Aids—Kafa O ka E Lwantshang ka Teng
GONE jaanong ga go ise go bonwe kalafi ya AIDS mme ga go bonale fa dingaka di tla bona kalafi nngwe ka bonako. Le fa gone mefuta e mesha ya kalafi e dira gore bolwetse jono bo se ke jwa gakala ka bonako, go botoka thata go tila go tshwaetsega di tloga fela. Le fa go ntse jalo, pele ga re tlotla kafa re ka thibelang bolwetse jono ka teng, a re sekasekeng kafa baerase ya AIDS (HIV) e tshwaetsang motho yo mongwe ka teng le kafa e sa mo tshwaetseng ka teng.
Motho a ka tshwaetsega ka ditsela di le nnè tse dikgolo: (1) ka go dirisa lomao kana sepeite se se nang le mogare ono, (2) ka go tlhakanela dikobo (ka dirwe tsa tlhakanelodikobo, kafa maragong kana ka molomo) le motho yo o nang le mogare ono, (3) ka go tshelwa madi le dilo tse di dirilweng ka madi, le fa gone seno e sa tlhole e le bothata jalo kwa dinageng tse di tlhabologileng koo madi a tlhatlhobiwang go bona gore ga a na ditwatsi tsa HIV le (4) mmè yo o nang le mogare wa HIV, yo o ka tshwaetsang ngwana wa gagwe pele ga a tsalwa kana ka nako e a tsalwang ka yone kana fa a mo anyisa.
Go ya ka Centers for Disease Control and Prevention (CDC) ya United States, bosupi jo bo teng gone jaanong jwa saense bo bolela gore (1) ga o ka ke wa tshwarwa ke AIDS ka tsela e o tshwarwang ke mofikela kana foluu ka yone, (2) ga e ka ke ya go tshwaetsa fela ka gonne o ntse go bapa le motho yo o tshwerweng ke AIDS kana ka gonne o tshwara kana o tlamparela motho yo o nang le mogare ono, (3) ga e ka ke ya go tshwara ka go ja dijo tse di tshwerweng, tse di apeilweng kana tse di tshotsweng ke motho yo o tshwaeditsweng e bile (4) ga o ka ke wa tshwaetsega ka go dirisa matlwana a boithomelo, dithelefouno, diaparo kana dilwana tsa go jela le tsa go nwela le motho yo o tshwerweng ke bolwetse jono. E bile, CDC e bolela gore baerase eno ga e anamisiwe ke menang kana ditshenekegi tse dingwe.
Ditsela Tsa go e Thibela
Baerase ya AIDS e nna mo mading a motho yo o tshwaeditsweng. Fa motho yo o nang le mogare ono a entiwa, madi a a nang le baerase eno a ka nna a sala mo lomaong kana mo sepeiteng. Fa motho yo mongwe a ka tlhabiwa ka lomao lo lo tshwaeditsweng jalo, baerase eno e ka nna ya fetela kwa go ene. O se ke wa tshaba go botsa ngaka kana mooki fa o na le dipelaelo dingwe ka lomao kana sepeite. O na le tshwanelo ya go itse; botshelo jwa gago bo mo kotsing.
Gape baerase ya AIDS e nna mo peong ya monna kana mo dieding tsa serwe sa mosadi sa tlhakanelodikobo mo bathong ba ba tshwaeditsweng. Ke gone ka moo, CDC e akantshang jaana malebana le go bo thibela: “Boikgapo ke jone fela jo bo ka go sireletsang sentle. Fa o tlhakanela dikobo, emela go fitlha o le mo kamanong e e tla nnelang ruri, e mo go yone loobabedi lo tla ikanyegang, e e jaaka mo lenyalong le molekane yo o sa tshwaediwang.”
Ela tlhoko gore e le gore o sireletsege, o tshwanetse wa nna le ‘kamano e mo go yone loobabedi lo tla ikanyegang.’ Fa wena o ikanyega mme molekane wa gago ene a sa ikanyege, ga wa sireletsega. Seno gantsi se tsosa bothata jo bogolo mo basading ba ba nnang mo dinageng tse mo go tsone banna ba ba gatelelang ka tsa tlhakanelodikobo le ka tsa itsholelo. Kwa dinageng tse dingwe basadi ga ba a letlelelwa go tlotla ka tlhakanelodikobo le banna, le e leng fela go buisana ka ga mekgwa e e babalesegileng ya go tlhakanela dikobo.
Le fa go ntse jalo, ga se basadi botlhe ba ba sa kgoneng go ipuelela. Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa nageng nngwe ya Afrika Bophirima e bontshitse gore basadi bangwe ba ba kgonang go itlhokomela ka madi ba ne ba kgona go gana go tlhakanela dikobo le banna ba bone ba ba tshwaeditsweng, kwa ntle ga go dirisa dikgoka. Kwa New Jersey, U.S.A., basadi bangwe ba ne ba gana go tlhakanela dikobo le banna ba bone fa monna a sa batle go dirisa khontomo. Le fa gone dikhontomo tsa rekere di kgona go thusa go thibela go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelodikobo, di tshwanetse tsa dirisiwa ka tshwanelo le ka dinako tsotlhe.
Nako E o Ka Dirang Diteko Tsa Madi ka Yone
Karen yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a ka se dire sepe go itshireletsa gore a se tshwaediwe. Monna wa gagwe o ne a tshwaeditswe dingwaga di le mmalwa pele ga ba nyalana mme ba ne ba nyalana ka nako ya fa bolwetse jono le go dirwa diteko tsa HIV go sa ntse go simolola. Le fa go ntse jalo, gone jaanong kwa dinageng dingwe diteko tsa HIV e setse e le thulaganyo e e dirwang ka metlha. Ka jalo, fa motho a belaela gore a ka tswa a na le HIV, go botlhale gore a dire diteko, pele ga a simolola go ratana. Karen o tlhagisa jaana: “Tlhopha molekane wa gago wa lenyalo ka botlhale. Tlhopho e e phoso e ka felela ka mahutsana le e leng go go dira gore o latlhegelwe ke botshelo jwa gago.”
Diteko di ka thusa go sireletsa molekane yo o se nang molato fa yo mongwe a dirile boaka. E re ka mogare wa HIV o ka se bonale fa go dirwa diteko go fitlha dikgwedi di le thataro, go ka tlhokega gore go dirwe diteko di le mmalwa. Fa molekane yo o se nang molato a tlhakanela dikobo le yo o molato (e leng se se bontshang gore moakafadi o itshwaretswe), go ka thusa thata go dirisa khontomo gore a se ke a tshwaediwa.
Thuto e ka Thusa Jang?
Go a lemosega gore le fa gone Baebele e kwadilwe bogologolo pele ga AIDS e tlhaga, go tshela ka melaometheo ya yone go sireletsa motho mo go tshwaediweng ke bolwetse jono. Ka sekai, Baebele e kgala go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, e laela gore batho ba ikanyege mo lenyalong mme e bolela gore Bakeresete ba tshwanetse go nyala fela batho ba le bone ba dirisang melaometheo ya Baebele. (1 Bakorintha 7:39; Bahebera 13:4) Gape e iletsa go dirisa madi ka tsela epe fela e e sa tshwanelang le go a tsenya mo mmeleng, e leng selo se se itshekololang mmele.—Ditiro 15:20; 2 Bakorintha 7:1.
Go botlhale go ithuta kaga matshosetsi le dikotsi tse batho ba ba nang le mogare wa HIV ba ka nnang le tsone. Go ithuta ka AIDS go thusa batho go itshireletsa kgatlhanong le yone.
AIDS Action League e bolela jaana: “Mo mabakeng a le mantsi AIDS e ka thibelwa. Go fitlha go bonwa kalafi, go ithuta ka yone ke sone selo se se molemolemo e bile gone jaanong ke sone fela se [setšhaba] se ka se dirisang go itshireletsa kgatlhanong le AIDS.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go molemo gore batsadi ba buisane mmogo le go buisana le bana ba bone ka tshosologo kaga AIDS.
Mekgwa Ya go E Alafa ke Efe?
Matshwao a bolwetse jono ga a bonale go fitlha dingwaga di le thataro go ya go di le lesome motho wa teng a na le mogare wa HIV. Mo dingwageng tseo, go lowa ntwa e e matlho mahibidu mo teng ga mmele. Dibaerase tseno di a ikatisa mme di bolaye disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse. Disele tseno tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse le tsone di a itwela. Kgabagare, jaaka go tlhaga dibaerase tse disha di le dikete di le dimilione letsatsi le letsatsi, disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse di a fekeediwa.
Go dirilwe diokobatsi tse di farologaneng go leka go thusa disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse, diokobatsi tse di nang le maina a a raraaneng mme di bidiwa fela ka ditlhaka—AZT, DDI le DDC. Le fa gone batho bangwe ba ne ba dumela gore diokobatsi tseno di ka thusa thata le e leng go fodisa bolwetse jono, ditsholofelo tse di ntseng jalo di ne tsa fela ka bonako. Ga se fela gore di palelwa ke go dira fa nako e ntse e tsamaya mme gape di lwatsa batho bangwe—di koafatsa disele tsa madi, di baka malwetse a go omelela ga madi le go senya ditshikana mo matsogong le mo dinaong.
Jaanong go setse go na le setlhopha se sesha sa diokobatsi: diensaeme tse di lwantshang megare. Dingaka di neela balwetse diokobatsi tseno tse tharo tse di tlhakantsweng mmogo le melemo e mengwe e e lwantshang baerase. Diteko di bontshitse gore le fa gone kalafi eno ya diokobatsi tse tharo e sa bolaye baerase eno, e emisa kana e batla e emisa go ntsifala ga yone mo mmeleng.
Kalafi eno ya diokobatsi di le tharo e tokafaditse boitekanelo jwa balwetse bano fela thata. Le fa go ntse jalo, bomankge ba dumela gore kalafi eno e dira botoka fa e neelwa batho go sa le gale fa ba se na go tsenwa ke megare ya HIV, pele matshwao a gone a iponatsha. Fa go ka dirwa jalo, go ka kgonega, gongwe ka nako e telele, go thibela mogare ono go gola go fitlha o itira AIDS e e feletseng. E re ka kalafi eno e sa ntse e le ntšha, go sa ntse go tla bonwa gore kalafi eno e tla gatelela mogare ono ka nako e kae.
Kalafi eno ya diokobatsi di le tharo e tura thata. Ka kakaretso diokobatsi tseno tse tharo tse di lwantshang baerase fa di kopanngwa le madi a diteko tsa go tlhatlhobelwa bolwetse kwa laboratoring go ka ja madi a a kana ka R72 000 ka ngwaga. Mo godimo ga gore di bo di ja madi a mantsi, molwetse yo o dirisang kalafi eno ya diokobatsi di le tharo o boaboela kwa forijing gantsintsi, mo diokobatsi tseno di bewang teng. Gantsi molwetse o nwa dipilisi tseno gabedi ka letsatsi mme ba bangwe bone, gararo ka letsatsi. Tse dingwe di tshwanetse tsa nowa fa o tshwerwe ke tlala, tse dingwe tsone fa o se na go ja. Kalafi eno e raraana le go feta fa molwetse a tshwanetse go nwa melemo e mengwe gape go lwantsha megare e mengwe e molwetse wa AIDS a tshabelwang ke yone.
Bothata jo bogolo jo dingaka di amegileng ka jone ke gore ke eng se se tla diragalang fa molwetse a ka tlogela go dirisa kalafi eno ya diokobatsi di le tharo. Baerase eno e tla simolola go ikatisa mo e ka se tlholeng e kgona go thibelwa mme dibaerase tse di sa bolawang ke kalafi ya pele jaanong di ka nna tsa kgona go emelana le diokobatsi tse motho a neng a di dirisa pele go di lwantsha. Go tla nna thata go alafa megare eno ya HIV e e palelang diokobatsi. Go feta moo, dibaerase tseno tse di sa alafegeng di ka fetela kwa bathong ba bangwe.
A go Enta ke Yone Tharabololo?
Bangwe ba ba dirang dipatlisiso ka AIDS ba dumela gore selo sa konokono se se ka fenyang leroborobo leno la AIDS le le wetseng lefatshe lotlhe ke moento o o babalesegileng, le o o dirang sentle. Meento e e kgonang go dira sentle go lwantsha letshoroma le lesetlha, mmokwane, makidiane le mmokwane wa kwa Jeremane e dirwa go tswa mo dibaraeseng tse di koafaditsweng. Gantsi, fa go tsenngwa baerase nngwe e e koafaditsweng mo mmeleng, disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse ga di tsiboge fela go e senya mme gape di aga le dilo tse di tla thusang go itshireletsa tse di tla kgonang go fenya baerase ya mmatota fa e tsena mo mmeleng.
Ditekeletso tse pedi tsa bosheng jaana tse di dirilweng ka dikgabo di bontshitse gore bothata jo bo leng teng ka mogare wa HIV ke gore le e leng baerase e e koafaditsweng e ka nna diphatsa. Ka mantswe a mangwe mokento ono o ka baka bolwetse jo o diretsweng go sireletsa mmele kgatlhanong le jone.
Matsapa a a tserweng go senka moento o o tshwanetseng e nnile a a swabisang le a a kgobang marapo. Ditekeletso tse di farologaneng tse dintsintsi tse di neng tsa dirwa ga di a ka tsa dira mogare wa HIV sepe mme e le tse ruri di ka bong di bolaile dibaerase tse dinnye mo go one. Go feta moo, mogare wa HIV o nna o fetofetoga, e leng selo se se dirang gore go se nne motlhofo go o tlhasela. (Gone jaanong go na le mefuta e ka nna lesome ya mogare wa HIV mo lefatsheng lotlhe.) Mo go dirang dilo thata le go feta ke gore baerase eno e tlhasela tsone disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse tse mokento ono o tshwanetseng gore tota o bo o di thusa go itshireletsa.
Ikonomi le yone e na le seabe se se rileng mo go direng patlisiso. Mokgatlho wa International AIDS Vaccine Initiative wa kwa Washington o boletse gore “madirelo a a ikemetseng ga a batle go ipofa go le kalo” mo ntlheng eno. Ba ne ba bolela gore ba boifa gore mokento ono ga o kitla o lere poelo epe fela, ka go bo bontsi jwa yone e tla rekisediwa dinaga tse di sa tlhabologang.
Go sa kgathalesege mathata ano, babatlisisi ba sa ntse ba tsweletse go tlhotlhomisa mekgwa mengwe e le mmalwa e e ka dirisiwang go leka go senka mokento o o tla atlegang. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga go bonale fa go ka bonwa mokento ope fela. Fa go bonwa mokento mongwe o go bonalang o ka dira sentle kwa laboratoring, go latela tiro e e matsapa, e e jang madi a mantsi le e e kotsi ya go o lekeletsa mo bathong.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Ke Bomang ba ba Tshwaediwang ke Mogare wa HIV?
Mo lefatsheng lotlhe, go tshwaediwa batho ba ka nna 16 000 letsatsi le letsatsi. Go bolelwa gore diperesente di le 90 tsa bone di nna mo dinageng tse di tlhabologang. Mo e ka nnang a le 1 go ba le 10 wa bone ke ngwana yo o kafa tlase ga dingwaga di le 15. Ba bangwe botlhe ke bagolo ba diperesente tse di fetang 40 tsa bone e leng basadi mme ba ba fetang sephatlo ba bone ke batho ba dingwaga tse di magareng ga di le 15 le 24.—World Health Organization le Joint United Nations Programme on HIV/AIDS.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
O ka Bona Jang Motho yo o Nang le Mogare Ono?
O ka se kgone go lemoga motho yo o nang le mogare ono ka gore o mo lebe fela. Le fa gone batho ba ba se nang matshwao ape ba ba nang le mogare wa HIV ba ka bonala ba itekanetse sentle, ba ka fetisetsa baerase eno kwa bathong ba bangwe. A o ka dumela fela fa motho a go bolelela gore ga a na mogare ono? Nnyaa. Batho ba bantsi ba ba nang le mogare wa HIV le bone ka bobone ga ba itse gore ba na le one. Ba ba itseng gore ba na le one ba ka nna ba loba kana ba aka ka gone. Patlisiso e e dirilweng kwa United States e bontshitse gore batho ba le 4 go ba le 10 ba ba nang le mogare wa HIV ba reteletswe ke go itsise balekane ba ba tlhakanelang dikobo le bone kaga boemo jwa bone.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Kafa HIV le AIDS di Amanang ka Gone
HIV e emetse “human immunodeficiency virus,” baerase e ka iketlo e bolayang dikarolo tsa mmele tse di lwantshang malwetse. AIDS e emetse “acquired immunodeficiency syndrome.” Ke kgato ya bofelo, e e bolayang ya mogare wa HIV. Leina leno le tlhalosa kafa HIV e setseng e sentse disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse ka teng, mo go dirang gore molwetse a tlhaselwe motlhofo ke megare e disele tsa mmele tse di thusang go lwantsha malwetse di tshwanetseng tsa bo di kgona go e lwantsha.
[Motswedi wa Setshwantsho]
CDC, Atlanta, Ga.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go dira diteko tsa gore a motho o na le mogare wa HIV pele ga o akanyetsa lenyalo e ka nna selo se se botlhale