LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 12/8 ts. 18-20
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Nna Ke se Na Batsadi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Nna Ke se Na Batsadi?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga se Molato wa Gago
  • Go Diragalelwa ke Dilo Tse di Utlwisang Botlhoko
  • Go Bona Thuso
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Basha—Lo Ama Dipelo Tsa Batsadi ba Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 12/8 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Nna Ke se Na Batsadi?

“Botshelo bo ne bo le jang ke se na batsadi? Nka re bo ne bo utlwisa botlhoko ka mabaka a le mantsi. Go boima thata go gola o se na batsadi ba ba go kgatlhegelang le ba ba go ratang.”—Joaquín.

“Kgwetlho e kgolo go di feta tsotlhe e ke neng ke lebane le yone e ne e le ka malatsi a fa batsadi ba ne ba tshwanetse go tla mme ba saene karata ya pego ya sekolo. Ke ne ke utlwa botlhoko thata e bile ke jewa ke bodutu. Ka dinako tse dingwe ke sa ntse ke tle ke ikutlwe ka tsela eo.” —Abelina wa dingwaga tse 16.

KE BOMADIMABE jwa mo metlheng ya rona—gore dimilione tsa basha di gole di se na batsadi. Kwa Yuropa Botlhaba diketekete di nnile masiela ka lebaka la ntwa. Mo Afrika leroborobo la AIDS le baka masetlapelo a a tshwanang. Bana ba bangwe ba latlhilwe fela ke batsadi ba bone. Malapa a kgaogantswe ke ntwa kana masetlapelo a tlholego.

Maemo a a tshwanang le ano a ne a le teng le mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Ka sekai, pitlagano ya lesiela e umakiwa gangwe le gape mo Dikwalong. (Pesalema 94:6; Malaki 3:5) Dintwa le masetlapelo mangwe a ne a kgaoganya malapa ka nako eo. Ka gone Baebele e bua ka mosetsana mongwe yo o neng a kgaoganngwa le batsadi ba gagwe fa a ne a thopiwa ke setlhopha sa batlhasedi ba Baasiria.—2 Dikgosi 5:2.

Gongwe o mongwe wa basha ba ba dimilione ba le bone ba iphitlhelang ba se na batsadi. Fa go le jalo, o itse gore seemo seo se ngomola pelo go le kana kang. Ke ka ntlha yang fa seno se go diragaletse?

Ga se Molato wa Gago

A ka dinako tse dingwe o a tle o akanye gore Modimo o ka tswa a go otlhaya ka tsela nngwe? Kana gongwe o ikutlwa o galefetse batsadi ba gago thata go bo ba sule—jaaka e kete ba dirile ka boomo. Sa ntlha, tlhomamisega gore Modimo ga a go galefela. Le bone batsadi ba gago ga ba a go tlogela ka boomo. Loso ke masetlapelo a a welang batho ba ba sa itekanelang, mme ka dinako tse dingwe le tlela batsadi fa bana ba bone ba sa ntse ba le bannye. (Baroma 5:12; 6:23) Go bonala Jesu Keresete ka boene a ne a swelwa ke rraagwe yo a mo godisitseng, e bong Josefa.a Ruri e ne e se ka go bo Jesu a leofile ka tsela nngwe.

Gape, lemoga gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Thubakanyo, ntwa le bokebekwa di bolaile dimilione tsa batho di sa tlhaole mo lekgolong leno la dingwaga. Ba bangwe ba ile ba swa ka ntlha ya “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang,” tse di ka nnang tsa wela mongwe le mongwe. (Moreri 9:11, NW) Le fa gone go swelwa ke batsadi go le botlhoko thata, ga se molato wa gago. Go na le gore o nnele go ipega molato kana go hutsafala thata, gomodiwa ke tsholofetso ya Modimo ya tsogo ya baswi.b Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tswe.” (Johane 5:28, 29) Abelina, yo o umakilweng kwa tshimologong, o bolela jaana: “Ke thusitswe thata ke go rata Jehofa le tsholofelo ya tsogo ya baswi.”

Le fa go le jalo, go tweng fa batsadi ba gago ba sa ntse ba tshela mme ba go latlhile? Modimo o batla gore batsadi ba godise le go tlamela bana ba bone. (Baefeso 6:4; 1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, ka maswabi batsadi bangwe ba bontshitse ka tsela e e tshosang gore ga ba na “katamalano e e bothitho ya tlholego” mo baneng ba bone. (2 Timotheo 3:3) Ba bangwe ba ba latlhile ka gonne ba le mo lehumeng le legolo, ba tshwakgotswe ke diokobatsi, ba le kwa kgolegelong, kana ba tshwakgotswe ke bojalwa. Ke boammaaruri gore go na le batsadi ba ba latlhang bana ba bone ka ntlha ya bopelotshetlha fela. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go kgaogana le batsadi ke selo se se utlwisang botlhoko thata. Mme seno ga se bolele gore o molato ka tsela nngwe kana gore o tshwanetse go itlhorontsha ka go ipona molato. Tota, ke batsadi ba gago ba ba tshwanetseng go ikarabela kwa Modimong malebana le tsela e o neng o tshwerwe ka yone. (Baroma 14:12) Legale, ga go ope yo o ka bonwang molato fa e le gore batsadi ba gago ba ile ba patelesega go kgaogana le wena ka ntlha ya maemo a ba neng ba sa kgone go a laola, a a jaaka masetlapelo a tlholego kana bolwetse! Ka metlha go na le tsholofelo ya gore lo ka boa lwa kopana gape, le fa ka dinako tse dingwe tsholofelo eo e ka lebega e le nnye thata.—Bapisa Genesise 46:29-31.

Go Diragalelwa ke Dilo Tse di Utlwisang Botlhoko

Go sa le jalo, o ka nna wa lebana le mathata a mantsi a a masisi. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke lekgotla la United Nations Children’s Fund, e e bidiwang Children in War, e senola seno: “Bana ba ba setseng ba godile ke bone ba ba tlhagelwang ke mathata thata—ba ba . . . lebanang le mathata a magolo thata a botshelo, ga go ope yo o ba thusang gore ba gole sentle e bile ba a sotlwa. Fa ngwana a kgaogana le motsadi, seno e ka nna selo se se botlhoko thata go feta dilo tse di ka mo diragalelang.” Gongwe le wena o lwantshana le go tshwenyega thata mo maikutlong le go betwa ke pelo.

Gakologelwa Joaquín, yo o umakilweng pelenyana. Batsadi ba gagwe ba ne ba kgaogana mme morago ga moo ba mo latlha mmogo le bomogolowe. Ka nako eo o ne a na le ngwaga fela mme o ne a godisiwa ke bomogolowe ba basetsana. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke tle ke ipotse gore ke eng fa re se na batsadi jaaka ditsala tsa me di na le bone. Mme fa ke ne ke bona rre mongwe a tshameka le morwawe, ke ne ke eletsa e kete e ka bo e le rre.”

Go Bona Thuso

Le fa go le boima thata go gola o se na batsadi, seo ga se bolele gore o ka se atlege. Fa o thusiwa le go engwa nokeng, o ka se falole fela mme gape o tla gola sentle. Go ka nna ga nna thata go dumela seno, segolobogolo fa o sa ntse o lwantshana le kutlobotlhoko le bohutsana. Le fa go ntse jalo, itse gore maikutlo a a ntseng jalo a tlwaelegile e bile a ka se go tlhorontshe ka bosakhutleng. Mo go Moreri 7:2, 3, re bala jaana: “Go molemo go tsena mo ntlong ya khutsafalelo bogolo go go tsena mo ntlong ya ditlhapelo . . . Bohutsana bo molemo bogolo go ditshego; gonne pelo e itumedisiwa ke sefatlhogo se se tlhontseng.” Ee, ke selo sa tlholego e bile go ka nna molemo gore motho a lele le go utlwa botlhoko fa a tlhagetswe ke masetlapelo. Gape o ka fitlhela gore go molemo go buisana le tsala e e tlhaloganyang kana leloko le le godileng la phuthego le go bua ka botlhoko jo o bo utlwang.

Ke boammaaruri gore o ka nna wa utlwa o batla go nna o le mongwe fela. Mme Diane 18:1 e tlhagisa jaana: “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.” Go molemo gore o batle mongwe yo o pelonomi le yo o tlhaloganyang a go thuse. Diane 12:25 e bolela jaana: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.” O ka bona “lefoko le le molemo” leo fela fa o bolelela mongwe ka “boimelesego” jwa gago.

O ka bua le mang? Kopa thuso mo phuthegong ya Bokeresete. Jesu o solofetsa gore mo go yone o tla fitlhela ‘barwaraago le bokgaitsadio le bommaago’ ba ba tla go ratang le go amega ka wena. (Mareko 10:30) Joaquín o gakologelwa jaana: “Go kopana le bakaulengwe ba Bakeresete go ne ga dira gore ke lebe botshelo ka tsela e e farologaneng. Go nna gone ka metlha kwa dipokanong go ne ga dira gore ke rate Jehofa thata le go batla go mo direla. Bakaulengwe ba ba godileng ba ne ba neela lelapa la gaetsho thuso le kgakololo ya semoya. Gompieno, bangwe ba bonkgonne ke badiredi ba nako e e tletseng.”

Gape gakologelwa gore Jehofa ke “rramasiela.” (Pesalema 68:5, 6) Bogologolo mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, Modimo o ne a kgothaletsa batho ba gagwe gore ba tshware masiela ka kutlwelobotlhoko le ka tshwanelo. (Duteronome 24:19; Diane 23:10, 11) Mme le gompieno o sa ntse a amegile ka basha ba ba se nang batsadi. Ka jalo ya go Modimo ka thapelo, o tlhomamisegile gore o amegile ka wena le gore o tla go araba. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola. Lebelela mo go Jehofa; o nne thata, mme a pelo ya gago e natlafale.”—Pesalema 27:10, 14.

Le fa go ntse jalo, mosha yo o se nang batsadi o lebana le dikgwetlho tse dintsi letsatsi le letsatsi. O tla nna kae? O tla itlhokomela jang ka madi? Setlhogo sa mo nakong e e tlang se tla tlotla kafa go ka lebanwang le dingwe tsa dikgwetlho tseno ka gone ka katlego.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Pele Jesu a swa, o ne a laela morutwa wa gagwe Johane gore a tlhokomele mmaagwe, e leng selo se a neng a ka se se dire fa rraagwe yo a mo godisitseng, e bong Josefa, a ne a sa ntse a tshela.—Johane 19:25-27.

b Go bona tshedimosetso e e malebana le go itshokela loso lwa motsadi, bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . .” tse di mo makasineng wa Tsogang! ya September 8, 1994.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

“Ke thusitswe thata ke go rata Jehofa le tsholofelo ya tsogo ya baswi”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ka dinako tse dingwe o ka tswa o jewa ke bodutu

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Mo phuthegong go na le ditsala tse di ka go thusang le go go kgothatsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela