LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 20-22
  • Nka Dira Jang Gore Boammaaruri e Nne Jwa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Jang Gore Boammaaruri e Nne Jwa Me?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bo Tlhatlhobise
  • A o Tshwaregile Thata Mo o Sa Kgoneng go Ithuta?
  • Abela ba Bangwe Se o Se Ithutileng
  • Ela Tlhoko Ditsala Tsa Gago
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Tswelela o “Tsamaya mo Boammaaruring”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 20-22

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore Boammaaruri e Nne Jwa Me?

“Ke godile ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ka metlha ke ne ke tlhola ke akanya gore fa o godisitswe ka tsela eo, tota o a bo o itse Jehofa. A bo ke ne ke fositse jang ne!”—Antoinette.

“BOAMMAARURI ke eng?” Ponto Pilato, monna yo o neng a letla gore Jesu a bolawe, o ne a botsa potso e e tumileng thata eo. (Johane 18:38) Le fa go ntse jalo, go bonala Pilato a ne a batla gore potso ya gagwe ya go belaela e fedise motlotlo o ba neng ba o tshwere o o boammaaruri—e seng go o simolola gape. Tota o ne a sa kgatlhegele “boammaaruri.” Mme go tweng ka wena? A o kgatlhegela boammaaruri?

Bafilosofi ba ile ba leka go bona se boammaaruri e leng sone ka makgolokgolo a dingwaga, mme ka maswabi matsapa a bone e ne e le a lefela. Le fa go ntse jalo, o ka bona karabo ya potso ya ga Pilato. Jesu Keresete o ne a ruta gore Lefoko la Modimo ke boammaaruri. Gape o ne a bolela gore ene ke “boammaaruri.” Mme moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: ‘Boammaaruri bo ne jwa nna gone ka Jesu.’ (Johane 1:17; 14:6; 17:17) Ka gone dithuto tsotlhe tsa Bokeresete, tse moragonyana di neng tsa nna karolo ya Baebele, le tsone di bidiwa “boammaaruri” kana “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.” (Tito 1:14; Bagalatia 2:14; 2 Johane 1:2) Dithuto tseno tsa Bokeresete di akaretsa dilo tse di jaaka leina la Modimo, go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo, tsogo ya baswi le thekololo ya ga Jesu.—Pesalema 83:18; Mathaio 6:9, 10; 20:28; Johane 5:28, 29.

Diketekete tsa basha di ile tsa rutiwa boammaaruri jwa Baebele ke batsadi ba Bakeresete. A mme seo se kaya gore basha ba ba ntseng jalo ba “tsamaya mo boammaaruring”? (3 Johane 3, 4) Tota nnyaa. Ka sekai, Jennifer wa dingwaga tse 20 o godile e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O gakologelwa jaana: “Mmè o ne a ya le nna kwa dikopanong tse dikgolo tsa Basupi mme a bolela gore ke tshwanetse ka akanyetsa go kolobediwa. Mme ke ne ka ipolelela gore, ‘Ga ke batle go nna Mosupi. Ke batla go ijesa monate fela!’”

Basha bangwe ba dumela se ba se rutilweng, mme ba palelwa ke go tlhaloganya sentlentle se tota Baebele e se rutang. Kotsi ya gone ke efe? Jesu o ne a tlhagisa gore batho bangwe “ga ba na modi mo go bone.” Batho ba ba ntseng jalo ba ka “tswelela ka nakwana; mme ka bonako fela fa pitlagano kgotsa pogiso e tsoga ka ntlha ya lefoko, ba a kgotšwa.” (Mareko 4:17) Ba bangwe ba ka bolela ka ditumelo tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng go ya bokgakaleng jo bo rileng, mme ba ise ba itse Modimo sentle. Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Aneesa o bolela jaana: “Ga ke dumele gore ke ne ke na le kamano ya mmatota le Jehofa fa ke ne ke le mmotlana . . . Ke akanya gore e ne e ikaegile thata ka kamano e batsadi ba me ba neng ba na le yone le ene.”

Boemo jwa gago ke bofe mo kgannyeng eno? A Jehofa ke Modimo fela wa batsadi ba gago? Kana, jaaka mopesalema wa Baebele, a o ka re: “Ke ikanya wena, Jehofa. Ke rile: ‘O Modimo wa me’”? (Pesalema 31:14) Go ka tlhoka bopelokgale gore motho a lebane le maemo ano. Lekawana lengwe le le bidiwang Alexander le bolela jaana: “Mo go nna, go itlhatlhoba ka kelotlhoko e ne e le kgato ya ntlha.” Fa o sena go itlhatlhoba ka bowena, o ka nna wa lemoga gore tota ga o ise o supe gore o mo boammaaruring (dithuto tsotlhe tsa Bokeresete). O ka nna wa bo o se na sepe se se go tlhatswang pelo, mme botshelo jwa gago bo ka nna jwa lebega bo se na boikaelelo, bo se na se se bo kaelang tota.

Kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa tsa Bokeresete, gantsi ba opela pina e e nang le setlhogo se se reng “Nna mo Nneteng.”a Kgakololo eo e ka tswa e tshwanela wena. Mme o ka dira seo jang? O simolola kae?

Bo Tlhatlhobise

Mo go Baroma 12:2, re fitlhela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” O ka dira seo jang? Ka go nna le “kitso e e leng yone ya boammaaruri.” (Tito 1:1) Baagi ba bogologolo ba motse wa Berea ga ba a ka ba amogela fela dilo tse ba neng ba di utlwa ba sa di batlisisa pele. Go na le moo, ba ne “ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno [tse ba neng ba di ithuta] di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Mokeresete mongwe yo mosha yo o bidiwang Erin o ne a bona go tlhokega gore le ene a dire se se tshwanang. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke batlisisa. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke itse jang gore jono ke bodumedi jwa boammaaruri? Ke itse jang gore go na le Modimo yo o bidiwang Jehofa?’” Ke eng o sa simolole thulaganyo ya gago ya go ithuta? O ka nna wa simolola ka buka e e theilweng mo Baebeleng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.b E bale ka kelotlhoko. Leba Dikwalo tse di umakilweng mme o ele tlhoko gore di amana jang le se se bolelwang. O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore o ikutlwa ka tsela e e farologaneng go le kanakang ka boammaaruri fa o nna “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwara lefoko la boammaaruri sentle”!—2 Timotheo 2:15.

Moaposetoloi Petere o boletse gore dilo dingwe mo Baebeleng di “thata go tlhaloganngwa,” mme o tla fitlhela go ntse fela jalo. (2 Petere 3:16) Mme moya wa Modimo o ka go thusa go tlhaloganya tota le ditlhogo tse di thata. (1 Bakorintha 2:11, 12) Rapela Modimo gore a go thuse fa o sa kgone go tlhaloganya sengwe. (Pesalema 119:10, 11, 27) Leka go batlisisa mo go oketsegileng mo dibukeng tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Fa o sa tlhomamisega gore o ka dira seo jang, kopa thuso. Batsadi ba gago kana gongwe maloko a mangwe a a godileng a phuthego ya Bokeresete a ka go thusa.

Gakologelwa gore ga o ithutele go kgatlha ba bangwe ka kitso e o nang le yone. Mosha mongwe yo o bidiwang Collin o tlhalosa jaana: “O simolola go itse dinonofo tsa ga Jehofa.” Iphe nako ya gore o tlhatlhanye ka se o se badileng gore se nwelelele mo pelong ya gago.—Pesalema 1:2, 3.

Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa phuthego le gone go ka go thusa. Mo godimo ga moo, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala, phuthego ke “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Basha bangwe ba ngongorega ka gore dipokano tsa Bokeresete di a lapisa. Collin o gakolola jaana: “Mme fa o sa baakanyetse dipokano, di ka se go solegele molemo.” Ka jalo baakanyetsa dithuto tsa gago go sa le gale. O ka itumelela dipokano fa o le motsayakarolo—e seng mmogedi fela.

A o Tshwaregile Thata Mo o Sa Kgoneng go Ithuta?

Ke boammaaruri gore fa o na le tiro ya sekolo le ditiro tsa mo gae, go ka nna thata go bona nako ya go ithuta. Mosha mongwe yo o bidiwang Susan o kwala jaana: “Ka dingwagangwaga ke ne ke ntse ke itse gore ke tlhoka go baakanyetsa dipokano le go ithuta ka namana, mme le fa go ntse jalo le ka motlha ke ne ke sa dire seo.”

Susan o ne a ithuta go ‘reka nako’ mo dilong tse di seng botlhokwa thata. (Baefeso 5:15, 16) Sa ntlha, o ne a dira lenaane la dilo tsotlhe tse a neng a tlhoka go di ithuta. Go tswa foo, o ne a dira thulaganyo ya gore a di ithute. Mme gape o ne a akaretsa nako ya boitlosobodutu mo thulaganyong ya gagwe. O gakolola jaana: “O se ka wa tsenya nako yotlhe mo thulaganyong. Rotlhe re tlhoka nako ya go itapolosa.” Go nna le thulaganyo go ka go thusa le wena.

Abela ba Bangwe Se o Se Ithutileng

Go dirisa se o se ithutileng go thusa thata gore se nne karolo ya gago. Leka go ruta motho yo mongwe. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Molomo wa me o tlaa bua botlhale; le go akanya ga pelo ya me e tlaa nna ka ga tlhaloganyo.”—Pesalema 49:3.

Fa dikgang tse di molemo di sa go tlhabise ditlhong, o ka se okaoke go di bolelela ba o tsenang sekolo le bone le ba bangwe ba o kopanang le bone. (Baroma 1:16) Ka go dirisa ditshono tse di tshwanang le tseo o buisana le ba bangwe ka boammaaruri, o tla bo o dirisa se o se ithutang; mme ka tsela eno o tla tsenya boammaaruri mo tlhaloganyong le mo pelong ya gago.

Ela Tlhoko Ditsala Tsa Gago

Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba gatela pele sentle mo semoyeng. Mme go ise go ye kae moaposetoloi Paulo o ne a tshwanela go ba kwalela, a botsa jaana: “Ke mang yo o neng a lo kgoreletsa go nna lo utlwa boammaaruri?” (Bagalatia 5:7) Mosha mongwe yo o bidiwang Alex o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. O bolela gore maiteko a gagwe a go ithuta Lefoko la Modimo a ne a kgorelediwa ke “go senya nako le ditsala tse di bosula.” Gore o gatele pele mo semoyeng, gape go ka tlhokega gore o dire diphetogo dingwe mo ntlheng eno.

Mo letlhakoreng le lengwe, ditsala tse di molemo di ka go thusa tota go gatela pele. Diane 27:17 e bolela jaana: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” Batla ba ba tlhomang dikao tse di molemo—batho ba ba dirisang boammaaruri mo matshelong a bone. O ka nna wa ba bona gone mo legaeng la gaeno. Jennifer yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Rremogolo o ne a ntlhomela sekao se se molemolemo. Ka metlha o ne a dirisa diura di le tharo a baakanyetsa thuto ya rona ya Baebele ya phuthego ka Sontaga. O ne a leba lokwalo longwe le longwe lo lo mo thutong eo mo dithanolong tsa Baebele tse di farologaneng a bo a leba mafoko mo dikishinareng ya gagwe. O ne a itse thata dintlha tse di neng di sa tlwaelega mo Baebeleng. O ne o ka mmotsa sengwe le sengwe, mme o ne a ka go araba.”

Fa boammaaruri e le jwa gago, o a bo o na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo—sengwe se o ka se kang wa se rekisa ka tlhwatlhwa epe fela. Ka jalo le ka motlha o se ka wa tsaya boammaaruri e le “bodumedi jwa batsadi ba me” fela. Tumelo ya gago e tshwanetse ya tshwana le ya mopesalema yo o neng a re: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.” (Pesalema 27:10) Tota fa o itse se Baebele e se rutang, o se dumela, o abela ba bangwe tumelo ya gago, mme mo godimo ga tsotlhe, o tshela go dumalana le ditumelo tseno, o tla bo o bontsha gore boammaaruri ke jwa gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E tswa mo bukeng ya dipina ya Opelelang Jehofa Dipako, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Itlhatlhobele boammaaruri ka go dira dipatlisiso le go ithuta ka namana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela