Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Tswelela Jang ke Ratana le Motho a le Kgakala?
“Ke ne ke sa tswa go isa setlhopha sa batho ba ba tlileng kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa hoteleng ya bone. Ke ne ke tloga ke boela gae, fa setlhopha se sengwe se ne se tsena. Ka jalo ke ne ka buisana le bone, mme ka kopana le Odette. Go ne ga diragala gore re kopane gape moragonyana mo bekeng eo. Re ne ra swetsa ka gore re kwalelane, mme morago ga dingwaga di le mmalwa re ntse re itsane ka go kwalelana, re ne ra simolola go ratana.”—Tony.
LEFATSHE e setse e le lefelo le lennye thata. Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana fa go ne go simololwa go tsamaiwa ka difofane tse di sa tureng, go dirisiwa mafaratlhatlha a difoune a a kopanyang lefatshe lotlhe, go dirisiwa mokgwa wa go tsamaisa makwalo ka bonako, le Internet, go nnile le ditsela tse disha mo lefatsheng la go ratana. Mme gantsi kgopolo ya go ratana le motho yo o kgakala ka makgolokgolo kana ka diketekete tsa dikilometara e ka utlwala e le kgopolo e ntle—segolobogolo fa go lebega o ka se kgone go bona motho yo o ka nyalanang nae mo nageng ya gaeno.
Mo banyalaning bangwe, go ratana le motho yo o kgakala e nnile selo se se molemo. Tony o bolela jaana: “Re nyalane dingwaga di le 16, mme re sa ntse re itumetse.” Ba bangwe ba ka nna ba bolela gore go ratana ga batho ba le kgakala go molemo ka gonne go dira gore baratani ba itsane kwantle ga gore ba foufadiwe ke ditebego tsa mmele. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore go na le melemo efe, go ratana le motho yo o kgakala le wena go baka dikgwetlho tse di rileng.
Go Itsane
Go molemo go itse mo gontsi thata ka motho yo o akanyang go mo nyala. Le fa go ntse jalo, jaaka monna yo o nyetseng e bong Frank a ne a bua go tswa mo go se a se boneng ka boene, “ga go motlhofo go itse motho wa mmatota, ‘motho wa sephiri wa pelo.’” (1 Petere 3:4) Doug, Mokeresete mongwe yo o neng a ratana le motho yo o kgakala, o dumela jaana: “Fa ke lebelela kwa morago, ke lemoga gore re ne re sa itsane sentle.”
A tota go a kgonega go itse motho yo o nnang kgakala le wena ka makgolokgolo kana diketekete tsa dikilometara? Ee, mme go ka tlhoka boiteko jo bogolo thata. Doug o bolela jaana: “Re ne re se na madi a go founa, ka jalo re ne re kwalelana gangwe fela mo bekeng.” Le fa go ntse jalo, Joanne le Frank ba ne ba fitlhela gore go kwalelana makwalo fela ga go a lekana. Joanne o bolela jaana: “La ntlha re ne ra kwalelana makwalo mme morago ra leka go founelana. Morago ga moo Frank o ne a nthomelela theipi e nnye. Re re ne re tle re rekote khasete e ntšha beke nngwe le nngwe.”
Go Ikanyega, Ke Gone Fela go go Tlhokegang
Go sa kgathalesege gore lo buisana ka tsela efe, go botlhokwa gore lo ikanyege. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Ester o bolela jaana: “Fa o bua maaka, go tla ipontsha moragonyana mme go tla ama botsalano jwa lona. Bolelelanang boammaaruri. O ikanyege. Fa go na le sengwe se lo sa dumalaneng ka sone, o se ka wa se tlhokomologa. Buisanang ka sone.” Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana ka tsela e e molemo: “Mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25; bapisa Bahebera 13:18.
Ke dikgang dife tse tota lo tshwanetseng go tlotla ka tsone? Baratani botlhe ba tshwanetse go tlotla ka dikgang tse di jaaka mekgele, bana, madi le botsogo. Le fa go ntse jalo, go na le dikgang tse di sa tshwanelang go tlodisiwa matlho. Ka sekai, mongwe wa lona—kana loobabedi—o tla tshwanelwa ke go fuduga fa lo nyalana. A o ikemiseditse mo mogopolong le mo maikutlong go dira jalo, gone mme a o tla kgona? O itse jang? A o kile wa fuduga mo nakong e e fetileng kana a o kile wa nna nako e teletsana o sa nne le ba lelapa la gaeno? Monna yo o neng a tlile go nyala Joanne o ne a batla gore ba direle mmogo e le baithaopi kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower, e leng bagatisi ba makasine ono. Joanne o gakologelwa jaana: “O ne a mpotsa gore a ke tla kgona go nna mo kamoreng e nnye, re na le madi a mannye. Re ne re tshwanetse go e tlotla ka botlalo.”
Fa e le gore lo ratana jaana yo mongwe a le kwa nageng e sele, a o ikemiseditse go amogela setso sa yo mongwe? “A o setse o itumelela setso sa yo mongwe ka malatsi otlhe?” Frank o botsa jalo. “Buisanang ka dikgang tseno tse di botlhokwa fa thatano ya lona e sa ntse e simolola. Fa o itsile go sa le gale, go tla nna molemo—pele ga lo tsenya maikutlo a lona thata mo go seno kana pele lo dirisa madi a mantsi.” Ee, go tshela mo setsong se sele go farologane le fa o le mojanala ka malatsi a sekaenyana fela. A go tla tlhokega gore o ithute puo e nngwe? A o tla kgona go fetogela mo maemong a a farologaneng gotlhelele a go tshela? Mo letlhakoreng le lengwe, a e ka tswa e le gore o kgatlhiwa thata ke setso seo mme o sa kgatlhiwe go le kalo ke motho yono? Selo se se go kgatlhileng seno se ka nna sa fela fa nako e ntse e tsamaya. Mme lenyalo le kopanya batho ba babedi ka bosakhutleng.—Mathaio 19:6.
Tony o tlhalosa jaana: “Mosetsana mongwe yo ke mo itseng yo o tswang kwa karolong e nngwe ya lefatshe o ne a nyalwa ke mongwe kwa Caribbean. Mme o ne a fitlhela botshelo jwa kwa setlhaketlhakeng seo bo le boima. Ka metlha go ne go fisa, mme o ne a simolola go lwala. Dijo di ne di farologane, mme o ne a tlhoafalela lelapa la gagabo. Ka jalo ba ne ba leka go ya go nna kwa nageng ya gagabo mosadi. Mme monna o ne a fitlhela gore batho ba koo ba rata thata dilo tse di bonalang, mme o ne a tlhoafalela lorato lo a neng a tle a le itumelele mo lelapeng le mo baagelaning. Gone jaanong ba kgaogane; monna o nna kwa nageng ya gagabo, mosadi le ene o nna kwa nageng ya gagabo. Bana ba bone ba babedi ga ba bone lorato le tlhokomelo tsa batsadi boobabedi.”
Go nyala motho yo o tswang kgakala, gongwe e le wa setso se sele, go tlisa dikgwetlho tse dingwe. A o ipaakanyeditse go duela ditshenyegelo tse di oketsegileng tsa go palama le tsa ditlhaeletsano? Lydia o gakologelwa jaana: “Phil o ne a tle a dire motlae a re re tshwanetse go nyalana ka gonne o ne a duela madi a a kwa godimo thata a difoune, mme jaanong re tshwanelwa ke go duela madi a difoune tse dingwe tsa fa ke founetse mmè!” Go tweng fa go na le bana? Ba bangwe ba gola ba sa itse go le kalo ka ba masika a bone, ba sa kgone go bua le bone mo founeng ka gonne ba sa utlwane ka puo! Seno ga se bolele gore mathata a a ntseng jalo a ka se rarabololwe. Mme motho o tshwanetse go bala ditshenyegelo tsa go tsena mo lenyalong le le ntseng jalo.—Bapisa Luke 14:28.
O Ntse Jang Tota?
O ka itse jang gore tsala ya gago tota e bua boammaaruri e bile e a ikanyega? Mathaio 7:17 e bolela jaana: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemomogolo.” Ka jalo ditiro tsa gagwe ke dife? A ditiro tsa gagwe di tshegetsa se a se buang? A tsela e a neng a tshela ka yone mo nakong e e fetileng e dumalana le mekgele ya gagwe ya mo isagweng? Ester o tlhalosa jaana: “Dilo tsa ntlha tse re neng re batla go itsane ka tsone e ne e le mekgele ya rona ya semoya. O ne a direla e le moreri wa nako e e tletseng ka dingwaga di le robedi, mme seo se ne sa dira gore ke tshepe gore o bua boammaaruri fa a re o batla go tswelela pele.”
Mme a re re gongwe motho yo o ratanang le ene o lebega a na le maaka. O se ka wa itlhokomolosa kgang eno o tshepile gore dilo di tla siama fa nako e ntse e tsamaya. Batlisisa thata! Botsa gore KA NTLHA YANG? Seane sengwe se bolela jaana: “Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.” (Diane 20:5) Seane se sengwe sone se tlhagisa jaana: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”—Diane 14:15.
Go Bua lo Lebane Difatlhego
Le fa go ntse jalo, ga o ka ke wa itse go le gontsi thata ka motho fa o dirisa lekwalo kana foune. Se se kgatlhang ke gore moaposetoloi Johane o ne a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete makwalo a le mmalwa. Le fa gone makwalo ano a ne a dira go le gontsi go nonotsha sebofo sa lorato lwa bone, Johane o ne a bolela jaana: “Le mororo ke na le dilo di le dintsi go di lo kwalela, ga ke eletse go dira jalo ka pampiri le enke, mme ke solofela go tla kwa go lona le go bua le lona re lebane difatlhego.” (2 Johane 12) Ka mo go tshwanang, ga go na se se botoka go gaisa go fetsa nakonyana o na le motho ka namana. Go ka nna molemo gore mongwe wa lona a fuduge ka nakwana gore a nne gaufi thata le yo mongwe. Gape seno se dira gore yo o fudugang a ithute maemo le botshelo jwa mo e tla tlogang e nna legae la gagwe le lesha.
Lo ka dirisa nako ya lona lo le mmogo jang ka botlalo? Dirang dilo tse di tla senolang dinonofo tsa mongwe le mongwe wa lona. Ithuteng Lefoko la Modimo mmogo. Ela tlhoko gore yo mongwe o dira jang kwa dipokanong tsa phuthego le mo bodireding. Dirang ditiro tsa mo gae mmogo, tse di jaaka go phepafatsa le go reka. Go bona tsela e yo mongwe a itshwarang ka yone fa a le mo kgatelelong ya go tshwarega thata go ka go bontsha dilo.a
Gape o tshwanetse wa fetsa nakonyana o na le ba e ka nnang bagwegadiago kana bomatsalago. Dira gore o nne le botsalano jo bo molemo le bone. O gakologelwe gore fa lo nyalana, ba fetoga ba losika la gago. A o a ba itse? A lo a utlwana? Joanne o gakolola jaana: “Fa go kgonega, go molemo gore malapa oomabedi a kopane.” Tony o tswelela pele jaana: “Tsela e tsala ya gago e tshwarang lelapa la gaeno ka yone ke tsela e a tla go tshwarang ka yone.”
Go sa kgathalesege gore a lo ratana lo lebane difatlhego kana ka foune le ka lekwalo, tilang go dira ditshwetso ka lepotlapotla. (Diane 21:5) Fa go bonala gore lenyalo la lona le ka se atlege, go tla bo go le botlhale he gore lo buisane ka go kgaotsa thatano ya lona. (Diane 22:3) Mo letlhakoreng le lengwe, e ka tswa e le gore go tlhokega nako e e oketsegileng ya go bulelana mafatlha le go ikanyega mongwe go yo mongwe.
Go ratana le motho a le kgakala go ka nna boima, mme gape go ka duela. Le fa e ka tswa e le gofe, ke kgang e e masisi. Iphe nako. Itsaneng botoka. Mme fa lo swetsa gore lo a nyalana, nako ya go ratana ga lona e tla nna e lo e ratang, e seng e lo e ikwatlhaelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go ratana, bona buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, ditsebe 255-60, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Tlhomamisang gore lo buisana ka dikgang tse di jaaka mekgele, bana le madi fa botsalano jwa lona bo sa ntse bo simologa