Diaparo Tse re di Aparang—Molato ke Eng ka Tsone?
“GA KE itse gore ke apare eng!” A o kile wa utlwa motho a go raya jalo a batla gore o mo thuse? Ke boammaaruri gore kgwebo ya difeshene ya gompieno ka dinako tsotlhe e nna e iketleeditse go go thusa—kana go go kopanya tlhogo le go feta—ka difeshene tsa yone tsa bosheng.
Go go ketefaletsa dilo le go feta, mo malatsing ano o ka kgothadiwa gore o se apare sentle, mme o apare botlhaswa. Setlhogo sengwe sa feshene se bolela jaana malebana le mokgwa ono wa dingwaga tsa bo1990 wa go busetsa dilo kwa morago: “Go ka nna ga kgothatsa go itse gore ga se fela gore go siame go apara ka tsela e o tla lebegang e kete o sotlegile, o tsofetse, seaparo se onetse e bile se thuntse, mme gape go a ratega.”
Ee, mo dingwageng tsa bosheng jaana phasalatso e e tlhotlheletsang, dimotlelara tsa thelebishene, balekane, go itlotlomatsa, le go eletsa go itsiwe go ile ga tlhotlheletsa thata tsela e batho ba aparang ka yone, segolobogolo basha. Bangwe ba bone e bile ba a utswa gore ba apare diaparo tsa feshene.
Difeshene di le dintsi tse di tlwaelegileng tsa dingwaga tsa bo1990 di simologile mo bathong ba ba feteletsang dilo ba dingwaga tsa maloba fela jaana ba ba jaaka mahipi a kwa dinageng tsa Bophirima a dingwaga tsa bo1960. Ditedu, moriri o moleele o o tlhatlhabetseng, le diaparo tse di matsutsuba di ne di bontsha gore motho ga a rate mekgwa e mentle e e amogelwang mo setšhabeng. Mme gape moaparo wa botsuolodi o ne wa tsosa mokgwa o mongwe o mosha, e leng kgatelelo e ntšha ya balekane.
Diaparo di fetogile sengwe se se dirisiwang thata le se se itlhalosang sentle se motho a tlhaolwang ka sone. Diaparo, segolobogolo dikipa, e setse e le mamati a phasalatso a a phasalatsang ka tidimalo metshameko e e rategang le bagaka ba metshameko, metlae, dilo tsa go ijesa dijo tsa ditoro, dikgoka, boitsholo—kana go tlhoka boitsholo—le dilo tsa kgwebo. Kana di ka go tshosa. Akanya ka setlhogo sengwe sa bosheng jaana mo makasineng wa Newsweek: “Bosetlhogo e le Molaetsa o Feshene e o Buang ka Basha.” Setlhogo seno se nopola mosha mongwe wa dingwaga di le 21 a bua jaana ka sekipa sa gagwe: “Ke a se apara ka gonne se bolelela batho gore ke ikutlwa jang. Ga ke batle ope a mpolelela se ke tshwanetseng go se dira e bile ga ke batle go tshwenngwa.”
Dilo tse di tshwantshitsweng mo sehubeng le mo mokwatleng di ka farologana go ya ka motho. Le fa go ntse jalo di bontsha dilo tse a tsamaisanang le tsone—setlhopha sengwe se se rileng kana moya mongwe o o atileng wa botsuolodi, boikutlo jwa go ikakanyetsa o le nosi fela, jwa go itaola, kana jwa bothubaki. Modiri mongwe wa diaparo o dira maroba ka tlhobolo mo diaparong go ya ka tsela e bareki ba gagwe ba batlang ka yone. “Ba ka itlhophela maroba a tlhobolo e nnye, maroba a tlhobolo e e sikarwang mo legetleng, kana maroba a tlhobolo ya motšhinikane,” o bolela jalo. “Ke molaetsa fela wa feshene o ba o tlhalosang ka bone.”
Ke Eng se se Bolelwang ke Feshene?
“Gantsi diaparo ke tsela ya go go tlhaola gore o wa morafe ofe,” go bolela jalo Jane de Teliga, motlhokomedi wa feshene kwa Musiamong wa Powerhouse, kwa Sydney, Australia. O oketsa jaana: “O itlhophela morafe o o batlang go amanngwa le one o bo o apara jaaka one.” Dr. Dianna Kenny, motlhatlheledi wa thutatlhaloganyo kwa Yunibesithing ya Sydney, o ne a bolela gore diaparo di botlhokwa fela jaaka bodumedi, khumo, tiro, setso, thuto le aterese ya mo gae, di teng go go tlhaola gore o motho wa mofuta ofe. Go ya ka makasine wa Jet, go ne ga tsoga ntwa ya semorafe kwa sekolong sengwe sa bana ba basweu kwa United States “fa basetsana bangwe ba Basweu ba sekolo seo ba ne ba loga meriri, ba apara diaparo tse di maburabura, le difeshene tse dingwe tsa ‘hip-hop’ ka gonne di amanngwa le batho ba Bantsho.”
Gape go na le moya wa bomorafe mo ditlhopheng dingwe tse dinnye tsa batho, tse di jaaka tsa mmino: “Mo mabakeng a le mantsi,” go bolela jalo makasine wa Maclean’s, “diaparo di tsamaisana le mefuta e e rileng ya mmino: barati ba mmino wa reggae ba apara diaparo tsa mebalabala le dikepise tsa Jamaica, fa ba ba ratang mmino wa rock bone ba rata go rwala difutshe tse di logilweng le dihempe tse di maodi.” Mme go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta ofe, diaparo tse o fitlhelang e kete di latlheletswe fela, tse di supang gore o botlhaswa, tse e keteng ke tsa motho a humanegile, tse go tweng ke dikatana, di ka go batla madi a mantsi.
Go Diragala Eng ka Mekgwa ya go Apara?
“Sengwe le sengwe ga se tlhole se le jaaka o se akanya,” go bolela jalo mokwaladikgang e bong Woody Hochswender. “Feshene ya banna, e pele e neng e laolwa ka tsela e e gagametseng, ga e tlhole e laolesega . . . Sengwe le sengwe se tshwanetse sa lebega botlhaswa jaaka e kete se latlheletswe fela.” Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe mokgwa ono o ka bontsha boikutlo jwa go se kgathale. Kana o ka bontsha ba bangwe gore ga o itlotle kana gore ga o tlotle ba bangwe.
Mo setlhogong sengwe se se neng se bua ka tsela e baithuti ba lebang barutabana ba bone ka yone, lokwalopaka lwa Perceptual and Motor Skills lo tlhalosa gore “le mororo morutabana yo o neng a apere bokate a ne a tsewa a kgatlha mo tlelaseng, dithuto tsa gagwe di ne di sa tseelwe tlhogong go le kalo mme gantsi o ne a tsewa e le morutabana yo o sa itseng sepe.” Lokwalopaka lono lo bolela gore “morutabana wa mosadi yo o apareng bokate o ne a tsewa a kgatlha, a atamelesega, mme go sa reye gore o botlhale go le kalo, a sa tlotlwe thata jalo, a sa lebege jaaka morutabana, mme ka kakaretso a sa ratege go feta ba bangwe.”
Go ntse go le jalo, mo go tsa kgwebo, re na le setaele se sengwe gape sa go apara: go apara ka tsela ya gore re lemogiwe kwa ditirong. Mo dingwageng tsa bosheng jaana basadi ba le bantsi ba ntse ba batla maemo a a kwa godimo kwa ditirong. “Ke aparela go tlhasela,” go bolela jalo Marie, mokaedi mo kgwebong ya kgatiso. “Ke batla go tlhomologa. Ke batla gore batho ba mpone ke le motho yo o lebegang sentle,” o oketsa jalo. Marie ga a potapote fa a bolela gore o batla gore go lejwe ene fela.
Difeshene tseno di setse di bonala le mo dikerekeng tota. Bangwe ba batho ba ba kgatlhegelang feshene thata ba ile ba bo ba dirisa dikereke tsa bone go bontsha diaparo tsa bone tsa bosheng. Le fa go ntse jalo, gompieno, baruti, le mororo bone ba kgabile ka dipurapura tsa bone tse di maburabura, gantsi o fitlhele ba lebile phuthego kwa tlase ba le kwa seraleng e apere dibokate le diteki kana diaparo tsa feshene.
Ke Eng fa ba Rata go Ikgopola Jaana le go Itsiwe?
Diaparo tsa feshene—segolobogolo mo basheng—baithutatlhaloganyo ba bolela gore ke karolo ya go ipona, ka tsela ya gore e bontsha gore o batla gore batho ba tlhole ba lebile wena fela. Ba di tlhalosa e le “mokgwa o o tswelelang pele mo basheng wa go batla go ipona o kgatlhegelwa ke ba bangwe.” Tota o bolela jaana: “Ke akanya gore o nthata fela jaaka le nna ke ithata.”—American Journal of Orthopsychiatry.
Matlhajana a a gatelelang gore batho ba botlhokwa mme a dira gore Modimo a se ka a tsewa a le botlhokwa gape a ile a rotloetsa kgopolo (gantsi e phasaladiwa ke dikgwebo) ya gore wena, motho, o motho wa botlhokwatlhokwa mo lobopong. Bothata ke gore jaanong go setse go na le batho bano ‘ba ba botlhokwatlhokwa’ ba ba ka nnang dikete tsa dimilione tse thataro. Dimilione tsa batho ba ba mo madumeding a Labokeresete le bone ba ineetse mo go rateng dilo tse di bonalang, ba gagamalela go bona “botshelo jwa maemo a a kwa godimo gone jaanong.” (Bapisa 2 Timotheo 3:1-5.) Mo godimo ga moo kutlwano mo lelapeng le go ratana ga mmatota ga di tlhole di le teng, mme ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi, segolobogolo basha, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba itsege le gore ba ikutlwe ba babalesegile.
Le fa go ntse jalo, ba ba amegileng ka moaparo wa bone le ka boemo jwa bone fa pele ga Modimo ba ipotsa jaana: Ke tshwanetse go tsamaisana le mekgwa ya go apara e e ntseng e fetofetoga go ya bokgakaleng bofe? Ke tla itse jang gore moaparo wa me ke o o tshwanetseng? A moaparo wa me o bua melaetsa e e sa tlhaloganyesegeng le e e sa siamang ka nna?
A ke Apere Sentle?
Tota se re se aparang ke kgang ya botho. Ga re rate dilo tse di tshwanang, fela jaaka re se na madi a a lekanang. Mme dingwao di a farologana go ya ka lefelo, naga, le go ya ka maemo a lefelo. Mme go sa kgathalesege gore boemo jwa gago ke bofe, gakologelwa molaomotheo ono: “Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, mme boikaelelo bongwe le bongwe jo bo kafa tlase ga legodimo bo na le nako ya jone.” (Moreri 3:1, Revised Standard Version) Ka mafoko a mangwe, apara ka tsela e e tla tshwanelang tiragalo e o mo go yone. Mme sa bobedi, “sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago.”—Mika 6:8.
Seno ga se bolele gore o apare ka tsela e e bosisi thata mme, go na le moo, ka tsela e e “rulagantsweng sentle” le e e bontshang “go itekanela sentle ga mogopolo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Gantsi, seno se bolela fela go bontsha boithibo, e leng nonofo e makasine wa Working Woman o e amanyang le go akanya sentle le go nna le seriti. Itlwaetse gore o se ka wa letla diaparo tsa gago e nna tsone di tsenang pele ga gago mo ntlong, di gapa ba bangwe maikutlo. Makasine wa Working Woman o bolela jaana: “Apara . . . ka tsela e batho ba ka se kang ba itewa tsebe ke diaparo tsa gago mme ba bone wena jaaka motho.”
Lokwalopaka lwa Perceptual and Motor Skills lo bolela jaana: “Mokoa wa dibuka tse di tlhalosang seabe se diaparo di nang le sone go bontsha ba bangwe gore o motho wa mofuta mang le go bolelela ba bangwe ka wena o supa gore moaparo ke selo sa botlhokwa fa o batla go bona lantlha fela gore batho ba bangwe ke ba mofuta ofe.” Mo ntlheng eno mosadi mongwe yo o neng a le mo dingwageng tsa bo40, yo pele a neng a na le bokgoni jwa go ngoka batho ka tsela e a aparang ka yone, o bolela jaana: “Go ne go mpakela mathata a magolo ka gonne go ne go dira gore go se ka ga tlhola go bonala fa ke le mo tirong le fa ke se mo tirong. Ka metlha batho ba ke neng ke dirisana le bone ka kgwebo ba ne ba batla ke tswa le bone go ya go ja dijo tsa motshegare.” Mosadi mongwe wa akhaontente, fa a tlhalosa feshene e e fetogileng, o bolela jaana: “Ke ile ka tlhokomela tsela e banna ba itshwarang ka yone mo basading ba ba aparang botlhaswa, kana ba ba aparang fela jaaka banna. Ba tsewa e le basadi ba ba bogale ba ba nnang ba iketleeditse go tlhasela nako nngwe le nngwe mme banna ba ba tshwarisa bothata.”
Mosetsana mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Jeffie o ne a lemoga gore o dira gore batho ba nne le megopolo e e phoso ka ene fa a ne a beola moriri wa gagwe ka mokgwa mongwe o o neng o le mo fesheneng. O gakologelwa jaana: “Nna ke ne ke gopola fela gore o lebega o ‘farologane.’ Mme batho ba ne ba simolola go mpotsa gore, ‘A tota o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?’ mme seo se ne se ntlhabisa ditlhong.” Jeffie o ne a tshwanelwa ke go itlhatlhobisa. Ee ruri, a ga se boammaaruri gore ga se melomo ya rona fela e e buang “se se tletseng mo pelong” mme gape le moaparo wa rona le go ipaakanya ga rona? (Mathaio 12:34) Ke eng se moaparo wa gago o se senolang—a o senola gore pelo ya gago e batla go isa tlhokomelo kwa Mmoping kana mo go wena?
Apara O na Le “Mogopolo o o Itekanetseng Sentle”
Akanya gape gore diaparo tsa gago di go ama jang. Go aparela go batla maemo le go kgaba ka tsela e e feteletseng go ka dira gore o ipone thata, go apara ka tsela e e botlhaswa go ka dira gore ba bangwe ba tseye gore ga o ithate, mme dikipa tse di phasalatsang dibaesekopo kana bagaka ba metshameko ba o ba ratang kana bagaka ba bangwe di ka go tlhotlheletsa gore o obamele bagaka bano—e leng kobamelo ya medimo e e itiretsweng. Ee, diaparo tsa gago di bua le batho ba bangwe—mme di ba bolelela sengwe ka wena.
Diaparo tsa gago di bolela eng ka wena fa o aparela gore o bonwe kana gore ba bangwe ba go kgatlhegele? A o gakatsa mekgwa mengwe e tota o tshwanetseng wa bo o lwela go e ntsha? Mo godimo ga moo, o leka go kgatlha batho ba mofuta ofe? Kgakololo e e kwadilweng mo go Baroma 12:3 e ka re thusa go tlosa boikutlo jwa go ipona, go itseela kwa godimo, le go akanya ka tsela e e sa siamang. Mo go yone moaposetoloi Paulo o re gakolola gore “[re se ka ra] ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone; mme [re] akanye e le gore [re] nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.” Go nna le “mogopolo o o itekanetseng sentle” go bolela go akanya sentle.
Seno se botlhokwa thata mo bathong ba ba nang le boikarabelo. Sekao se ba se tlhomang se tlhotlheletsa ba bangwe thata. Ka tlholego fela, batho ba ba senkang go nna le ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong ya Bokeresete mmogo le basadi ba bone ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha ka moaparo le go ipaakanya ga bone mo mmeleng gore ba bori e bile ba bontsha tlotlo. Le ka motlha ga re batle go tshwana le monna yo Jesu a neng a bua ka ene mo setshwantshong sa mokete wa lenyalo jaana: “E rile kgosi e tsena e tla go tlhatlhoba balalediwa ya tshogana ka e bona moo monna yo o sa aparang seaparo sa lenyalo.” Fa a lemoga gore monna yono ga a na lebaka la go bo a ne a apere botlhaswa jalo, “kgosi ya raya batlhanka ba yone ya re, ‘Mmofeng diatla le dinao lo bo lo mo latlhele kwa ntle.’”—Mathaio 22:11-13.
Ka gone, go botlhokwa gore batsadi, ka lefoko le ka sekao se ba se tlhomang, ba dire gore bana ba bone ba nne le boikutlo jo bo siameng malebana le moaparo le go apara diaparo tse di tshwanetseng. Seno se ka nna sa kaya gore ka dinako tse dingwe go tlhokega gore batsadi ba nitame fa ba ntse ba akantshana le morwaabone kana morwadiabone. Mme a bo go kgothatsa jang ne fa re akgolelwa moaparo le boitshwaro jwa rona le jwa basha ba rona gore ke tsa maemo a a kwa godimo!
Ee, batlhanka ba ga Jehofa ba golotswe mo go itseeleng kwa godimo, mo difesheneng tse di turang le mo go iponeng. Ba dirisa melaometheo ya Modimo gore e ba kaele, e seng moya wa lefatshe. (1 Bakorintha 2:12) Fa o dira go dumalana le melaometheo eno, o ka se nne le bothata jwa go tlhopha diaparo. Mo godimo ga moo, fela jaaka foreime ya setshwantsho e e tlhophilweng sentle, diaparo tsa gago di ka se senye botho jwa gago kana go bo isa kwa tlase. Mme fa o leka ka natla go tshwana le Modimo, o tla tlhagolela bontle jwa semoya jo bo gaisang diaparo tsa gago kgakala.