Kafa Dingaka di Lepalepanang le AIDS Ka Gone
KOTSI ya gore madi a ka tshela motho AIDS e ile ya dira gore dingaka dingwe tse di arang di simolole go dirisa seo The New York Times e se bitsang “diaparo tse disha tsa phemelo tsa dingaka tse di arang tsa motlha wa AIDS.” Diaparo tseno tsa ngaka e e arang tsa phemelo di akaretsa “ditlhako tsa raba tse di emang mo mangoleng, khiba e telele e e sa tseneng metsi, dipara tse pedi tsa ditlelafo, dilo tseo di sireletsang mabogo tse di thibelang metsi le digalase tse di sireletsang matlho.” Mme mo mabakeng ao mo go one molwetsi o a bong a tswa madi thatathata, go bolela jalo Times, ba dirisa “tlhoro e e nang le sengwe se se thathelediwang mo sefatlhegong go se sireletsa.”
Se se tlhomologileng ke gore, go ya kwa bofelong jwa 1990, Federal Centers for Disease Control e ne ya bolela gore mo bathong ba ba 153 000 bao go begilweng gore ba tsenwe ke AIDS, ba le 637 ba bone e ne e le dingaka, ba le 42 e le dingaka tse di arang, ba le 156 e le dingaka tsa meno le baitseanape ba ba rotloetsang maemo ao a ka lereng botsogo jo bontle, mme ba le 1 199 e ne e le baoki.
AIDS e ne ya lemogiwa e le la ntlha ka 1981. Ka lobaka lo lo rileng batho bao e neng e le bone fela e ba tsenang segolobogolo e ne e le basodoma ba banna le batho bao ba tshwakgotsweng ke diokobatsi bao ba neng ba tsentswe megare ke dimao tse di leswe. Mme lefa go ntse jalo mo basading e ile ya anama ka bofefo. World Health, eleng makasine wa WHO (World Health Organization), o ne wa bega jaana mo tokololong ya one ya November-December 1990: “Palo ya basadi [mo lefatsheng lotlhe] bao go lebeletsweng gore ba tla tsenwa ke AIDS mo dingwageng tse pedi tse di tlang e tla bo e le kwa godimo ga palogotlhe ya dipalo tseo di neng di ntse di oketsega tsa batho botlhe bao WHO e ileng ya begelwa kaga bone fa ba tsenwe ke AIDS mo dingwageng tsa ntlha tse some tsa leroborobo leno.”
Kwa United States, Federal Centers for Disease Control e ne ya bega gore go ya kwa bofelong jwa 1990, go ne go na le batho ba le 15 696 bao ba neng ba na le dingwaga tse di kwa godimo ga 50 bao ba neng ba simolotse go nna le ditshupo tsa gore ba na le bolwetsi jwa AIDS. Eo ke palo e kgolo fa e bapisiwa le 2 686 fela ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 13 bao ba neng ba tsenwe ke AIDS, e le setlhopha sa balwetsi ba AIDS bao go ileng ga bolelwa phatlalatsa ka sone go gaisa tse dingwe.
Batho ba ba godileng bone ba tsenwa ke AIDS jang? Bontsi jwa bone e ba tsena ka ntlha ya ditiro tsa bosodoma. Lefa go ntse jalo, go ya ka The New York Times, “mo e ka nnang 17 lekgolong ya balwetsi ba tsenwa ke megare ka ntlha ya go tshelwa madi a a seng phepa.” Eo ke palo ya bagolo bao ba tsenweng ke AIDS ka ntlha ya go bo ba tshetswe madi eo e batlileng e lekana le palogotlhe ya bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga 13 bao ba nang le AIDS!