LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 8-9
  • Aids—Tsholofelo ke Efe ka Isagwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aids—Tsholofelo ke Efe ka Isagwe?
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgatelopele e e Dirilweng go Lwantsha AIDS
    Tsogang!—2004
  • Aids—Kafa O ka E Lwantshang ka Teng
    Tsogang!—1998
  • Kalafi ya AIDS e Tlhokega ka Potlako!
    Tsogang!—2004
  • AIDS e a Anama mo Afrika
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 8-9

Aids—Tsholofelo ke Efe ka Isagwe?

MO GODIMO ga gore go bo go se na diokobatsi tse di alafang kana tse di ka thibelang mogare wa HIV, go na le mabaka a mangwe a a dirang gore bolwetse jono bo se ka jwa kgona go thibelwa. Lengwe la one ke gore batho ba bantsi, ka go bo ba sa batle go fetola mokgwa wa bone wa botshelo, ba batla go itsenya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare ono. Ka sekai, kwa United States palo ya batho ba ba tshwaetswang ke mogare ono ga e fetoge, le mororo palo ya batho ba e setseng e godile go nna AIDS mo go bone e ntse e fokotsega. Lebaka le le akantshitsweng ke Associated Press ke gore “bontsi jwa batho ga bo tseye ditlhagiso tse di malebana le go bo thibela tsia.“

Kwa dinageng tse di tlhabologang tsa lefatshe, koo go begilweng gore go nna diperesente di le 93 tsa batho ba ba nang le mogare wa HIV, go na le mathata a mangwe mo go lwantsheng bolwetsejono. Bontsi jwa dinaga tseno di humanegile thata mo e Ieng gore ga di kgone go tlamela le e leng ka ditirelo tsa motheo tsa boitekanelo. Le e leng le fa diokobatsi tse disha di ne di le teng kwa dinageng tseo—mme bontsi jwa tsone ga di teng—tlhwatlhwa ya kalafi ka ngwaga e ne e tla ja madi a mantsi go feta a bontsi jwa batho bo a amogelang mo botshelong jotlhe jwa bone!

Le fa go ntse jalo, a re re gongwe go ne go bonwe seokobatsi se sesha, se se tlhwatlhwatlase se ruri se tla alafang bolwetse jono. A seokobatsi seno se ne se tla fitlhelela botlhe ba ba se tlhokang? Ga go bonale jalo. United Nations Children’s Fund e bolela gore ngwaga le ngwaga bana ba ka nna dimilione di le nnè ba swa ba bolawa ke malwetse a le matlhano a a ka kgonang go thibelwa ka meento e e tlhwatlhwatlase, e e leng teng.

Go tweng ka batho ba ba tshwaeditsweng ba ba nnang kwa dinageng tse ba sa boneng diokobatsi tsa go ba alafa gone? Ruth Mota wa International Health Programs kwa Santa Cruz kwa California, o thusitse go simolola thulaganyo ya go thibela HIV le go e tlhokomela kwa dinageng di le dintsi tse di tlhabologang. A re: “Go ya ka se ke se lemogileng, go nna le boikutlo

jo bo siameng go botlhokwa fela jaaka go kgona go bona kalafi go ntse. Ke itse ka batho ba ba neng ba tshela ka mogare wa HIV ka dingwaga di le 10 go ya go di le 15 mme ba ise ba ke ba dirise kalafi epe fela. Melemo e a thusa, mme go fola go akaretsa dilo tse dintsi go feta fela go tsenya dikhemikale mo mmeleng wa gago. Go akaretsa boikutlo jo o nang le jone, thuso ya batho ba o nang le bone, semoya le dijo tse o di jang.“

Go Tla Nna le Tharabololo

A go na le lebaka le le ka re dirang gore re dumele gore AIDS e tla ke e fenngwe letsatsi lengwe? Ee, le teng. Tsholofelo ya mmatota e bonwa mo mafokong a ba le bantsi ba a bitsang Thapelo ya Morena kana Rraarona. Mo thapelong eo, e e kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Mathaio, re kopa gore go rata ga Modimo go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. (Mathaio 6:9, 10) Ga se go rata ga Modimo gore batho ba itewe ke bolwetse ka bosakhutleng. Modimo o tla arabela thapelo eo. Ka go dira jalo, o tla fedisa e seng fela AIDS mme le malwetse a mangwe otlhe a a tlhasetseng batho. Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ʼKe a lwala.ʼ“—Isaia 33:24, NW.

Fa re sa ntse re letetse nako eo, selo se se botoka ke go bo thibela. Mo malwetseng a mantsi, dilo di pedi fela: O ka a thibela kana gongwe wa a alafa. Ka mogare wa HIV ga go a nna jalo. O ka thibelwa mme mo nakong eno, ga o kgone go alafiwa. Ke ka ntlha yang fa o baya botshelo jwa gago mo kotsing? Eleruri go thibela go botoka go feta go se alafege.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Go fola go akaretsa dilo tse dintsi go feta fela go tsenya dikhemikale mo mmeleng wa gago. Go akaretsa boikutlo jo o nang le jone, thuso ya batho ba o nang le bone, semoya le dijo tse o di jang.“—Ruth Mota

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

“Phuthego E ne E le Molemo Tota“

Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresetekaene jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.“ (Bagalatia 6:10) Mmaagwe Karen yo o umakilweng kwa setlhogong sa ntlha, o anela kafa phuthego ya lefelo la gaabo ya Basupi ba ga Jehofa e neng ya tsiboga ka teng fa e sena go itse gore Karen le Bill ba na le mogare wa HIV. A re: “Phuthego e ne e le molemo tota. Fa Bill a ne a tshwerwe ke nyumonia, Karen le ene o ne a Iwala mme o ne a sa kgone go tlhokomela monna wa gagwe le go tlhokomela bana. Bakaulengwe ba ne ba phepafatsa ntlo ya bone, ba baakanya koloi ya bone mme ba ba tlhatswetsa diaparo tsa bone. Ba ne ba ba thusa go tlhokomela dilo tsa semolao le go ba fudusetsa kwa legaeng le lengwe. Ba ne ba ba rekela dijo le go ba apeela. Ba ne ba ba tshegetsa tota mo maikutlong, mo semoyeng le mo dilong tse di bonalang,“

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go Ikanyega mo lenlanyo go ka thibela go nna le mogare wa HIV

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela