Babadi ba a Botsa
Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa Ba sa Ye Ntweng?
Basupi ba ga Jehofa, gongwe le gongwe kwa ba leng teng, ga ba bolo go ithiba mo go tseyeng karolo mo dintweng fa gare ga ditšhaba kgotsa batho ba ba lwang ba setšhaba se le sengwe. Dingwaga di le 50 tse di fetileng Australian Encyclopædia e ne ya re: “Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore ka nako ya ntwa.”
Lebaka le legolo la go bo Basupi ba sa lwe mo ntweng ke ka gonne go tsaya karolo mo dintweng tseo ga go dumalane le segakolodi sa bone sa Bokeresete. Segakolodi sa bone se thapisitswe ke ditaelo le sekao sa Morena Jesu Keresete. O ne a laela balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go rata moagelani wa bone. Gape o ne a ba laela jaana: “Tswelelang lo rata baba ba lona, lo direle ba ba lo tlhoileng molemo.” (Luke 6:27; Mathaio 22:39) Fa mongwe wa barutwa ba gagwe a ne a leka go mo sireletsa ka tšhaka, Jesu o ne a mo raya a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Ka jalo, ka mafoko le ka sekao sa gagwe, o ne a bontsha sentle gore balatedi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go dirisa dibetsa.
Lebaka le lengwe la go bo Basupi ba ga Jehofa ba sa ye ntweng ke ka gonne maloko a bone a bodumedi a mo lefatsheng lotlhe. Ntwa e ne e tla dira gore bakaulengwe ba lwantshane mme seo se tla bo se le kgatlhanong le taelo ya ga Jesu ya gore ‘ba ratane.’—Johane 13:35.
Melaometheo e e fa godimo e e tlhotlheletsang lorato lwa bone ga se selo se Basupi ba ga Jehofa ba buang ka sone fela, go na le moo ba e dirisa mo matshelong a bone. Ka sekai, sekaseka se ba neng ba se dira ka Ntwa ya Lefatshe II, ka 1939-1945. Kwa United States, Basupi ba ga Jehofa ba feta 4 300 ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole. Kwa Boritane, ba feta 1 500 ba bone, go akaretsa le basadi ba feta 300 ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go dira ditiro tse di amanang le ntwa. Kwa Jeremane ya Bonasi, Basupi ba feta 270 ba ne ba bolawa ke Puso ka gonne ba ne ba gana go lwa. Mo pusong ya Bonasi, Basupi ba feta 10 000 ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong kgotsa mo dikampeng tsa pogiso. Basupi ba kwa Japane le bone ba ne ba boga ka tsela e e tshwanang. Batho ba ba neng ba swelwa ke baratiwa ba bone mo Ntweng ya Lefatshe II—kgotsa mo dintweng tse di neng tsa latela—ba ka tlhomamisega gore ga go na Mosupi ope wa ga Jehofa yo o neng a ikarabelela mo dipolaong tseo.
Re bona tsela e Basupi ba ga Jehofa ba lebang ntwa ka yone mo mafokong a bofelo a ga Wolfgang Kusserow. Ka 1942 Banasi ba ne ba kgaola Mojeremane yono wa dingwaga di le 20 tlhogo ka gonne a ne a gana go ya ntweng. (Isaia 2:4) O ne a bua jaana fa pele ga kgotlatshekelo ya sesole: “Ke godisitswe ka lefoko la Modimo le le mo Dikwalong Tse di Boitshepo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Molao o mogolo le o o boitshepotshepo o a neng a o naya batho ke gore: ‘O tshwanetse go rata Modimo wa gago go feta dilo tsotlhe le moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Ditaelo tse dingwe tsa re: ‘O se ka wa bolaya.’ A Mmopi wa rona o ne a kwalela dilo tseno lefela?”—Mareko 12:29-31; Ekesodo 20:13.
Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ke Jehofa fela, Modimo mothatayotlhe yo o tla lereng kagiso ya leruri mo lefatsheng. Ba lebeletse gore a diragatse tsholofelo ya gagwe ya gore o tla dira gore “dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:9.