AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
KGOGODI eno ya AIDS e gagautlha batho ba dingwaga tsotlhe. Dipego lefatshe ka bophara di neela bosupi jo bo setlang pelo jwa gore “AIDS E A Anama mo Basheng, Kgogodi E E Sa Tlwaelegang E E Tshosang Bomankge,” jaaka fa go itsisitswe mo setlhogong sa The New York Times sa kgang e e buang ka AIDS. Tsela eo AIDS e anamang ka yone mo basheng “e tlile go nna bothata jo bongwe jo bogolo,” Dr. Gary R. Strokash ebong mokaedi wa kalafi ya malwetse a basha wa setheo sengwe sa kalafi se se itsegeng thata sa Chicago o ne a bolela jalo. “E a boifisa ebile e tlile go baka tshenyo e e seng kana ka sepe,” o ne a bolela jalo. “Ga go na pelaelo epe gore,” Dr. Charles Wibbelsman ebong moeteledipele wa tliliniki ya basha kwa Kaiser Permanente Medical Center kwa San Francisco o ne a bua jalo a hutsafetse, “fa go sa tlhabiwe dimao, Kgogodi eno ya AIDS ya dingwaga tsa bo 1990 e tlile go tshwara . . . basha.” Fa a ne a bua ka basha ba ba tshwaeditsweng ke AIDS, morutisi mongwe yo o itsegeng thata wa AIDS wa New York City o ne a akgela ka tsela e e latelang: “Re akanya gore ke boemo jo bo tlhokang go tlhokomelwa ka mo go potlakileng.”
The Toronto Star ya Canada, e ne ya itsise phatlalatsa ka isagwe e e kotsi jaaka fa AIDS e ntse e anama mo basheng. “Mo nakong eno e, e befile maswe go feta ka fa mongwe a ka lemogang ka gone,” ngaka nngwe e ne ya bolela jalo. “Ke akanya gore ke bothata jo bo boitshegang tota joo re ka se keng ra bo kgona. Re tlile go batlisisa gore bo maswe go le go kana kang kwa bofelong.” Bakaedi ba pholo le baeteledipele ba dipuso go ralala lefatshe ba simolola go dumalana le mafoko a makhutshwanyane a ngaka eno jaaka fa sebetso seno sa AIDS se ntse se anama go ya pele.
Go tla go fitlha bosheng jaana, bomankge mo go tsa AIDS ga ba a ka ba tlhokomela gore basha ba mo kotsing e kgolo ya go tshwaediwa ke HIV (human immunodeficiency virus), eo e bakang AIDS. “Re bua kaga sengwe seo ngogola fela jaana go neng go fopholediwa fela gore se ne se ka nna sa nna gone,” go ne ga bolela jalo ngaka nngwe ya New York City. Lefa go ntse jalo, “dingaka tseo ngogola fela jaana di neng di sena molwetsi le a le mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o tshwaetsegileng di na le ba le somepedi kana go feta jaanong,” The New York Times e ne ya bega jalo.
Babatlisisi ba akanya gore lemororo tshedimosetso e e leng gone ka basha ba ba tshwaeditsweng ke megare ya AIDS e tshosa, ke dintlha di sekaenyana fela tseo di supang gore bosupi jo bogolo jo bo oketsegileng bo gone mme lefa go ntse jalo ga bo ise bo senoge, ereka ditshupo tsa bolwetse jono gantsi di nna fela di sa tlhagelele go fitlha ka palogare ya dingwaga tsa go tloga go di le supa go ya go di le some morago ga go tshwaediwa. Ka gone bao ba tshwaeditsweng ke HIV ba santse ba simolola dingwaga tsa bone tsa bolesome ba ka nna ba se ka ba nna le ditshupo tsa bolwetse jwa AIDS tseo di setseng di bonala sentle go fitlhelela fa ba tla tloga ba fetsa dingwaga tsa bone tsa bolesome kana ba simolola dingwaga tsa bo 20.
Ka sekai, go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng jaana ya masea otlhe a a belegweng kwa New York State fa e sale ka 1987, Lefapha la Pholo la New York State le ile la fitlhela gore lesea le le 1 mo go a le 1 000 a a belegweng ke basha ba dingwaga di le 15 a ne a na le ditwantshi tsa megare ya AIDS, tse di supang gore mmaagwe ngwana o ne a tshwaetsegile. Se se tshosang ke gore, yone patlisiso eno e ne ya bontsha gore lesea le le 1 mo go a le 100 a a tsetsweng ke ba ba dingwaga di le 19 a ne a na le ditwantshi tsa megare ya AIDS. Patlisiso e e oketsegileng e e dirilweng ke CDC (U.S. Centers for Disease Control) e ne ya bontsha gore 20 lekgolong ya batho ba senna ba Maamerika le 25 lekgolong ya batho ba sesadi ba Maamerika bao ba supilweng jaaka bao ba nang le AIDS ba mo dingwageng tsa bone tsa bo 20. Patlisiso eno ya CDC e bega gore mo go ba le bantsi ba balwetsi bano, bolwetsi jono bo ne jwa fedisediwa mo go bone ba sa ntse ba le basha.
Lefa go ntse jalo, go tla jang gore fa masea a tsalwa a na le megare eno ya AIDS, ka sewelo a kgone, fa e le gore go a diragala, go tshela go fitlhelela e nna basha? Mabaka a seno a a sita!
The New York Times e ne ya bega gore babatlisisi le dingaka ba bofefo go supa gore basha ba gompieno ba “lemaletse tlhakanelodikobo bobe, jaaka fa selekanyo sa malwetsi a a fetisiwang ka tlhakanelodikobo mo gare ga bone se supa.” Lekgotla la Center for Population Options le bega gore ngwaga mongwe le mongwe mosha a le 1 mo go ba le 6 o fetelwa ke bolwetsi jo bo fetisiwang ka tlhakanelodikobo le gore a le 1 mo basetsaneng bangwe le bangwe ba ba 6 ba sekolo se segolo bao ba lemaletseng tlhakanelodikobo o ile a nna le bobotlana batho ba le bane ba ba farologaneng bao a tlhakanetseng dikobo le bone.
“Go sa kgathalesege dikgakololo tse di maatla tseo a di newang tsa gore ‘a gane,’ mosha yo o tlwaelegileng fela wa Moamerika o senyegelwa ke bokgarebe a le dingwaga di le 16,” go ne ga bega jalo U.S.News & World Report. “Ereka e le basha ba le mmalwa fela ba ba tlhatlhobiwang, bontsi jwa bao ba tshwaetsegileng ga ba itse gore ba na le megare ya HIV,” makasine ono o ne wa bolela jalo. Ba dira bopepe ba bo kopantse le go dirisa crack cocaine kana nnyaa, e kane ba tshabile mo gae kana nnyaa, “basha ba Maamerika ba mo kotsing e kgolo ya go tsenwa ke AIDS,” mankge mongwe mo go tsa AIDS o ne a kwala jalo. “Ba setse jaanong ba na le dimilione di le 2,5 ngwaga le ngwaga tsa balwetsi bao ba tshwerweng ke bolwetsi jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo.” Dr. Gary Noble wa CDC o ne a akgela jaana: “Re a itse gore mokgwa wa bone wa go tlhakanela dikobo o felela ka kotsi e e boitshegang ya go tshwaetsega.”
Mo godimo ga palo eo jaanong e ntse e gaketse e gola ya mesele eo megare ya AIDS e fetisiwang ka yone go na le basha bao ba tlhalefetseng mo mebileng le go golela mo go yone, bangwe ga ba ise ba bo ba fitlhe mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, ba bantsi ke bao ba tshabileng kwa gae ka ntlha ya go sotlwa ke batsadi. Go ile ga nna le palo e e golang ka mo go boitshegang mo go bone ya bao ba simolotseng go dirisa crack cocaine. Ba le bantsi ba bone ba simolotse go rekisa mebele ya bone fela gore ba tle ba kgone go duelela mokgwa ono wa bone kana gore ba nne le seo ba ka se aparang kana ba nne le moo ba ka robalang gone. Kwa Amerika Borwa, ka sekai, “gantsi basetsanyana ba dingwaga di le robongwe kana di le 10 ba bereka tiro ya go rekisa mebele ya bone, ka dinako tse dingwe e le fela gore ba tsholelwe mogotswana wa dijo,” go ne ga bolela jalo mogakolodi wa bana wa kwa Brazil. “Ba le bantsi ga ba itse go le kalo ka AIDS kana ka tlhakanelodikobo. Go na le basetsana bangwe ba ba imileng bao ba ileng ba tla kwa go nna mme ba ithaya ba re ‘go ima go ba tsene fela,’ jaaka mofikela,” o ne a bolela jalo.
Dr. Philip Pizzo ebong mankge mo go tsa AIDS le moeteledipele wa lekala la kalafi le le leng malebana le malwetse a bana kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Kankere, o ne a bolela gore selekanyo seo basha bao ba tshabileng kwa gae ba tshwaeditsweng ke HIV ka sone se supa go sa le gale gore ba tlile go tshwarwa ke kgogodi eno ya AIDS. “Go na le bao ba tshabileng mo gae ba ba fetang milione o le mongwe bao ba itshedisang ka go tlhakanela dikobo. Kwantle ga pelaelo, ba le mmalwa ba bone ba tla boa gape ba fetoga karolo ya setšhaba.”
A go a gakgamatsa go bo kgogodi eno ya AIDS e anama ka lobelo lo lo sa tlwaelegang jaana mo basheng lefatshe ka bophara? A e tla nna e ntse e tswelela go anama? E tla nna e ntse e anama fa fela bao ba tshwaeditsweng ke megare eno ya AIDS le bao ba sa ganeng go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba ntse ba bontsha go sa kgathale le go sa re sepe ka kotsi ya AIDS. Ka sekai, a o ke o akanye ka pego eno e e tswang go The Sunday Star ya Johannesburg, mo Afrika Borwa. Bosheng jaana fa go ne go tlhatlhobiwa balwetsi bao ba neng ba bokane mmogo ba le 1 142 bao ba nang le bolwetse jo bo tshelanwang ka go tlhakanela dikobo, 70 lekgolong e ne ya ipolela fa e tlhakanela dikobo le batho ba ba tlogang go ba le 3 go fitlha go ba le 80 ka kgwedi. Bangwe ba ne ba santse ba lemaletse tlhakanelodikobo mme ebile ba tshwaetsa ba bangwe.
Ka maswabi, basha ba le bantsi ga ba tshwenyege go le kalo ka ga go tsenwa ke AIDS. Seo ba tshwenyegang ka sone letsatsi le letsatsi ke go lwela gore ba tswelele ba ntse ba tshela—ka gonne go na le ditsela di le dintsi tseo ka tsone ba ka swelang mo mebileng—mo e leng gore ga ba tlhome megopolo ya bone mo go sengwe seo se ka nnang sa ba bolaya dingwaga go tloga jaanong. Ba ikutlwa gore, ruri kalafi ya go ba boloka e tla nama e bonwe. Mankge mongwe mo go tsa AIDS o ne a bolela gore, “Basha ke sekai se segolo sa setlhopha seo se sa rulaganyetsang dingwaga di le 10 tse di kwa pele.”
Mo go ba le bantsi gape go na le ba ba tsietsegang ka go akanya gore batho bao ba tlhakanelang dikobo le bone ga ba bue maaka fa ba bolela gore bone ga ba na megare ya AIDS. Gantsi seno ga se a nna jalo. Le eleng fa bolwetse jono bo setse bo godile, batho bao bo ba tshwereng ba bo fetisetsa mo go ba bangwe ka boomo fela ka ntlha ya go galefa kana fa ba ipusolosetsa.
Bao ba sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke bao ba tshwaeditsweng ke megare eno ka go dirisa dinnale tse di kgotlhetsweng gore ba entele diokobatsi mo ditshikeng tsa bone—eleng mosele oo o setseng o komeditse matshelo. Mme, kwa bofelong, ka metlha go na le kotsi eo e ka nnang ya diragala ya gore AIDS e fetisediwe mo go ba bangwe ka ditshelo tsa madi. Batho ba le bantsi ba ba senang molato ba setse ba ntse ba bolailwe ke bolwetse jono, ebile ba bangwe ba santse ba tlile go bolawa ke madi a a kgotlhetsweng ke HIV. Dingaka di le dintsi le baoki ba tshaba go itlhaba ka dinnale tse di kgotlhetsweng ka megare ya AIDS, eo e ka fetolang matshelo a bone gotlhelele. A go a gakgamatsa go bo go twe AIDS ke bothata jo bogolo jwa dingwaga tsa bo 90 le go di pota ka kwa?