruri.

Ba Ba Diragatsang Tsholofetso ya Modimo

Raditiragalo yo o itsegeng thata ebong C. J. Cadoux o ne a re: “Bakeresete ba pele ba ne ba dumela Jesu tota . . . Ba ne ba tseela kagiso kwa godimo thata mo bodumeding jwa bone; ba ne ba kgala ntwa ba sa kgwe mathe ka ntlha ya tshololo ya madi e e neng e nna teng; ba ne ba dirisa boperofeti jwa Tesetamente E Kgologolo jo bo neng bo bolelela pele ka go fetolwa ga dibetsa go di dira didirisiwa tsa temo.”—Isaia 2:4.

Go tweng ka motlha ono? A go na le batho ba ba dumelang Jesu tota mme ba ratana ka boammaaruri? A bano ba thudile ditšhaka tsa bone go nna magale a megoma ka boammaaruri? Ee, Encyclopedia Canadiana ya re: “Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ke tsosoloso le go tlhoma sesha Bokeresete jwa bogologolo jo bo neng bo latelwa ke Jesu le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha le la bobedi la motlha wa rona. . . . Ba lebana jaaka bakaulengwe.”

Ka jalo, ka ntlha ya go reetsa taolo ya ga Keresete ya go ratana, Basupi ba ga Jehofa ga ba batle go ila kana go bolaya bakaulengwe ba bone, lefa gongwe bano e le ba lotso kana morafe o sele. (Yohane 13:34, 35) Martin Niemöller, yo eleng moeteledipele wa Moporotesetanta kwa Jeremane, o ile a re “mo dingwageng di le dintsi, [dikereke] di ne tsa dumela go segofatsa ntwa, masole le dibetsa mme ba ne ba rapela ka tsela e e seng ya Bokeresete gotlhelele gore go nyelediwe baba ba bone.” Mme lefa go ntse jalo, go farologana le seo, o ile a re, Basupi “ba le makgolokgolo le diketekete ba ile ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso le go swa ka ntlha ya go gana go nna le seabe mo ntweng le go gana go hula batho.”

Ee, go farologana le batho ba ditumelo tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba thudile ditšhaka tsa bone magale a megoma ka boammaaruri. Mme ka go sa nne “ba lehatshe,” fela jaaka Keresete a laotse, ba farologane gotlhelele le ditumelo tse dingwe. (Yohane 15:19) St. Anthony’s Messenger ya Roma Katoliki e ile ya bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ga ba na seabe mo go seo ‘batho ka kakaretso’ ba se dirang mme ga ba amogele maikarabelo ape, a go segofatsa sepe se puso ya motho e batlang go se dira.”

A tsholofetso ya Modimo ya go fedisa dibetsa e tla kgonega ka ntlha ya go bo batho ba le dimilione di sekaenyana fela ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba thudile ditšhaka tsa bone magale a megoma? Gotlhelele nnyaa! Tsholofetso ya Modimo e tla diragadiwa ka tsela e kgolo le e e gakgamatsang.

Kafa Ntwa E Tla Fedisiwang ka Teng

Mmopi ebong Jehofa Modimo, o tla fedisa ntwa ka go nyeletsa dibetsa tsotlhe tsa ntwa le ba ba di dirang. Mopesalema wa Bibela o ne a laletsa babadi gore ba ele tlhoko tebelelo eno e e gakgamatsang. “Tlañ,” o ne a kwala jalo, “lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ. O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” (Pesalema 46:8, 9) Abo e le kitsiso e e itumedisang ebile e kgothatsa jang ne!

A tebelelo ya lefatshe le le se nang dintwa ke toro fela? Babelaedi ba ka nna ba akanya jalo. Le raditiragalo wa tsa bosole ebong Gillett Griswold o ne a akanya jalo. Mme o ne a ipha nako ya go tlhatlhoba bosupi ka kelotlhoko. Ka ntlha ya seo, o ne a iponela bosupi jwa gore ka boammaaruri Bibela e ka ikanngwa. O ne a lemoga gore boperofeti jwa nako e e fetileng jwa Bibela mabapi le ditiragalo tse di setseng di diragetse, bo ne jwa diragadiwa sentle ka nako ya jone. Seno se ne sa mo fa lebaka la go dumela gore ditiragalo tse di boleletsweng pele gore di tla diragala di tlile go diragala sentle ka nako ya tsone.

Tsaya ka sekai, ditiragalo tse di tshikhinyang lefatshe tse di diragalang gone jaanong ka fa di dumelanang sentle le ditiragalo tse Bibela e boleletseng pele gore di tla tshwaya metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5) Seno se raya gore jaanong re tshela mo nakong e Bogosi jwa Modimo bo tla tlang ka yone, go diragatsa thapelo e Jesu a e rutileng balatedi ba gagwe, e e reng: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.

Re tshwanetse go solofela gore Bogosi jwa Modimo bo tle ka mokgwa o o ntseng jang? Boperofeti jwa Bibela bo bua jaana mabapi le seno: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō [ke gore, dipuso tse di busang gone jaanong], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō otlhe [kana, mebuso], me bo tla èma [puso ya Modimo ya Bogosi] ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla tla ka tsela e e gakgamatsang go tlosa dipuso tsa gompieno, fela jaaka Morwalela o o neng o tla apesa lefatshe lotlhe o o neng o boleletswe pele o ile wa tla mo motlheng wa ga Noa. (Mathaio 24:36-39; 1 Yohane 2:17) Ka ntlha ya tshenyego e e tla tlogang e tlela dipuso tsa gompieno, le ditumelo tse di di emang nokeng, go botlhokwa gore rona motho ka esi re sekaseke seemo sa rona ka namana. A re tla dira maiteko a go ithuta ka Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, go tsweng foo re bo re dira se ba reng re se dire? (Yohane 17:3) A re tla ratana, re gana go utlwisa motho jaaka rona botlhoko, mme ka go dira jalo re bontsha gore re thudile ditšhaka tsa rona magale a megoma?

Fa e le gore o dumela gore go lwa ke go tlhoka tlhaloganyo le gore o batla go tshela mo lefatsheng ka nako eo kagiso e tlang bong e rena mo lefatsheng lotlhe ka yone, bona Basupi ba ga Jehofa. Ba tla itumelela go go thusa gore o ithute mo gontsi ka fa ntwa e tla felang ka teng mo bogautshwaneng, mo pusong ya Bogosi jwa Modimo.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Maano a Ga Himmler Mabapi le Basupi ba ga Jehofa

HEINRICH HIMMLER e ne e le ene tlhogo ya Nazi SS, kana Elite Guard, mme erile ka Ntwa ya Lefatshe II o ne a fetwa ke Adolf Hitler fela ka thata mo Jeremane yotlhe. Le mororo Himmler a ne a ila Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya go gana ga bone go nna le seabe mo dithulaganyong tsa Bonasi tsa go gapa lefatshe, o ne a felela a ba tlotla. Himmler o ne a kwala jaana, mo go lengwe la dikwalo tse a neng a di kwalela mogolwane wa Gestapo ebong Ernst Kaltenbrunner:

“Tshedimosetso nngwe le se se lemogilweng bosheng di ntirile gore ke loge maano a ke ka ratang go a go itsise. Seno ke mabapi le Basupi ba ga Jehofa. . . . Re tlile go busa le go kgwabofatsa Rashia jang fa . . . re se na go gapa dikarolo tse dikgolo tsa naga ya yone? . . . Madumedi otlhe le makoko a a sa batleng go nna le seabe a tshwanetse go engwa nokeng . . . , mme la ntlha mo go one otlhe ke ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke selo se se itsiweng gore bano ba na le mekgwa e e ka re solegelang molemo fela thata: Mo godimo ga gore ga ba batle go dira tiro ya sesole le go lwa gotlhelele . . . , ba ikanyega fela thata, ga ba nwe, ga ba goge; fa ba bereka ba dira tiro ka botlalo mme ebile ga go na yo o tshepegang jaaka bone. Fa ba buile selo o ka ikanya gore se boammaaruri. Eno ke yone mekgwa e re e batlang . . . , e e eletsegang.”

Legale, ga se gore Himmler o ne a ka se ka a rotloetsa Basupi go direla Manasi. O ne a sa ipatlele ene le ba gagabo mekgwa eno ya Basupi ya go rata kagiso, mme o ne a e batlela Marashia. Mekgwa eno e ne e tla ba dira batho ba ba bonolo, e bo e ba dira gore ba thule ditšhaka tsa bone magale a megoma.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela