Bolwetse Jwa Anorexia Le Jwa Bulimia—Dintlha ka Jone, Dikotsi Tsa Jone
“Dijo di baka mokgweleo o o boima mo maikutlong go feta sengwe le sengwe se se ka lekanngwang ka dikalori [di-kilojoule] kana digerama.”—Janet Greeson, mokwadi.
ANOREXIA le bulimia ke malwetse a mabedi a a tlwaelegileng thata a a amanang le go sa je sentle. Bongwe le bongwe bo na le matshwao a jone a a tlhomologileng. Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona, ka bobedi jwa one a ka nna kotsi—e bile a ka bolaya.
Anorexia—Go Ipolaisa Tlala
Batho ba ba tshwerweng ke anorexia, ba ka tswa ba gana go ja kana ba ja go le gonnye thata jaana mo go felelang ba tlhaela dikotla. Akanya ka Antoinette wa dingwaga tse 17, yo o bolelang gore ka nako nngwe boima jwa mmele wa gagwe bo ne bo le kwa tlase ka dikilogerama di le 37—bo le kwa tlase thata gore go ka twe ke jwa mosha yo o boleele jwa dimetara di le 1,7. “Ke ne ke ja dijo tse di sa feteng dikalori di le 250 [di-kilojoule di le 1 047] ka letsatsi mme ke ne ke kwala sengwe le sengwe se ke neng ke se ja,” o bolela jalo.
Batho ba ba tshwerweng ke anorexia ba tshaba dijo lekongkong, mme ba ka dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba nona. “Ke ne ka simolola go kgwela dijo mo pampiring ya go iphimola molomo ke dira e kete ke iphimola molomo,” go bolela jalo Heather. Susan o ne a itshidila mmele thata gore a se ke a nona. O bolela jaana: “Mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe, ke ne ke siana sekgala sa dimaele di le robedi [dikilometara di le 12], kana ke thuma sebaka sa ura, e seng jalo ke ne ke ikutlwa ke tlhobaela thata le go ipona molato. Mme moso mongwe le mongwe ke ne ke itumedisiwa thata, tota e bile e ne e le sone fela selo se tota se neng se intumedisa, ke go palama sekale go tlhomamisa gore boima jwa mmele wa me bo ne bo sa ntse bo le kwa tlase thata ga diponto di le 100 [dikilogerama di le 45].”
Se se gakgamatsang ke gore batho bangwe ba ba tshwerweng ke anorexia ke baapei ba ba ditswerere tota mme ba ka apaya dijo tse di monate tota mme bone ba bo ba sa batle go di ja. Antoinette o bolela jaana: “Ka nako ya fa bolwetse jwa me bo ne bo gaketse thata ke ne ke apaya dijo dingwe le dingwe tsa motshegare kwa gae mme ke ne ke direla le bonnake dijo tsa mofago. Ke ne ke sa ba batle gaufi le foriji. Ke ne ke ikutlwa e kete ntlo e e apeelang ke ya me ke le nosi.”
Go ya ka buka ya A Parent’s Guide to Anorexia and Bulimia, batho bangwe ba ba tshwerweng ke anorexia “ba nna phepa ka tsela e e feteletseng mme ba ka nna ba batla gore lelapa lotlhe le fitlhelele ditekanyetso tsa bone tse di kwa godimo thata. Makasine kana ditlhako kana kopi ga di a tshwanela go bewa mo di sa tshwanelang gone le fa e le ka nakwana fela. Gape ba ka feteletsa dilo mo go nneng phepa mo mmeleng le mo tebegong, ba senya diura di le dintsi ba le mo kamoreng e e tlhapelang ba lotletse lebati mme ba gana ba bangwe ba tsena gore ba ipaakanyetse go ya kwa sekolong kana go ya kwa tirong.”
Bothata jono jo bo sa tlwaelegang jo bo bidiwang anorexia bo simologa jang? Gantsi, mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome kana yo o setseng a godile—gantsi e le wa mosetsana—o ikaelela go fokotsa dikilogerama tse di rileng mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, fa a sena go fitlhelela mokgele wa gagwe o sa ntse a sa kgotsofale. Fa a iteba mo seiponeng, o sa ntse a ipona a nonne, mme ka jalo o ipolelela gore fa a ka fokotsa dikilogerama di sekae gape go tla nna botoka. Seno se tswelela pele go fitlhela boima jwa mmele wa gagwe bo le kwa tlase ka diperesente di le 15 kana bo le kwa tlase thata ga moo go feta boima jo bo tlwaelegileng jo bo tsamaisanang le boleele jwa mmele wa gagwe.
Mo nakong eno ditsala le ba lelapa ba bontsha go tshwenyega gore motho yono yo o sa jeng o mosesane thata, le gore o otile. Mme motho yo o tshwerweng ke anorexia ene ga a bone jalo. “Ke ne ke sa akanye gore ke lebega ke otile,” go bolela jalo Alan, e bong mosimane mongwe yo o neng a tshwerwe ke anorexia yo o boleele jwa dimetara di le 1,75 yo boima jwa gagwe jwa mmele nako nngwe bo neng jwa fologela go dikilogerama di le 33. O bolela jaana: “Fa o ntse o fokotsega mo mmeleng, mogopolo wa gago le one o nagana dilo tse di farologaneng mme ga o tlhole o ipona sentle.”a
Fa nako e ntse e ya, anorexia e ka baka malwetse a mangwe a a masisi, go akaretsa osteoporosis le go senyega ga diphilo. Le go bolaya e ka bolaya motho. Heather o bolela jaana: “Ngaka ya me e ne ya mpolelela gore ke timile mmele wa me dikotla di le dintsi jaana mo e leng gore fa ke ne ke ka tswelela pele ke ja ka tsela e ke neng ke ja ka yone mo dikgweding tse pedi tse di latelang, ke ne ke tlile go swa ke bolawa ke go tlhoka dikotla mo mmeleng.” The Harvard Mental Health Letter e bega gore mo nakong ya dingwaga di le lesome, diperesente tse di ka nnang 5 tsa basadi ba go lemogilweng gore ba na le bolwetse jwa anorexia ba a swa.
Bulimia—Go Ipolaisa Dijo O bo O di Itlhatsisa
Bothata jwa go ja jo bo itsiweng e le bulimia nervosa bo bonala ka go ipolaisa dijo (go ja dijo di le dintsi ka bonako, gongwe mo e ka nnang di-kilojoule di le 21 000 kana go feta) mme morago ga moo motho wa teng a bo a di tlhatsa ka boomo (a di ntsha mo maleng, gantsi ka go kgwa kana ka go dirisa dilo tse di berekisang mala).b
Go farologana le anorexia, bulimia ga e lemotshege motlhofo. Motho yo e mo tshwereng a ka tswa a se mosesane thata, mme tsela e a jang ka yone e ka lebega e le e e tlwaelegileng—gongwe mo go ba bangwe. Mme motho yo o tshwerweng ke bulimia, ga a tshele botshelo jo bo tlwaelegileng. Ee ruri, o tshwenyega thata jaana ka dijo mo a sa tlholeng a bona dilo tse dingwe di le botlhokwa. Melinda wa dingwaga tse 16 o bolela jaana: “Fa ke ntse ke ipolaisa dijo ke bo ke di itlhatsisa gape, ke ne ke sa tlhole ke kgathalela dilo tse dingwe kana batho ba bangwe. Tota e bile ke ne ke sa tlhole ke kgona go itumela le ditsala.”
Geneen Roth, yo o leng mokwadi e bile e le morutisi mo lephateng la mathata a go ja, o tlhalosa go ipolaisa dijo a re ke “botsenwa jwa nakwana, go ithabuetsa mo tlhokofatsong e e sa laolegeng.” O bolela gore ka nako ya fa motho a ipolaisa dijo jalo “ga a tlhole a kgathalela sepe fela—lefa e le ditsala, lefa e le lelapa . . . Ga a kgathalele sepe fela fa e se dijo.” Lydia yo o nang le dingwaga di le 17, yo le ene bo neng bo mo tshwere o dirisa papiso e e tshwanelang go tlhalosa boemo jwa gagwe. O bolela jaana: “Ke ikutlwa e kete ke motšhini o o silang matlakala. Ke ikatela dijo tse dintsi ka bonako, ke di sile, ke bo ke di latlhela kwa ntle. Ke nna ke boaboeletsa selo se le sengwe fela gantsintsi.”
Motho yo o tshwerweng ke bulimia o leka ka natla gore a se ka a nona, go nona go gantsi go ka bakwang ke tsela e a jang ka yone e e sa laolesegeng. Ka gone, ka bonako fela fa a sena go ipolaisa dijo thata, o ka nna a ikgwesa kana a berekisa mala gore a ntshe dijo pele di ka fetoga mafura mo mmeleng.c Le fa go akanya ka gone fela go ka nna ga go ferosa sebete, motho yo o tshwerweng ke bulimia yo o tlholang a dira jalo ka metlha ga a go lebe ka tsela eo. “Fa o ntse o itlwaetsa go ipolaisa dijo thata o bo o di tlhatsa ka boomo, o a go tlwaela,” go tlhalosa jalo modirediloago e bong Nancy Kolodny. “Go feroga sebete kana go boifa mo o neng o na le gone pele ka bonakonyana fela go emisediwa ke go batla go nna o boeletsa mekgwa eno ya bulimia.”
Bulimia e kotsi fela thata. Ka sekai, go itlhatsisa dijo gantsintsi ka go ikgwesa go dira gore molomo o nne le diasiti tse di tswang mo mpeng tse di senyang, tse di ka nnang tsa senya meno a motho yo o tshwerweng ke bulimia. Gape mokgwa ono o ka nna wa senya kgokgotsho, sebete, makgwafo le pelo ya motho yono. Mo maemong a a kotsi thata, go kgwa go ka nna ga phatlola mala a motho ga ba ga mmolaya. Go berekisa mala ka tsela e e feteletseng le gone go ka nna kotsi. Go ka dira gore mala a se ka a dira ka tshwanelo mme gape go ka baka letshololo le le sa kgaotseng le go tswa madi mo maragong. Fela jaaka go kgwa kgapetsakgapetsa, mo maemong a a kotsi, go berekisa mala ka tsela e e feteletseng go ka bolaya.
Go ya ka National Institute of Mental Health, mathata a go ja a ntse a oketsega fela a sa kgaotse. Ke eng se se tlhotlheletsang mosadi yo mosha go rata go swa ka go ipolaisa tlala? Ke ka ntlha yang fa yo mongwe a tsentshiwa ke dijo sekanakana mo a ipolaisang dijo go feta selekanyo mme go tswa foo a bo a tsentshiwa ke boima jwa mmele sekanakana mo a ikutlwang a patelesega go tlhatsa dijo tse a di jeleng? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bomankge bangwe ba bolela gore go fokotsa boima jwa mmele wa motho ka diperesente di le 20 go ya go 25 go feta boima jotlhe jwa gagwe go ka fetola dikhemikale mo bobokong e leng selo se se ka nnang sa dira gore a se ka a kgona go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng, sa dira gore a bone a nonne ntswa a sa nona.
b Go ipolaisa dijo go feta selekanyo o sa di itlhatsise le gone bangwe ba go tsaya e le bothata jwa go ja.
c Go dira gore ba se ka ba nona, batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bulimia ba itshidila mmele go feta selekanyo letsatsi le letsatsi. Bangwe ba bone ba kgona go fokotsa mmele mo kgabagare go felelang ba tshwerwe ke anorexia, mme morago ga moo ba ka nna ba feleletsa ba na le bolwetse jwa anorexia le jwa bulimia.