LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 8/8 ts. 25-26
  • AIDS—Seo Batsadi le Bana Ba Tshwanetseng go Se Itse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • AIDS—Seo Batsadi le Bana Ba Tshwanetseng go Se Itse
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo O Tshwanetseng go Se Itse
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • AIDS—Bothata Jo Bogolo jwa Basha
    Tsogang!—1991
  • AIDS—A ke mo Kotsing?
    Tsogang!—1993
  • Kafa Dingaka di Lepalepanang le AIDS Ka Gone
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 8/8 ts. 25-26

AIDS—Seo Batsadi le Bana Ba Tshwanetseng go Se Itse

KA MASWABI gantsi mathata a basha ba le bantsi ba ba lwalang bao ba nang le AIDS, a okediwa ke go akanya ka tsela e e sa bontsheng tekatekano ga bagolo bao ba sa itseng sepe se se kalo kaga AIDS. Ka makgetlo a le mantsi batsadi ba ile ba tlhotlheletsa bana bao e leng ba bone gore ba se ka ba nna le maikutlo a a siameng ka bao ba nang le bolwetsi jono. Le eleng morago ga fa dingaka di sena go bolela gore ga go na kotsi epe, bagokgo le balaodi ba dikolo ba ile ba gana go amogela barutwana mo sekolong bao ba tshwaeditsweng ke megare ya AIDS. Ka gone batsadi ba le bantsi ga ba batle go dira gore go itsiwe gore bana ba bone ba tshwaeditswe ke HIV. Ba na le lebaka le le utlwalang ka dinako tse dingwe, la go boifa gore bana ba bone ba tla idiwa go tlhakana le ba bangwe, ba tla kgalwa, kana ba tla dirwa tse di maswe go feta tseo.

Ka sekai, mmè mongwe yo morwadie a tshwaeditsweng ke AIDS o ne a boifa tota go tsena mo mathateng le baagelani ba gagwe mo e leng gore o ile a kganela ngwana wa gagwe gore a se ka a ya go tshameka le bana ba bone. “Motho ga o batle gore batho ba o agisaneng le bone ba itse gore ngwana wa gago o na le AIDS, ka gonne batho ba dira dilo tse di sa tlwaelegang eletota.” Go ya ka dipego, seno ga se go feteletsa dilo. Batsadi ba ile ba tlhokomologiwa ke ditsala tsa bone tse dikgolo le ke baagelani. Ditsala di ile tsa lebela go sele mo mebileng go na le gore ba ba tsee tsia kana gore ba ba dumedise. Leina le le maswe leno la AIDS le na le tlhotlheletso e e maswemaswe mo e leng gore fa lelapa la ngwana yo o bogisiwang ke AIDS le ne le tsena mo teng ga diresetšhurente, bareki ba ne ba tswela kwa ntle, ba ntse ba kgwa matlhapa. Borre ba ile ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone. Bangwe ba ile ba tshosediwa ka dibomo. Mo godimo ga moo matlo a ba bangwe a ile a jewa ka molelo.

Bana bao ba nang le AIDS ba ile ba nna ba sotlwa setlhogo ke balekane ba bone mo tlelaseng. Mongwe yo o ntseng jalo yo o tshwerweng ke AIDS, yo o neng a tsenwa ke bolwetsi jono ka go tshelwa madi, o ne a aga a patelediwa ke bao a tsenang sekolo nabo gore o dira bosodoma. Ba ne ba tle ba mo kgobe ka gore: “Re a itse gore totatota go tlile jang gore o tshwarwe ke AIDS.” Lelapa leno le ne la tlhokomologiwa ke batho bao ba tsenang kereke le bone. Makwalo a a bosula ao go neng go sa itsiwe bakwadi ba one a ne a goroga. Mekoa ya matlakala e ne ya latlhelwa mo tlhageng ya bone. Mongwe o bile a ba a thuntsha lerumo gore le sutlhe ka fensetere e e ka fa pele.

“Ke sephiri,” mmè mongwe wa ngwana yo o tshwaeditsweng ke AIDS o ne a bolela jalo, “ebile ke sone seo se dirang gore go nne bodutu jaana.” The New York Times e latlhela tlhware legonyana jaana: “Bontsi jwa bana ba Maamerika ba ba 1 736 ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 13 bao ba supilweng fa ba na le AIDS ba ile ba lomololwa ke bolwetsi jono jwa bone, ba ne ba patelesega go dira gore ditsala tsa bone tse dikgolo kana bao ba tsenang sekolo nabo bao ba neng ba ka nna ba ba tlhokomologa ba se ka ba itse gore ba a lwala.” Mme, kwa bofelong, The Toronto Star e ne ya akgela jaana: “Le eleng morago ga fa ngwana a sena go swa, malapa a le mantsi a boifa go bua boammaaruri, eleng seo se oketsang botlhoko le bodutu tse di nnang gone fa ngwana ope fela a sena go swa.”

Seo O Tshwanetseng go Se Itse

Go tshwanetse ga lemogiwa gore AIDS ga e tlotle batho. E ka tshwaetsa bahumi, bahumanegi, basha, masea, le batsofe. Kwa dinageng tse dingwe, basha ba na le kitsonyana e nnyane e e sa reng sepe ka AIDS. Batho ba le bantsi “ga ba na le fa e le lesedinyana la gore kotsi ya AIDS e kgolo go le go kana kang mo basheng,” go ne ga bolela jalo mankge mongwe mo go tsa AIDS wa kwa New York City.

Ka sekai, patlisiso nngwe eo e neng e dirwa mo basheng kwa motseng o mogolo wa Amerika e ne ya bontsha gore 30 lekgolong ya bao ba ileng ba tlhatlhobiwa e ne e dumela gore AIDS e ka kgona go fodisiwa fa e alafiwa e sa ntse e simolola. Ga go na kalafi epe ya AIDS eo e setseng e bonwe ga jaanong. Nngwetharong e ne e sa itse gore motho ga a kake a tsenwa ke AIDS fela ka go kgoma mongwe yo nang le bolwetse jono kana ka go dirisa kama ya gagwe. Fa go ne go tswelelwa pele ka go tlhatlhoba basha ba le 860, ba dingwaga di le 16 go fitlha go di le 19, kwa karolong e nngwe ya United States go ne ga fitlhelwa gore 22 lekgolong e ne e sa itse gore megare ya AIDS e ka fetisediwa mo go ba bangwe ka peo ya monna le gore 29 lekgolong e ne e sa lemoge gore e ka fetisediwa mo go ba bangwe ka seedi se se tswetswenang se se mo moseleng o o tswelang kwa ntle go tswa mo popelong.

Mo lobakeng lotlhe lwa fa go tshwaetsega go ise go iponatse le ka nako ya fa tota AIDS e setse e tlhagile batho ba ba lwalang bano ba kgona go tshwaetsa ba bangwe ka yone ebile ba ka fetisetsa megare eno ya AIDS mo go ba bangwe. Lefa go ntse jalo, e ka se fetisediwe mo go ba bangwe ka go dumedisana ka diatla nabo kana ka go kampa motho yo o tshwerweng ke AIDS, ereka megare ya teng e swa ka bonakonyana fela fa e nna ka kwa ntle ga mmele. Ka mo go tshwanang, megare ya teng ga e kgone go tshela fa e le mo godimo ga setilo sa ntlwana ya boithomelo, eleng selo seo bangwe ba se boifang. A bagokgo le balaodi ba dikolo ba ne ba boifa gore barutwana ba ba senang AIDS ba ne ba ka tsenwa ke bolwetse jono ka go nwa metsi go tswa mo motsweding o o sa tswa go dirisiwa ke motho yo o tshwerweng ke AIDS? Bomankge ba bolela gore go nna le poifo eno ga go utlwale ereka go ne go se gope ka fa megare eno e neng e ka tsena ka gone mo teng ga madi a motho yo o sa tshwaetsegang.

Gantsi dingaka di bodiwa kaga kotsi ya go phunngwa ga ditsebe, ereka go dirisiwa dinnale. Bomankge ba dumela gore fa sedirisiwa se se kgotlhelesegileng se dirisiwa, seno e ka nna tsela ya go tsenwa ke megare eno ya AIDS. Mme go tweng ka go atla? “Fa o segilwe ke sengwe kana o na le seso mo dipounameng tsa gago kana mo teng ga molomo wa gago, mme mongwe yo o nang le AIDS kana yo o tshwaeditsweng ke HIV a go atla, e ka go tsena, mme lefa go ntse jalo gantsi ga go diragale,” mankge mongwe o ne a bolela jalo. Lefa go ntse jalo, seno se ka diragala.

Tsela e le nngwe fela eo ka yone o ka itseng fa e le gore o tshwaetsegile, le eleng morago ga fa ditshupo dingwe tse di belaesegang tsa bolwetse jono di ka tlhagelela, ke ka go tlhatlhobiwa ka botlalo ke ngaka le ka go tlhatlhobiwa ga madi a gago.

Mme, sa bofelo, fa e le gore o ngwana, bolelela batsadi ba gago boammaaruri. Ka nako ya fa ba bangwe botlhe ba go tlhokomologa, bone ba tla nna gaufi nao le go go gomotsa le go go thusa ka moo go tla tlhokafalang ka gone. Nna botlhale mme o gane diokobatsi le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Go dira jalo go ka boloka botshelo jwa gago. Basha ba le bantsi bao ba tsenweng ke megare ya AIDS ka go tlhakanela dikobo kana ka dinnale tse di kgotlhelesegileng ba ne ba bolela gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke ditsala tse di bosula. Ka mo go tlhomamisegileng, mafoko a ga moaposetoloi Paulo a na le bokao jo bo boteng mo go bone jaanong. “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè”—ebile, ka dinako tse dingwe, go ka tsaya botshelo jwa gago.—1 Bakorintha 15:33.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela