Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshwenyegile Thata ka Boima Jwa Mmele wa Me?
“Ke lwa ntwa e ke sa kgoneng go e fenya mo pelong ya me. Pelo e nngwe e batla gore ke je mme e nngwe e gana ke ja ka gonne ke tshaba gore ke tla nona thata.”—Jaimee.
KE ENG se o se boifang go feta dilo tsotlhe? Basetsana ba le bantsi ba ka araba ba sa okaoke gore: ke go nona. Tota e bile, potsolotso nngwe e ne ya bontsha gore makgarebe a gompieno a tshaba go oketsega ka dikilogerama go feta ka fa ba tshabang ntwa ya nuklea ka gone, kankere, kana go swelwa ke batsadi!
Ka dinako tse dingwe go tshwenyega ka boima jwa mmele go simologa fela fa motho a sa ntse a le monnye thata. Dr. Catherine Steiner-Adair o bolela gore tota le pele basetsana ba le bantsi ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, ba kopana mmogo ba “bua ka go nona”—mo metlotlong eo ba bolela tsela e ba sa rateng mebele ya bone ka yone. Go bonala seo e se go itlotlela fela. Mo patlisisong nngwe ya basetsana ba le 2 379, diperesente di le 40 tsa bone di ne di leka go fokotsa boima jwa mmele. Mme ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba na le dingwaga di le robongwe go ya go tse di lesome fela!
Fa nako e ntse e ya, bontsi jwa basha bano ba ka nna ba inaakanya le mekgwa ya go itima dijo. Se se maswe le go feta, bangwe ba ka nna ba tshwana le Jenna wa dingwaga tse 20. Lekgarebe leno la boleele jwa dimetara di le 1,6 le na le boima jwa mmele jwa dikilogerama di le 40 fela! Jenna o bolela jaana: “Ga ke batle go ja. Ke tshwenyegile ka gore ke tsere dingwaga di le tharo ke leka go fokotsa mmele, mme fa ke ka ja, o tlile go oketsega ka kgwedi fela.”
Gongwe o tlhaloganya tsela e Jenna a ikutlwang ka yone. E ka tswa e le gore le wena o ile wa batla go nna mosesane gore o lebege sentle. Eleruri, ga go phoso go bo o amegile ka tsela e o lebegang ka yone. Le fa go ntse jalo, tsela e Jenna a neng a batla go nna mosesane ka yone e ile ya batla e mmolaya. Jang?
Go Ipolaisa Tlala
Jenna o lwantshana le bothata jo bo kotsi jwa go ja jo bo bidiwang anorexia nervosa. Jaimee, yo o umakilweng kwa tshimologong le ene o na le bothata jo bo tshwanang. Basetsana bano ba ne ba ipolaisa tlala ka nako e telele, mme ga se bone fela. Go fopholediwa gore mosetsana a le 1 mo go ba le 100 o tshwerwe ke bolwetse jwa anorexia. Seno se kaya gore dimilionemilione tsa makgarebe di na le bothata jono—gongwe e bile bo tshwere mongwe yo o mo itseng!a
Bolwetse jwa anorexia bo ka tshwara motho a sa ikaelela. Mosetsana a ka nna a simolola go itima dijo ka tsela e e lebegang e se kotsi, gongwe ka boikaelelo jwa go fokotsa dikilogerama di sekae fela. Le fa go ntse jalo, fa a fitlhelela mokgele wa gagwe, ga a kgotsofale. “Ke sa ntse ke nonne thata!” o bolela jalo a ntse a itebile mo seiponeng a sa rate se a se bonang. Ka jalo o akanya gore a fokotse dikilogerama tse dingwe di sekae fela. Go tswa foo tse dingwe gape di sekae. Tse dingwe gape di sekae. O simolola go tlwaela, mme matshwao a anorexia a simolola go bonala.
Ke boammaaruri gore, ga se mongwe le mongwe yo o itimang dijo yo a felelang a tshwerwe ke bolwetse jwa anorexia. Bangwe ba na le mabaka a a utlwalang a go tshwenyega ka boima jwa mebele ya bone, mme ba ka solegelwa molemo fa ba ka fokotsa dikilogerama di sekae. Mme basetsana ba le bantsi ba bona mmele wa bone ka tsela e o seng ka yone. FDA Consumer e tshwantsha go bona mmele ka tsela e o seng ka yone le go ipona mo seiponeng se se mo kagong e e nang le dilo tse di kgatlhang. Makasine ono o bolela jaana: “O ipona o le mokima go feta jaaka o ntse.”
Ka gone, motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia o boifa thata go oketsega mmele—tota le fa a setse a le mosesane ka tsela e e tshosang. A ka nna a ikatisa thata gore a fokotse dikilogerama di sekae a bo a nna a palama sekale gantsinyana mo letsatsing go tlhomamisa gore ga a “boele kwa morago.” Fa a ja, o ja go le gonnye fela. Kana a ka nna a se je gotlhelele. Heather o bolela jaana: “Letsatsi le letsatsi ke ne ke tsamaya ke tshotse dijo tse mmè a ntiretseng tsone, mme mo e ka nnang letsatsi le letsatsi ke ne ke di latlha. Go ise go ye kae ke ne ka tlwaela go nna ke sa je, tota le fa ke ne ke batla go ja, ke ne ke sa kgone. Ke ne ke sa tshwarwe ke tlala.”
Kwa tshimologong, batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia jaaka Heather ba itumedisiwa ke go bona dikilogerama di fokotsega. Mme kgabagare o tla bo a tlhaela dikotla tse mmele o di tlhokang. Motho yo o tshwerweng ke anorexia o simolola go otsela le go nna setshwakga. Tiro ya gagwe ya sekolo e wela kwa tlase. A ka nna a se ka a tlhola a bona kgwedi.b Fa nako e ntse e ya, tsela e pelo ya gagwe e itayang ka yone le kgatelelo ya gagwe ya madi di ka nna tsa fokotsega ka tsela e e leng kotsi. Le fa go ntse jalo, motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia ga a lemoge kotsi epe. Tota e bile, kotsi fela e a e bonang ke go oketsega ga boima jwa mmele jo a setseng a bo fokoditse—tota le fa e ka nna kilogerama e le nngwe fela.
Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa anorexia ga se jone fela jo bo amanang le bothata jwa go ja, e bile ga se jone fela jo bo anameng thata. Bolwetse jwa bulimia nervosa ke sebetso se se amang basetsana ba le bantsi go menagane gararo fa bo bapisiwa le jwa anorexia. Go tswa foo go na le bolwetse jwa go lemalela go ja bobe, jo bo batlileng bo tshwana le jwa bulimia. A re tlhatlhobeng malwetse ano ka kelotlhoko.
Sebetso se se Iphitlhileng
“Bosheng jaana tsala ya me e ne ya bolela gore o utswa dijo a bo a di jela mo sephiring. Go tswa foo o a ikgwisa. O bolela gore o sa le a dira seo ka dingwaga tse pedi.” Mosha yo o kwaletseng kholomo ya makasine ya dikgakololo mafoko ano, o tlhalosa matshwao a bothata jwa go ja jo bo itsiweng e le bulimia.
Motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa bulimia o ipolaisa dijo, kana o ja dijo tse dintsi mo nakong e khutshwane fela. Go tswa foo, o tla bo a ntsha dijo tsotlhe tse a di jeleng, gantsi a dira jalo ka go ikgwisa.c Ke boammaaruri gore go ntsha dijo mo maleng ka tsela eno go ka lebega go ferosa sebete. Le fa go ntse jalo, modirediloago e bong Nancy J. Kolodny o bontsha jaana: “Fa o nnela go ipolaisa dijo o bo o di ikgwisa ka boomo, o a tlwaela. Ka bonako fela ga o tlhole o feroga sebete kana o boifa jaaka pele, go na le moo o tlhotlheletsega go boaboeletsa mekgwa eno ya bolwetse jwa bulimia.”
Anorexia le bulimia di sa le di bidiwa “matlhakore a mabedi a ledi le le lengwe.” Le mororo mathata ano a na le matshwao a a farologaneng, ka bobedi jwa one a gakadiwa ke go lemalela dijo.d Le fa go ntse jalo, go farologana le anorexia, o ka kgona go fitlha bolwetse jwa bulimia. Legale, go ipolaisa dijo go dira gore motho a oketse boima jwa mmele, mme go ikgwisa go dira gore bo fokotsege. Ka gone, motho yo o tshwerweng ke bulimia a ka nna a se ka a nona kana a ota, mme batho ba ka akanya gore o ja dijo ka tsela e e tlwaelegileng. Mosadi mongwe yo o bidiwang Lindsey o bolela jaana: “Ka dingwaga tse robongwe, ke ne ke ipolaisa dijo ke bo ke di ikgwisa ganè le gatlhano ka letsatsi. . . . Go ne go se ope yo o neng a itse gore ke tshwerwe ke bulimia, ka gonne ke ne ke e fitlha ka go nna sethakga, go nna ke itumetse, le go nna le boima jwa mmele jo bo lekaneng.”
Le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe bo farologane le bothata jwa motho yo o ipolaisang dijo. Fela jaaka motho yo o tshwerweng ke bulimia, motho yono o ja dijo tse dintsintsi ka nako e le nngwe. The New Teenage Body Book e bolela jaana: “E re ka mokgwa ono wa go ipolaisa dijo o dirwa fela go sa ikgwisiwe, motho yo o dirang jalo a ka simolola a sa nona go fitlhela a le mokima ka tsela e e tshosang.”
Dikotsi Tsa Botsogo
Mathata ano a mararo a go ja a ka nna diphatsa mo botsogong jwa gago. Bolwetse jwa anorexia bo ka baka go tlhaela dikotla go go masisi, mme gantsi—bangwe ba fopholetsa gore ka diperesente di ka nna 15—bo ka nna jwa bolaya. Go ipolaisa dijo, go sa kgathalesege gore go tswa foo motho o a ikgwisa kana nnyaa, go ka nna diphatsa mo botsogong. Fa nako e ntse e ya, go nona thata go ka baka bolwetse jwa pelo jo bo bolayang, bolwetse jwa sukiri, tota le mefuta e mengwe ya kankere. Go ikgwisa go ka gobatsa kgokgotso, mme go dirisa dipilisi tse di berekisang mala thata le tse di oketsang motlhapo go ka baka bolwetse jwa go ema pelo mo maemong a a masisi thata.
Le fa go ntse jalo, go na le karolo e nngwe ya mathata a go ja e e tshwanetseng go akanyediwa. Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia, bulimia, le go ipolaisa dijo ga ba a itumela. Ba na le go rata go inyatsa mme ba ka nna ba tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Go phepafetse gore ba tlhoka go thusiwa. Mme batho ba ba nang le bothata jwa go ja ba ka thusiwa jang gore ba tlogele go tshwenyega thata ka boima jwa mmele? Potso eno e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang mo metseletseleng eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bolwetse jwa anorexia bo tshwara le banna. Le fa go ntse jalo, e re ka bontsi jwa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia e le basetsana, re tla bua ka basadi fa re bua ka batho ba ba bo lwalang.
b Go ya ka tsa kalafi, mosadi o lemogiwa gore o tshwerwe ke bolwetse jwa anorexia fa boima jwa mmele wa gagwe bo fokotsegile ka diperesente di le 15 fa bo bapisiwa le boima jwa mmele wa gagwe o o tlwaelegileng gape le fa a ise a bone kgwedi ka dikgwedi tse di fetang tse tharo kana go feta.
c Mekgwa e mengwe ya go intsha dijo mo maleng ke ya go dirisa dipilisi tse di berekisang mala kana tse di oketsang motlhapo.
d Mekgwa ya go ja ya bontsi jwa batho ba ba a lwalang e tla e fetofetoga go tloga mo go nneng ya anorexia go ya go ya bulimia, jalo le jalo.
[Lebokoso mo go tsebe 14]
Go Bona Mmele ka Tsela E o Seng ka Yone
Basetsana ba le bantsi ba ba amegileng ka boima jwa mmele ga ba na lebaka la go ikutlwa ka tsela eo. Mo patlisisong nngwe, diperesente di le 58 tsa basetsana ba ba mo dingwageng tse di fa gare ga 5 le 17 ba ne ba dumela gore ba nonne, fa tota e ne e le diperesente di le 17 fela tsa bone tse di neng di nonne. Mo patlisisong e nngwe, diperesente di le 45 tsa basadi ba tota ba neng ba sa nona ba ne ba akanya gore ba nonne thata! Patlisiso nngwe ya Canada e fitlheletse gore diperesente di le 70 tsa basadi mo nageng eo di tshwenyegile thata ka boima jwa mmele wa bone, mme diperesente di le 40 tsa bone di na le mokgwa o o sa tlhomamang wa go ja—mokgwa wa go fokotsa boima jwa mmele mme go tswa foo o bo o bo oketsa gape.
Go phepafetse gore go bona mmele ka tsela e o seng ka yone go ka dira gore basetsana bangwe ba tshwenyege thata ka selo se tota e seng bothata. “Ke na le tsala e e dirisang dipilisi tse dintsi tsa go fokotsa mmele mme ke itse basetsana ba le mmalwa ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa anorexia,” go bolela jalo Kristin wa dingwaga tse 16. O oketsa jaana: “Tota ga go na ope wa bone yo o nonneng.”
Makasine wa FDA Consumer o akantsha jaana ka tsela e e utlwalang: “Mo boemong jwa go itima dijo e le ka gonne ‘mongwe le mongwe’ a dira jalo kana ka gonne o se mosesane ka tsela e o batlang ka yone, botsa ngaka pele kana moitseanape wa tsa dijo gore a o nonne thata kana gore a o na le mafura a mantsi mo mmeleng fa go bapisiwa le dingwaga tsa gago le boleele jwa gago.”
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bontsi jwa batho ba ba amegileng ka boima jwa mmele wa bone ga ba na lebaka la go ikutlwa ka tsela eo