LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 32 ts. 252-260
  • Ke Ka Kgona Jang go Atlega mo Thatanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Kgona Jang go Atlega mo Thatanong?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pele ga Lefereo
  • Makgetlo a Ntlha a Lefereo
  • Go Itse “Motho eo o sa Bōnaleñ oa Pelo”
  • Mmone A le Ene!
  • Re ka Bontsha Jang Gore re Tlotla Jehofa fa re Ratana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • O ka Bona Jang Motho Yo o Ka Nyalanang le Ene?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Nka Tswelela Jang ke Ratana le Motho a le Kgakala?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 32 ts. 252-260

Kgaolo 32

Ke Ka Kgona Jang go Atlega mo Thatanong?

“MANYALO a le mantsi ga a tshwarelele ka ntlha ya go bo thatano e ne ya seka ya dirwa sentle. Ga go tlhokege gore ntlha eno e gatelelwe gantsi.” Go ne ga bolela jalo Paul H. Landis, mmatlisisi wa kgang ya botshelo jwa lelapa. Louise o ka supa fa mafoko ao a le boammaaruri. O tlhalosa jaana: “Phoso e kgolo e ke neng ka e dira e ne ya nna gore ke ne ka bontshana lorato thata le Andy pele ga ke kgona go itse gore ke motho wa mofuta ofe. Go ratana ga rona e ne e le mo re neng ra go dira fela fa re le rosi. Ke ne ka seka ka bona gore o ne a itshwara jang fa a ne a se mo maemong ano ‘a a molemo.’” Lenyalo la bone le ne la felela ka gore ba tlhalane. Tharabololo ya go tila masetlapelo ano ke efe? Ke go atlega mo thatanong!

Pele ga Lefereo

“Senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.” (Diane 14:15) Go tlhagolela maikutlo a lorato mo mothong yo o sa mo itseng lefa e le go le gonnye ke go ipakela masetlapelo—le eleng fa motho yoo a lebega a kgatlhisa. Go ka gogela mo go reng o nyalane le motho yo maikutlo a gagwe le mekgele di sa tshwaneng gotlhelele le tsa gago! Ka jalo go botlhale gore lantlha o eletlhoko motho wa go nna jalo lo na le setlhopha, gongwe fa lo ipelela mofuta mongwe wa boitloso-bodutu.

“Ke ne ka itse gore fa ke ne ke ka atamalana nae thata kwa tshimologong, maikutlo a me a ne a tla fekeetsa katlholo ya me,” go ne ga tlhalosa jalo Dave, yo jaanong a nang le dingwaga di le lesome a le mo lenyalong le le itumedisang. “Jalo ke ne ka leba Rose ke emetse kgakala ene a sa itse gore ke ne ke na le kgatlhego mo go ene. Ke ne ka kgona go bona kafa a neng a tshwara ba bangwe ka gone, kana gore a e ne e le motho yo o matlho-matlho. Fa ke ne ke buisana nae ke feta fela, ke ne ka lemoga maemo a gagwe le mekgele.” Se sengwe gape se se thusang ke go batla go itse gore motho o itsege ka mokgwa ofe ka go buisana le motho mongwe yo o mo itseng sentle.—Bapisa Diane 31:31.

Makgetlo a Ntlha a Lefereo

Fa o sena go dira phetso ya gore motho mongwe o ka nna a nna molekane wa gago yo o tshwanelegang wa lenyalo, o ka nna wa atamela motho yoo mme wa mo tlhalosetsa gore o eletsa go mo itse botoka.a A re re o dumalana nao, fa o mo ferea lantlha ga o tlhoke go dira sepe se se magasigasi. Gongwe go mo tsaya go ya go ja dijo tsa motshegare nae kana le eleng go mo ferea lo le mo setlhopheng go tla go thusa go itlwaelanya le motho yoo botoka e le gore o kgone go dira phetso ya gore a o batla go tsweledisa botsalano joo kana nnyaa. Fa o dira gore dilo e seka ya nna tse di gagametseng go ka thusa gore loobabedi lo seka lwa nna lo tshogile mo go ka nnang ga lo diragalela kwa tshimologong. Mme fa lo tila go bua mafoko a go itlama pele ga nako, go ngotla botlhoko jwa maikutlo a go sa ratwe—kana a go jewa ke kgala—fa mongwe wa lona a sa tlhole a kgatlhega.

Go sa kgathalesege gore lo rulaganyeditse lefereo la mofuta ofe, tla ka nako, o apere ka bothakga le ka tshwanelo. Supa fa o na le bokgoni jwa go tshwara motlotlo o o siameng. Reetsa ka tlhoafalo. (Yakobe 1:19) Lemororo go sena melao e e gagametseng mo dikgannyeng tsa go nna jalo, lekawana le tla tshwanelwa ke go dira tumalanong le melao ya lefelo leo ya maitseo. Eno e ka akareletsa go bulela lekgarebe setswalo kana go mo thusa go emelela mo setilong. Lekgarebe lone, lemororo le sa lebelela go tshwarwa jaaka mohumagatsana, le tshwanetse go dirisana le maiteko a moratwa wa gagwe ka bori. Fa boobabedi ba tlotlana, balekane bao ba ka tlhoma mokgwa oo ba ka nnang ba o latela mo isagweng. Monna yo o nyetseng o laolelwa go ‘tlotla mosadi wa gagwe jaaka sejana se se seng thata.’ Mme mosadi yo o nyetsweng ene o tshwanetse go “nna le tlotlo e kgolo mo monneng wa gagwe.”—1 Petere 3:7; Baefesia 5:33, NW.

A go tshwanetse gore batho ba tshwarane ka diatla, ba atlane, ba kampane, mme fa go ntse jalo, leng? Go bontshana lorato, fa go dirwa jaaka ditshupo tse di tswang pelong tsa lorato mme e se kgotelo ya bogagapa, e ka nna selo se se phepa mme ebile se tshwanetse. Buka ya Bibela ya Sehela sa Dihela e supa gore mosetsana wa Moshulema le mosimane wa modisa yo a neng a ratana nae mme ebile ba ne ba tloga ba nyalana ba ne ba ile ba bontshana ditshupo dingwe tsa go ratana tse di tshwanetseng. (Sehela sa Dihela 1:2; 2:6; 8:5) Mme fela jaaka batho ba babedi bao ba ba neng ba itshekile, balekane gape ba tla elatlhoko gore go bontshana lorato moo e seka ya nna mo go leswe kana mo go gogelang mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo.b (Bagalatia 5:19, 21) Ka mo go utlwalang, ditshupo tsa go nna jalo tsa go ratana di tshwanetse go bontshanngwa fela fa botsalano joo bo fitlhile mo ntlheng eo boobabedi ba dirileng maitlamo ebile go lebega ba tla nyalana. Fa lo bontsha boikgapo, lo ka tila go hapoga mo go seo e leng boitlhomo jo bogolo jwa go ratana ka katlego, e leng . . . 

Go Itse “Motho eo o sa Bōnaleñ oa Pelo”

Setlhopha sengwe sa babatlisisi se ne sa bega jaana mo tokololong ya May 1980 ya Journal of Marriage and the Family: “Go lebega go ka diragala gore manyalo a tshwarelele a bo a tlhogonolofale fa batho ba tsenelela mo go one ba na le kitso e e tletseng ya selekanyo se se rileng ya botho jo bo kwa teng jwa motho yo mongwe.” Ee, go itse “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo” wa molekane wa gago ke ga botlhokwa.—1 Petere 3:4.

Lefa go le jalo, go ‘goga’ maikaelelo a pelo a motho yo mongwe go tlhoka boiteko le temogo. (Diane 20:5) Jalo rulaganyetsa ditiro tseo di ka go thusang go bona boteng jwa molekane wa gago. Lemororo go ya go bona dibaesekopo kana maitiso a mmino go ka bo go lekane kwa tshimologong, fa lo dira ditiro tseo go nnang botoka gore lo tshware motlotlo (tse di tshwanang le go itheledisa mo dileinyaneng tse di nang le maotwana, go kolokotisa dibolo, le go etela mafelo a diphologolo, dimusiamo, le mafelo a dilo tsa botaki) go ka lo thusa fela thata go kgona go tlwaelana botoka.

E le gore o leke go nna le lesedi la maikutlo a molekane wa gago, leka go dirisa dipotso tseo di gwetlhang motho yo mongwe go itlhalosa, tse di tshwanang le ‘O dirisa nako ya gago jang fa go sena sepe se o se dirang?’ ‘Fa madi e ne e se bothata, o ne o ka rata go dira eng?’ ‘Ke karolo efe ya kobamelo ya rona go Modimo eo o e ratang thata? Ka ntlhayang?’ Tseno di dira gore motho a arabele go tswa pelong ya gagwe seo se ka go thusang go lemoga seo molekane wa gago a se tsayang e le sa botlhokwa.

Fa botsalano jwa lona bo ntse bo tia mme loobabedi lo akanyetsa lenyalo ka masisi, go tlhoka gore lo buisane ka masisi ka dikgang tsa botlhokwa tse di tshwanang le dilo tseo di leng botlhokwa mo go lona; gore lo tla nna kae gape jang; dikgang tsa madi, tse di akareletsang gore a loobabedi lo tla bereka tiro ya boitshediso; bana; thibela-pelegi; dikgopolo tseo mongwe le mongwe a nang natso kaga seabe sa gagwe mo lenyalong; gammogo le mekgele ya nako ya jaanong le eo e tla tsayang lobaka lo loleele le kafa lo rulaganyetsang go e fitlhelela ka gone. Basupi ba ga Jehofa ba babotlana ba le bantsi ba nna baefangele ba nako e e tletseng morago ga go fetsa sekolo ebile ba eletsa go tswelela ba direla ka tsela eo morago ga lenyalo. Jaanong ke nako ya gore loobabedi lo tlhomamise gore a mekgele ya lona ya semoya e a tshwana. Gape ke nako ya gore lo senolelane dilo, gongwe tseo lo di dirileng mo nakong e e fetileng, tseo di ka nnang tsa ama lenyalo la lona. Tseno di ka akareletsa dikoloto dingwe tse dikgolo kana maikarabelo. Dikgang tsa botsogo, tse di tshwanang le bolwetsi bongwe jo bo masisi, le diphelelo tsa tsone le tsone go tshwanetse ga buisanngwa ka tsone ka phuthologo.

Mo dipuisanong tsa go nna jalo, latela sekao sa ga Elihu, yo o neng a re: “Ke bua fela se se tswang mo pelong ya me ebile ke bua ka bopeloephepa.” (Yobe 33:3, The Holy Bible in the Language of Today, ka William Beck) Fa Esther a ne a tlhalosa kafa go ratana ga gagwe go neng ga mmaakanyetsa seo se neng sa itshupa e le lenyalo le le itumedisang, o ne a re: “Ga ke ise ke ko ke leke go ‘ipaya botoka’ kana go re ke dumalana le Jaye fa ke ne ke ikutlwa ka mo go farologaneng. Le jaanong ke santse ke sa dire jalo. Ka metlha ke leka go bua boammaaruri.”

O seka wa tila kana wa bipa dikgang tse di masisi o tshaba go jesa molekane wa gago kgala. Beth o ne a dira phoso e e ntseng jalo fa a ne a ratana le John. Beth o ne a bolela gore o ne a dumela mo go bolokeng madi go tla a a dirisa mo isagweng go na le go a senya. John o ne a bolela gore o dumalana le seo. Beth a seka a tlhola a isa kgang kgakala. A akanya gore ba dumalana ka botlalo mo dikgannyeng tsa madi. Mme go ne ga lemotshega kwa morago gore mogopolo wa ga John wa go bolokela madi go a dirisa mo isagweng e ne e le wa go a bolokela go reka kara e ntšha ya lobelo ka one! Morago ga lenyalo la bone go ne ga phepafala sentle ka kutlobotlhoko gore ba ne ba sa dumalana ka botlalo mo go diriseng madi.

Go sa dumalaneng ga go nna jalo go ka thibelwa. Louise, yo o neng a umakiwa pele, o bolela jaana fa a gakologelwa ka thatano ya bone: “Ke tshwanetse ke ka bo ke ile ka botsa dipotso tse dintsi, tse di tshwanang le, ‘Go tweng fa ke ka ima mme wena o sa batle go nna le ngwana, o tla dira eng?’ Kana, ‘Fa re na le dikoloto mme nna ke batla go nna kwa gae ke tlhokomela ngwana wa rona, o tla dirisana jang le dikgang tseo?’ Ke ka bo ke ne ke ile ka lemoga karabelo ya gagwe sentle.” Dipuisano tsa go nna jalo di ka sinosa dinonofo tsa pelo tseo go leng molemo gore di lemotshege pele ga lenyalo.

Mmone A le Ene!

“Motho o ka nna yo o molemo fela thata mo go wena fa lo le nosi,” go tlhalosa jalo Esther. “Mme fa lo na le batho ba bangwe, gantsi ba nna mo seemong seo ba sa se solofelang. Mongwe wa ditsala tsa gago o ka raya molekane wa gago selo seo a ka nnang a seka a se rata. Ke gone o tla bonang gore o itshwara jang fa a kukegile maikutlo. A o tla omanya motho yoo kana a bua ka go mo sotla?” O digela jaana: “Go nna le ditsala tsa rona kana bamalapa a rona fa re ne re ratana go ne ga thusa fela thata.”

Mo godimo ga go itlosa bodutu, berekang mmogo. Arolang mmogo mo ditirong tsa Bokeresete, go akareletsa go ithuta Lefoko la Modimo le bodihedi jwa Bokeresete. Gape, dirang ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa mo gae mmogo tseo e tla nnang tsela ya botshelo morago ga lenyalo—tse di tshwanang le go reka dijo, go apaya, go tlhatswa dijana, le go phepafatsa ntlo. Fa lo nna mmogo mo maemong a mmatota mo botshelong—le eleng ao molekane wa gago a ka tswang a sa lebege sentle—o ka kgona go bona motho yo mongwe a sa itira botoka ka gope.

Mosimane wa modisa wa Sehela sa Dihela o ne a bona kafa mosetsana yoo a neng a ratana nae a neng a itshwara ka gone fa a ne a swabisiwa ke sengwe kana fa a ne a bereka mo mogoteng wa letsatsi—a fufutse a bile a lapile. (Sehela sa Dihela 1:5, 6; 2:15) Gape le morago ga a sena go bona kafa a neng a ganana ka boikanyego le go hepisiwa ke Kgosi Solomone wa mohumi ka gone, o ne a khutsa ka go re: “U montlè gotlhe hèla moratwa oa me; ga go na sechubaba mo go wèna.” (Sehela sa Dihela 4:7) Eleruri o ne a sa reye gore o ne a itekanetse, mme o ne a raya gore o ne a sena bogole bope kana selabe mo boitsholong. Bontle jwa gagwe jwa popego bo ne bo okediwa ke gore a bo a ne a na le nonofo mo go itsholeng sentle, seo se neng se bipa makoa ape fela ao a ka tswang a bo a ne a na nao.—Bapisa Yobe 31:7.

Motho o tlhoka nako gore a dire tshekatsheko e e tshwanang. Jalo tila go nna mafega mo go rataneng le motho. (Diane 21:5) Gantsi monna le mosadi ba tla dira sengwe le sengwe seo ba se kgonang gore yo mongwe a ratiwe ke yo mongwe. Mme fa go tsewa nako, mekgwa e e sa itumediseng le ditlwaelo di na le tsela eo di itshenolang ka yone. Batho ba babedi bao ba sa rataneng lobaka lo loleele fela mme gape ba dirisa nako eo ka tsela e e molemo go ka nna ga dira gore ba tlhofofalelwe ke go dira dipaakanyo morago ga lenyalo. Ereka ba butse matlho sentle, ba ka kgona go tsenelela lenyalo ba tlhatswegile pelo gore ba tla kgona go baakanya ditlhoka-kutlwisisano tseo di tla tsogang. Go ratana ka katlego go tla bo go ba baakanyeditse go nna le lenyalo le le itumedisang le leo le atlegileng.

[Dintlha e e kwa tlase]

a Seno se dira mo mafatsheng ao lefereo e leng selo se se tlwaelesegileng ebile se lebiwa jaaka boitshwaro jo bo tshwanelang mo Bakereseteng. Gantsi monna ke ene a simololang dilo, lemororo go sena molao-motheo ope wa Dikwalo o o ka thibelang lekgarebe go bolela maikutlo a lone ka tsela e e bori fa e le gore lekawana le lebega le le ditlhong kana le etsaetsega.—Bapisa Sehela sa Dihela 8:6.

b Bona Kgaolo 24, “Ke Ka Kgona Jang go Gana Tlhakanelo-Dikobo Pele ga Lenyalo?”

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 32

◻ Boikaelelo jo bogolo jwa thatano ke eng, mme e botlhokwa go le kana kang mo go direng gore lenyalo e nne le le itumedisang?

◻ Ke eng se se tla go thusang go itse ‘botho jo bo kwa teng’ jwa motho yo mongwe?

◻ Ke metlotlo ya mofuta ofe eo e tlatseleletsang mo thatanong e e atlegileng?

◻ Ke ka ntlhayang fa go senya nako mmogo mo maemong a a farologaneng go thusa?

◻ Dilo dingwe tseo di supang gore botsalano bo na le phoso nngwe ke dife?

◻ Thatano e tshwanetse go kgaosediwa fa go rileng?

[Mafoko a a mo go tsebe 255]

“Go lebega go ka diragala gore manyalo a tshwarelele a bo a tlhogonolofale fa batho ba tsenelela mo go one ba na le kitso e e tletseng ya selekanyo se se rileng ya botho jo bo kwa teng jwa motho yo mongwe.”—Journal of Marriage and the Family

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 256. 257]

A Ke Re Kgaogane?

Fa thatano e fitlha fa seemong seo phetso e tshwanetseng go dirwa mo go sone, ga se selo se se sa tlwaelesegang gore dipelaelo di tsoge. Go tweng fa o na le dipelaelo tsa go nna jalo ka baka la ditlhaelo tse di masisi tsa motho yoo o fereanang nae kana e le ka baka la diphoso tsa botsalano joo ka bojone?

Ka sekai, go boammaaruri gore le eleng batho bao ba ratanang ba ka nna ba seka ba utlwana ka dinako tse dingwe. (Bapisa Genesise 30:2; Ditihō 15:39.) Mme fa lo sa utlwane mo e ka nnang mo sengweng le sengwe, fa puisano nngwe le nngwe eo lo e tshwarang e felela ka gore lo bo lo goelelana, kana fa mo botsalanong jwa lona lo nnela go kgaogana le go boelelana gape ka mo go sa feleng, elatlhoko! Potsolotso ya dingaka tse 400 e ne ya senola gore go tlhola go omanetswe ruri ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore “batho ba bo ba ise ba gole mo maikutlong a bone mo ba siametseng go nyalana,” gongwe go senola le eleng “go sa tshwanelelaneng mo gogolo ga batho ba babedi bao.”

Selo se sengwe seo motho a ka tshwenyegang ka sone ke fa a lemoga ditlhaelo dingwe tsa botho tseo di tshwenyang mo mothong yo o ka nnang a mo nyala. Fa motho yoo a le bogale kana go lebega fa a le bogagapa, a sa gola mo mogopolong, a le pelokhutshwane, kana a le bogoma seo se ka go dira gore o ipotse gore a o tla batla go senya botshelo jotlhe jwa gago le motho yoo. Lefa go le jalo batho ba le bantsi ba tlodisa matlho kana ba leka go mpampetsa ditlhaelo tsa go nna jalo mme ba lebega ba ikemiseditse go dira gore botsalano joo bo atlege lefa go ka tswa go rileng. Ke ka ntlhayang fa ba dira jalo?

Ereka thatano e tsewa e le selo se se masisi mo Bakereseteng ba boammaaruri—fela jaaka ebile go tshwanetse—ba bangwe ba ikutlwa ba patelesega go nyala motho yo ba fereanang nae. Gape ba ka nna ba tswa ba boifa go lebana le motho yoo kana go mo utlwisa botlhoko. Ba bangwe ba ka tswa ba tshaba gore ba ka nna ba seka ba kgona go bona motho yo mongwe yo ba ka mo nyalang. Lefa go le jalo, mabaka ano ga se a a molemo a go tsweledisa thatano e e nang le mathata a mantsi.

Boikaelelo jwa thatano ke go tlhatlhobisa gore a o ka nyalana le motho wa go nna jalo. Mme lefa Mokeresete a simolola thatano a na le boikaelelo jo bo molemo, ga a patelesege go e tsweledisa fa e ka supega e na le phoso. Mo godimo ga moo, a go tla bo go se phoso ebile go le bogagapa go tsweledisa botsalano jo bo senyegang ka seipato sa gore, ‘gongwe ga ke na go bona motho yo mongwe’? (Bapisa Bafilipi 2:4.) Ka gone go botlhokwa gore lo lebane mme—lo seka lwa tila—mathata a lona loobabedi. Simolola ka go leba motho yo o fereanang nae ka kelotlhoko.

Ka sekai, a go lemotshega sentle fa mosadi yono e tla nna yo o boikobo, yo o senatla? (Diane 31:10-31) A go na le bosupi jwa gore monna yono ke yo o tla bontshang lorato lwa go intsha setlhabelo le motlamedi yo o molemo? (Baefesia 5:28, 29; 1 Timotheo 5:8) Motho o ka nna a iphaka fa e le motlhanka yo o tlhaga wa Modimo, mme a go na le ditiro tseo di emang boiphako jwa tumelo eo nokeng?—Yakobe 2:17, 18.

Legale, fa o tsere lobaka lo loleele ebile o nweditse maikutlo a gago thata mo go tlhagoleleng botsalano joo, o seka wa itlhaganelela go bo fedisa fela ka gonne o lemogile fa monna yoo kana mosadi yoo a sa itekanela. (Yakobe 3:2) Gongwe ditlhaelo tsa motho yoo ke tse o ka kgonang go di itshokela.

Go tweng fa o ka seka wa kgona? Buisanang ka dikgang tseo. A lo na le dipharologanyo tse dikgolo mo mekgeleng ya lona kana mo diponong tsa lona? Kana a ke fela gore go nnile le ditlhoka-kutlwisisano? A gongwe e ka tswa e le gore loobabedi lo tlhoka go ithuta go ‘ithiba mo moyeng’ le go rarabolola dilo lo wetse dibete? (Diane 25:28) Fa o tshwenngwa ke tshokamo nngwe ya botho, a ka boikokobetso o dumela fa a na le ditlhaelo tseo mme ebile a bontsha keletso ya go tokafatsa? A go ka tswa go tlhoka gore wena o seka wa amega thata ka dilo, o seka wa mo tlhaba ka mafoko? (Moreri 7:9) ‘Go iphapaanya ka lorato’ ke selo se se dirang gore lenyalo le nne molemo.—Baefesia 4:2.

Go na le go senya botsalano jwa lona, go buisana ka dikgang tseo go ka nna ga senola kgonego ya gore bo ka tota mo isagweng! Mme fa go buisana ga lona go felela fela ka gore lo seka lwa fitlhelela sepe mo ebileng go khidia, o seka wa tlhokomologa ditshupo tse di phepafetseng tseo tsa masetlapelo ao a ka nnang a diragala. (Diane 22:3) Go ka nna ga diragala gore dilo di seka tsa tokafala morago ga lenyalo. Go ka nna ga bo go lo siametse loo babedi gore lo kgaosetse thatano eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 253]

Fa o ela yo mongwe tlhoko lo le mo setlhopheng go ka go thusa go tlwaelana le ene kwantle ga go nna le maikutlo a lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 254]

Go dira tumalanong le melao ya lefelo leo ya maitseo le go itshwara ka tshwanelo go tlhoma mokgwa wa go tlotlana oo o ka tswelelang mo lenyalong

[Setshwantsho mo go tsebe 259]

Fa go lemotshega gore thatano ga e atlege, selo sa bopelonomi go se dira ke go buisana lo lebane difatlhego, o tlhalosetsa yo mongwe gore ke ka ntlhayang fa botsalano joo bo tshwanetse go fela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela