Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Fenya Jang go Tshwenyega Thata ka Boima Jwa Mmele wa Me?
“Kgangkgolo mo botshelong jwa me ke gore a nka tshasa sementšhise ya me mayonaese kana nnyaa. Nka kgona jang go tlhoma mogopolo mo sengweng se sele fa tota ke tshwenyegile thata ka mayonaese? Ke tshwetso efe e ke e tsayang? Ga ke tshase mayonaese—o na le dikilojoule tse dintsi. Anorexia e a fenya gape. Ke fentswe.”—Jaimee.
BOTHATA jwa go ja bo tlhasetse dimilionemilione tsa basha.a Ba bantsi ga ba a simolola ba na le boikaelelo jwa go ipolaisa tlala (anorexia) kana go nna le mokgwa wa go ipolaisa dijo ba bo ba ikgwisa (bulimia). Go na le moo, ba bantsi ba simolotse ba na le mokgele wa go batla go fokotsa dikilogerama di sekae fela. Le fa go ntse jalo, pele ba rarabologelwa, ba ne ba setse ba itlwaeditse go ipolaisa tlala kana go ipolaisa dijo. Jaimee o bolela jaana: “Fa ke ne ke simolola go itima dijo ke ne ke batla go laola boima jwa mmele wa me, mme jaanong ke jone jo bo ntaolang.”
Fa o bona o tshwenyega thata ka dijo le kafa di ka amang mmele wa gago ka teng, ke eng se o ka se dirang? Sa ntlha, itse gore basha bangwe ba le bantsi ba ile ba lwantshana le mathata a go ja mme ba a fentse! Jang?
Go Ipona mo Seiponeng
Kgato e kgolo e o ka e tsayang gore o fenye ntwa eno ya bothata jwa go ja ke go amogela tsela e o lebegang ka yone. Buka ya Changing Bodies, Changing Lives e bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba ba nang le bothata jwa go ja ba ipona ba le ka tsela e ba seng ka yone. Ga ba bone mebele ya bone jaaka e ntse mme ba itshwaya diphoso, segolobogolo tsela e ba lebegang ka yone.”
Eleruri, basha bangwe ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ikatlhola go ya ka tebego ya bone ya mmele; fa ba na le bogole bongwe ba tsaya seo e le bomadimabe. Vicki wa dingwaga tse 17 o bolela jaana: “Ke nonne mo go tenang. Lotheka lwa me lo lokima mo ke sa kgoneng go tšhobela.” Vicki o ne a ntse a sa itumela le fa a sena go fokotsega ka dikilogerama di le lesome. O ne a gana go ja kana a ipolaisa dijo mme go tswa foo a bo a ikgwisa se a se jeleng.
Eleruri ga go phoso go tshwenyeganyana ka tsela e o lebegang ka yone. Mo ntlheng eno, go a kgatlha go lemoga gore Baebele e bua sentle ka popego le ditebego tsa banna le basadi, ba ba jaaka Sara, Ragele, Josefa, Dafide le Abigaile.b E bile Baebele ya re motlhokomedi wa ga Dafide e bong Abishage o ne a “le montle thata.”—1 Dikgosi 1:4.
Go Tlhalosa Bontle Jwa Mmatota
Le fa go ntse jalo, Baebele ga e gatelele thata tebego kana popego ya mmele wa motho. Go na le moo, e rotloetsa go nna le “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:4) Ke motho yo o ka fa teng yo tota a dirang gore motho a nne montle kana makgapha mo matlhong a Modimo le fa pele ga batho.—Diane 11:20, 22.
Akanya ka morwa Kgosi Dafide e bong Abesalome. Baebele e bolela jaana: “Mo go Baiseraele botlhe go ne go se na ope yo o bokwang jaaka Abesalome ka bontle jwa gagwe; go tswa patong ya lonao go ya fela kwa phogong go ne go se na bogolenyana bope mo go ene.” (2 Samuele 14:25) Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ne le le boferefere. Boikgogomoso le boikgodiso di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a leke go ikgagapelela maemo a kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa. Ka gone, Baebele ga e bue Abesalome bontle mme e mo senola e le monna yo o sa ikanyegeng ka tsela e e tlhabisang ditlhong e bile a na le letlhoo le le ka gogelang kwa polaong.
Bontle jwa mmatota jwa motho ga bo a ikaega ka popego ya mmele. Ke gone ka moo Baebele e bolelang jaana: “Bapala botlhale: Ee, mo go tsotlhe tse o di bonyeng, o bo o bapetse tlhaloganyo. O tlaa naya tlhogo ya gago kgopana ya bontlafalo: o tlaa go neela serwalo sa tlhogo sa bontle.”—Diane 4:7, 9.
Le fa go le jalo, ke boammaaruri gore gantsi mathata a go ja ga a bakwe fela ke go bo motho a sa itumelele tebego ya gagwe. Buka nngwe ya tshupiso e bolela jaana: “Gantsi batho ba ba tshwenyegang thata ka dijo le ba ba tlhaselwang ke mathata a go ja a a jaaka anorexia nervosa, bulimia le go ja bobe, gantsi ba a inyatsa—ga ba itseye e le batho ba ba botlhokwa mme ba akanya gore batho ba bangwe ba ba tseela kwa tlase.”
Go na le mabaka a le mmalwa a a ka dirang gore motho a ikutlwe e se wa sepe. Ka sekai, go simolola go nna moroba go ka go tobekanya maikutlo thata—segolobogolo fa o lebega o le mogolo mo balekaneng ba gago. Gape, basha ba bangwe ba goletse mo magaeng a go agang go na le dikgaruru mo go one, gongwe ba godile ba itewa kana go sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo. Go sa kgathalesege gore go bakilwe ke eng, gantsi gore motho a fole o tshwanetse go itse se se gakaditseng gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Seno se kaya gore a tlhaloganye fa e le motho wa botlhokwa. Eleruri, bobotlana mongwe le mongwe o na le dinonofo tse di eletsegang. (Bapisa 1 Bakorintha 12:14-18.) Ke boammaaruri gore wena o ka tswa o sa di bone, mme tsala e e godileng e ka kgona go go lemotsha tsone.
Mme go tweng fa e le gore tota o tlhoka go fokotsa boima jwa mmele ka mabaka a a utlwalang a botsogo? Baebele e akantsha gore re nne “tekatekano mo mekgweng.” (1 Timotheo 3:11) Ka gone, go molemo gore o se ka wa itima dijo gotlhelele kana go leka go fokotsa boima jwa mmele o dirisa mekgwa e e bofefo. Gongwe tsela e e molemo ya go fokotsa dikilogerama di sekae tse o sa di tlhokeng ke go ja dijo tse di nonotshang le go ikatisa mo go lekaneng. Makasine wa FDA Consumer o bolela jaana: “Fela jaaka mo dilong tse dingwe, go na le tsela e e siameng le e e sa siamang ya go fokotsa boima jwa mmele. Tsela e e sa siamang ke ya go itima dijo dingwe, o dira tshwetso ya go se je sepe fa e se go ja borotho le go nwa metsi fela, go nwa dipilisi tsa go fokotsa boima jwa mmele, kana go ikgwisa.”
Maatla a go Bulela Mongwe Mafatlha
Nancy Kolodny yo e leng modirediloago o bapisa bothata jwa go ja le “go tsena mo mafaratlhatlheng a ditsela o le nosi, o se na mmapa kana kompase, o sa itse gore ditsela tsa go tswa di kae, e bile o sa itse gore o tlile go tswa leng kana gone gore a o tla kgona go tswa. . . . Fa o le mo go one ka nako e telele o tlhakana tlhogo le go betwa ke pelo fa o ntse o leka go tswa mo go one.” Ka gone, fa o na le matshwao a anorexia kana bulimia, o tshwanetse go batla thuso. O ka se kgone go intsha mo “mafaratlhatlheng a ditsela” ka bowena. Ka jalo bolelela motsadi kana mogolo yo o mo ikanyang. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.”—Diane 17:17.
Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba bona ditsala tse di ikanyegang jalo tsa bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Ke boammaaruri gore bagolwane ga se dingaka, mme thuso ya bone e ka se dire gore o se ka wa tlhoka thuso ya tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, balebedi ba Bakeresete ba ka se tlhokomologe “go gala ga mohumanegi,” le kgakololo le dithapelo tsa bone di ka thusa go “fodisa yo o bokoa” mo semoyeng.—Diane 21:13; Jakobe 5:13-15.
Fa o ikutlwa o sa phuthologa go bolelela mongwe lo lebane difatlhego, mo kwalele lekwalo o tlhalosa maikutlo a gago, o kope gore a go arabe. Selo se se botlhokwa ke go bolelela motho yo mongwe kgang eno. Nancy Kolodny o kwala jaana: “Ka go lemoga gore ga o tlhole o kgona go lebana le kgang eno o le nosi, o a bo o itlama go dumelela motho yo mongwe go go thusa go tloga jaanong.” O oketsa jaana: “E ka tswa e le dikgato tse di boima thata gore o di akanye le go di tsaya, mme ke tse di siameng, tse di ka go tsenyang mo tseleng e e tshwanetseng gore o tswe mo mafaratlhatlheng ano a ditsela.”
Basha ba Bakeresete ba na le thuso e nngwe e e nonofileng—thapelo. Go rapela Modimo ga se tsela fela ya go ritibatsa tlhaloganyo ya motho. Ke tsela ya mmatota le e e botlhokwa ya go buisana le Mmopi, yo o go tlhaloganyang botoka go go feta! (1 Johane 3:19, 20) Ka gone, le mororo e ise e nne nako ya gore Jehofa a tlose malwetse otlhe, Modimo wa rona yo o lorato a ka kaela dikgato tsa gago gore o se ka wa tshikinngwa. (Pesalema 55:22) Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana malebana le se se mo diragaletseng: “Ka batla Jehofa, mme a nkaraba, a nkgolola mo dipoifong tsa me tsotlhe fela. Mohumanegi yo, o ne a bitsa, mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.”—Pesalema 34:4, 6.
Eleruri, bolelela Jehofa Modimo maikutlo a gago a a boteng. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Ke eng fa o sa bale Dipesalema 34, 77, 86, 103, le 139 ka kelotlhoko gore o anaanele bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa? Go tlhatlhanya ka dipesalema tseno go tla nonotsha tumelo ya gago gore Jehofa o a ikanyega e bile o batla gore o atlege. Ka go bala Lefoko la gagwe, o tla ikutlwa jaaka Dafide, yo o neng a kwala jaana: “Fa ke tlhobaela le go tshwenyega, o a nkgomotsa le go intumedisa.”—Pesalema 94:19, Today’s English Version.
Nna Pelotelele—Go Fola go Tla ka Iketlo
Batho ba bantsi ba ba thusiwang mo bothateng jwa go ja ga ba fole ka one motsotso oo. Akanya ka Jaimee, yo o nopotsweng kwa tshimologong. Tota le fa a ne a setse a simolotse go thusiwa, o ne a palelwa ke go fetsa le one motogo tota. O bolela jaana: “Ke tshwanetse go nna ke ipolelela gore seno se ntshiametse, mme ke tlhoka dijo gore ke tshele. Loswana longwe le longwe lwa dijo tse ke neng ke di ja e ne e kete bokete jwa tsone ke dikete tsa dikilogerama.”
Le mororo nako nngwe Jaimee a ne a le gaufi le go swa, o ne a dira tshwetso ya gore a fenye go tshwenyega thata ka dijo. O ile a re: “Ga ke swe. Ke tlile go lwantsha seno mme ke fenye. Ke tlile go fenya anorexia. Go tlile go nna thata, mme ke tla fenya.” Le wena o ka fenya!
[Dintlha tse di kwa tlase]
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go ja dijo tse di nang le dikotla le go ikatisa sentle go ka go thusa go laola boima jwa mmele wa gago