Jesu O Ne A Lebega Jang?
BOSUPI jwa hisitori ya lefatshe malebana le gore Jesu o ne a lebega jang bo tlhotlhelediwa thata ke mabaka a le mantsi. Ke one a a dirang gore a bontshiwe ka ditsela tse di farologaneng thata jaana mo ditshwantshong.
Mabaka ano a mabedi ke setso sa naga le nako e setshwantsho seo se dirilweng ka yone. Mo godimo ga moo, ditumelo tsa bataki mmogo le tsa ba ba ba abetseng tiro eo di ne tsa ama tsela e Jesu a neng a tshwantshiwa ka yone.
Ka makgolokgolo a dingwaga, bataki ba ba tumileng, ba ba jaaka Michelangelo, Rembrandt le Rubens, ba ile ba tlhoma megopolo thata mo sebopegong sa ga Keresete. Botaki jwa bone, jo gantsi bo neng bo tletse ka matshwao le masaitsiweng, bo ile jwa ama thata kgopolo e batho ba nang le yone ya gore Jesu o ne a lebega jang. Mme ditlhaloso tsa bone di ne di theilwe mo go eng?
Se Hisitori ya Lefatshe e se Bolelang
Ditshwantsho tse di dirilweng pele ga Mmusi wa Roma e bong Constantine, yo o neng a tshela go tloga mo e ka nnang ka 280 go ya go 337 C.E., gantsi di ne di bontsha Jesu e le “Modisa yo o Molemo” yo mosha a na le moriri o mokhutshwane kana moriri o moleele, o o itshophileng. Mme buka ya Art Through the Ages e bolela jaana ka seno: “Setlhogo sa Modisa yo o Molemo se bonwa mo Dilong Tsa Bogologolo [tsa seheitane] tsa Gerika go ya go fitlha le mo ditshwantshong tsa botaki tsa Egepeto, mme se dirisiwa fano e le letshwao le le emelang mosireletsi yo o ikanyegang wa letsomane la Bokeresete.”
Fa nako e ntse e ya, tlhotlheletso eno ya boheitane e ne ya tlhomologa go feta le e leng pele. Buka eno e oketsa jaana: “Jesu o ne a amanngwa motlhofo le medingwana e e neng e tlwaelegile ya kwa Mediterranean, segolobogolo Helios (Apollo), modimo wa letsatsi [yo lebante la gagwe la tlhogo le le galalelang moragonyana le neng la newa Jesu mme morago ga moo la newa “baitshepi”], kana karolo ya gagwe e e fetoletsweng mo seromeng kwa botlhaba, e bong Sol Invictus (Letsatsi Le le Sa Fenngweng).” Mo sefikantsweng se se neng sa bonwa kafa tlase ga sa St. Peter kwa Roma, Jesu tota o ne a tshwantshitswe e le Apollo “a kgweetsa dipitse tsa kara ya letsatsi kwa magodimong.”
Le fa go ntse jalo, sebopego seno sa gagwe a le mosha ga se a ka sa tsaya nako e telele. Adolphe Didron, mo bukeng ya gagwe ya Christian Iconography, o bolela se se neng sa diragala: “Sebopego sa ga Keresete, se pele e neng e le sa motho yo mosha, se nna se gola ka lekgolo lengwe le lengwe la dingwaga . . . fa motlha wa Bokeresete o ntse o tswelela pele.”
Mokwalo mongwe wa lekgolo la bo13 la dingwaga o go neng go dumelwa gore ke lekwalo la ga Publius Lentulus mongwe le le neng le kwaletswe Senate ya Roma, o tlhalosa tsela e Jesu a neng a lebega ka yone o bolela gore o ne a na le “moriri wa mmala wa hazel-nut e e iseng e butswe sentle [o o borokwa jo bo sa tsenelelang] mme o le boleta go fitlha mo ditsebeng tsa gagwe, mme go tloga fa ditsebeng o itshophile o le mmala o o batlang o le montsho e bile o phatsima thata, o logegile (go tloga mo) magetleng a gagwe; o bulegile fa gare ga tlhogo . . . , a le ditedu tsa mmala wa moriri wa gagwe, di se ditelele, mme di tlhatlharetse go sekae fa seledung; . . . matlho a le maputswa . . . e bile a phatsima.” Tlhaloso eno e e seng boammaaruri e ne ya tlhotlheletsa bataki ba le bantsi. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Motlha mongwe le mongwe o mosha o ne o tla le Keresete wa one.”
Se se neng se diragala mo metlheng e e farologaneng se ne se diragala gape le mo ditsong le madumeding a a farologaneng. Ditshwantsho tsa bodumedi tse di neng di dirwa ke barongwa mo Afrika, kwa dinageng tsa Amerika le Asia di tshwantsha Keresete wa Bophirima a na le moriri o moleele; mme ka dinako tse dingwe a na le “ditebego tsa setšhaba se ba leng mo go sone” mo sebopegong sa gagwe, saetlopedia eno e bolela jalo.
Baporotesetanta le bone ba ne ba na le bataki ba bone, mme ba ne ba tshwantsha sebopego sa ga Keresete ka tsela ya bone. F. M. Godfrey, mo bukeng ya gagwe ya Christ and the Apostles—The Changing Forms of Religious Imagery, o bolela jaana: “Setshwantsho se se tlhomolang pelo sa ga Keresete se se tshwantshitsweng ke Rembrandt se simologile mo ponong ya Boporotesetanta, ya motho yo o hutsafetseng, yo o setlhafetseng, a tlhokofetse, . . . moya wa Moporotesetanta, wa motho wa kafa teng, yo o ithontshang dilo.” O bolela gore seno se bonala mo “mmeleng wa Gagwe o o bopameng, nama ya motho yo o iitatotseng, ‘go kgobalala, go tlhomola pelo le go tlhoafala’ go [Rembrandt] a neng a akanya gore ke ga motho yo e leng Mokeresete.”
Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona jaanong, Keresete yo o sekoa, yo o nang le lebante le le galalelang mo tlhogong, yo e keteng mosadi, yo o tlhontseng, yo o nang le moriri o moleele, yo gantsi a bonwang mo ditshwantshong tsa Labokeresete, ga se wa boammaaruri. Totatota, o farologane thata le Jesu wa Baebele.
Baebele le Sebopego sa ga Jesu
Jaaka “Kwana ya Modimo,” Jesu o ne a se na bogole bope, ka jalo ga go belaetse gore e ne e le monna yo o bogegang. (Johane 1:29; Bahebera 7:26) Mme ruri o ne a sa nne a tlhontse ka metlha jaaka fa ditshwantsho di le dintsi di mmontsha. Ke boammaaruri gore o ne a diragalelwa ke dilo di le dintsi tse di botlhoko mo botshelong jwa gagwe, mme gantsi, o ne a bontsha botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe sentle, “Modimo yo o itumetseng.”—1 Timotheo 1:11; Luke 10:21; Bahebera 1:3.
A moriri wa ga Jesu o ne o le moleele? E ne e le Banasirite fela ba ba neng ba sa tshwanela go kgaola meriri ya bone kana go nwa beine, mme Jesu e ne e se Monasirite. Ka jalo ga go belaetse gore moriri wa gagwe o ne o beolwa sentle jaaka wa monna ope fela wa Mojuda. (Dipalo 6:2-7) Gape o ne a nwa beine ka tekatekano fa a na le ba bangwe, mme seno se gatelela ntlha ya gore e ne e se motho yo o sa itumelang. (Luke 7:34) Ee ruri, o ne a dira beine ka kgakgamatso kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana wa Galalea. (Johane 2:1-11) Mme go bonala a ne a na le ditedu, e le se se supelwang ke boporofeti jo bo malebana le go boga ga gagwe.—Isaia 50:6.
Go tweng ka lobala le ditebego tsa ga Jesu? Di tshwanetse tsa bo di ne di tshwana le tsa Bajuda. A ka tswa a ile a gotsa ditebego tsa ga mmaagwe, Marea, yo o neng e le Mojuda. Bagologolwane ba ga mmaagwe e ne e le Bajuda, mo losikeng lwa Bahebera. Ka jalo Jesu o ka tswa a ne a na le lobala le ditebego tse Bajuda ba neng ba na le tsone.
Tota le fa a ne a na le baaposetoloi ba gagwe, go bonala Jesu a ne a sa farologana le bone mo mmeleng, ka gonne Judase o ne a tshwanelwa ke go mo oka mo babeng ba gagwe ka go mo atla gore a mo tlhomolole mo go ba bangwe. Ka gone, Jesu o ne a kgona go tshwana fela le boidiidi jwa batho jo a neng a le mo go jone. E bile o ne a tshwana fela le bone, ka gonne mo lekgetlong lengwe o ne a tsamaya a sa lemogiwe go tswa Galalea a ya Jerusalema.—Mareko 14:44; Johane 7:10, 11.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba dumela gore Jesu e ne e le sekoa. Ke eng fa ba rialo? Ka lebaka la gore, o ne a tlhoka go thusiwa go rwala kota ya gagwe ya tlhokofatso. Gape, ke ene yo o suleng pele mo banneng ba bararo ba ba neng ba kokotetswe.—Luke 23:26; Johane 19:17, 32, 33.
Jesu O ne A se Sekoa
Go farologana le se se dumelwang, Baebele ga e tlhalose Jesu e le sekoa kana e kete ke mosadi. Go na le moo, e bolela gore tota le fa a ne a le mosha, o ne “a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.” (Luke 2:52) Mo e batlang e nna ka dingwaga di le 30 o ne a le mmetli. Eo ga e lebege e ka nna tiro ya motho yo mosesane kana yo o sa nonofang, segolo jang mo motlheng oo, o go neng go se na metšhine ya segompieno e e fokotsang tiro. (Mareko 6:3) Gape, Jesu o ne a koba dikgomo, dinku le baananyi ba madi mo tempeleng mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi. (Johane 2:14, 15) Seno le sone se supa gore e ne e le monna, a le matlhagatlhaga.
Mo dingwageng tsa bofelo tse tharo le sephatlo a tshela mo lefatsheng, Jesu o ne a tsamaya makgolokgolo a dikilometara mo maetong a gagwe a go rera. Le fa go ntse jalo, barutwa ga ba ise ba ke ba akantshe gore a “ikhutse go sekae.” Go na le moo, Jesu o ne a ba bolelela jaana, ba bangwe ba bone e neng e le batshwari ba ditlhapi ba ba nonofileng: “Tlaang, lona ka bolona, kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”—Mareko 6:31.
Ee ruri, Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong e bolela jaana: “Dipolelo tsotlhe tsa efangele di bontsha gore [Jesu o ne a] itekanetse sentle mo mmeleng e bile a le matlhagatlhaga.” Ka gone he ke ka ntlha yang fa a ne a tlhoka go thusiwa go rwala kota ya gagwe ya tlhokofatso, mme ke ka ntlha yang fa a ne a swa pele ga ba ba neng ba kokotetswe le ene?
Lebaka la konokono e ne e le gore o ne a tshwenyegile mo gogolo thata. Fa nako ya go bolawa ga ga Jesu e ne e atamela, o ne a bolela jaana: “Eleruri, ke na le kolobetso e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone, mme abo ke tshwenyega jang ne go fitlha e wediwa!” (Luke 12:50) Go tshwenyega gono go ne ga baka “botlhoko jo bo ngomolang pelo” mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo: “Ya re a tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo a tswelela go rapela ka tlhoafalo segolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.” (Luke 22:44) Jesu o ne a itse gore ditebelelo tsa batho tsa go tshelela ruri di ne di ikaegile ka gore a bontshe bothokgami go ya losong. A bo a ne a rwele mokgweleo o o boima jang ne! (Mathaio 20:18, 19, 28) Gape o ne a itse gore o tla bolawa ke batho ba Modimo ka namana jaaka senokwane se se ‘hutsegileng.’ Ka gone, o ne a tshwenyegile ka gore seno se ne se tla leretse Rraagwe kgobo.—Bagalatia 3:13; Pesalema 40:6, 7; Ditiro 8:32.
Fa a sena go okiwa, o ne a tshwarwa setlhogo thata. Mo tshekong e e neng e tletse lonyatso e e neng ya tshwarwa morago thata fela ga bosigogare, badiredibagolo ba bagolo thata ba mo nageng eo ba ne ba mo sotla, ba mo kgwela mathe le go mo itaya ka mabole. Go ne go na le tsheko e nngwe go sa le gale mo mosong o o latelang go dira gore go bonale e kete tsheko e e neng e tshwerwe bosigo e ne e le kafa tshwanelong. Ke mo go yone mo Jesu a neng a botsolodiwa ke Pilato; morago ga moo ke Herode, yoo ene le masole a gagwe ba neng ba ikgatlha ka ene; mme go tswa foo ke Pilato gape. Kgabagare, Pilato o ne a dira gore a kgwathisiwe. Mme e ne e se go itewa fela mo go tlwaelegileng. The Journal of the American Medical Association e ne ya bolela jaana ka mokgwa wa Baroma wa go kgwathisa:
“Gantsi go ne go dirisiwa seme se sekhutshwane . . . se se neng se otlhilwe ka dikgojana tsa letlalo tse di sa lekalekaneng, tseo di neng di gokeletswe dikgolokwenyana tsa tshipi kana maratswana a a motsu a nku fale le fale. . . . Fa masole a Baroma a ne a itaya motho yo o molato mo mokwatleng kgapetsakgapetsa, dikgolokwane tsa tshipi di ne di dira matsadi a magolo, mme dikgojana tsa letlalo le maratswana a nku di ne di sega letlalo le nama e e kafa tlase. Mme fa ba ntse ba itaya dintho tse di obogileng jalo ba ne ba gagola mesifana ya marapo ba bo ba tlogela motho a le dinama tse di lepeletseng tse di tshologang madi.”
Go phepafetse gore Jesu o sa le a felelwa ke maatla le e leng lobaka lo loleele pele ga a rwesiwa kota. Tota e bile, The Journal of the American Medical Association e ne ya bolela jaana: “Go mo sotla mo mmeleng le mo tlhaloganyong mo go neng ga dirwa ke Bajuda le Baroma, mmogo le go sa bone dijo, metsi le boroko, le tsone di ne tsa dira gore a ikutlwe a koafetse thata. Ka gone, tota le pele a bapolwa, boemo jwa ga Jesu jwa mo mmeleng bo ne bo le maswe thata e bile gongwe bo tlhobaetsa.”
A go Botlhokwa Gore O ne A Lebega Jang?
Go simolola ka setshwantsho se se seng boammaaruri se Lentulus a se kwadileng go ya go ditshwantsho tsa bataki ba ba tumileng ba ba ditswerere le go ya go fitlha ka difensetere tse di pentilweng tsa segompieno, go bonala Labokeresete e kgatlhiwa thata ke se se gogelang matlho a batho. “Setshwantsho sa ga Jesu Keresete se se nang le maatla a a kgethegileng a go tlhotlheletsa se tshwanetse sa bolokiwa,” go ne ga bolela jalo mobishopomogolo wa Turin, yo o neng e le motlhokomedi wa Shroud of Turin e e neng e tsositse kgaruru.
Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le tlogetse ka boomo dintlha tse di “tlhotlheletsang” tse di malebana le tsela e Jesu a lebegang ka yone. Ka ntlha yang? Go bonala di ne di tla re faposa mo go se se kayang botshelo jo bo sa khutleng—kitso ya Baebele. (Johane 17:3) Jesu ka boene—yo o leng sekao sa rona—‘ga a lebe,’ kana go tsaya “ponalo ya kafa ntle ya batho” e le botlhokwa. (Mathaio 22:16; bapisa Bagalatia 2:6.) Go gatelela thata sebopego sa ga Jesu le mororo se sa umakiwa gope mo Diefangeleng tse di tlhotlheleditsweng e tla bo e le go ganetsa boikaelelo jwa tsone. Tota e bile, Jesu, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, ga a tlhole a le mo setshwanong sa batho.a
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke boammaaruri gore fa o ithuta Baebele, ga go phoso go dirisa ditshwantsho tse di nang le Jesu. Gantsi di bonala mo dibukeng tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Le fa go ntse jalo, ga go lekwe go dirisa dilo tsa masaitseweng, go reregisa mmogedi, kana go rotloetsa dikgopolo, matshwao, kana tshisimogo tse di sa tsweng mo Dikwalong.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Keresete yo o sekoa, yo o tlhomolang pelo yo o tshwantshitsweng ke bataki ba Labokeresete o farologane le tsela e Jesu a bolelwang ka yone mo dipegong tsa Baebele
[Motswedi wa Setshwantsho]
Jesus Preaching at the Sea of Galilee by Gustave Doré