Ke ka Tila Jang go Tsenwa ke AIDS?
KAYE a re, “Ke a itenegela go bo ke lesitse gore selo seno se diragale. Dilo tse ke di tlhophileng di nthontshitse dilo tse ke neng ke tla di tlhopha mo isagweng.” (Makasine wa Newsweek, August 3, 1992) Kaye o ne a tsenwa ke AIDS a na le dingwaga di le 18.
Kaye ke mongwe wa batho ba ba fetang milione kwa United States ba ba tsenweng ke HIV (Human Immunodeficiency Virus) e e diphatsa thata—mogare o dingaka di reng o baka bolwetsi jo bo maswe jwa AIDS.a Ga go na ope yo o tlhomamisang gore ke basha ba le kae ba ba nang le mogare oo, mme kwa ntle ga pelaelo basha ba a tlhobaela. Tshekatsheko e bontshitse gore mo basheng ba kwa Borithane, AIDS ke yone e ba tsenyang tsebetsebe thata. Go sa kgathalesege tlhobaelo eo, U.S. Centers for Disease Control ya re: “Basha ba le bantsi ba santse ba bega fa ba dira ditiro tse di ka nnang tsa dira gore ba tsenwe ke HIV.”
Ka metlha AIDS e a bolaya, mme ebile e anama mo lefatsheng ka lobelo lo lo tshosang. O ka itshireletsa jang?
Boammaaruri ka AIDS
Bukana e e kwadilweng ke ba U.S. Centers for Disease Control e tlhalosa jaana: “HIV ga e tsene motho ‘felafela.’ Ga e ka ke ya go ‘tsena’ jaaka o ka tsenwa ke foluu.” Ka jalo, go dirisana ga ka tlwaelo le batho ba ba nang le AIDS ga go lebege go le kotsi. Ga o a tshwanela go tshwenyega ka gore o ka nna wa tsenwa ke AIDS fela ka go bo o bapile le molekane wa gago mo tlelaseng yo o nang le yone. E re ka HIV e se mogare o o ka tsewang mo phefong, ga o a tshwanela go tlhobaela fa motho yo o nang le AIDS a gotlhola kana a ethimola. Tota ebile, maloko a malapa a batho ba ba nang le AIDS ba ile ba amogana le bone ditaole, dijana, tota le maratšhe a meno mme ba se ka ba tsenwa ke mogare.b
Seno se dirwa ke gore mogare oo o o diphatsa o nna mo mading a motho, mo peong ya monna, kana mo dieding tsa mosele wa mosadi. Ka jalo he, mo makgetlhong a le mantsi, AIDS e tshelanwa ka go tlhakanela dikobo—ga bosodoma kana ga monna le mosadi.c Ba bangwe ba le bantsi ba ba e lwalang e ne ya ba tsena ka go amogana dimao kana dirintšhe, le motho yo o nang le HIV, gantsi fa ba dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong.d Mme gape le mororo dingaka di re kotsi ke monka “e ntshitsweng yotlhe” ka go tlhatlhoba madi fela thata, AIDS e santse e ka tsena motho ka tshelo ya madi.
Ka jalo mongwe le mongwe yo o tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo kana yo o dirisang diokobatsi tse di tsenngwang ka lomao tse di seng kafa molaong o mo kotsing e kgolo ya go tsenwa ke AIDS. Go boammaaruri gone gore, motho yo o ka nnang wa tlhakanela le ene dikobo o ka nna a lebega a sa lwale. Mme bukana e go tweng Voluntary HIV Counseling and Testing: Facts, Issues, and Answers e gakolola jaana: “Ga o kake wa itse ka go leba motho fela gore a o na le HIV kana nnyaa. Motho o ka nna a lebega a bo a ikutlwa a sena bokoa bope mme gone a ntse a na le yone. Ka lebaka leno, bontsi jwa batho ba ba nang le HIV ga ba itse gore ba na le yone.”
“Tlhakanelodikobo e e Seng Kotsi”?
Ka lebaka leo bontsi jwa badiredi le batlhatlheledi ba thuto ba kgothaletsa gore go dirisiwe dikhontomo.e Ipapatso ya thelebishene, diboto tsa ipapatso, le dithuto tsa kwa sekolong di ile tsa anamisa molaetsa wa gore go dirisa dithibelapelegi tseno go dira gore tlhakanelodikobo “e se nne kotsi”—kana bogolo “e se nne kotsi thata.” Dikolo dingwe di bile tsa abela bana ba sekolo dikhontomo. Ka ntlha ya kitsiso e e kalokalo, basha ba le bantsi thata ba a di dirisa.
Lefa fa go ka tswa go ntse jalo, tota “tlhakanelodikobo e e seng kotsi” ga e kotsi go le kana kang? Boroutšhara jwa American Red Cross jwa re: “Dikhontomo di ka dira gore sebaka sa gore o tsenwe ke bolwetsi se fokotsege.” A mme o ne o ka ikutlwa o babalesegile fela ka go bo o ‘fokoditse sebaka’ sa go ka tsenwa ke bolwetsi jo eleng gore ka metlha bo a bolaya? U.S. Centers for Disease Control e dumelana jaana: “Dikhontomo tsa rekere di itshupile fa di thusa go thibela go tsenwa ke HIV le malwetsi a mangwe a tlhakanelodikobo . . . Mme lefa go ntse jalo ga go ka ke ga twe ga di na mathata gotlhelele.” Eleruri, di kgona go thubega, kana go somoga ka nako ya tlhakanelodikobo. Go ya ka Time, dikhontomo “di kgona go palelwa ka makgetlho a a fa gare ga 10% le 15%”! A o ka baya botshelo jwa gago mo kotsing ka selo se se sa tlhomamisegeng jalo? Mme go etegetsa dilo pele, ke palo e e kwa tlase ga sephatlo ya basha ba ba tlhakanelang dikobo kwa United States ba ba dirisang dikhontomo.
Ka lebaka leo kgakololo e e mo go Diane 22:3 ruri e a utlwala: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla, me ba utlwe botlhoko ka gōna.” Tsela e nngwe e e molemo thata ya go tila go tsenwa ke AIDS ke gore le ka motlha o se ka wa dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le gore o se ka wa itshwara ka tsela e e sa siamang ya tlhakanelodikobo. A seno ke puo ya molomo fela? Bontsi bo ikutlwa jalo, bogolo jang ka ntlha ya kgatelelo e kgolo e basha ba leng mo go yone.
Dikgatelelo
Ka nako ya ‘go thunya ga bosha,’ dikeletso tsa tlhakanelodikobo di a bo di nonofile thata. (1 Bakorintha 7:36) O bo jaanong o tlhakanya seo le tlhotlheletso ya thelebishene le dibaesekopo. Go ya ka dipatlisiso tse dingwe, basha ba dingwaga tsa bolesome ba tsaya diura tse di fetang botlhano ba lebeletse thelebishene letsatsi le letsatsi—e gantsi e bontshang thata tlhakanelodikobo. Mme mo lefatsheng la ditoro la thelebishene, tlhakanelodikobo ke selo fela se se motlhofo. Tshekatsheko nngwe e bontshitse gore mo thelebisheneng ya U.S. “banna le basadi ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo ka makgetlho a a fa gare ga bonè le borobabobedi go gaisa banna le basadi ba ba nyalaneng. Ga go ke go umakiwa kana le gone go dirisa dithibelapelegi, mme ga se gantsi basadi ba ima; ga se gantsi banna le basadi ba tsenwa ke malwetsi a tlhakanelodikobo fa e se fela fa e le diaka kana basodoma.”—Center for Population Options.
A go lebelela thata dithulaganyo tse di ntseng jalo go ka se ka ga ama boitshwaro jwa gago? Go ka bo ama, go ya ka molaomotheo wa Bibela o o mo go Bagalatia 6:7, 8: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe; gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.” Tshekatsheko nngwe ya basha ba le 400 e ne ya lemotsha gore “ba ba lebelelang thelebishene ‘e e bontshang tlhakanelodikobo’ thata ba ka nna ba tlhakanela dikobo thata go gaisa ba ba sa e lebeleleng.”
Tlhotlheletso e nngwe e e nonofileng ke kgatelelo ya balekane. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang David o ne a ipolela jaana, “Ke ne ke batla batho ba re neng re ka tshwanelana, mme seo se thata. Ke ne ka itsenya mo maemong a a neng a le kotsi fela thata gantsi. . . . Tlhatlhobo e ne ya bontsha fa ke na le AIDS.” Ka tsela e e tshwanang, basha mo nakong ya Bibela le bone gantsi ba ne ba le kafa tlase ga kgatelelo ya balekane. Bibela e gakolola jang? Mokwadi wa Diane o ne a re, “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla.”—Diane 1:10.
Go Re Nnyaa
Babueledi ba “tlhakanelodikobo e e seng kotsi” ba re, go sa tlhakanele dikobo gone ga go yo. A mme tota gone, a go a thusa go mpampetsa boitsholo jo bo sa siamang? Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o dumelana gore seno ke go tlhakanya basha tlhogo fela, a bolela jaana: “Ba re bolelela gore re gane tlhakanelodikobo le gore go siame go nna o le phepa. Kafa ba aba [dikhontomo] ba bo ba re bolelela kafa re ka tlhakanelang dikobo ka teng kwantle ga go tsena mo mathateng.”
O se ka wa itsenya mo mathateng ka tlhakatlhakano eo ya maitsholo. Bibela—lefa e ka tswa e lebega e siilwe ke nako jang—e go kgothaletsa gore o tile boitshwaro jo bo ka nnang jwa go tsenya mo kotsing ya gore o tsenwe ke AIDS. Fa o ka reetsa taelo ya Bibela ya gore o ‘ikehe mo mading,’ ga o kake wa tsenwa ke AIDS ka tshelo ya madi. (Ditihō 15:29) Reetsa thibelo ya Bibela kgatlhanong le “tiriso ya diokobatsi” mme ga go kitla go tlhokega gore o boife gore o tla tshelwa bolwetsi ke lomao la mokento. (Bagalatia 5:20; Tshenolō 21:8; The Kingdom Interlinear) Mme o tla sirelediwa segolobogolo ke molao wa Bibela wa boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo. Bibela e laela jaana, “Tshabañ boaka. Boleo yotlhe yo motho o bo dihañ bo kwa ntlè ga mmele; me eo o dihañ boaka o leohèla mmele oa gagwè.” (1 Bakorintha 6:18) Masetlapelo a AIDS a gatelela boammaaruri jwa mafoko ao.
Mosha o ka “tshaba” boitsholo jo bo sa siamang jang? Mo dingwageng tse di fetileng ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . .” di ile tsa ntsha dikgakololo tse di utlwalang, jaaka go ntshana le na le ba bangwe, go tila maemo a a raelang (jaaka go nna le le nosi le motho wa bong bo sele mo kamoreng kana mo ntlong kana mo koloing e e emeng), go tlhoma melelwane ya bokgakala jwa kafa lo tla bontshanang lorato ka teng, go tila go dirisa bojalwa (jo gantsi bo koafatsang go kgona go akanya sentle), le go gana ka tlhamalalo fa e le gore seemo se gotela thata.f Go sa kgathalesege gore eng ke eng, o se ka wa letlelela ope go go patelela go itshwara ka tsela e e leng gore ga e kitla e go gobatsa mmele fela mme gape le go go gobatsa semoyeng. (Diane 5:9-14) Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Amy yo o neng a nopolwa mo setlhogong sa Newsweek o ne a botsa jaana, “A o batla go neela mongwe botshelo jwa gago gore e nne ene a go bo tlhokomelelang?” O ne a tshelwa ke lekau la gagwe HIV pele ga a aloga mo sekolong se segolwane. O botsa jaana a sa bonye: “A mosimane yoo kana mosetsana yoo o botlhokwa thata mo o ka mo swelang? Ga ke bone.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . AIDS—A ke mo Kotsing?” se se fa pele ga se.
b Mongwe yo o kileng ya bo e le ene ngaka e e di okamelang kwa United States ebong Ngaka C. Everett Koop o ne a araba ba ba belaelang jaana: “Balwetsi ba ntlha ba AIDS ba ne ba begwa mo lefatsheng leno ka 1981. Re ka bo re setse re itse gore a AIDS e ka tshelanwa ka go kgomana ga malatsi otlhe, mo e seng ga tlhakanelodikobo.”
c Eno e akaretsa tlhakanelodikobo ya molomo kana marago.
d U.S. Centers for Disease Control e tswelela e tlhagisa jaana: “Fa o batla go phunngwa ditsebe . . . , tlhomamisa gore o ya kwa mothong yo o nang le kitso ebile a dirisa didirisiwa tse disha kana tse di bolailweng megare. O se ka wa tshaba go botsa dipotso.”
e Makasine wa FDA Consumer o tlhalosa jaana: “Khontomo ke kgetsanyana e e apesang mapele a monna. E sireletsa kgatlhanong le malwetsi a STD [malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo] ka go aga lobota, go thibela peo ya monna, madi, le diedi tsa mosele wa mosadi go tswa mo mothong yo mongwe go ya kwa go yo mongwe.”
f Ka sekai, bona ditlhogo tsa “Young People Ask . . .” mo tokololong ya Awake! ya April 22, 1986; le ya April 22, 1989; le “Basha ba Botsa Jaana . . .” mo tokololong ya Tsogang! ya May 8, 1992.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go ineela mo go gatelelweng go tlhakanela dikobo go ka go tsenya AIDS